Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 34

O ka Tlwaela Jang Kabelo ya Gago e Ntšha?

O ka Tlwaela Jang Kabelo ya Gago e Ntšha?

“Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—BAHEB. 6:10.

PINA 38 O Tla go Nonotsha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-3. Ke eng fa bangwe ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng ba tshwanelwa ke go fetola dikabelo tsa bone?

ROBERT le Mary Jo ba re: “Morago ga dingwaga di le 21 re le barongwa, re ne ra tshwanelwa ke go tlogela kabelo ya rona ka gonne batsadi ba rona ba ne ba lwala. Re ne re se na bothata le go ba tlhokomela, mme gone, re ne re utlwisiwa botlhoko ke gore re tshwanetse go fuduga mo lefelong le re le ratang thata.”

2 William le Terrie ba re: “Re ne re utlwile botlhoko tota fa re lemoga gore re ka se kgone go boela kwa kabelong ya rona ka gonne re ne re lwala thata. Re ne re ka se tlhole re kgona go direla Jehofa kwa nageng e nngwe.”

3 Mokaulengwe mongwe yo o neng a direla kwa Bethele yo o bidiwang Aleksey a re: “Le fa gone re ne re itse gore puso e batla go tswala ofisi ya rona ya lekala, re ne re utlwile botlhoko fa seo se direga.”

4. Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

4 Mo godimo ga moo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng, go akaretsa le ba ba direlang kwa Bethele ba ile ba newa dikabelo tse disha. * Ga go bonolo gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba tlogele kabelo e ba e ratang. Ke eng se se ka ba thusang go tlwaela kabelo ya bone e ntšha? O ka ba thusa jang? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka re thusa rotlhe fa maemo a rona a botshelo a fetoga.

KE ENG SE SE KA GO THUSANG FA MAEMO A GAGO A FETOGA?

Ke eng fa go fetola kabelo go se motlhofo? (Bona serapa 5) *

5. Go fetola kabelo go ka re ema jang?

5 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng, ba rata batho le lefelo le ba direlang kwa go lone fela thata. Ka jalo, ba utlwa botlhoko tota fa ba tshwanelwa ke go fetola kabelo ya bone. Bangwe ba bone ba newa dikabelo tse disha ka gonne dipuso tsa kwa ba direlang teng di bogisa Basupi ba ga Jehofa. Fa ba sena go tsamaya, ba tlhoafalela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba setseng kwa morago e bile ba tshwenyega ka bone fela thata. (Math. 10:23; 2 Bakor. 11:28, 29) Mo godimo ga moo, go fuduga ga go motlhofo ka gonne fa motho a fudugela kwa lefelong le lengwe, o tshwanelwa ke go ithuta tsela e batho ba koo ba dirang dilo ka yone. Go ka nna jalo tota le fa motho a boela kwa gae. Robert le Mary Jo ba re: “Re ne re tlwaologile tsela e dilo di dirwang ka yone kwa gae, e bile re tlwaologile go rera ka puo ya rona. E ne e kete re baeng.” Mo godimo ga moo, bangwe ba ka nna ba tshwanelwa ke go simolola go duelela dilo dingwe tse ba neng ba sa di duelele pele. Seno se ka nna sa ba kgoba marapo. Ke eng se se ka ba thusang mo maemong ao?

Re tshwanetse go atamalana le Jehofa le go mo tshepa (Bona serapa 6-7) *

6. Re ka atamalana jang le Jehofa?

6 Atamalana le Jehofa. (Jak. 4:8) O ka dira seo jang? Ka go tshepa gore Jehofa ke “Moutlwi wa thapelo.” (Pes. 65:2) Pesalema 62:8 ya re: “Tshololelang pelo ya lona fa pele ga gagwe.” Jehofa o kgona “go dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong.” (Baef. 3:20) Ga a re neye fela se re se kopang, gape o kgona go re thusa ka ditsela tse re neng re sa di lebelela.

7. (a) Ke eng se se ka re thusang go atamalana le Jehofa? (b) Go ya ka Bahebera 6:10-12, go tla diragalang fa re tswelela re direla Jehofa ka boikanyegi?

7 Gore o kgone go atamalana le Jehofa, o tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi o bo o akanya ka se o se balang. Mokaulengwe mongwe yo e neng e le morongwa a re: “Tswelela ka thulaganyo ya gago ya kobamelo ya lelapa le go baakanyetsa dipokano beke le beke.” Gape, leka ka natla go ya bodireding ka metlha. Jehofa ga a lebale botlhe ba ba mo direlang ka boikanyegi le fa ba sa kgone go mo direla jaaka pele.—Bala Bahebera 6:10-12.

8. 1 Johane 2:15-17 e ka go thusa jang go kgotsofalela dilo tse o nang le tsone?

8 Kgotsofalela se o nang le sone. O se ka wa letla mathata a botshelo a go kgaoganya le Jehofa. (Math. 13:22) Mo godimo ga moo, o se ka wa reetsa batho ba ba reng o tlhoka tiro e e duelang madi a mantsi gore o kgone go tshela monate. (Bala 1 Johane 2:15-17.) Ikanye Jehofa, ka gonne o solofetsa gore o tla go naya dilo tsotlhe tse o di tlhokang “ka nako e e tshwanetseng.”—Baheb. 4:16; 13:5, 6.

9. Go ya ka Diane 22:3 le 7, ke eng fa re sa tshwanela go itsenya mo dikolotong go sa tlhokege, mme ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng?

9 O se ka wa itsenya mo dikolotong go sa tlhokege. (Bala Diane 22:3, 7.) Go fuduga go a tura, ka jalo, go ka nna motlhofo gore o tsene mo dikolotong. O se ka wa adima madi gore o reke dilo tse o sa di tlhokeng. Fa re le mo mathateng mme re tlhoka go adima madi, go ka nna thata go itse gore re tshwanetse go adima bokae. Ka sekai, seo se ka direga fa re tlhokometse mongwe wa losika yo o lwalang. Fa o iphitlhela o le mo maemong ao, o se ka wa lebala gore go rapela go ka go thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Jehofa a ka araba dithapelo tsa gago ka go go thusa gore o ritibale gore o kgone go itse gore ke eng se o tshwanetseng go se dira.—Bafil. 4:6, 7; 1 Pet. 5:7.

10. Ke eng se se ka go thusang go nna le ditsala tse disha?

10 Nna o atamalane le ba losika le ditsala. Bolelela ditsala tsa gago gore o ikutlwa jang e bile o ba bolelele fa o na le mathata, segolobogolo ba ba fetileng mo maemong a o leng mo go one. Fa o dira jalo, o tla ikutlwa botoka. (Mor. 4:9, 10) O ka tswa o na le ditsala mo phuthegong e o neng o le kwa go yone pele. Mme o tlhoka go dira ditsala tse disha mo phuthegong e o leng mo go yone gone jaanong. O se ka wa lebala gore fa o batla go nna le ditsala, o tshwanetse go nna botsalano. Ke eng se se ka go thusang go nna le ditsala tse disha? Fa o na le bakaulengwe le bokgaitsadi, ba tlotlele ka dilo tse di monate tse o iponetseng tsone fa o ntse o direla Jehofa. Fa o dira jalo, ba tla bona gore o itumelela go direla Jehofa. Go tla nna le bangwe mo phuthegong ba ba sa tlhaloganyeng gore ke eng fa o rata tirelo ya nako e e tletseng. Ba bangwe bone ba tla batla go itse gore ke eng fa o e rata mme bone bao e tla nna ditsala tsa gago. Mme gone, o se ka wa bua thata ka dilo tse o di dirileng mo tirelong ya ga Jehofa gore go se ka ga nna jaaka e kete o a ikgantsha e bile o se ka wa bua thata ka dilo tse di go kgobang marapo.

11. Banyalani ba ka tswelela jang ba itumetse le fa ba sa tlhole ba le mo tirelong ya nako e e tletseng?

11 Fa e le gore o tlogetse tirelo ya nako e e tletseng ka gonne molekane wa gago a lwala, o se ka wa mo pega molato. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore ke wena o lwalang, o se ka wa ikutlwa molato. Se lebale gore lo “nama e le nngwe” e bile lo solofeditse Jehofa gore lo tla tlhokomelana ka dinako tsotlhe. (Math. 19:5, 6) Banyalani bangwe ba tlogela tirelo ya nako e e tletseng ka gonne kgaitsadi a imile. Fa e le gore seo se kile sa go diragalela, bolelela ngwana wa gago gore o botlhokwa thata mo go wena go feta kabelo ya gago. Mmolelele gore o mo tsaya e le “tuelo” e e tswang kwa go Jehofa. (Pes. 127:3-5) Gape, mmolelele ka dilo tse di monate tse o di dirileng mo tirelong ya nako e e tletseng. Seno se ka mo thusa gore le ene a tsenele tirelo ya nako e e tletseng.

BA BANGWE BA KA THUSA JANG?

12. (a) Re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng gore ba tswelele ka dikabelo tsa bone? (b) Re ka ba thusa jang go tlwaela kabelo ya bone e ntšha?

12 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba thusa ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng gore ba kgone go tswelela ka dikabelo tsa bone. Ba dira jalo ka go ba kgothatsa, ka go ba naya dilo dingwe tse ba di tlhokang kgotsa ka go ba tlhokomelela ba masika. (Bagal. 6:2) Fa ele gore bakaulengwe le bokgatsadi bangwe ba newa kabelo e ntšha, ba bo ba fudugela mo phuthegong ya lona, o se ka wa akanya gore ga ba a dira tiro nngwe sentle kgotsa gore ba dirile sengwe se se phoso. * Go na le moo, ba amogele o bo o ba akgolela tiro e ntle e ba e dirang le fa gone ba sa kgone go dira mo go kalo ka ntlha ya bolwetse. Leka go ba itse botoka e bile o ithute go le gontsi mo go bone.

13. Re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fudugetseng mo phuthegong ya rona?

13 Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba fudugela mo phuthegong ya lona, ba ka nna ba tlhoka thuso ka dilo dingwe tse di rileng. Ka sekai, o ka ba thusa go batla tiro, kwa ba ka nnang gone kgotsa o ka ba thusa ka dilo dingwe tse ba di tlhokang. Mme gone, selo se ba se tlhokang thata ke gore re leke go tlhaloganya maemo a bone. Ba ka tswa ba lwala kgotsa ba lwalelwa ke mongwe mo lelapeng. Gape ba ka tswa ba utlwisitswe botlhoko ke go swelwa ke mongwe. * Mo godimo ga moo, le fa gone ba sa bue, ba ka tswa ba tlhoafaletse ditsala tsa bone tse ba di tlogetseng kwa morago. Go ka nna ga tsaya nako pele ba ikutlwa botoka.

14. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba thusa kgaitsadi mongwe jang gore a kgone go tlwaela kabelo ya gagwe e ntšha?

14 Fa o ya le bone kwa bodireding e bile o ba tlhomela sekao se se molemo, seno se ka ba thusa go tlwaela maemo a bone a masha. Kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di le dintsi a direla kwa nageng e nngwe a re: “Kwa kabelong ya me ya pele, ke ne ke ithuta Baebele le batho ba le bantsi letsatsi le letsatsi. Mme mo kabelong ya me e ntšha, go thata go bona tshono ya go balela batho Baebele kgotsa go ba bontsha bidio fa ke le mo bodireding. Mme gone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tlhola ba nkopa gore ke tsamaye le bone kwa dipoelong le kwa dithutong tsa bone. Go ba bona ba dira ka natla mo bodireding, go ne ga nkgothatsa fela thata. Ke ne ka ithuta gore nka bua le batho jang kwa tshimong. Mme seno se ne sa dira gore ke itumele gape.”

TSWELELA O DIRELA JEHOFA

Batla ditsela tse disha tsa go rerela batho (Bona serapa 15-16) *

15. O ka itumelela jang kabelo ya gago e ntšha?

15 O ka kgona go itumelela kabelo ya gago e ntšha. O se ka wa akanya gore ga o na mosola ka gonne o neilwe kabelo e nngwe. Akanya ka ditsela di le dintsi tse Jehofa a go thusang ka tsone gone jaanong mme o tswelele o rera. Etsa Bakeresete ba ba ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone, ba ne ‘ba ya le lefatshe lotlhe ba bolela dikgang tse di molemo tsa lefoko.’ (Dit. 8:1, 4) Fa o tswelela o rera, Jehofa o tla go segofatsa. Ka sekai, fa puso e ne e koba babulatsela bangwe, ba ile ba fudugela kwa nageng e nngwe. Go ne go na le tlhokego ya baboledi ba ba buang puo ya bone kwa nageng e ba fudugetseng kwa go yone. Mo dikgweding di le mmalwa, palo ya baboledi ba ba buang puo eo e ile ya oketsega.

16. Ke eng se se ka go thusang gore o itumelele kabelo ya gago e ntšha?

16 Nehemia o ne a raya Bajuda a re boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya bone e thata kgotsa maatla a bone. (Neh. 8:10) Le fa re ka tswa re rata kabelo ya rona go le kana kang, re tshwanetse go itumedisiwa ke kamano ya rona le Jehofa, e seng kabelo ya rona. Ka jalo, fa re batla go itumela, re tshwanetse go atamalana le Jehofa e bile re tshwanetse go mo kopa gore a re thuse go nna botlhale, a re kaele e bile a re tshegetse. Gopola gore selo se se dirileng gore o rate kabelo ya gago ya pele ke gore o ne o dira sotlhe se o se kgonang go thusa batho. Fa o dira se se tshwanang mo kabelong ya gago e ntšha, Jehofa o tla go thusa gore le yone o e rate.—Mor. 7:10.

17. Re tshwanetse go nna re gopotse eng ka dikabelo tsa rona?

17 Ga re a tshwanela go lebala gore re tla direla Jehofa go ya go ile. Mme kabelo e re e dirang gone jaanong, ke ya nakwana fela. Mo lefatsheng le lesha, Jehofa a ka nna a re kopa gore re dire dikabelo tse dingwe. Aleksey yo re buileng ka ene pelenyana o dumela seo. A re: “Ke ne ke itse gore Jehofa o teng le gore re tla tshela mo lefatsheng le lesha. Mme gone, e ne e kete seo se tla direga morago ga nako e e telele. Gone jaanong ke atamalane thata le Jehofa mme ke a itse gore mo nakong e e sa fediseng pelo, o tla dira gore lefatshe lotlhe e nne Paradaise.” (Dit. 2:25) Ka jalo, le fa re ka tswa re dira kabelo efe, re tshwanetse go tswelela re atamalane le Jehofa. Ga a kitla a re tlogela, e bile o tla re thusa gore re itumelele kabelo nngwe le nngwe fela e a re e nayang.—Isa. 41:13.

PINA 90 A re Kgothatsaneng

^ ser. 5 Ka dinako dingwe bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ga ba kgone go tswelela mo tirelong ya nako e e tletseng ka ntlha ya maemo mangwe a a rileng. Mme ka dinako tse dingwe, ba newa kabelo e ntšha. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dikgwetlho dingwe tse ba lebanang le tsone le go bona gore ke eng se se ka ba thusang go tlwaela kabelo ya bone e ntšha. Gape re tla bona gore re ka ba thusa le go ba kgothatsa jang. Mo godimo ga moo, re tla bona gore Baebele e ka re thusa jang fa maemo a rona a fetoga.

^ ser. 4 Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe bangwe ba ile ba tshwanelwa ke go tlogela dikabelo tsa bone fa ba fitlha mo dingwageng tse di rileng gore di dirwe ke bakaulengwe ba basha. Bona setlhogo se se reng “Bakeresete ba ba Godileng—Jehofa o Anaanela Boikanyegi Jwa lona” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 2018, le se se reng “Tswelela O na Le Kagiso ya Mogopolo Le fa O Lebana le Diphetogo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 2018.

^ ser. 12 Bagolwane ba phuthego e ba neng ba le kwa go yone ba tshwanetse go kwala lekwalo le le ba tlhalosang gore ba kgone go tswelela ba direla jaaka babulatsela, bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

^ ser. 13 Bona setlhogo se se reng “Go Thusa ba ba Tlhokafaletsweng,” mo makasineng wa Tsogang! No.3 2018.

^ ser. 57 SETSHWANTSHO: Banyalani ba e neng e le barongwa kwa nageng e nngwe ba laela phuthego e ba neng ba direla kwa go yone.

^ ser. 59 SETSHWANTSHO: Banyalani bao ba boetse kwa gae mme ba kopa Jehofa gore a ba thuse ka mathata a bone.

^ ser. 61 SETSHWANTSHO: Moragonyana, Jehofa o ba thusa gore ba boele mo tirelong ya nako e e tletseng. Ba rerela batho ba ba buang puo e e buiwang kwa nageng e ba neng ba direla kwa go yone.