Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa re ka Itshireletsang ka Gone mo Leanong la ga Satane

Kafa re ka Itshireletsang ka Gone mo Leanong la ga Satane

FA BAISERAELE ba ne ba tloga ba kgabaganya Noka ya Joredane go ya kwa lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone, go ne ga tla baeng bangwe. Baeng bano e ne e le basadi ba e seng Baiseraele mme ba ne ba laletsa banna ba Baiseraele gore ba tsamaye le bone kwa moletlong mongwe. Go ne go ka bonala e kete eno ke tshono e e ntle ya go nna le ditsala tse disha, go bina le go itumelela dijo tse di monate. Le fa gone basadi bao ba ne ba sa tshele ka melao e Modimo a neng a e neile Baiseraele, banna bangwe ba Iseraele ba ne ba ka ipolelela jaana: ‘Ga go re sepe, re a itse gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Re tla nna kelotlhoko.’

Go ne ga diregang? Baebele ya re: “Batho ba simolola go nna le kamano ya boitsholo jo bo maswe le bomorwadia Moabe.” Tota basadi bao ba ne ba batla gore banna ba Baiseraele ba obamele medimo ya maaka. Mme ba ile ba dira jalo! Ka ntlha ya seo, “bogale jwa ga Jehofa jwa simolola go tukela Iseraele.”—Dip. 25:1-3.

Baiseraele bao ba ne ba tlola Molao wa Modimo ka ditsela tse pedi: Ba ile ba obamela medingwana e bile ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Batho ba le bantsi ba ile ba swa ka gonne ba sa ikobela Modimo. (Ekes. 20:4, 5, 14; Dute. 13:6-9) Ke eng fa phoso ya bone e ne e le maswe thata jaana? Ka gonne fa Baiseraele bao ba ne ba sa tlola Molao wa Modimo, ba ko ba ile ba kgabaganya Joredane mme ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.—Dip. 25:5, 9.

Moaposetoloi Paulo o ile a bua jaana ka tiragalo eo: “Dilo tseno di ne tsa tswelela di ba diragalela e le dikao, mme di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.” (1 Bak. 10:7-11) Ga go pelaelo gore Satane o ile a itumelela gore Baiseraele bao ba ne ba dira boleo jo bo masisi mme ka ntlha ya seo ba se ka ba tlhola ba tshwanelega go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Re tshwanetse go ithuta mo phosong ya bone ka gonne Satane a ka itumela tota fa a ka dira gore re se ka ra tshela mo lefatsheng la Paradaise!

LEANO LE LE KOTSI

Satane o tlhasela Bakeresete a dirisa maano a a ileng a a dirisa mo nakong e e fetileng. Jaaka re sa tswa go ithuta, o ile a dirisa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Gompieno, boitsholo jo bo sa siamang ke serai se se kotsi tota. Selo sengwe se se ka dirang gore re wele mo bothateng jono ke ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.

Gompieno, motho o kgona go leba ditshwantsho tseno ntle le gore go nne le ope yo mongwe yo o itseng ka gone. Bogologolo motho o ne a ka tlhoka go ya kwa bobogelong jwa difilimi gore a kgone go bona difilimi tsa tlhakanelodikobo kgotsa a ye kwa go rekisiwang dibuka tsa tlhakanelodikobo gone. Batho ba le bantsi ba ne ba sa dire jalo ka gonne ba tshaba gore ba tla tlhabiwa ke ditlhong fa batho ba ba bona koo. Le fa go ntse jalo, gone jaanong, motho o kgona go tsena mo Internet gore a lebe ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo a le kwa tirong kgotsa a le mo koloing. Mme mo dinageng di le dintsi, batho ba kgona go leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ba le mo magaeng a bone.

Ga go felele foo. Difouno, dithabolete le dikhomputara di dirile gore go nne motlhofo gore batho ba lebe ditshwantsho tseo. Batho ba kgona go leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo mo didirisiweng tsa bone tsa ileketeroniki, fa ba tsamaya mo mebileng, ba pagame bese kgotsa terena.

E re ka go le motlhofo go leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo le go fitlha seo, ditshwantsho tseno di tshwaetsa batho ba le bantsi go feta pele. Bontsi jwa batho ba ba di lebang, manyalo a bone a a thubega, ga ba tlhole ba itlotla e bile segakolodi sa bone se emisa go bereka. Se se maswe le go feta, ba senya kamano ya bone le Modimo. Eleruri ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo di gobatsa batho ba ba di lebang. Gantsi di dira gore ba nne le matsadi a le mantsi a mo maikutlong a a ka tsayang dingwagangwaga gore a fole. Tota e bile, mo maemong a mangwe, matsadi ao ke a leruri.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o re thusa gore re se ka ra wela mo seraing seno. Fa re batla gore a re sireletse, re tshwanetse go dira se banna ba Baiseraele ba paletsweng ke go se dira, e leng go “utlwa lentswe la [gagwe] ka kelotlhoko.” (Ekes. 19:5) Re tshwanetse go gopola gore Modimo o tlhoile ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Ke eng fa re rialo?

DI TLHOE FELA JAAKA JEHOFA A DI TLHOILE

Akanya ka seno: Melao e Modimo a neng a e neile Baiseraele e ne e farologane thata le e ditšhaba tse dingwe di neng di tshela ka yone. Melao eo ya Modimo e ne e tshwana le lobota lo lo sireletsang Baiseraele mo tlhotlheletsong e e bosula ya ditšhaba tse dingwe. Mo godimo ga moo, e ne e ba ruta gore ba se ka ba dira dilo tse di bosula tse batho ba ditšhaba tseo ba neng ba di dira. (Dute. 4:6-8) Melao eo e ne e ba bontsha sentle gore Jehofa o tlhoile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Jehofa o ne a ba bolelela ka dilo tse di maswe tse ditšhaba tse di ba dikologileng di neng di di dira a bo a ba raya a re: “Tsela e lefatshe la Kanana le dirang ka yone, le ke lo tlisang mo go lone, lo se ka lwa dira ka yone. . . . Lefatshe le itshekologile, mme ke tla le tlisetsa kotlhao ya tlolo ya lone.” Lefatshe le Bakanana ba neng ba nna mo go lone le ne le itshekologile e bile le le leswe ka ntlha ya dilo tse di bosula tse ba neng ba di dira.—Lefi. 18:3, 25.

Le fa gone Jehofa a ile a otlhaya Bakanana, batho ba bangwe ba ne ba tswelela ba dira boitsholo jo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Dingwaga di le 1 500 morago ga moo, Paulo o ile a tlhalosa dinaga tse Bakeresete ba neng ba nna mo go tsone e le tse di sa ‘tlholeng di na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.’ Tota e bile, “ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng gore ba dire boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.” (Baef. 4:17-19) Gompieno le gone batho ba le bantsi ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo mme go se tsapa le ba fisang pelo. Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go leka ka natla gore ba se ka ba leba ditiro tse di bosula tsa batho ba lefatshe leno.

Ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo di tlontlolola Modimo. O bopile batho mo setshwanong sa gagwe a bo a ba naya bokgoni jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang. Modimo o ile a supa gore o botlhale fa a ne a baya melao malebana le tlhakanelodikobo. O ile a dira gore tlhakanelodikobo e nne sengwe se se ka itumelelwang ke banyalani fela. (Gen. 1:26-28; Dia. 5:18, 19) Batho ba ba dirang ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ba batla go fitlhelela eng? Ba itlhokomolosa melao ya Modimo. Eleruri batho ba ba buelelang ditshwantsho tseo ba tlontlolola Modimo fela thata. Modimo o tlile go atlhola batho ba ba di dirang le ba ba di buelelang.—Bar. 1:24-27.

Gotweng ka batho ba ba lebang ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ka boomo? Bangwe ba ka tswa ba tsaya gore ga di re sepe kgotsa di itshiametse fela. Mme gone, tota ba ema nokeng batho ba ba tlolang melao ya ga Jehofa. Joo e ka tswa e ne e se boikaelelo jwa bone fa ba ne ba simolola go di leba. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa sentle gore baobamedi ba Modimo ba tshwanetse go tlhoa ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo. Baebele ya re: “Lona ba lo ratang Jehofa, tlhoang se se bosula.”—Pes. 97:10.

Tota le batho ba ba sa batleng go leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo ba ka fitlhela go le thata go dira jalo. Ga re a itekanela e bile re ka nna ra tshwanelwa ke go lwa thata gore re fenye dikeletso tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, dipelo tsa rona di ka nna tsa dira gore re akanye gore ga go phoso go le kalo go di leba. (Jer. 17:9) Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba ileng ba nna Bakeresete ba ile ba kgona go fenya ntwa eno. Go itse seno go ka go kgothatsa fa e le gore le wena o lebane le bothata jono. Ela tlhoko gore Baebele e ka go thusa jang gore o fenye serai seno sa ga Satane sa ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo.

O SE KA WA NNELA GO AKANYA KA DILO TSE DI BOSULA

Jaaka go tlhalositswe pelenyana, Baiseraele ba le bantsi ba ile ba itetla go nna le dikeletso tse di sa siamang tse di ileng tsa dira gore ba tsene mo mathateng a magolo. Le rona re ka diragalelwa ke se se tshwanang. Morwarraagwe Jesu e bong Jakobe o ile a re: “Mongwe le mongwe o . . . gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.” (Jak. 1:14, 15) Fa keletso e e sa siamang e ntse e gola mo pelong ya motho, fa nako e ntse e ya go tlile go nna motlhofo gore motho yoo a leofe. Ka jalo, re tshwanetse go tlogela go akanya ka dilo tse di sa siamang.

Fa o lemoga gore o na le bothata jwa go nna o akanya ka dilo tse di sa siamang, tsaya kgato ka bonako. Jesu o ile a re: “Fa seatla sa gago kgotsa lonao lwa gago lo dira gore o kgotšwe, lo kgaole mme o le latlhele kgakala le wena. . . . Gape, fa leitlho la gago le dira gore o kgotšwe, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Math. 18:8, 9) Jesu o ne a sa reye gore re tshwanetse go ikgobatsa ka tsela ya mmatota. O ne a tlhalosa gore re tshwanetse go itse gore ke eng se se dirang gore re akanye ka dilo tse di sa siamang re bo re dira diphetogo tse di tlhokegang ka bonako. Re ka dira seo jang fa go tla mo ditshwantshong tsa tlhakanelodikobo?

Fa ditshwantsho tseo di tlhaga, o se ka wa re, ‘Nna ga di ntire sepe.’ Leba go sele ka bonako. Tima thelebishene ka bonako. Tima khomputara, founo kgotsa thabolete ka bonako. Akanya ka sengwe se se siameng. Seno se tla go thusa gore o laole dilo tse o akanyang ka tsone go na le gore o letle dikeletso tse di sa siamang gore di go laole.

O KA DIRA ENG FA O NNELA GO AKANYA KA DITSHWANTSHO TSA TLHAKANELODIKOBO TSE O KILENG WA DI BONA?

Gotweng fa o tlogetse go leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo, mme gone o na le go nna o di gopola ka dinako dingwe? Ditshwantsho tseo di ka nna mo tlhaloganyong ya motho nako e e telele tota. Go ka direga gore o di gopole nako nngwe le nngwe fela. Fa seo se direga, o ka nna wa batla go dira sengwe se se sa siamang jaaka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo, nna o gopotse gore go ka direga gore o gopole ditshwantsho tseo mme o nne o ikemiseditse go di lwantsha.

Nna o ikemiseditse go akanya le go dira dilo ka tsela e Jehofa a batlang gore o di dire ka yone. Tshwana le moaposetoloi Paulo. O ne a ikemiseditse go ‘itaya mmele wa gagwe le go o tshwara jaaka motlhanka.’ (1 Bak. 9:27) O se ka wa itetla go laolwa ke dikeletso tse di sa siamang. ‘Fetoga ka go fetola mogopolo wa gago, gore o iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.’ (Bar. 12:2) Gopola ntlha eno: Ga o kitla o itumela fa o dira dilo tse di bosula, mme fa o akanya le go dira dilo tse Modimo a batlang gore o di dire ke gone o tla itumelang.

Ga o kitla o itumela fa o dira dilo tse di bosula, mme fa o akanya le go dira dilo tse Modimo a batlang gore o di dire ke gone o tla itumelang

Leka go tshwara ditemana dingwe tsa Baebele ka tlhogo. Fa o tlelwa ke dikakanyo tse di sa siamang, ipateletse go akanya ka ditemana tseo. Ditemana tse di jaaka Pesalema 119:37; Isaia 52:11; Mathaio 5:28; Baefeso 5:3; Bakolosa 3:5; le 1 Bathesalonika 4:4-8 di tla go thusa go leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo jaaka Jehofa a di leba le gore o itse gore Jehofa o batla gore o itshware jang.

Gotweng fa ka dinako dingwe o utlwa keletso ya go batla go leba kgotsa go akanya ka dilo tse di bosula e go fekeetsa? Latela dikgato tsa Motlhomasekao wa rona e bong Jesu. (1 Pet. 2:21) Fa Jesu a sena go kolobediwa, Satane o ne a nna a leka go mo raela. Jesu o ile a dira eng? O ne a tswelela a gana. O ile a nopola ditemana di le dintsi gore a ganetse Satane. O ile a re: “Tsamaya, Satane!” mme Satane o ile a mo tlogela. Fela jaaka Jesu a ile a se ka a itlhoboga kana a tlogela go ganetsa Diabolo, le wena ga wa tshwanela go dira jalo. (Math. 4:1-11) Satane le lefatshe la gagwe ba tla nna ba leka go dira gore o akanye ka dilo tse di bosula. Mme gone, o se ka wa ineela. O ka kgona go lwantsha ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo. Jehofa a ka go thusa go dira jalo.

RAPELA JEHOFA, MME O MO REETSE

Tswelela o rapela Jehofa o mo kopa gore a go thuse. Paulo o ile a re: “A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafil. 4:6, 7) Modimo o tla go naya kagiso ya mogopolo gore o kgone go tila go dira dilo tse di bosula. Fa o atamalana le Jehofa, le ene “o tla [go] atamela.”—Jak. 4:8.

Fa kamano ya rona le Jehofa e nna e nonofile, re tla sireletsega mo maanong a ga Satane. Jesu o ile a re: “Mmusi wa lefatshe [Satane] o etla. Mme ga go na jaaka a ka ntshwara.” (Joh. 14:30) Ke eng fa Jesu a ne a dumela gore seo se ka se direge? Nako nngwe o ile a tlhalosa jaana: “Yo o nthomileng o na le nna; o ne a se ka a ntlogela ke le nosi, ka gonne ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Joh. 8:29) Fa le wena o dira dilo tse di itumedisang Jehofa, ga a kitla a go latlha. Tila ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo mme Satane ga a kitla a go tshwara.