Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Badisa ba ba Direlang Batho ba ga Jehofa Dilo Tse di Molemo

Badisa ba ba Direlang Batho ba ga Jehofa Dilo Tse di Molemo

Batho ba le bantsi ga ba tshepe batho ba ba nang le taolo. Mme re tlhaloganya lebaka la go bo ba sa ba tshepe. Batho ba le bantsi ba na le lobaka ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa siamang. (Mik 7:3) Mme re itumelela gore bagolwane bone ba katisitswe go dirisa taolo e ba nang le yone ka tsela e e solegelang batho ba Modimo molemo.​—Est 10:3; Mat 20:25, 26.

Bagolwane ba farologane le batho ba ba nang le taolo mo lefatsheng leno ka gonne ba diragatsa maikarabelo a bone ka go bo ba rata Jehofa le batho ba gagwe. (Joh 21:16; 1Pe 5:1-3) Ba neilwe taelo ke Jesu gore ba thuse mmoledi mongwe le mongwe gore a ikutlwe a amogelesegile mo lelapeng la ga Jehofa le gore a atamalane le Ene. Ba ikemiseditse go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa, fa ba na le mathata a botsogo le fa ba tlhagetswe ke masetlapelo. Fa o tlhoka thuso, o se ka wa tshaba go bua le mogolwane mo phuthegong ya lona.​—Jak 5:14.

LEBANG BIDIO YA BADISA BA LETSOMANE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Mariana o ile a solegelwa molemo jang ke go thusiwa ke bagolwane?

  • Elias o ile a solegelwa molemo jang ke go thusiwa ke bagolwane?

  • Maitemogelo ano a dira gore o lebe jang tiro e bagolwane ba e dirang?