Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri Jesu o Ntshwetse?

A Ruri Jesu o Ntshwetse?

BAEBELE e na le mafoko a le mantsi a a ileng a buiwa ke batho ba ba “nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Ka sekai, re kgona go tlhaloganya gore Paulo o ne a ikutlwa jang fa a ne a kwala mafoko ano a a mo go Baroma 7:21-24: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna. . . . A nna motho yo o tlhomolang pelo!” Go itse gore Paulo o ne a ikutlwa jaana go a re gomotsa fa re lwantshana le mekgwa ya rona e e sa siamang.

Gape mo go Bagalatia 2:20, o ile a tlhalosa gore Jesu o a mo rata le gore Jesu o ile a ineela ka ntlha ya gagwe. A le wena o ikutlwa jalo? Gongwe ka dinako dingwe ga o ikutlwe jalo.

Fa e le gore o ikutlwa o se motho wa sepe ka ntlha ya diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng, go ka nna thata gore o dumele gore Jehofa o a go rata le gore o go itshwaretse. Ka ntlha ya seo, go ka nna thata gore o dumele gore setlhabelo sa ga Jesu se ka go tswela mosola. A mme Jesu o batla gore re dumele gore o re swetse? Ke eng se se ka re thusang go dumela?

JESU O BATLA GORE RE ITSE GORE O RE SWETSE

Jesu o batla gore re itse gore o re swetse. Ke eng fa re rialo? Akanya ka se se kwadilweng mo go Luke 23:39-43. Monna mongwe o ne a kokotetswe mo koteng fa thoko ga ga Jesu. O ile a tlhalosa gore o ne a dira dilo tse di bosula. E tshwanetse ya bo e ne e le dilo tse di bosula thata ka gonne go ne go kokotelwa fela batho ba ba dirang dilo tse di bosula thata. O ile a kopa Jesu jaana: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.”

Jesu o ile a reng? Akanya fela gore Jesu o ne a le mo ditlhabing tse di kana kang. Le fa gone a ne a le mo ditlhabing, o ile a gomotsa monna yono jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.” Jesu a ka bo a ile a mmolelela fela gore “Morwa motho a ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Math. 20:28) Mme ga a ka a dira jalo, go na le moo, o ne a thusa monna yoo go lemoga gore setlhabelo sa gagwe se ne se tlile go mo tswela mosola. O ile a bolelela monna yoo gore o tlile go tshela mo lefatsheng la paradaise.

Jesu o ne a batla gore monna yoo a amogele gore le ene o tlile go mo swela. Monna yoo e ne e le sekebekwa e bile ga a ka a kgona go direla Modimo. Mme gone, Jesu o ile a re setlhabelo sa gagwe se tlile go mo tswela mosola. Fa e le gore setlhabelo sa ga Jesu se tla tswela monna yoo mosola, ga go pelaelo gore se tla tswela mosola Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o direlang Jehofa Modimo. Ke eng se se ka re thusang go dumela gore setlhabelo sa ga Jesu se tla re tswela mosola le fa gone re kile ra dira diphoso mo nakong e e fetileng?

KE ENG SE SE ILENG SA THUSA PAULO?

Jesu o ile a naya Paulo kabelo ya go rerela batho, ka jalo, o ne a dumela gore Jesu o mo swetse. Ke eng fa re rialo? O ne a re: “Ke leboga Keresete Jesu Morena wa rona, yo o neng a nnaya maatla, ka gonne o ntsere ke ikanyega ka go nkabela bodiredi, le mororo pele ke ne ke le motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” (1 Tim. 1:12-14) E re ka Jesu a ile a naya Paulo kabelo eno le fa gone a ne a dira dilo tse di bosula mo nakong e e fetileng, o ne a tlhatswegile pelo gore Jesu o a mo rata e bile o a mo tshepa. Le rona Jesu o re neile kabelo ya go rerela batho. (Math. 28:19, 20) A kabelo eno e ka re thusa go tlhaloganya gore le rona Jesu o re swetse?

Albert o ile a fetsa dingwaga di ka nna 34 a tlositswe mo phuthegong. Fa a sena go boela kwa go Jehofa o ne a re: “Boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha. Fa ke le mo bodireding, fela jaaka Paulo, le nna ke lemoga gore Jesu o nneile kabelo ya go rerela batho. Go akanya jalo go dira gore ke itumele e bile go nthusa gore ke se ka ka kgobega marapo.”—Pes. 51:3.

Bolelela batho ba o ithutang Baebele le bone gore Jesu o a ba rata

Pele Allan e nna Mosupi, o ne a rata ntwa e bile e le sekebekwa. A re: “Ke na le go akanya ka dilo tse di bosula tse ke neng ke di dira. Ka dinako tse dingwe, seno se dira gore ke kgobege marapo. Mme gone, ke leboga Jehofa go bo a ntetla gore ke rerele ba bangwe. Fa ke bona batho ba itumelela go ithuta Baebele, seno se nkgopotsa gore eleruri Jehofa o a re rata. Jehofa o a ntirisa gore ke thuse batho ba le bone ba kileng ba bo ba dira dilo tse di sa siamang.”

Go rerela batho ba bangwe go re thusa gore re se ka ra akanya ka dilo tse di kgobang marapo. Go re gopotsa gore Jesu o a re rata e bile o a re tshepa.

JEHOFA O MOGOLO GO FETA DIPELO TSA RONA

Fa fela re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno la ga Satane, re tlile go nna re utlwisiwa botlhoko ke diphoso tse re kileng ra di dira. Ke eng se se tla re thusang go itshoka?

Jean o na le go utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di sa siamang tse a neng a di dira fa a sa ntse a le mosha. A re: “Ke itumelela go itse gore ‘Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona.’” (1 Joh. 3:19, 20) Fela jaaka Jean, le rona re ka kgothadiwa ke go itse gore Jehofa le Jesu ba a tlhaloganya gore re na le boleo. O se ka wa lebala gore Jesu ga a swela batho ba ba sa direng diphoso, go na le moo, o swetse batho ba ba ikwatlhaelang diphoso tsa bone.—1 Tim. 1:15.

Go akanya ka tsela e Jesu a neng a tshwara batho ka yone le go dira ka natla mo tirong ya go rera go tla re thusa gore re tlhatswege pelo gore eleruri Jesu o re swetse. Fa o dira jalo, le wena o tla bua jaana: Jesu o “[nthatile] a ba a ineela ka ntlha ya me.”