Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Re ka Dirang go Bontsha Gore re Rata Modimo le Moagelani?

Re ka Dirang go Bontsha Gore re Rata Modimo le Moagelani?

Le fa re sa tlhole re latela Molao wa ga Moshe, Jehofa o sa ntse a batla gore re latele ditaelo tse pedi tse dikgolo, e leng go rata Modimo le moagelani wa rona. (Mat 22:37-39) Go rata Modimo le moagelani ga go itlele fela. Re tshwanetse ra go tseela matsapa. Re ka dira seo jang? Nngwe ya ditsela tsa botlhokwa tse re ka dirang seo ka yone, ke ka go bala Baebele. Fa re ithuta ka botho jwa Modimo, re kgona go ‘bona bontle jwa ga Jehofa.’ (Pes 27:4) Seo se dira gore re mo rate le go feta le gore re simolole go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone. Mme re tla feleletsa re tshela go ya ka ditaelo tsa gagwe, go akaretsa le taelo ya gore re rate batho ba bangwe. (Joh 13:34, 35; 1Jo 5:3) Go na le dikakantsho tse tharo tse re ka di dirisang gore re kgone go itumelela go bala Baebele:

  • Dirisa mogopolo wa gago. Fa o bala pego nngwe ya Baebele, nna karolo ya ditiragalo tse o balang ka tsone, bona se ba se bonang, utlwa se ba se utlwang, dupa menko ya dilo tse go buiwang ka tsone. Ikutlwe ka tsela e ba ikutlwang ka yone.

  • Se dirise mokgwa o le mongwe fela. Dikakantsho tse dingwe ke tseno: Balela kwa godimo kgotsa tshameka mmalo wa Baebele o o rekotilweng. Bala ka mongwe wa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng kgotsa batlisisa ntlha nngwe, go na le go bala dikgaolo tsotlhe tsa Baebele ka go latelana. Ka sekai, dirisa Karolo 4 kgotsa Karolo 16 ya bukana ya Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo. Bala ditemana tsotlhe tsa kgaolo e temana ya letsatsi e theilweng mo go yone. Bala dibuka tsa Baebele go ya ka tsela e di latelanang ka yone.

  • Bala gore o tlhaloganye. Go na le go bala dikgaolo di le dintsi ka nako e le nngwe, bala kgaolo e le nngwe gore o e tlhaloganye o bo o tlhatlhanya ka se o se balang. Dira dipatlisiso ka buka ya Baebele e o e balang. Dirisa dimmapa o bo o dirisa le ditemana tse di fa gare ga Baebele. Dira dipatlisiso ka ntlha nngwe e o sa e tlhaloganyeng. Fa o bala metsotso e le 15, o ka nna wa dirisa metsotso e le 15 o tlhatlhanya ka se o se badileng.