Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 20-21

“Le fa E le Mang yo o Batlang go Nna Mogolo mo go Lona o Tshwanetse go Nna Modiredi wa Lona”

“Le fa E le Mang yo o Batlang go Nna Mogolo mo go Lona o Tshwanetse go Nna Modiredi wa Lona”

20:28

Bakwadi le Bafarasai ba ne ba rata go bonwa ke batho le go dumedisiwa mo marekisetsong

Bakwadi le Bafarasai ba ne ba ikgogomosa, ba rata maemo le go bonwa ke batho. (Mat 23:5-7) Jesu o ne a sa tshwane le bone. O ile a re: ‘Morwa motho o ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla.’ (Mat 20:28) A re tlhoma mogopolo thata mo go direng dikabelo tsa phuthego tse di ka dirang gore ba bangwe ba re tlotlomatse kgotsa ba re tseele kwa godimo? Fa re batla gore Jehofa a re tseele kwa godimo, re tla leka go etsa sekao sa ga Jesu le go thusa ba bangwe. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa. (Mat 6:1-4) Modiredi yo o ikokobeditseng o . . .

  • thusa go phepafatsa le go baakanya Holo ya Bogosi

  • thusa bagodi le batho ba bangwe

  • ntsha madi go tshegetsa tiro ya Modimo