Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 27

Ipaakanyetse go Bogisiwa

Ipaakanyetse go Bogisiwa

“Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.”—2 TIM. 3:12.

PINA 129 Re Tla Tswelela re Itshoka

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng fa re tshwanetse go ipaakanyetsa go bogisiwa?

JESU o ile a tlhalosa gore barutwa ba gagwe ba tlile go tlhoiwa ke batho. (Joh. 17:14) Fa e sa le ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba bogisiwa. (2 Tim. 3:12) Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, re tlile go bogisiwa le go feta.—Math. 24:9.

2-3. (a) Letshogo le ka re ama jang? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Ke eng se re ka se dirang gone jaanong gore re kgone go itshoka fa re bogisiwa mo nakong e e tlang? Ga re tlhoke go akanya ka dilo tse di botlhoko tse di ka nnang tsa re diragalela. Seo se tla dira gore re nne fela re tshogile e bile re tshwenyegile. Gape se ka dira gore re tlogele go direla Jehofa tota le pele mathata a tlhaga. (Dia. 12:25; 17:22) Maikaelelo a ga Satane ke go dira gore re boife. (1 Pet. 5:8, 9) Ke eng se se tla re thusang go ipaakanya?

3 Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se se tla re thusang go tiisa botsala jwa rona le Jehofa e bile re tla ithuta gore ke eng fa go le botlhokwa gore re dire jalo gone jaanong. Gape re tla tlotla ka gore ke eng se se ka re thusang go nna pelokgale. Mo godimo ga moo, re tla ithuta gore ke eng se re tshwanetseng go se dira fa batho ba re tlhoile.

O KA TIISA BOTSALA JWA GAGO LE JEHOFA JANG?

4. Go ya ka Bahebera 13:5 le 6, ke eng se re tshwanetseng go se itse, mme ka ntlha yang?

4 Itse gore Jehofa o a go rata e bile ga a kitla a go latlha. (Bala Bahebera 13:5, 6.) Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa re: “Fa motho a itse Modimo sentle, o a mo tshepa ka dinako tsa mathata.” Ga go nnete e e fetang eo! Fa re rata Jehofa, re mo tshepa ka pelo yotlhe e bile re itse gore le ene o a re rata, re tla kgona go itshoka fa re bogisiwa.—Math. 22:36-38; Jak. 5:11.

5. Ke eng se se tla go thusang go lemoga gore Jehofa o a go rata?

5 Bala Baebele letsatsi le letsatsi gore o tiise botsala jwa gago le Jehofa. (Jak. 4:8) Fa o bala, leka go bona gore se o se balang se go ruta eng ka botho jwa ga Jehofa. Leka go bona gore dilo tse Jehofa a di dirang le tse a di buang di bontsha jang gore o a go rata. (Ekes. 34:6) Batho bangwe ga ba dumele gore Modimo o a ba rata ka gonne ga ba ise ba tsamaye ba ratiwe ke ope. Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, leka gore letsatsi le letsatsi o akanye ka ditsela tse Jehofa a go bontshitseng ka tsone gore o a go rata. (Pes. 78:38, 39; Bar. 8:32) Fa o ipha nako ya go akanya ka dilo tse di go diragaletseng mo botshelong le tse o di badileng mo Baebeleng, o tla lemoga gore Jehofa o go diretse dilo di le dintsi. Fa o lemoga gore Jehofa o go thusitse ka ditsela di le dintsi, o tla mo rata le go feta.—Pes. 116:1, 2.

6. Go ya ka Pesalema 94:17-19, go rapela Jehofa go tswa pelong go ka go thusa jang?

6 Rapela ka metlha. Akanya ka rre a kukile ngwana wa gagwe ba lebane mo matlhong. Mosimane yono o phuthulogile e bile o tlotlela rraagwe ka dilo tsotlhe tse di mo diragaletseng mo letsatsing leo. Fela jaaka mosimane yono a atamalane le rraagwe, le wena o ka kgona go atamalana jalo le Jehofa fa o bua le ene letsatsi le letsatsi, o mmolelela sengwe le sengwe. (Bala Pesalema 94:17-19.) Fa o bua le ene, mo tshololele maikutlo “fela jaaka metsi,” o mmolelele dilo tsotlhe tse di go tshosang le tse di go tshwenyang. (Dikhu. 2:19) Fa o dira jalo, o tla nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafil. 4:6, 7) Fa o nna o rapela go tswa pelong, o tla atamalana le Jehofa fela thata.—Bar. 8:38, 39.

Go tshepa Jehofa go tla re thusa go nna pelokgale

Stanley Jones o ile a thusiwa ke gore o ne a tlhatswegile pelo gore Bogosi Jwa Modimo bo tla tla (Bona serapa 7)

7. Ke eng fa o tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o tla dira dilo tse a re solofetsang tsone?

7 Tlhomamisega gore Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go dira dilo tse a re di solofeditseng. (Dipa. 23:19) Fa tota o sa dumele gore Jehofa o tla dira dilo tse a re solofetsang tsone, o tlile go ineela motlhofo fela fa o bogisiwa. (Dia. 24:10; Baheb. 2:15) Ke eng se se tla go thusang go dumela gore Jehofa o tlile go dira dilo tse a re di solofetsang? Iphe nako ya go ithuta ka ditsholofetso tsa ga Jehofa le gore ke eng fa o ka dumela gore eleruri o tlile go di diragatsa. Seno se tla go thusa jang? Akanya ka se se diragaletseng Stanley Jones, yo o neng a tshwerwe dingwaga di le supa ka ntlha ya se a se dumelang. * Ke eng se se ileng sa mo thusa go itshoka? A re: “Tumelo ya me e ne e nonofile ka gonne ke ne itse ka Bogosi Jwa Modimo e bile ke itse gore bo tlile go re direla eng. Ke ne ke sa belaele sepe. Ka jalo, go ne go se na ope yo o ka nkgaoganyang le Jehofa.” Fa o tlhatswegile pelo gore Modimo o tlile go dira dilo tse a re solofetsang tsone, o tla atamalana thata le ene e bile ga go na sepe se se tla dirang gore o mo tlhanogele.—Dia. 3:25, 26.

8. Tsela e re ikutlwang ka yone ka go ya dipokanong e tla re thusa go bona eng? Tlhalosa.

8 Itlwaetse go ya dipokanong ka metlha. Dipokano di re thusa go atamalana le Jehofa. Tsela e re ikutlwang ka yone ka go ya dipokanong e tla re thusa go bona gore fa re bogisiwa, a re tla kgona go itshoka kgotsa nnyaa. (Baheb. 10:24, 25) Ke eng fa re rialo? Fa re letla dilo tse di sa reng sepe di dira gore re lofele dipokano gone jaanong, re tlile go palelwa ke go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa go setse go le thata. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re itlwaeditse go ya dipokanong, ga re kitla re ineela fa batho ba leka go re thibela go dira jalo mo nakong e e tlang. Re tshwanetse go rata dipokano. Fa re di rata, ga go na sepe se se ka re thibelang go kopana mmogo. Tota le fa dipuso di ka leka go re thibela, re tla nna re reetsa Modimo, e seng batho.—Dit. 5:29.

Go itse dipina tsa Bogosi le ditemana ka tlhogo go tla go thusa ka nako ya fa o bogisiwa (Bona serapa 9) *

9. Ke eng fa re ka re go itse ditemana dingwe ka tlhogo go tla re thusa fa re bogisiwa?

9 Tshwara ditemana tse o di ratang ka tlhogo. (Math. 13:52) Le fa o ka tswa o lebala thata, Jehofa a ka go thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo gore o kgone go gopola ditemana tseo. (Joh. 14:26) Mokaulengwe mongwe yo o neng a tshwerwe kwa Jeremane e bile a tswaletswe a le esi mo seleng o ne a re: “Ke ne ka itumela tota ka gonne ka nako eo, ke ne ke setse ke ithutile ditemana di le dintsi ka tlhogo! Ke ne ka kgona go fetsa malatsi ao a ke neng ke sa dire sepe ka one ke ntse ke akanya ka ditlhogo tse di farologaneng tsa Baebele.” Ditemana tseo di ile tsa mo thusa go atamalana le Jehofa e bile di ile tsa mo thusa go itshoka.

(Bona serapa 10) *

10. Ke eng fa re tshwanetse go tshwara dipina tsa Bogosi ka tlhogo?

10 Tshwara dipina tsa Bogosi ka tlhogo. Fa Paulo le Silase ba ne ba tshwerwe kwa Filipi, ba ile ba opelela Jehofa dipina tsa pako tse ba neng ba di itse ka tlhogo. (Dit. 16:25) Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba dinaga tsa Soviet Union ba ne ba tshwerwe kwa Siberia, ke eng se se ileng sa ba thusa go itshoka? Kgaitsadi Mariya Fedun a re: “Re ne re opela dipina tsa Bogosi tse re neng re di itse ka tlhogo.” A re dipina tseo di ne di ba kgothatsa e bile di ba thusa go atamalana le Jehofa. A le wena o ikutlwa jalo fa o opela dipina tsa Bogosi tse o di ratang? Fa go le jalo, di tshware ka tlhogo.—Bona lebokoso le le reng “ Mphe Bopelokgale.”

KE ENG SE SE TLA GO THUSANG GO NNA PELOKGALE?

11-12. (a) Go ya ka 1 Samuele 17:37, 45-47, ke eng se se thusitseng Dafide go nna pelokgale? (b) Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Dafide?

11 Go nna pelokgale go tla go thusa go itshoka fa o bogisiwa. O ka dira eng fa e le gore o akanya gore ga o pelokgale? O se ka wa lebala gore go nna pelokgale ga go a ikaega ka gore o kana kang, o nonofile go le kae kgotsa gore ke eng se o kgonang go se dira. Akanya ka Dafide. O ile a ya go lwa le Goliathe le fa gone a ne a le monnye thata mo go Goliathe, a sa nonofa jaaka ene e bile a se na tšhaka. Eleruri, o ne a le pelokgale.

12 Ke eng se se thusitseng Dafide go nna pelokgale? O ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa. (Bala 1 Samuele 17:37, 45-47.) Ga a ka a ikopisa tlhogo ka gore Goliathe o nonofile go mo feta. O ne a itse gore Goliathe ga se sepe fa a bapisiwa le Jehofa. Re ithuta eng mo pegong eno? Fa re itse gore Jehofa o tla re thusa e bile re tlhatswegile pelo gore batho ba ba re bogisang ga se sepe fa ba bapisiwa le ene, re tla nna pelokgale. (2 Ditir. 20:15; Pes. 16:8) Ke eng se se ka re thusang go nna pelokgale gone jaanong?

13. Ke eng se se ka re thusang go nna pelokgale? Tlhalosa.

13 Go bolelela batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo go tla re thusa go nna pelokgale. Ke eng fa re rialo? Go rera go re thusa go tshepa Jehofa e bile go re thusa gore re se ka ra tshaba batho. (Dia. 29:25) Fela jaaka go ikatisa go thusa mebele ya rona, go rera le gone go re thusa go nna pelokgale. Re nna pelokgale fa re rera ka ntlo le ntlo, mo mafelong a botlhe, mo mafelong a kgwebo le fa re se mo bodireding. Fa re itlwaetsa go rera gone jaanong, re tla tswelela re dira jalo le fa puso e ka thibela tiro ya rona.—1 Bathes. 2:1, 2.

Nancy Yuen ga a ka a tlogela go rera molaetsa wa Bogosi (Bona serapa 14)

14-15. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Nancy Yuen le Valentina Garnovskaya?

14 Re ka ithuta go le gontsi mo bokgaitsading bangwe ba babedi ba ba ileng ba bontsha gore ba pelokgale. Nancy Yuen o ne a le mokhutshwane, le fa go ntse jalo, o ne a sa tshosediwe motlhofo. * O ne a laelwa gore a tlogele go rerela batho ka Bogosi Jwa Modimo, mme o ile a gana. Ka ntlha ya seo, o ne a tsenngwa mo kgolegelong dingwaga di feta 20 kwa China. Mapodise a a neng a mmotsolotsa a ne a re “ke motho yo o tlhogoethata tota.”

Valentina Garnovskaya o ne a itse gore Jehofa o tla mo thusa (Bona serapa 15)

15 Valentina Garnovskaya ene o ile a tshwarwa makgetlo a le mararo kwa Russia mme o ne a fetsa dingwaga di ka nna 21 kwa kgolegelong. * Ka ntlha yang? Le ene o ile a tswelela a rera ka Bogosi Jwa Modimo le fa gone a ne a laetswe gore a se ka a dira jalo. Mapodise a ile a re ke “sekebekwa se se kotsi tota.” Ke eng se se thusitseng bokgaitsadi bano go nna pelokgale jaana? Ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla ba thusa.

16. Ke eng se se ka re thusang go nna pelokgale?

16 Jaaka re setse re tlhalositse, fa re batla go nna pelokgale, ga re a tshwanela go itshepa thata. Go na le moo, re tshwanetse go tshepa gore Jehofa o tla re thusa le gore o tla re lwela. (Dute. 1:29, 30; Seka. 4:6) Go dira jalo ke gone go tla re thusang go nna pelokgale.

RE KA DIRANG FA BATHO BA RE TLHOILE?

17-18. Go ya ka Johane 15:18-21, Jesu o ile a re tlhagisa ka eng? Tlhalosa.

17 Ke boammaaruri gore re batla gore batho ba re tlotle, mme gone, fa ba sa re tlotle, ga re a tshwanela go akanya gore ga re batho ba sepe. Jesu o ne a re: “Go itumela lona le fa e le leng fela fa batho ba lo tlhoa, gape le fa e le leng fela fa ba lo kgaphela kwa thoko ba bile ba lo kgoba ba ba ba kgaphela leina la lona kwa thoko jaaka le le boikepo ka ntlha ya Morwa motho.” (Luke 6:22) O ne a raya jang?

18 Jesu o ne a sa reye gore Bakeresete ba tla itumelela go tlhoiwa ke batho. Go na le moo, o ne a re bolelela se se larileng kwa pele. Re farologane le batho ba ba sa obameleng Jehofa. Re ikobela ditaelo tsa ga Jesu e bile re rera molaetsa wa Bogosi fela jaaka a ne a dira. Ka jalo, batho ba ba sa obameleng Jehofa ba re tlhoile. (Bala Johane 15:18-21.) Re batla go itumedisa Jehofa, mme fa batho ba sa re rate ka ntlha ya seo, ke di bonwa ke bone.

19. Re ka etsa baaposetoloi jang?

19 Le fa batho ba ka bua eng kgotsa ba ka dirang, le ka motlha o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go bo o le Mosupi wa ga Jehofa. (Mik. 4:5) Go akanya ka se baaposetoloi ba ileng ba se dira kwa Jerusalema fa Jesu a sena go bolawa, go tla re thusa gore re se ka ra tshaba batho. Ba ne ba itse gore baeteledipele ba bodumedi ba Baduja ba ba tlhoile. (Dit. 5:17, 18, 27, 28) Le fa go ntse jalo, ba ne ba rera kwa tempeleng letsatsi le letsatsi, ka jalo batho ba ne ba itse gore ke barutwa ba ga Jesu. (Dit. 5:42) Le fa ba ne ba tshosediwa, ga ba a ka ba tlogela go rera. Fa re bolelela batho gore re Basupi ba ga Jehofa, e ka tswa e le kwa tirong, kwa sekolong kgotsa kwa re dulang teng, ga re kitla re ba tshaba.—Dit. 4:29; Bar. 1:16.

20. Ke eng fa baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba itumetse le fa gone ba ne ba tlhoilwe ke batho?

20 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba itumetse le fa gone ba ne ba tlhoilwe ke batho. Ka ntlha yang? Ba ne ba itse gore ba itumedisa Jehofa. (Luke 6:23; Dit. 5:41) Moragonyana moaposetoloi Petere o ne a re: “Le e leng fa lo tshwanetse go boga ka ntlha ya tshiamo, lo itumetse.” (1 Pet. 2:19-21; 3:14) Batho ba re tlhoile ka gonne re ikobela Jehofa. Fa re itse seno, ga re kitla re ba letla gore ba re kgaoganye le ene.

GO IPAAKANYA GONE JAANONG GO TLA GO THUSA

21-22. (a) O tla dira eng gone jaanong go ipaakanyetsa go bogisiwa? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Ga re itse gore re tlile go bogisiwa leng e bile ga re itse gore dipuso di tlile go thibela tiro ya rona leng. Mme gone, re tshwanetse go ipaakanyetsa nako eo. Jang? Ka go tiisa botsala jwa rona le Jehofa, go nna pelokgale le go sa kgobege marapo le fa batho ba re tlhoile. Go dira jalo go tla re thusa gore re tswelele re direla Jehofa le fa re bogisiwa mo nakong e e tlang.

22 Re tshwanetse go dira eng fa dipuso di thibela tiro ya rona? Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore Baebele e ka re thusa jang go nna re direla Jehofa fa tiro ya rona e thibetswe.

PINA 118 “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

^ ser. 5 Ga re batle go tlhoiwa. Mme gone, boammaaruri ke gore, go ise go ye kae, rotlhe re tlile go bogisiwa. Setlhogo seno se tla re thusa go nna pelokgale e bile se tla re thusa go bona gore re ka dirang gone jaanong go ipaakanyetsa nako eo.

^ ser. 7 Bona Tora ya Tebelo ya December 15, 1965, ts. 756-767 (ka Seesemane).

^ ser. 14 Bona Tora ya Tebelo ya July 15, 1979, ts. 4-7 le bidio ya setlhogo se se reng Jehovah’s Name Will Be Made Known mo JW Broadcasting® (ka Seesemane).

^ ser. 15 Bona Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2008, ts. 191-192 (ka Seesemane).

^ ser. 67 SETSHWANTSHO: Ka nako ya kobamelo ya lelapa, batsadi ba thusa bana ba bone go tshwara ditemana ka tlhogo.

^ ser. 70 SETSHWANTSHO: Lelapa le opela dipina tsa Bogosi fa ba le mo tseleng ba ya dipokanong.