Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 28

Tswelela o Direla Jehofa le fa Tiro ya Rona e Thibetswe

Tswelela o Direla Jehofa le fa Tiro ya Rona e Thibetswe

“Ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.”—DIT. 4:19, 20.

PINA 122 Nitamang, lo sa Tshikinyege!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go gakgamala fa puso e thibela tiro ya rona? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong seno?

KA 2018, baboledi ba feta 223 000 ba ne ba nna kwa dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone, kgotsa kwa dinageng tse puso e sa re letleng go dira dilo dingwe. Seno ga se gakgamatse ka gonne jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Bakeresete ba a itse gore ba tlile go bogisiwa. (2 Tim. 3:12) Go sa kgathalesege gore re nna kae, dipuso di ka nna tsa thibela tiro ya rona re sa lebelela.

2 Fa go ka direga gore puso e thibele tiro ya rona kwa nageng e o nnang kwa go yone, go ka direga gore o ipotse dipotso tse di jaaka tseno: ‘Fa re bogisiwa, a seo se raya gore Jehofa ga a tlhole a re rata? Fa puso e thibetse tiro ya rona, a seno se raya gore ga re kitla re kgona go direla Jehofa? A ke tshwanetse go fudugela kwa nageng e tiro ya rona e sa thibelwang kwa go yone?’ Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno. Gape re tla bona gore ke eng se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira gore re tswelele re direla Jehofa.

FA RE BOGISIWA, A SEO SE RAYA GORE JEHOFA GA A TLHOLE A RE RATA?

3. (a) Go ya ka 2 Bakorintha 11:23-27, moaposetoloi Paulo ne a diragalelwa ke eng? (b) Re ithuta eng mo go se se diragaletseng moaposetoloi Paulo?

3 Fa puso e thibela tiro ya rona, re ka nna ra akanya gore Modimo ga a tlhole a re rata. Mme itse gore go bogisiwa ga go reye gore Jehofa ga a tlhole a re rata. Ka sekai, akanya ka moaposetoloi Paulo. Jehofa o ne a mo rata. O ne a mo dirisa go kwala dikwalo di le 14 tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika a bo a mo tlhoma go nna moaposetoloi mo ditšhabeng. Le fa go ntse jalo, o ne a bogisiwa. (Bala 2 Bakorintha 11:23-27.) Se se diragaletseng Paulo se re ruta gore Jehofa o letlelela gore batho gagwe ba bogisiwe.

4. Ke eng fa batho ba re tlhoile?

4 Jesu o ne a re bolelela gore ke eng se se neng se tla dira gore re bogisiwe. O ile a re re tla tlhoiwa ka gonne re farologane le batho ba ba sa obameleng Modimo. (Joh. 15:18, 19) Fa re bogisiwa ga go reye gore Jehofa o re tlhoile. Go na le moo, go raya gore re dira se Jehofa a se batlang.

FA TIRO YA RONA E THIBETSWE, A SENO SE RAYA GORE RE KA SE KGONE GO DIRELA JEHOFA?

5. A batho ba ka kgona go fedisa kobamelo ya boammaaruri? Tlhalosa.

5 Le fa batho ba ka leka jang, ga ba ka ke ba kgona go fedisa kobamelo ya boammaaruri. Ba lekile mme ba paletswe. Akanya ka se se neng sa direga ka Ntwa ya Lefatshe II. Dipuso di le dintsi di ne di bogisa batho ba Modimo. Tiro ya rona e ne e thibetswe kwa Jeremane, Australia, Canada le kwa dinageng tse dingwe. Go ne go na le baboledi ba le 72 475 mo lefatsheng lotlhe fa ntwa eo e simologa. Mme Jehofa o ile a segofatsa tiro ya batho ba gagwe ka gonne ka 1945 fa ntwa e fela, go ne go na le baboledi ba le 156 299. Palo ya bone e ne e feta gabedi e e neng e le teng pele ga ntwa eo.

6. Go bogisiwa go ka re ama jang? Naya sekai.

6 Go bogisiwa go ka dira gore re ikemisetse le go feta go direla Jehofa. Kwa nageng nngwe, puso e ile ya thibela tiro ya rona ka tshoganyetso. Banyalani bangwe ba ba nnang koo le ngwana wa bone ga ba a ka ba kgobega marapo fa seo se direga, go na le moo, ba ile ba tsaya bobulatsela. Tota e bile, mosadi o ile a tlogela tiro gore a kgone go nna mmulatsela. Monna wa gagwe a re thibelo eo e ile ya dira gore batho ba le bantsi ba batle go itse ka Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, go ne go le motlhofo gore a ithute Baebele le batho. Mogolwane mongwe kwa nageng eo o ile a re tota le batho ba ba neng ba tlogetse go direla Jehofa, ba ne ba simolola go ya dipokanong le go ya bodireding gape.

7. (a) Re ithuta eng mo go Lefitiko 26:36 le 37? (b) O tla dira eng fa puso e ka thibela tiro ya rona mo nageng ya lona?

7 Gantsi puso e thibela tiro ya rona ka gonne e batla gore re tlogele go direla Jehofa. Mo godimo ga moo, e ka nna ya bua maaka ka rona, ya romela mapodise gore a phuruphutshe matlo a rona, ya re isa kwa kgotlatshekelong kgotsa ya tsenya bangwe ba rona mo kgolegelong. Ba akanya gore fa ba tsentse bangwe ba rona mo kgolegelong, re tla tshoga re bo re tlogela go direla Jehofa. Fa ba dira dilo tseno re bo re tshoga thata, re ka nna ra simolola go goga dinao kgotsa ra tlogela go direla Jehofa. Ga re batle go tshwana le batho ba go buiwang ka bone mo go Lefitiko 26:36, 37. (E bale.) Ga re kitla re letla sepe se re itsa go direla Jehofa. Re a mo tshepa, ka jalo, ga re kitla re tsenwa ke tsebetsebe. (Isa. 28:16) Ka metlha re kopa Jehofa gore a re kaele mme re a itse gore fa a re thusa, ga go na puso epe e e ka re thibelang go mo direla, go sa kgathalesege gore puso eo e maatla go le kana kang.—Baheb. 13:6.

A KE FUDUGELE KWA NAGENG E NNGWE?

8-9. (a) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso efe? (b) Mokeresete o tshwanetse go akanyetsa eng pele a dira tshwetso eo?

8 Fa puso e thibela tiro ya rona mo nageng e o nnang mo go yone, o ka nna wa ipotsa gore a ke ka o fudugele kwa nageng e nngwe kgotsa jang. Boammaaruri ke gore ke wena fela o ka dirang tshwetso eo. Bakeresete bangwe ba ile ba thusiwa ke go bala ka se Bakeresete ba bogologolo ba ileng ba se dira fa ba ne ba bogisiwa. Fa Setefane a sena go bolawa, barutwa ba ga Keresete ba ba neng ba nna kwa Jerusalema ba ile ba fudugela kwa Judea, Samarea, Fonikia, Kupero le Antioka. (Math. 10:23; Dit. 8:1; 11:19) Le fa go ntse jalo, fa Bakeresete ba ne ba bogisiwa gape, moaposetoloi Paulo ene ga a ka a fuduga. O ile a tswelela a rera dikgang tse di molemo e bile a kgothatsa Bakeresete ba ba neng ba bogisiwa le fa go dira jalo go ne go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing.—Dit. 14:19-23.

9 Re ithuta eng mo dipegong tseno? Tlhogo ya lelapa e tshwanetse go dira tshwetso ya gore a ke ka ba fuduge kgotsa nnyaa. Pele a dira tshwetso, o tshwanetse go rapela le go akanyetsa gore go fuduga go tla ama lelapa la gagwe jang. Mo kgannyeng eno, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe.” (Bagal. 6:5) Ga re a tshwanela go tshwaya ope phoso ka tshwetso ya gagwe.

RE KA KGONA JANG GO DIRELA JEHOFA FA RE THIBETSWE?

10. Ofisi ya lekala le bagolwane ba tla re naya ditaelo dife?

10 Re ka kgona jang go tswelela re direla Jehofa fa tiro ya rona e thibetswe? Ofisi ya lekala e tla naya bagolwane ba phuthego ya lona ditaelo le dikakantsho tsa gore ba ka amogela jang dikgatiso, ba ka rulaganya jang dipokano le tiro ya go rera. Fa bagolwane ba phuthego ya lona ba sa kgone go ikgolaganya le ofisi ya lekala, ba tla dirisa Baebele le dikgatiso tsa rona go lo thusa gore lo tswelele lo direla Jehofa.—Math. 28:19, 20; Dit. 5:29; Baheb. 10:24, 25.

11. Re itse jang gore ka metlha re tla nna le sotlhe se re se tlhokang go nonotsha tumelo ya rona, mme o ka dirang go sireletsa Baebele le dikgatiso tsa gago?

11 Jehofa o re solofeditse gore re tla nna le dilo tsotlhe tse re di tlhokang tse di tla re thusang go nna le tumelo e e nonofileng. (Isa. 65:13, 14; Luke 12:42-44) Ka jalo, re tlhatswegile pelo gore phuthego ya gagwe e tla dira sotlhe se se tlhokegang go netefatsa gore tumelo ya rona e nna e nonofile. Mme go na le sengwe se le wena o ka se dirang. Fa puso e thibetse tiro ya rona mo nageng ya lona, fitlha Baebele le dikgatiso tsa gago. O se ka wa di baya mo di ka bonwang motlhofo teng. Mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya matsapa go nonotsha tumelo ya gagwe.

Jehofa o tla re thusa gore re kgone go kopana mmogo (Bona serapa 12) *

12. Bagolwane ba ka dirang go netefatsa gore batho ga ba lemoge gore re santse re kopana mmogo?

12 Go tweng ka dipokano tsa rona? Bagolwane ba tla rulaganya dipokano e bile ba tla tlhomamisa gore puso ga e lemoge gore re santse re kopana mmogo. Ba ka nna ba rulaganya gore lo kopane ka ditlhotshwana e bile ba tla nna ba fetola dinako le lefelo le lo kopanelang kwa go lone gangwe le gape. Fa lo le kwa dipokanong, lo se ka lwa buela kwa godimo gore lo se ka lwa lemogiwa. Gape lo ka nna lwa tshwanelwa ke go ikaparela fela gore batho ba se ka ba lemoga gore lo ya dipokanong.

Re tla tswelela re rera le fa puso e ka thibela tiro ya rona (Bona serapa 13) *

13. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kwa Soviet Union?

13 Tsela e tiro ya go rera e rulaganngwang ka yone e tla farologana go ya ka mafelo. Re rata Jehofa e bile re rata go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa gagwe, ka jalo, re tla nna re batla ditsela tsa go rera. (Luke 8:1; Dit. 4:29) Emily B. Baran o ile a bua jaana ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa dinageng tsa Soviet Union: “Fa puso e ne e thibela Basupi ba ga Jehofa go rera, ba ne ba simolola go tlotlela baagelani, badirimmogo le ditsala tsa bone dilo tse ba di dumelang. Fa puso e ba isa kgolegelong, ba ne ba rerela magolegwa a mangwe.” Le fa tiro ya bone e ne e thibetswe, ga ba a ka ba tlogela go rera. Fa puso e ka thibela tiro ya rona, ikemisetse go etsa bakaulengwe le bokgaitsadi bano.

KE ENG SE RE SA TSHWANELANG GO SE DIRA?

Re tshwanetse go itse gore go na le nako ya go didimala (Bona serapa 14) *

14. Pesalema 39:1 e re tlhagisa ka eng?

14 Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re bua le batho. Fa tiro ya rona e thibetswe, ga re a tshwanela go lebala gore go na le “nako ya go didimala.” (Mor. 3:7) Ga re a tshwanela go bolelela batho maina a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, gore re kopanela kae, gore tiro ya rona ya go rera e dirwa jang le gore re amogela dikgatiso jang. Ga re a tshwanela go bolelela batho ba ba berekelang puso, ditsala tsa rona le ba masika ba ba nnang mo nageng ya rona kgotsa kwa nageng e nngwe dintlha tseno. Fa re ka dira jalo, re tla bo re tsenya matshelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo kotsing.—Bala Pesalema 39:1.

15. Satane o tla leka go dira eng, mme rona re tshwanetse go dirang?

15 Re se ka ra letla dilo tse di sa reng sepe di re kgaoganya. Satane o a itse gore fa re sa utlwane go tla nna motlhofo gore a re fenye. (Mareko 3:24, 25) Ka jalo, o tla nna a leka go re kgaoganya. O a itse gore fa re lwantshana, re tla lebala go lwa le ene.

16. Kgaitsadi Gertrud Poetzinger o re tlhometse sekao sefe?

16 Satane a ka raela le Bakeresete ba ba nang le nako e e telele ba direla Jehofa. Akanya ka se se diragaletseng Gertrud Poetzinger le Elfriede Löhr. Ba ne ba isitswe kwa kampeng ya pogisetso ya Banasi. Gertrud o ile a fufega fa Elfriede a kgothatsa bokgaitsadi ba bangwe mo kampeng eo. Moragonyana Gertrud o ile a tlhabiwa ke ditlhong mme a kopa Jehofa gore a mo thuse. O ile a kwala jaana: “Re tshwanetse go amogela gore batho ba bangwe ba dira dilo dingwe botoka go re gaisa.” Ke eng se se mo thusitseng gore a se ka a tlhola a fufegela Elfriede? O thusitswe ke go akanya ka dilo tse dintle tse Elfriede a neng a di dira le botho jwa gagwe. Seno se ne sa dira gore ene le Elfriede e nne ditsala. Ba ile ba kgona go itshoka e bile ba ile ba tswelela ba direla Jehofa go fitlha ba tlhokafala. Fa re leka ka natla go rarabolola dikgotlhang, Satane ga a kitla a re kgaoganya.—Bakol. 3:13, 14.

17. Goreng re sa tshwanela go itlhokomolosa ditaelo?

17 Re se ka ra itlhokomolosa ditaelo. Ga re kitla re tsena mo mathateng fa re ikobela ditaelo tsa bagolwane. (1 Pet. 5:5) Ka sekai, kwa nageng nngwe e tiro ya rona e thibetsweng kwa go yone, bagolwane ba ne ba laela baboledi gore ba se ka ba naya batho dikgatiso fa ba rera. Mokaulengwe mongwe wa mmulatsela ga a ka a ikobela taelo eo. Go ile ga diregang? Moragonyana ene le bakaulengwe ba bangwe ba ile ba botsolodiwa ke mapodise. Go bonala mapodise a ne a ba setse morago fa ba le mo bodireding ba bo ba tsaya dikgatiso tse bakaulengwe bao ba neng ba di neile batho. Re ithuta eng? Re tshwanetse go ikobela ditaelo le fa re sa dumalane le tsone. Jehofa o a itumela fa re dirisana sentle le bakaulengwe ba a ba tlhomileng gore ba re etelele pele.—Baheb. 13:7, 17.

18. Ke eng fa re sa tshwanela go baya melao e e sa tlhokegeng?

18 Re se ka ra baya melao e e sa tlhokegeng. Fa bagolwane ba baya melao e e sa tlhokegeng, ba imetsa ba bangwe. Mokaulengwe Juraj Kaminský o ile a bua jaana ka se se ileng sa direga fa tiro ya rona e ne e thibetswe kwa Czechoslovakia: “Fa bagolwane ba le bantsi ba sena go tshwarwa, bakaulengwe bangwe ba ba neng ba setse ba ile ba imetsa baboledi ka melao e mentsintsi.” Ga re na tshwanelo ya go direla ba bangwe ditshwetso. Fa mongwe a baya melao e mentsintsi e e sa tlhokegeng, ga se gore o a bo a sireletsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe, go na le moo, o a ba gatelela.—2 Bakor. 1:24.

O SE KA WA TLOGELA GO DIRELA JEHOFA

19. Go ya ka 2 Ditiragalo 32:7 le 8, ke eng fa re ka tswelela re le pelokgale le fa Satane a ka dirang?

19 Satane o tla nna a bogisa batlhanka ba ga Jehofa. (1 Pet. 5:8; Tshen. 2:10) O tla leka go re thibela gore re se ka ra direla Jehofa. Mme gone, ga re tlhoke go tshoga. (Dute. 7:21) Jehofa o tla nna a re thusa le fa tiro ya rona e ka thibelwa.—Bala 2 Ditiragalo 32:7, 8.

20. O ikemiseditse go dira eng?

20 E kete re ka etsa Bakeresete ba bogologolo ba ba ileng ba raya babusi ba re: “Gore a go siame mo ponong ya Modimo go reetsa lona go na le go reetsa Modimo, ikatlholeleng. Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.”—Dit. 4:19, 20.

PINA 73 Re Neye Bopelokgale

^ ser. 5 Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa puso e re thibela go direla Jehofa? Setlhogo seno se tla re thusa go itse gore ke eng se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira gore re kgone go tswelela re direla Jehofa.

^ ser. 59 SETSHWANTSHO: Ditshwantsho tsotlhe di bontsha Basupi ba rera mo dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone. Mo setshwantshong seno, setlhopa se sennye se kopanela mo legaeng la mokaulengwe mongwe.

^ ser. 61 SETSHWANTSHO: Kgaitsadi (mo molemeng) o tlotla le mosadi mongwe mme o batla tsela ya go mmolelela ka Jehofa.

^ ser. 63 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o gana go naya mapodise tshedimosetso ka bakaulengwe le bokgaitsadi.