Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 40

Nna o Tshwaregile mo Bokhutlong Jwa ‘Metlha ya Bofelo’

Nna o Tshwaregile mo Bokhutlong Jwa ‘Metlha ya Bofelo’

“Nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 BAKOR. 15:58.

PINA 58 Go Senka Ditsala Tsa Kagiso

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Re itse jang gore re tshela mo “metlheng ya bofelo”?

FA E le gore o tshotswe morago ga 1914, seo se raya gore o ntse o tshela mo “metlheng ya bofelo” ya lefatshe la ga Satane. (2 Tim. 3:1) Rotlhe re utlwile ka dilo tse Jesu a rileng di tla direga mo metlheng ya bofelo. Jesu o rile go tla nna le dintwa, tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe le malwetse. Gape o ne a re batho ga ba kitla ba ikobela molao e bile batho ba ga Jehofa ba tla bogisiwa. (Math. 24:3, 7-9, 12; Luke 21:10-12) Mo godimo ga moo, Paulo o ile a tlhalosa gore batho ba tla nna jang mo metlheng ya bofelo mme ba ntse fela jalo. (Bona lebokoso le le reng “ Batho ba Metlha ya Bofelo.”) Basupi ba ga Jehofa ba a itse gore re tshela mo “bokhutlong jwa metlha.”—Mik. 4:1.

2. Re tlile go araba dipotso dife?

2 Go setse go fetile nako e e telele re tshela mo “metlheng ya bofelo.” Seo se raya gore gone jaanong, re tshela mo bokhutlong jwa ‘metlha ya bofelo’. E re ka bokhutlo bo le gaufi, re tshwanetse go itse dikarabo tsa dipotso tseno tsa botlhokwa: Go tlile go direga dilo dife fa ‘metlha ya bofelo’ e ya kwa bokhutlong? Mme Jehofa o lebeletse gore re dire eng fa dilo tseo di ise di direge?

GO TLA DIREGA ENG MO BOKHUTLONG JWA ‘METLHA YA BOFELO’?

3. Go ya ka 1 Bathesalonika 5:1-3, babusi ba lefatshe ba tla dira eng?

3 Bala 1 Bathesalonika 5:1-3. Mo lekwalong leno, Paulo o bua ka “letsatsi la ga Jehofa” le le tla simololang fa dipuso di tlhasela “Babelona o Mogolo,” e leng bodumedi jwa maaka, le bo le felela ka ntwa ya Haramagedona. (Tshen. 16:14, 16; 17:5) Pele “letsatsi” leo le simolola, babusi ba lefatshe ba tla re ba fitlheletse “Kagiso le polokesego.” Gantsi ba dirisa mafoko ano fa ba bua ka go tokafatsa tsela e dinaga di dirisanang ka yone. * Mme ka nako eo, fa ba goeletsa “kagiso le polokesego,” batho ba le bantsi ba tla akanya gore babusi ba lefatshe ba kgonne go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng. Mme boammaaruri ke gore go tla nna le “tshenyego ya tshoganyetso” fa “pitlagano e kgolo” e sena go simolola.—Math. 24:21.

O se ka wa tsietsega fa babusi ba lefatshe ba re ba fitlheletse “kagiso le polokesego” (Bona serapa 3-6) *

4. (a) Ke eng se re sa se itseng ka go goelediwa ga “kagiso le polokesego”? (b) Mme ke eng se re setseng re se itse?

4 Re itse dilo dingwe ka go goelediwa ga “kagiso le polokesego.” Mme gone ga re itse sengwe le sengwe. Ka sekai, ga re itse gore ke eng se se tla dirang gore babusi ba dire kitsiso eo e bile ga re itse gore ba tla e dira jang. Gape ga re itse gore a ba tla goeletsa gangwe fela kgotsa ba tla dira jalo makgetlo a le mmalwa. Se re se itseng ke gore babusi ba lefatshe ga ba ka ke ba tlisa kagiso mo lefatsheng, ka jalo, ga re a tshwanela go ba dumela. Go na le moo, re tshwanetse go lemoga gore fa ba goeletsa kagiso le polokesego, seo e tla bo e le bosupi jwa gore “letsatsi la ga Jehofa” le tloga le simolola.

5. Go ya ka 1 Bathesalonika 5:4-6, re tshwanetse go dira eng pele “letsatsi la ga Jehofa” le tla?

5 Bala 1 Bathesalonika 5:4-6. Paulo o re bolelela gore re tshwanetse go dira eng pele “letsatsi la ga Jehofa” le tla. Ga re a tshwanela go nna “re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira” go na le moo, re tshwanetse go nna re “tsogile.” Ka sekai, ga re a tshwanela go tsaya karolo mo dipolotiking. Fa re ka dira jalo, re tla nna “karolo ya lefatshe.” (Joh. 15:19) Re a itse gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo tla tlisang kagiso mo lefatsheng.

6. Re tshwanetse go thusa batho gore ba dire eng, mme ka ntlha yang?

6 Gape re tshwanetse go ruta batho se Baebele e rileng se tla direga mo metlheng ya bofelo. Re tshwanetse go nna re gopotse gore fa pitlagano e kgolo e simolola, batho ba tla bo ba sa tlhole ba na le tshono ya go ithuta ka Jehofa. Ka jalo go botlhokwa gore re ba rerele gone jaanong. *

NNA O TSHWAREGILE MO TIRONG YA GO RERA

SETSHWANTSHO: Batho kwa resetšhurenteng ba lebeletse dikgang mme ba gakgametse fa ba utlwa go goelediwa “kagiso le polokesego.” Banyalani ba Basupi ba ba tswang kwa bodireding bone ga ba dumele maaka ao.

7. Jehofa o batla gore re direng gone jaanong?

7 Pele “letsatsi la ga Jehofa” le simolola, o batla gore re nne re tshwaregile mo tirong ya go rera. Ka metlha re tshwanetse go nna “le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakor. 15:58) Jesu o ne a bolelela pele gore re tla dira eng. Fa a bua ka dilo tse di neng di tla direga mo metlheng ya bofelo, o ne a re: “Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mar. 13:4, 8, 10; Math. 24:14) Akanya fela, nako le nako fa o ya bodireding, o diragatsa boporofeti joo jwa ga Jesu.

8. Re fitlheletse eng ka tiro ya rona ya go rera?

8 Re fitlheletse eng mo tirong ya go rera? Ngwaga le ngwaga batho ba le bantsi ba rerelwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka sekai, palo ya baboledi ba Bogosi mo lefatsheng lotlhe e nna e ntse e oketsega. Ka 1914, go ne go na le baboledi ba le 5 155 mo dinageng di le 43. Gone jaanong go na le baboledi ba ka nna dimilione di le 8,5 mo dinageng di le 240. Le fa go ntse jalo, tiro ya rona ga e ise e fele. Re tshwanetse go tswelela re bolelela batho gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo tlileng go rarabolola mathata a rona.—Pes. 145:11-13.

9. Ke eng fa re tshwanetse go nna re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi?

9 Re tla tswelela re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi go fitlha Jehofa a re go lekane. Batho ba saletswe ke nako e e kae gore ba ithute ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete? (Joh. 17:3) Ga re itse. Se re se itseng ke gore fa fela pitlagano e kgolo e ise e simolole, batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” ba ka kgona go ithuta ka Jehofa le Jesu Keresete. (Dit. 13:48) Re ka ba thusa jang?

10. Jehofa o re thusa jang go ruta batho boammaaruri?

10 Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re naya dilo tsotlhe tse re di tlhokang gore re kgone go ruta batho boammaaruri. Ka sekai, kwa dipokanong tsa mo gare ga beke, re rutiwa gore re ka bua jang le batho fa re kopana le bone lekgetlo la ntlha le fa re ba boela. Gape re rutiwa gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang. Mo godimo ga moo, phuthego ya ga Jehofa e re neile dithulusu tse re ka di dirisang mo Lebokosong la go Ruta. Dithulusu tseno di ka re thusa . . .

  • go simolola motlotlo,

  • go bua le batho ka tsela e e tla dirang gore ba kgatlhegele molaetsa wa rona,

  • go kgothaletsa batho gore ba ithute Baebele,

  • go ruta batho Baebele le

  • go laletsa batho kwa dipokanong le go ba kgothaletsa gore ba tsene mo jw.org®.

Gone ke boammaaruri gore ga go a lekana go nna le dithulusu tseno fela. Gape re tshwanetse go di dirisa. * Ka sekai, fa o sena go tlotla le mongwe yo o kgatlhegang mo bodireding, o bo o mo tlogelela pampitshana kgotsa makasine, o tla sala a ipalela go fitlha o mo etela gape. Re tshwanetse go dira ka natla mo tirong ya go rera kgwedi le kgwedi.

11. Thuto ya Baebele ya mo Internet e diretsweng?

11 Gape Jehofa o dirisa Thuto ya Baebele ya mo Internet mo jw.org® go ruta batho boammaaruri. Thuto eno e diretsweng? Kgwedi le kgwedi batho ba le bantsi mo lefatsheng ba tsena mo Internet ba batla dikarabo tsa dipotso tsa Baebele. Thuto eno ya Baebele e ka ba thusa gore ba itse boammaaruri. Batho bangwe ba re kopanang le bone mo bodireding ba a okaoka fa re kopa go ithuta Baebele le bone. Ka jalo, fa o kopana le batho ba ba ntseng jalo, ba bontshe thuto eno mo jw.org kgotsa o ba romelele linki e e ka ba isang kwa go yone. *

12. Thuto ya Baebele ya mo Internet e ka thusa motho gore a ithute eng?

12 Thuto ya Baebele ya mo Internet e na le ditlhogo tseno: “Baebele le Mokwadi wa Yone,” “Ba go Buiwang Thata ka Bone mo Baebeleng” le “Molaetsa wa Baebele o o Nayang Tsholofelo.” Thuto eno e thusa motho gore a ithute:

  • Gore Baebele e ka mo thusa jang

  • Gore Jehofa, Jesu le baengele ke bomang

  • Gore ke eng fa Modimo a bopile batho

  • Gore ke eng fa batho ba sotlega e bile go na le batho ba ba bosula

Gape e tlhalosa gore Jehofa o tla . . .

  • fedisa mathata le loso,

  • tsosa baswi e bile

  • o tla fedisa dipuso tsa batho a dirisa Bogosi jwa gagwe.

13. Fa motho a feditse Thuto ya Baebele ya mo Internet, a go raya gore ga re tlhoke go ithuta Baebele le ene? Tlhalosa.

13 Mme gone, seno ga se reye gore ga go tlhole go tlhokega gore re ithute Baebele le batho. Jesu o re laetse gore re dire batho barutwa. Thuto ya mo Internet e diretswe gore e thuse batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Baebele ka tsholofelo ya gore ba tla rata se ba se ithutang ba bo ba batla go itse mo go oketsegileng. Gongwe seno se ka dira gore ba dumele go ithuta Baebele le rona. Kwa bofelong jwa thuto nngwe le nngwe, motho o bodiwa gore a a ka rata go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi le letsatsi re amogela dikopo tsa batho ba ba batlang go ithuta Baebele di feta 230 mo jw.org. Seno se bontsha gore go botlhokwa gore motho a nne le mongwe yo a mo rutang Baebele.

NNA O LEKE GO DIRA BARUTWA

14. Go ya ka taelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19 le 20, re tshwanetse go leka ka natla go dirang mme ka ntlha yang?

14 Bala Mathaio 28:19, 20. Fa re ithuta Baebele le batho, re tshwanetse go leka ka natla go ba ‘dira barutwa, re ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng.’ Re tshwanetse go ba thusa go tlhaloganya gore ba tshwanetse go direla Jehofa le gore go botlhokwa gore ba eme Bogosi jwa gagwe nokeng. Seno se raya gore re tshwanetse go ba thusa gore ba dirise se ba se ithutang, ba ineele mo go Jehofa ba bo ba kolobediwa. Fa ba dira jalo, Jehofa Modimo o tla ba sireletsa fa a senya batho ba ba bosula.—1 Pet. 3:21.

15. Ga re a tshwanela go senya nako re dirang mme ka ntlha yang?

15 Jaaka re setse re bone, go ise go ye kae, Jehofa o tlile go senya lefatshe leno le le bosula la ga Satane. Ka jalo, ga re a tshwanela go senya nako re ithuta Baebele le batho ba ba sa bontsheng gore ba batla go direla Jehofa. (1 Bakor. 9:26) Nako e ile! Go sa ntse go na le batho ba le bantsi tota ba re tshwanetseng go ba rerela.

TSAMAELA KGAKALA LE BODUMEDI JWA MAAKA

16. Go ya ka Tshenolo 18:2, 4, 5 le 8, re tshwanetse go dira eng? (Bona gape le ntlha e e kwa tlase.)

16 Bala Tshenolo 18:2, 4, 5, 8Ditemana tseno di bua ka sengwe gape se Jehofa a batlang gore batlhanka ba gagwe ba se dire. Bakeresete botlhe ba boammaaruri ga ba a tshwanela go amana ka gope le Babelona o Mogolo. Gone ke boammaaruri gore pele motho a ithuta boammaaruri, a ka tswa a ne a tsena kereke kgotsa a ntsha koleke go tshegetsa dilo dingwe tse di dirwang kwa kerekeng. Mme gone, pele motho e nna mmoledi yo o sa kolobediwang, o tshwanetse a bo a kgaogane gotlhelele le bodumedi jwa maaka. O tshwanetse go kwalela kereke e a neng a e tsena lekwalo le le tlhalosang gore ga a tlhole a tsena kereke eo. *

17. Mokeresete ga a tshwanela go dira tiro efe ya boitshediso mme ka ntlha yang?

17 Mokeresete o tshwanetse go tlhomamisa gore tiro ya gagwe ya boitshediso ga e amane ka gope le bodumedi jwa maaka. (2 Bakor. 6:14-17) Ka sekai, a ka se ka a berekela kereke. Mo godimo ga moo, fa e le gore o berekela mongwe, a ka se dumele go dira tiro e e ka mo pateletsang gore a fetse nako e ntsi a le kwa kerekeng kgotsa kwa lefelong le go tshwarelwang kereke kwa go lone. Fa e le gore o na le kgwebo, a ka se kope tiro e bile a ka se amogele tiro epe e e amanang le bodumedi jwa maaka. Ke eng fa re le kelotlhoko jaana fa go tliwa mo kgannyeng eno? Ga re batle go amana ka gope le bodumedi jwa maaka ka gonne bo makgapha mo matlhong a ga Jehofa.—Isa. 52:11. *

18. Mokaulengwe mongwe o ne a gana go dirang?

18 Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, rakonteraka mongwe o ne a kopa mokaulengwe mongwe gore a mo direle tiro nngwe kwa kerekeng. Mokaulengwe yoo o ne a kile a mo tlhalosetsa gore a ka se bereke kwa kerekeng mme gone, rakonteraka o ne a gaeletswe. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe ga a ka a dumela. Rakonteraka o ne a bona mongwe go dira tiro eo mme mo bekeng e e latelang, motho yoo o ne a tlhagelela mo koranteng a kokotela sefaapano mo kerekeng. Fa mokaulengwe a ka bo a ile a dumela go dira tiro eo, e ka bo e le ene a tlhagileng mo koranteng. Akanya fela gore Bakeresetemmogo le ene ba ne ba tla mo leba jang. Jehofa ene o ne a tla ikutlwa jang?

O ITHUTILE ENG?

19-20. (a) Re ithutile eng? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Baebele ya re go ise go ye kae, babusi ba lefatshe ba tlile go goeletsa “kagiso le polokesego.” Mme rona re a itse gore dipuso tsa batho ga di ka ke tsa dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng. Fa seo se ise se direge, re tshwanetse go dira eng? Jehofa o batla gore re tshwarege mo tirong ya Bogosi le go dira batho barutwa. Gape o batla gore re kgaogane gotlhelele le bodumedi jwa maaka. Seno se raya gore re tswe gotlhelele mo dikerekeng e bile re se ka ra dira tiro epe ya boitshediso e e amanang le bodumedi jwa maaka.

20 Go na le dilo dingwe tse di sa ntseng di tlile go direga mo ‘metlheng eno ya bofelo.’ Gape go na le dilo dingwe tse Jehofa a batlang gore re di dire. Dilo tseo ke dife, mme re ka ipaakanyetsa jang se se larileng kwa pele? Re tla bona karabo ya dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

PINA 71 Re Masole a ga Jehofa!

^ ser. 5 Re emetse go utlwa babusi ba lefatshe ba goeletsa gore ba fitlheletse “kagiso le polokesego.” Seo se tla bo se bontsha gore pitlagano e kgolo e gaufi le go simolola. Fa seo se ise se direge, Jehofa o batla gore re dire eng? Re tla bona karabo mo setlhogong seno.

^ ser. 3 Ka sekai, website ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya re lekgotla leno le dira gore go nne le kagiso le polokesego mo lefatsheng lotlhe.

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng, “Dikatlholo Tsa Modimo—A ka Metlha o Ntsha Tlhagiso Go sa Le Gale?” mo makasineng ono.

^ ser. 10 Fa o batla go itse gore o ka dirisa jang dithulusu tse di mo lebokosong la go ruta, bona setlhogo se se reng “Go Ruta Boammaaruri” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 2018.

^ ser. 11 Thuto eno ya mo Internet e teng ka Seesemane le Sepotokisi, mme e tla nna teng ka dipuo tse dingwe.

^ ser. 16 Gape ga re a tshwanela go nna karolo ya mekgatlho kgotsa dikokoano tsa basha tsa go itlosa bodutu tse di tshegediwang ke bodumedi jwa maaka. Ka sekai, malebana le kgang ya go nna leloko la mokgatlho wa YMCA (Young Men’s Christian Association) le wa YWCA (Young Women’s Christian Association) bona setlhogo se se reng “Questions From Readers” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1979 (ka Seesemane.) Mekgatlho e e ntseng jalo e ka nna ya leka go dira gore go lebege e kete ga e amane ka gope le bodumedi. Mme gone, ga go a nna jalo.

^ ser. 17 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 1999.

^ ser. 83 SETSHWANTSHO: Batho kwa resetšhurenteng ba lebeletse dikgang mme ba gakgametse fa ba utlwa go goelediwa “kagiso le polokesego.” Banyalani ba Basupi ba ba tswang kwa bodireding bone ga ba dumele maaka ao.