Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Thusa Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong go mo Itse

Thusa Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong go mo Itse

A o a tle o tshabe go rerela batho ba ba sa dumeleng mo Modimong ka gonne o akanya gore ba ka se go reetse? Fa e le gore go ntse jalo, gopola gore batho ba le bantsi ba ba neng ba sa dumele gore go na le Modimo le ba ba neng ba sa tlhole ba dumela gore Modimo o gone​—gone jaanong ke Basupi ba ga Jehofa. Gantsi, ba ne ba tlhoka bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Modimo o gone.​—Bar 1:20; 10:14.

LEBANG BIDIO YA BATHO BA BA SE NANG TUMELO BA KA NNA LE YONE!​—BATHO BA BA SA DUMELENG MO MODIMONG, LO BO LO ARABA POTSO E E LATELANG:

Maitemogelo a ga Tommaso a ka go thusa jang gore o rerele batho ba ba sa dumeleng mo Modimong?