Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 47

Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?

Re ka Ithuta Eng mo Bukeng ya Lefitiko?

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.”—2 Tim. 3:16.

PINA 98 Dikwalo di Tlhotlheleditswe ke Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Goreng re tshwanetse go bala buka ya Lefitiko?

MOAPOSETOLOI Paulo o ile a gopotsa Timotheo gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Tim. 3:16) Seno se akaretsa le buka ya Lefitiko. O akanyang ka yone? Bangwe ba akanya gore ke buka fela e e nang le melao e e sa re thuseng ka sepe gompieno. Mme Bakeresete bone ga ba akanye jalo.

2 Le fa buka ya Lefitiko e kwadilwe dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, Jehofa o ile a dira gore e tsenngwe mo Baebeleng gore e re ‘laye.’ (Bar. 15:4) Buka ya Lefitiko e re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka dilo dingwe ka jalo, re tshwanetse go e bala. Tota e bile, re ka ithuta dilo di le dintsi mo go yone. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo di le nnê tse re di ithutang mo bukeng ya Lefitiko.

RE TSHWANETSE GO DIRANG GORE JEHOFA A RE AMOGELE?

3. Ke eng fa go ne go ntshiwa ditlhabelo ngwaga le ngwaga ka Letsatsi la Tetlanyo?

3 Thuto ya ntlha: Fa re batla gore Jehofa a amogele ditlhabelo tsa rona, re tshwanetse go dira dilo ka tsela e a e batlang. Ngwaga le ngwaga ka Letsatsi la Tetlanyo, Baiseraele ba ne ba kopana mmogo. Mo go lone letsatsi leo, moperesiti yo mogolo o ne a ntsha ditlhabelo ka diphologolo. Ditlhabelo tseo di ne di gopotsa Baiseraele gore ba tlhoka go itshwarelwa maleo. Mo letsatsing leo, moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse go isa madi a ditlhabelo kwa Boitshepo Jwa Maitshepo gore Baiseraele ba itshwarelwe maleo. Mme gone, pele a dira jalo, o ne a tshwanetse go dira sengwe se se neng se le botlhokwa thata go gaisa go isa madi a ditlhabelo.

(Bona serapa 4) *

4. Go ya ka Lefitiko 16:12 le 13, moperesiti yo mogolo o ne a dirang fa a tsena lekgetlo la ntlha kwa Boitshepo Jwa Maitshepo ka Letsatsi la Tetlanyo? (Bona setshwantsho sa khabara.)

4 Bala Lefitiko 16:12, 13. Akanya ka se se neng se direga ka Letsatsi la Tetlanyo. Moperesiti yo mogolo o tsena mo motlaaganeng. Mo letsatsing leo, o tshwanetse go tsena kwa Boitshepo Jwa Maitshepo gararo mme leno ke lekgetlo la ntlha. Fa a tsena mo lekgetlong leno, o tsena a tshwere maswalo a a nkgisitsweng monate le selo se se tsholang molelo sa gauta se na le magala a a tukang. O ema go se kae fa pele ga lesire le le kgaoganyang Boitshepo le Boitshepo Jwa Maitshepo. Go tswa foo, o tsena mo Boitshepo Jwa Maitshepo a bo a ema fa pele ga letlole la kgolagano mme o dira jalo ka tlotlo e e boteng. Go ntse jaaka e kete o eme fa pele ga ga Jehofa. Go tswa foo, o tshela maswalo mo magaleng a a tukang go bo go nna le monko o o monate. * Moragonyana o boa gape a tsena kwa Boitshepo Jwa Maitshepo ka madi a diphologolo tse di ntshitsweng ditlhabelo. Moperesiti o ne a fisa maswalo pele a isa madi a ditlhabelo.

5. Re ithuta eng mo tseleng e moperesiti yo mogolo a neng a isa maswalo ka yone?

5 Moperesiti yo mogolo o ne a fisa maswalo ka Letsatsi la Tetlanyo. Re ithuta eng mo go seno? Baebele ya re dithapelo tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang di tshwana le maswalo. (Pes. 141:2; Tshen. 5:8) Gopola gore fa moperesiti yo mogolo a ne a isa maswalo fa pele ga ga Jehofa, o ne a dira jalo ka tlotlo e e boteng. Ka tsela e e tshwanang, fa re rapela, re bua le Jehofa ka tlotlo. Re leboga go bo Jehofa a re letla gore re atamalane le ene fela jaaka ngwana a atamalana le rraagwe. (Jak. 4:8) O re tsaya jaaka ditsala tsa gagwe. (Pes. 25:14) Re rata Jehofa, ka jalo, ga re batle go dira sepe se a sa se rateng.

6. Ke eng fa moperesiti yo mogolo a ne a fisa maswalo pele a ntsha ditlhabelo? Mme re ithuta eng mo go seno?

6 Moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse go fisa maswalo pele a ntsha ditlhabelo. O ne a direla gore fa a ntsha ditlhabelo, Jehofa a di amogele. Re ithuta eng mo go seno? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tshwanetse go dira sengwe sa botlhokwa pele a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. O ne a tshwanetse go ikobela Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe. Fa a ne a ka dira jalo, Jehofa o ne a tla amogela setlhabelo sa gagwe. Seo se ne se le botlhokwa thata go feta go bolokwa ga batho. Fa Jesu a ne a ka ikobela Jehofa botshelo jotlhe, seo se ne se tla re thusa go bona gore go tshela ka melao ya ga Jehofa go re solegela molemo. Gape o ne a tla bontsha gore tsela e Jehofa a busang ka yone e siame le gore melao ya gagwe ga e re gatelele.

7. Ke eng fa tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ne e itumedisa Rraagwe?

7 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ikobela Jehofa ka botlalo. Le fa gone a ile a lebana le diteko le mathata e bile a ne a itse gore o tlile go bolawa setlhogo, o ne a batla go bontsha gore tsela e Jehofa a busang ka yone e siame. (Bafil. 2:8) Fa a ne a le mo mathateng, o ne a rapela go tswa pelong. Baebele ya re o ne a rapela “ka dilelo tse dikgolo le dikeledi.” (Baheb. 5:7) Seo se bontsha gore o ne a ikanyega mo go Jehofa mme go rapela jalo go ile ga mo thusa gore a tswelele a ikobela Jehofa. Jehofa o ne a tsaya dithapelo tsa ga Jesu di tshwana le maswalo a a nkgang monate. Tsela e Jesu a neng a tshela ka yone e ne e itumedisa rraagwe e bile e ne e tlotlomatsa tsela e a busang ka yone.

8. Re ka etsa Jesu jang?

8 Re ka etsa Jesu jang? Re ka dira jalo fa re ikobela Jehofa e bile re leka ka natla go nna re ikanyega mo go ene. Fa re le mo mathateng, re kopa Jehofa gore a re thuse. Fa re dira jalo, re bontsha gore re mo letlhakoreng la ga Jehofa. Re a itse gore Jehofa ga a kitla a araba dithapelo tsa rona fa e le gore re dira dilo tse a di tlhoileng. Mme gone, fa re tshela ka melao ya gagwe, re a itse gore o tla di araba. Mo godimo ga moo, re a itse gore fa re ikobela Jehofa e bile re ikanyega mo go ene, o a itumela.—Dia. 27:11.

RE DIRELA JEHOFA KA GONNE RE A MO RATA E BILE RE LEBOGELA DILO TSE A RE DIRELANG TSONE

(Bona serapa 9) *

9. Ke eng fa Baiseraele ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa kabalano?

9 Thuto ya bobedi: Re direla Jehofa ka gonne re lebogela dilo tse a re direlang tsone. Gore re kgone go tlhaloganya ntlha eno, mma re tlotle ka ditlhabelo tsa kabalano tse Baiseraele ba neng ba di ntsha. * Mo bukeng ya Lefitiko, go tlhalosiwa gore Moiseraele o ne a kgona go ntsha setlhabelo sa kabalano “e le go bontsha go ntsha ditebogo.” (Lefi. 7:11-13, 16-18) O ne a ntsha setlhabelo seno ka go rata a sa patelediwe ke ope. O ne a dira jalo ka gonne a rata Jehofa. Motho yoo le ba lelapa la gagwe mmogo le baperesiti ba ne ba ja nama ya phologolo e e neng e ntshitswe setlhabelo. Mme gone, dikarolo dingwe tsa phologolo eo di ne di ntshediwa Jehofa. E ne e le dikarolo dife?

(Bona serapa 10) *

10. Ditlhabelo tse go buiwang ka tsone mo go Lefitiko 3:6, 12, 14-16 di tshwana jang le se Jesu a neng a se dira?

10 Thuto ya boraro: Re direla Jehofa ka gonne re a mo rata. Jehofa o ile a tlhalosetsa Baiseraele gore dikarolo dingwe tsa phologolo tse di jaaka diphilo le mafura di botlhokwa thata. Ka jalo, Jehofa o ne a itumela fa Moiseraele a mo ntshetsa setlhabelo ka mafura le dikarolo tseo tsa botlhokwa. (Bala Lefitiko 3:6, 12, 14-16.) Moiseraele yo o neng a ntsha setlhabelo ka dilo tseno o ne a bontsha gore o batla go itumedisa Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ile a bontsha gore o batla go itumedisa Jehofa ka gonne o ne a dira ka bojotlhe mo tirong ya ga Jehofa. O ne a dira jalo ka gonne o ne a rata Jehofa. (Joh. 14:31) Jesu o ne a itumelela go dira thato ya ga rraagwe e bile o ne a rata molao wa gagwe fela thata. (Pes. 40:8) Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a itumela tota fa a bona Jesu a mo direla ka go rata.

Re dira bojotlhe mo tirong ya ga Jehofa ka gonne re a mo rata (Bona serapa 11-12) *

11. Tirelo ya rona e tshwana jang le ditlhabelo tsa kabalano mme ke eng fa seno se re gomotsa?

11 Tirelo ya rona e tshwana le ditlhabelo tsa kabalano ka gonne fa re direla Jehofa, seo se bontsha gore re a mo rata. Re dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong eno. Jehofa o tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona batlhanka ba gagwe ba mo direla ba sa patelediwe ke ope mme ba dira jalo ka gonne ba mo rata e bile ba rata melao ya gagwe. Jehofa ga a bone fela se re se dirang, mme gape, o itse mabaka a go bo re se dira. Seno se a re kgothatsa. Jang? Ka sekai, fa e le gore o tsofetse e bile ga o tlhole o kgona go dira dilo tse o neng o di dira pele, itse gore Jehofa o a tlhaloganya. Gongwe o akanya gore ga o kgone go direla Jehofa go le kalo. Mme gone, Jehofa o a itse gore bonnye jo o kgonang go bo dira, o bo dira ka gonne o mo rata. Jehofa o a itse gore o dira sotlhe se o ka se kgonang, mme o itumelela seo.

12. Jehofa o ne a ikutlwa jang fa batho ba ne ba mo ntshetsa ditlhabelo tsa kabalano mme seno se re kgothatsa jang?

12 Re ka ithuta eng mo ditlhabelong tsa kabalano tse Baiseraele ba neng ba di ntsha? Fa molelo o fisa dikarolo tse di botlhokwa tsa phologolo, mosi o ne o kuela kwa godimo mme seno se ne se itumedisa Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itumela fa o dira bojotlhe mo tirong ya gagwe. (Bakol. 3:23) Le fa o ka tswa o kgona go direla Jehofa go le gontsi kgotsa go le go nnye fela, itse gore se o kgonang go se dira, se botlhokwa tota mo go ene mme ga a kitla a tsamaya a se lebala—Math. 6:20; Baheb. 6:10.

JEHOFA O SEGOFATSA PHUTHEGO YA GAGWE

13. Go ya ka Lefitiko 9:23 le 24, Jehofa o ile a bontsha jang gore o amogela baperesiti ba ba neng ba sa tswa go tlhomiwa?

13 Thuto ya bonê: Jehofa o segofatsa phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng. Akanya ka se se ileng sa direga ka 1512 B.C.E. * fa go ne go tlhomiwa motlaagana. (Ekes. 40:17) Go ne go dirilwe mokete wa go tlhoma Arone le bomorwawe gore e nne baperesiti. Baiseraele ba ne ba tlile go bona fa ba baperesiti ba ntsha ditlhabelo lekgetlo la ntlha. (Lefi. 9:1-5) Jehofa o ile a dirang go bontsha gore o amogela baperesiti bao ba ba neng ba sa tswa go tlhomiwa? Fa Moshe le Arone ba ntse ba segofatsa batho, Jehofa o ile a romela molelo go tswa kwa legodimong mme molelo oo o ile wa fisa ditlhabelo tse di neng di setse mo sebesong.—Lefitiko 9:23, 24.

14. Kgang ya gore Jehofa o ile a amogela Arone le bomorwawe go nna baperesiti e re ama jang?

14 Molelo o o neng o tswa kwa go Jehofa o o ileng wa fisa ditlhabelo o ne o bontsha eng? O ne o bontsha gore Jehofa o amogela Arone le bomorwawe ba a neng a ba tlhopile go nna baperesiti. E re ka seno e ne e le bosupi jwa gore Jehofa o amogela baperesiti bano, Baiseraele ba ile ba lemoga gore ba tshwanetse go ema baperesiti bano nokeng. Rona kgang eno e re ama jang? Boperesiti joo jwa kwa Iseraele bo ne bo emela boperesiti jo bo botlhokwa thata jwa ga Jesu le batlodiwa ba le 144 000. Jesu ke Moperesiti yo Mogolo go ba feta botlhe mme o tlile go busa kwa legodimong a na le dikgosi le baperesiti ba le 144 000.—Baheb. 4:14; 8:3-5; 10:1.

Jehofa o kaela phuthego ya gagwe e bile o a e segofatsa. Re e tshegetsa ka botlalo (Bona serapa 15-17) *

15-16. Jehofa o bontshitse jang gore o amogela “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”?

15 Ka 1919, Jesu o ile a tlhoma setlhopha se sennye sa batlodiwa go nna “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Motlhanka yono o eteletse pele mo tirong ya go rera e bile o naya balatedi ba ga Jesu ‘dijo ka nako e e tshwanetseng.’ (Math. 24:45) Re itse jang gore Jehofa o amogela motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale?

16 Satane le balatedi ba gagwe ba leka go thibela tiro e e dirwang ke motlhanka yo o boikanyego. Boammaaruri ke gore, motlhanka yono o kgona go tswelela ka tiro eno fela ka gonne Jehofa o a mo thusa. Go ile ga nna le dintwa tsa lefatshe di le pedi e bile go ile ga nna le mathata a ikonomi mo lefatsheng lotlhe. Mo godimo ga moo, batho ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba bogisiwa e bile ba sa tshwarwe sentle. Le fa go ntse jalo, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, o ntse a tlamela batho ba ga Jehofa ka dijo tsa semoya. Akanya fela! Gone jaanong, re ranola dikgatiso tsa Baebele ka dipuo di feta 900. Eleruri, seno se bontsha gore Jehofa o tshegetsa tiro e e dirwang ke motlhanka. Mme go na le sengwe gape se se bontshang gore Jehofa o segofatsa tiro ya go rera. Dikgang tse di molemo di rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Math. 24:14) Seno ke bosupi jwa gore Jehofa o tshegetsa phuthego ya gagwe.

17. Re ka bontsha jang gore re tshegetsa phuthego ya ga Jehofa?

17 Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke itumelela go bo ke le mo phuthegong ya ga Jehofa?’ Ka nako ya ga Moshe, Jehofa o ile a romela molelo go tswa kwa legodimong e le go bontsha gore o amogela baperesiti ba ba neng ba sa tswa go tlhomiwa. Ka tsela e e tshwanang, gompieno Jehofa o re thusa go bona gore o dirisa phuthego ya gagwe. Eleruri, go na le dilo di le dintsi tse re ka di lebogelang. (1 Bathes. 5:18, 19) Re ka bontsha jang gore re tshegetsa phuthego ya ga Jehofa? Re tshwanetse go dirisa dilo tse re di ithutang mo Baebeleng, mo dikgatisong, kwa dipokanong le kwa dikopanong tse di nnye le tse dikgolo. Gape re tshwanetse go dira ka natla mo tirong ya go rera le ya go ruta.—1 Bakor. 15:58.

18. O ikemiseditse go dira eng?

18 E kete re ka dira ka natla go dirisa se re se ithutileng mo bukeng ya Lefitiko. Re batla gore Jehofa a amogele ditlhabelo tsa rona. Re direla Jehofa ka gonne re lebogela dilo tse a re direlang tsone. Re dira bojotlhe mo tirong ya ga Jehofa ka gonne re mo rata. Mo godimo ga moo, re dira sotlhe se re ka se kgonang go tshegetsa phuthego ya gagwe. Fa re dira dilo tseno, re tla bo re bontsha Jehofa gore re lebogela tshiamelo ya go bidiwa Basupi ba gagwe.

PINA 96 Buka ya Modimo—Letlotlo

^ ser. 5 Buka ya Lefitiko e na le melao e Jehofa a neng a e neile setšhaba sa Iseraele. Ke boammaaruri gore ga re tlhoke go ikobela melao eo, mme gone, e ka re thusa. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke dithuto dife tsa botlhokwa tse re ka ithutang tsone mo bukeng ya Lefitiko.

^ ser. 4 Maswalo a a neng a fisiwa kwa motlaaganeng a ne a tsewa a le boitshepo mme Baiseraele ba ne ba a dirisa fela fa ba obamela Jehofa. (Ekes. 30:34-38) Ga go na sepe se se bontshang gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba fisa maswalo fa ba obamela Jehofa.

^ ser. 9 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ditlhabelo tsa kabalano, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ts. 526 (ka Seesemane) le Tora ya Tebelo ya Janurary 15, 2012 ts. 19 ser. 11.

^ ser. 13 B.C.E. e kaya pele Keresete a tla mo lefatsheng.

^ ser. 55 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo wa Moiseraele o ne a tsena mo Boitshepo Jwa Maitshepo a tshwere maswalo le magala a a tukang. O ne a fisa maswalo ao go bo go nna le monko o o monate. Moragonyana o ne a boa a tsena mo Boitshepo Jwa Maitshepo a tshotse madi a ditlhabelo.

^ ser. 57 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Moiseraele o naya moperesiti nku gore a e ntshe e le setlhabelo sa kabalano go bontsha gore ene le ba lelapa la gagwe ba leboga Jehofa.

^ ser. 59 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bontsha gore o rata Jehofa ka go ikobela melao ya Gagwe le go thusa balatedi ba gagwe gore le bone ba e ikobele.

^ ser. 61 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o godileng o dira sotlhe se a ka se kgonang mo tirong ya ga Jehofa le fa gone a tsofetse. O rerela batho ka go ba kwalela makwalo.

^ ser. 63 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ka February 2019, Mokaulengwe Gerrit Lösch wa Setlhopha se se Laolang o ne a golola Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ya Sejeremane. Baboledi ba kwa Jeremane jaaka boikgatsadi ba babedi bano ba dirisa Baebele eno mo bodireding.