Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 18

Lorato le Tshiamiso mo Phuthegong ya Bokeresete

Lorato le Tshiamiso mo Phuthegong ya Bokeresete

“Tswelelang lo rwalelana mekgweleo, mme ka gone lo diragatse molao wa ga Keresete.”—BAGAL. 6:2.

PINA 12 Modimo yo Mogolo, Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re ka tlhatswega pelo ka dilo dife tse pedi?

JEHOFA MODIMO o rata batlhanka ba gagwe mme o tla nna a ba rata go ya go ile. Gape o rata tshiamiso. (Pes. 33:5) Ka jalo, re ka tlhatswega pelo ka dilo tseno tse pedi: (1) Jehofa o utlwa botlhoko fa batlhanka ba gagwe ba sa tshwarwe sentle. (2) O re solofetsa gore batho ba gagwe ga ba kitla ba tshwarwa makgwakgwa go ya go ile, le gore o tla otlhaya batho ba ba sa ba tshwareng sentle. Mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono, * re ithutile gore Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele a dirisa Moshe o ne o theilwe mo loratong. O ne o kgothaletsa batho gore ba tshware ba bangwe sentle, segolobogolo ba ba neng ba sa kgone go itshireletsa. (Dute. 10:18) Molao oo o ne o bontsha gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe.

2. Re tla araba dipotso dife?

2 Molao wa ga Moshe o ne wa fedisiwa ka ngwaga wa 33 fa phuthego ya Bokeresete e ne e tlhomiwa. A seno se ne se raya gore go ne go se na molao ope o o neng o tlile go sireletsa Bakeresete? Nnyaa! Bakeresete ba ne ba na le molao o mosha, e leng molao wa ga Keresete. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka molao oo. Go tswa foo re tla araba dipotso tseno: Ke eng fa re ka re molao ono o theilwe mo loratong? Ke eng fa re ka re o kgothaletsa tshiamiso? Go ya ka molao ono, batho ba ba nang le taolo ba tshwanetse go tshwara ba bangwe jang?

“MOLAO WA GA KERESETE” KE ENG?

3. “Molao wa ga Keresete” o go buiwang ka one mo go Bagalatia 6:2 o akaretsang?

3 Bala Bagalatia 6:2. Bakeresete ba ikobela “molao wa ga Keresete.” Jesu ga a ka a kwalela balatedi ba gagwe lenaane la melao e ba tshwanetseng go e ikobela, mme gone, o ile a ba naya ditaelo le melaometheo e ba tshwanetseng go tshela ka yone. “Molao wa ga Keresete” o akaretsa sengwe le sengwe se Jesu a neng a se ruta. Mo dirapeng tse di latelang, re tla ithuta mo go oketsegileng ka molao ono.

4-5. Jesu o ne a ruta jang, mme o ile a ruta leng?

4 Jesu o ne a ruta jang? Sa ntlha, o ne a ruta ka se a se buang. Se a neng a se bua se ne se le maatla ka gonne o ne a ruta boammaaruri ka Modimo, a tlhalosa lebaka la go bo re tshela e bile a thusa batho go tlhaloganya gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo tla rarabololang mathata a bone. (Luke 24:19) Gape Jesu o ne a ruta batho ka go ba tlhomela sekao. O ne a dira seo ka tsela e a neng a tshela ka yone.—Joh. 13:15.

5 Jesu o ne a ruta leng? Ka nako ya fa a ne a rera mo lefatsheng. (Math. 4:23) Gape o ile a ruta balatedi ba gagwe fa a sena go tsosiwa mo baswing. Ka sekai, fa a sena go tsosiwa o ile a laela barutwa ba gagwe ba ka nna 500 gore ba ‘dire barutwa.’ (Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 15:6) E re ka Jesu e le tlhogo ya phuthego, o ne a tswelela a kaela barutwa ba gagwe le fa a sena go boela kwa legodimong. Ka sekai, mo e ka nnang ka ngwaga wa 96, Keresete o ne a laela moaposetoloi Johane gore a kgothatse le go kaela Bakeresete ba ba tloditsweng.—Bakol. 1:18; Tshen. 1:1.

6-7. (a) Dithuto tsa ga Jesu di kwadilwe kae? (b) Re ka ikobela jang molao wa ga Keresete?

6 Dithuto tsa ga Jesu di kwadilwe kae? Dilo di le dintsi tse Jesu a neng a di bua le tse a neng a di dira mo lefatsheng di kwadilwe mo Diefangeleng di le nnê. Dikwalo tse dingwe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika di re thusa go tlhaloganya tsela e Jesu a neng a akanya ka yone. Seno ke ka gonne batho ba ba di kwadileng ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo e bile ba ne ba na le “mogopolo wa ga Keresete.”—1 Bakor. 2:16.

7 Se re se ithutang: Dithuto tsa ga Jesu di ka re thusa mo maemong otlhe a botshelo. Ka jalo, molao wa ga Keresete o ama sengwe le sengwe se re se dirang kwa gae, kwa tirong kgotsa kwa sekolong le mo phuthegong. Re ithuta molao ono ka go bala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le go akanya ka se re se ithutileng. Re ikobela molao wa ga Keresete fa re tshela ka ditaelo le melaometheo e e mo dikwalong tseno. Fa re ikobela molao ono, re ikobela Jehofa ka gonne dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di ruta di tswa kwa go ene.—Joh. 8:28.

MOLAO O O BONTSHANG LORATO

8. Molao wa ga Keresete o theilwe mo go eng?

8 Fa ntlo e agilwe mo motheong o o tsepameng, batho ba ba nnang mo go yone ba ikutlwa ba sireletsegile. Ka tsela e e tshwanang, fa molao o theilwe mo motheong o o tsepameng, batho ba ba tshelang ka one ba ikutlwa ba sireletsegile. Molao wa ga Keresete o theilwe mo motheong o o tsepameng fela thata, e leng lorato. Ke eng fa re rialo?

Fa re dirisana le batho ba bangwe sentle, re tla bo re ikobela “molao wa ga Keresete” (Bona serapa 9-14) *

9-10. Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu o ne a rata batho, mme re ka mo etsa jang?

9 Sa ntlha, sengwe le sengwe se Jesu a neng a se dira se ne se tlhotlhelediwa ke lorato. Go rata ba bangwe go dira gore re ba utlwele botlhoko. E re ka Jesu a ne a utlwela batho botlhoko, o ne a ba ruta, a fodisa ba ba lwalang, a fepa ba ba tshwerweng ke tlala e bile a tsosa baswi. (Math. 14:14; 15:32-38; Mar. 6:34; Luke 7:11-15) Jesu o ne a tsaya matsapa go thusa batho, le fa go dira jalo go ne go tlhoka maatla le nako e ntsi. Mme gone, tsela e e di gaisang tsotlhe e Jesu a ileng a bontsha ka yone gore o rata batho, ke ka go ba swela.—Joh. 15:13.

10 Se re se ithutang: Re ka etsa Jesu ka go tsaya matsapa go thusa batho ba bangwe. Gape re ka mo etsa ka go tlhomogela batho ba ba mo tshimong ya rona pelo. Fa re rera e bile re ruta batho dikgang tse di molemo ka gonne re ba tlhomogela pelo, re ikobela molao wa ga Keresete.

11-12. (a) Ke eng se se bontshang gore ruri Jehofa o a re rata? (b) Re ka etsa Jehofa jang?

11 Sa bobedi, Jesu o ne a bontsha gore Jehofa o a re rata. Dilo tse Jesu a neng a di dira, di ne di bontsha gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe. Jesu o ne a ruta batho gore rotlhe re botlhokwa mo go Jehofa. (Math. 10:31) Jehofa o a itumela fa motho yo o neng a tlogetse phuthego a ikwatlhaya a bo a boela kwa go ene. (Luke 15:7, 10) O ile a bontsha gore o a re rata ka go ntsha morwawe gore a re swele.—Joh. 3:16.

12 Se re se ithutang: Re ka etsa Jehofa jang? (Baef. 5:1, 2) Ka go tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le botlhokwa le ka go amogela “nku e e latlhegileng” e e boelang kwa go Jehofa. (Pes. 119:176) Re ka bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gore re a ba rata ka go ba thusa, segolobogolo fa ba na le mathata. (1 Joh. 3:17) Fa re rata ba bangwe, re ikobela molao wa ga Keresete.

13-14. (a) Go ya ka Johane 13:34, 35, Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba dire eng, mme ke eng fa taelo eno e le ntšha? (b) Re ka ikobela jang taelo e ntšha?

13 Sa boraro, Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba nne le lorato lwa go intsha setlhabelo. (Bala Johane 13:34, 35.) Taelo eno ya ga Jesu e ntšha ka gonne ga e tshwane le e e mo Molaong wa ga Moshe. Jesu o re laela gore re rate ba bangwe jaaka ene a re rata. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go nna le lorato lwa go intsha setlhabelo. * Re tshwanetse go rata bakaulengwe le bokgaitsadi go feta kafa re ithatang ka teng. Re tlhoka go ba rata thata mo e leng gore fa go tlhokega, re ka ba swela fela jaaka Jesu a ile a re swela.

14 Se re se ithutang: Re ka ikobela jang taelo e ntšha? Ka go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Re ka dira jalo ka go ba direla dilo tse dikgolo jaaka go ba swela mme gape re tshwanetse go ba direla dilo tse dinnye. Ka sekai, fa re ithaopela go nna re isa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o godileng kwa dipokanong, re tlogela dilo tse re di ratang gore re thuse Mokeresetemmogo le rona kgotsa re ikopa kwa tirong gore re ye go thusa kwa go nang le masetlapelo gone, re ikobela molao wa ga Keresete. Gape re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ikutlwe ba sireletsegile mo phuthegong.

MOLAO O O BONTSHANG TSHIAMISO

15-17. (a) Dilo tse Jesu a neng a di dira di bontsha jang gore o rata tshiamiso? (b) Re ka etsa Jesu jang?

15 Mo Baebeleng, “tshiamiso” e kaya go dira se Modimo a reng se siame mme re dira jalo re sa tlhaole batho. Ke eng fa re ka re molao wa ga Keresete o kgothaletsa tshiamiso?

Jesu o ne a tlotla basadi, tota le ba ba neng ba nyaditswe (Bona serapa 16) *

16 Sa ntlha, dilo tse Jesu a neng a di dira di ne di bontsha gore o rata tshiamiso. Ka nako ya ga Jesu, baeteledipele ba tumelo ya Sejuda ba ne ba tlhoile batho ba e seng Bajuda, ba nyaditse Bajuda ba ba sa tsenang dikolo tsa bodumedi e bile ba ne ba sa tlotle basadi. Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a sa tlhaole batho. O ne a amogela batho ba e seng Bajuda ba ba neng ba dumela mo go ene. (Math. 8:5-10, 13) O ne a rerela batho botlhe, ba ba humileng le ba ba humanegileng. (Math. 11:5; Luke 19:2, 9) O ne a se bogale e bile a sa sotle basadi. Go na le moo, o ne a ba tlotla, tota le basadi ba ba neng ba nyaditswe.—Luke 7:37-39, 44-50.

17 Se re se ithutang: Re etsa Jesu ka go rerela batho botlhe, go sa kgathalesege gore a ba humile kgotsa ba humanegile, kgotsa gore ke ba bodumedi bofe. Banna ba Bakeresete ba latela sekao sa ga Jesu ka go tlotla basadi. Fa re dira jalo, re ikobela molao wa ga Keresete.

18-19. Jesu o ne a reng ka tshiamiso, mme re ithuta eng mo go se a se buileng?

18 Sa bobedi, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe melaometheo e e tla ba thusang go tshwara batho ba bangwe sentle. Ka sekai, akanya ka Molao wa Sekagouta. (Math. 7:12) Rotlhe re batla go tshwarwa sentle. Ka jalo, le rona re tshwanetse go tshwara ba bangwe sentle. Fa re dira jalo, le bone ba ka nna ba re tshwara sentle. Mme gotweng fa ba bangwe ba sa re tshware sentle? Gape Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe gore Jehofa o tla “dira gore ba ba tlhophilweng ba gagwe ba ba goelang kwa go ene motshegare le bosigo ba direlwe tshiamiso.” (Luke 18:6, 7) Mafoko ano a bontsha gore Modimo o itse mathata a re kopanang le one e bile o tla a rarabolola ka nako e e siameng.—2 Bathes. 1:6.

19 Se re se ithutang: Fa re ikobela Jesu, re tla tshwara ba bangwe sentle. Fa re sa tshwarwe sentle, re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa o tla diragatsa tshiamiso ka go re golola mo mathateng a rona.

BA BA NANG LE TAOLO BA TSHWANETSE GO DIRA ENG?

20-21. (a) Batho ba ba nang le taolo ba tshwanetse go tshwara ba bangwe jang? (b) Monna a ka bontsha jang lorato lwa go intsha setlhabelo, mme rre o tshwanetse go dirisana le bana ba gagwe jang?

20 Go ya ka molao wa ga Keresete, batho ba ba nang le taolo ba tshwanetse go tshwara ba bangwe jang? E re ka molao oo o theilwe mo loratong, batho ba ba nang le taolo ba tshwanetse go tlotla bao ba ba okametseng le go ba rata. Re tshwanetse go gopola gore Keresete o batla gore re rate ba bangwe.

21 Mo lelapeng. Monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe “fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego.” (Baef. 5:25, 28, 29) O tshwanetse go etsa sekao sa ga Keresete sa go intsha setlhabelo ka go dira gore dilo tse mosadi wa gagwe a di tlhokang le tse a di ratang di nne botlhokwa thata mo go ene. Ga go motlhofo gore banna ba bangwe ba rate basadi ba bone jalo, ka gonne ba godiseditswe mo lelapeng le batho ba sa tseyeng matsapa go bontshana lorato le go tshwarana sentle. Go ka nna thata gore ba fetole tsela e ba lebang dilo ka yone, mme fa ba batla go ikobela molao wa ga Keresete, ba tshwanetse go fetoga. Fa monna a rata mosadi wa gagwe ka lorato lwa go intsha setlhabelo, mosadi wa gagwe o tla mo tlotla. Fa rre a rata bana ba gagwe, ga a kitla a bua kgotsa a dira dilo tse di tla ba utlwisang botlhoko. (Baef. 4:31) Go na le moo, o tla dira gore ba ikutlwe ba sireletsegile ka go dirisana le bone ka lorato le go ba kgathalela. Fa a dira jalo, bana ba gagwe ba tla mo rata le go mo tshepa.

22. Go ya ka 1 Petere 5:1-3, “dinku” ke tsa ga mang, mme bagolwane ba tshwanetse go di tshwara jang?

22 Mo phuthegong. Bagolwane ba tshwanetse go gopola gore “dinku” ga e se tsa bone. (Joh. 10:16; bala 1 Petere 5:1-3.) Mafoko a a reng “letsomane la Modimo” le “boswa jwa Modimo” a gopotsa bagolwane gore dinku tseo ke tsa ga Jehofa. Jehofa o batla gore dinku tsa gagwe di ratiwe le gore di tshwarwe sentle. (1 Bathes. 2:7, 8) O rata bagolwane ba ba ratang letsomane la gagwe e bile ba le tlhokomela. Bakaulengwe le bokgaitsadi le bone ba rata bagolwane ba ba ntseng jalo.

23-24. (a) Bagolwane ba na le maikarabelo afe fa ba rarabolola kgang nngwe e e masisi? (b) Bagolwane ba tshwanetse go nna ba gopotse eng fa ba rarabolola dikgang tse di ntseng jalo?

23 Bagolwane ba na le maikarabelo afe fa ba rarabolola kgang nngwe e e masisi? Maikarabelo a bone a farologane le a baatlhodi le bagolwane ba ba neng ba ikobela Molao wa ga Moshe. Bagolwane bao ba ne ba sa rarabolole fela dikgang tse di amanang le kobamelo. Gape ba ne ba rarabolola dikgang tsa lelapa le dikgetsi tsa tlolomolao. Le fa go ntse jalo, go ya ka molao wa ga Keresete, bagolwane ba rarabolola fela dikgang tse di amanang le kobamelo. Ba a itse gore Modimo o neile dipuso maikarabelo a go rarabolola dikgetsi tsa tlolomolao. Seo se akaretsa go otlhaya le go tshwara ba ba tlolang molao.—Bar. 13:1-4.

24 Bagolwane ba dirang fa mongwe mo phuthegong a dirile boleo jo bo masisi? Ba dirisa Dikwalo fa ba sekaseka kgang, ba ntse ba gopotse gore molao wa ga Keresete o theilwe mo loratong. E re ka bagolwane ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe, ba ka ipotsa jaana: Re ka dirang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba diretsweng phoso? Ba tshwanetse go ipotsa jaana ka modiraphoso: A o a ikwatlhaya? A re ka mo thusa gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa?

25. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

25 Eleruri re itumelela go tshela ka molao wa ga Keresete! Fa rotlhe mo phuthegong re leka ka natla go o ikobela, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla lemoga gore re a ba rata, gore ba botlhokwa le gore ba sireletsegile. Mme gone, re tshela le “batho ba ba boikepo” ba ba tswelelang “ba sulafalela pele.” (2 Tim. 3:13) Ka jalo, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng. Bakeresete ba ka etsa jang tshiamiso ya Modimo fa ba rarabolola kgang ya go sotliwa ga ngwana ka tlhakanelodikobo? Re tla tlotla ka potso eno mo setlhogong se se latelang.

PINA 15 Bakang Leitibolo la ga Jehofa!

^ ser. 5 Setlhogo seno ke sa bobedi mo motseletseleng wa ditlhogo tse di tlhalosang lebaka la go bo re ka tlhatswega pelo gore Jehofa ke Modimo yo o lorato le yo o ratang tshiamiso. O batla gore batho ba gagwe ba tshwarwe sentle e bile o gomotsa ba ba tshwerweng makgwakgwa.

^ ser. 1 Bona setlhogo se se reng “Lorato le Tshiamiso Kwa Iseraele wa Bogologolo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 2019.

^ ser. 13 TLHALOSO: Fa re na le lorato lwa go intsha setlhabelo re tla thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang e bile re tla itima dilo dingwe gore re kgone go ba thusa.

^ ser. 61 SETSHWANTSHO: Jesu o lebile motlholagadi yo o swetsweng ke morwawe. E re ka a utlwela motlholagadi yoo botlhoko, o a mo tsosa.

^ ser. 63 SETSHWANTSHO: Jesu a ja kwa lelapeng la Mofarasai mongwe yo o bidiwang Simone. Mosadi mongwe, yo gongwe e leng seaka, o ntse a kolobetsa dinao tsa ga Jesu ka dikeledi tsa gagwe a bo a di phimola ka moriri wa gagwe morago ga moo a bo a di tlotsa ka leokwane. Simone ga a rate se mosadi yoo a se dirang mme Jesu o a mmuelela.