Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 3

Jehofa O a Go Rata e Bile o Botlhokwa mo go Ene!

Jehofa O a Go Rata e Bile o Botlhokwa mo go Ene!

‘O ne a re gakologelwa fa re ne re kgobegile marapo.’—PES. 136:23NWT

PINA 33 Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba lebana le maemo afe mme a ka ba ama jang?

AKANYA ka maemo ano a mararo: Mokaulengwe yo mosha o bolelelwa gore o na le bolwetse jo bo sa alafegeng. Mokaulengwe yo o mo dingwageng tsa bo50 o latlhegelwa ke tiro mme ga a kgone go bona e nngwe. Kgaitsadi yo o godileng ga a tlhole a kgona go dira go le kalo mo tirong ya ga Jehofa.

2 Fa o lebane le bothata bongwe jo bo tshwanang le mathata a re sa tswang go bua ka one, o ka tswa o ikutlwa o se motho wa sepe. Mathata a a ntseng jalo a ka dira gore o se ka wa itumela, o kgobege marapo e bile a ka dira gore o se ka wa dirisana sentle le batho ba bangwe.

3. Satane le batho ba lefatshe leno ba ikutlwa jang ka batho ba bangwe?

3 Fela jaaka Satane, batho ba lefatshe leno ga ba tseye botshelo bo le botlhokwa. Satane ga a bolo go bontsha gore batho ga ba botlhokwa mo go ene. Ka sekai, o ile a bolelela Efa gore o tla nna le kgololesego fa a sa ikobele Modimo, le fa a ne a itse gore fa Efa a ka dira jalo, o tlile go swa. Satane o laola dikgwebo, dipolotiki le madumedi a lefatshe leno. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo borrakgwebo, borradipolotiki le baeteledipele ba bodumedi ba se na sepe le batho.

4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Jehofa ene o re tsaya re le botlhokwa e bile o a re thusa fa re lebana le maemo a a ka dirang gore re kgobege marapo. (Pes. 136:23; Bar. 12:3) Mo setlhogong seno re tla bona gore Jehofa o re thusa jang mo maemong ano: (1) fa re lwala, (2) fa re se na madi, le (3) fa botsofe bo dira gore re ikutlwe e kete ga re dire go le kalo mo tirong ya ga Jehofa. Mma re simolole ka go bona gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore re botlhokwa mo go Jehofa.

RE BOTLHOKWA MO GO JEHOFA

5. O itse jang gore batho ba botlhokwa mo go Jehofa?

5 Le fa re bopilwe ka lorole, re botlhokwa mo go Jehofa. (Gen. 2:7) Re itse jang gore re botlhokwa mo go Jehofa? Akanya ka seno: Re dirilwe mo setshwanong sa ga Jehofa. (Gen. 1:27) Ka jalo, re botlhokwa go feta dilo tse dingwe tse a di bopileng mo lefatsheng. Gape o re neile taolo ya gore re tlhokomele lefatshe le diphologolo.—Pes. 8:4-8.

6. Jehofa o ile a dira eng go bontsha gore o rata batho?

6 Jehofa o ile a tswelela a rata batho le fa Adame a ile a tlola molao wa gagwe. O re rata thata jaana mo a ileng a ntsha Morwawe yo a mo ratang e bong Jesu gore a re swele. (1 Joh. 4:9, 10) Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, Jehofa o tla tsosa batho botlhe “ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang” ba ba ileng ba swa ka ntlha ya boleo jwa ga Adame. (Dit. 24:15) Baebele e re ruta gore re botlhokwa mo go Jehofa le fa re ka tswa re lwala, re humanegile kgotsa re tsofetse.—Dit. 10:34, 35.

7. Go na le mabaka afe a mangwe a a bontshang gore Jehofa o a re rata?

7 Go na le mabaka a mangwe a a re tlhatswang pelo gore Jehofa o a re rata. O ile a bona gore re kgatlhegela molaetsa wa Bogosi a bo a re gogela kwa go ene. (Joh. 6:44) Re ile ra atamalana le ene, mme le ene a bo a re atamela. (Jak. 4:8) Gape Jehofa o re bontsha gore re botlhokwa mo go ene ka gonne o a re ruta. O a itse gore re batho ba ba ntseng jang e bile o a itse gore re ka nna batho ba ba botoka. Mo godimo ga moo, o a re kgalemela ka gonne o a re rata. (Diane 3:11, 12) Dilo tseno di bontsha gore eleruri Jehofa o a re rata!

8. Mafoko a a mo go Pesalema 18:27-29 a ka re thusa jang gore re kgone go lebana le mathata a rona?

8 Kgosi Dafide o ne a itse gore Jehofa o a mo rata e bile o a mo tshegetsa le fa gone batho bangwe ba ne ba akanya gore ga se motho wa sepe. Seo se ile sa mo thusa gore a kgone go itshokela mathata a gagwe le gore a se ka a kgobega marapo. (2 Sam. 16:5-7) Fa re kgobegile marapo kgotsa re na le mathata, Jehofa a ka re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo mathateng a rona e bile a ka re thusa gore re kgone go feta mo go one. (Bala Pesalema 18:27-29.) Fa re itse gore Jehofa o a re tshegetsa, re tla mo direla re itumetse. (Bar. 8:31) Re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o a re rata le gore o re tsaya re le botlhokwa fa re le mo maemong afe?

FA RE LWALA

Go bala Baebele go tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo fa re lwala (Bona serapa 9-12)

9. Go lwala go ka dira gore re ikutlwe jang?

9 Fa re lwala re ka nna ra ikutlwa e kete ga re batho ba sepe. Fa batho ba bangwe ba lemoga gore re a lwala kgotsa fa re sa kgone go itirela dilo dingwe, seo se ka re utlwisa botlhoko. Le fa ba bangwe ba sa itse gore re a lwala, re sa ntse re ka utlwisiwa botlhoko ke gore ga re kgone go itirela dilo dingwe. Mo maemong ao a a thata, Jehofa a ka re thusa jang?

10. Go ya ka Diane 12:25, ke eng se se ka re thusang fa re lwala?

10 Fa re lwala, re ka kgothadiwa ke “lefoko le le molemo.” (Bala Diane 12:25.) Jehofa o re kwaletse dilo di le dintsi tse di molemo mo Baebeleng tse di bontshang gore re botlhokwa mo go ene le fa re lwala. (Pes. 31:19; 41:3) Fa re nna re bala mafoko a Jehofa a re kwaletseng one kgapetsakgapetsa, seo se tla re thusa gore re se ka ra kgobiwa marapo ke bolwetse jwa rona.

11. Jehofa o ile a thusa mokaulengwe mongwe jang?

11 Akanya ka se se diragaletseng Jorge. Fa a le mosha, o ile a lwala mme seo sa dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe. A re: “Ke ne ke sa akanye gore bolwetse jwa me bo ka dira gore ke ikutlwe ke se motho wa sepe kgotsa bo ntsenye matlho. Botshelo jwa me bo ile jwa fetoga fa bolwetse jwa me bo ntse bo nnela maswe go ya pele. Ke ne ke hutsafetse mme ke ile ka kopa Jehofa gore a nthuse.” Jehofa o ile a mo thusa jang? A re: “E re ka ke ne ke sa kgone go tlhoma mogopolo nako e telele, ke ne ke tlhola ke bala ditemana di le mmalwa mo bukeng ya Dipesalema tse di bontshang gore Jehofa o rata batho ba gagwe. Ke ne ke di bala kgapetsakgapetsa mme di ne di nkgomotsa. Fa nako e ntse e ya, batho ba ne ba lemoga gore ke itumetse. Ba ne ba re seo se a ba kgothatsa. Ke ile ka lemoga gore Jehofa o arabile dithapelo tsa me! O ile a nthusa gore ke se ka ka tlhola ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Ke ile ka simolola go akanya ka gore Baebele ya re o ikutlwa jang ka nna le fa ke lwala.”

12. Fa o lwala o ka dira eng gore Jehofa a go thuse?

12 Fa o lwala, tlhomamisega gore Jehofa o itse gore o ikutlwa jang. Mo kope gore a go thuse gore o se ka wa kgobega marapo. Go tswa foo, bala ditemana tse di kgothatsang tse Jehofa a go kwaletseng tsone mo Baebeleng. Bala ditemana tse di bontshang gore Jehofa o rata batho ba gagwe. Seno se tla go thusa go bona gore Jehofa o thusa batho botlhe ba ba mo direlang ka boikanyegi.—Pes. 84:11.

FA RE SE NA MADI

Go gopola gore Jehofa o solofetsa gore o tla re tlamela go tla re thusa fa re sa bereke (Bona serapa 13-15)

13. Tlhogo ya lelapa e ka ikutlwa jang fa a latlhegetswe ke tiro?

13 Fa o le tlhogo ya lelapa, ga go pelaelo gore o batla go tlamela ba lelapa la gago ka dilo tse ba di tlhokang. A re re mokaulengwe o latlhegelwa ke tiro le fa gone a sa dira sepe se se phoso. O leka ka natla gore a bone tiro e nngwe mme gone ga a e bone. Seo se ka dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe. Go akanya ka dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone go ka mo thusa jang?

14. Ke eng fa Jehofa a diragatsa dilo tse a re solofeditseng tsone?

14 Ka metlha Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Josh. 21:45; 23:14) O dira jalo ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Fa a sa diragatse ditsholofetso tsa gagwe, leina la gagwe le tla gogagogwa mo seretseng. Jehofa o solofeditse batho ba gagwe gore o tla ba tlhokomela mme o tla dira fela jalo. (Pes. 31:1-3) Re karolo ya lelapa la ga Jehofa mme o a itse gore fa a sa re tlhokomele, re ka hutsafala tota. O re solofetsa gore o tla re naya dilo tsotlhe tse re di tlhokang gore re tswelele re tshela le gore re mo direle ka boikanyegi mme ga go na sepe se se ka mo thibelang go diragatsa tsholofetso eo!—Math. 6:30-33; 24:45.

15. (a) Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba lebana le boemo bofe? (b) Pesalema 37:18 le 19 e re tlhomamisetsa eng?

15 Fa re gopola mabaka a go bo Jehofa a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, re tla tlhomamisega gore o tla re thusa fa re sa bereke. Akanya ka se se diragaletseng Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Fa Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ne ba bogisiwa, “botlhe kwantle ga baaposetoloi ba ne ba [gasama].” (Dit. 8:1) Ga go pelaelo gore Bakeresete bao ba ile ba latlhegelwa ke matlo a bone le dikgwebo tsa bone. Mme gone, Jehofa ga a ka a ba latlha; e bile ga ba a ka ba kgobega marapo. (Dit. 8:4; Baheb. 13:5, 6; Jak. 1:2, 3) Jehofa o ile a tshegetsa Bakeresete bao, mme le rona o tla re tshegetsa.—Bala Pesalema 37:18, 19.

FA BOTSOFE BO IPHILE MAATLA

Fa re tlhoma mogopolo mo dilong tse re kgonang go di dira, re tla tlhatswega pelo gore re botlhokwa mo go Jehofa le fa re tsofetse (Bona serapa 16-18)

16. Ke eng se se ka dirang gore re ikutlwe e kete ga re direle Jehofa go le kalo?

16 Fa re tsofala re ka nna ra simolola go akanya gore ga re direle Jehofa go le kalo. Kgosi Dafide a ka tswa a ile a ikutlwa fela jalo. (Pes. 71:9) Jehofa a ka re thusa jang fa re ikutlwa jalo?

17. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng kgaitsadi Jheri?

17 Akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Jheri. O ile a lalediwa go ya kwa khosong nngwe kwa Holong ya Bogosi, e e neng e thapisa batho go tlhokomela dikago. O ne a re: “Ke tsofetse, ke motlholagadi e bile ga ke na bokgoni bope jo Jehofa a ka bo dirisang. Tota ga ke na mosola.” Mme gone, o ile a bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang. O ile a ya kwa Holong ya Bogosi le fa gone a ne a okaoka. Fa khoso e ntse e tsweletse, mokaulengwe mongwe o ile a tlhalosa gore bokgoni jwa botlhokwa jo re tshwanetseng ra nna le jone ke go batla go rutiwa ke Jehofa. Jheri a re: “Ke ne ka lemoga gore, ke na le bokgoni joo! Ke ile ka lemoga gore Jehofa o araba thapelo ya me, ka jalo ke ne ke amegile maikutlo tota. Jehofa o ne a mpontsha gore ke na le mosola e bile o ne a ikemiseditse go nthuta. Fa khoso eno e simologa, ke ne ke tshogile e bile ke kgobegile marapo. Mme fa e fela, ke ne ke itumetse e bile ke kgothetse!”

18. Baebele e bontsha jang gore Jehofa o tsaya se re mo direlang sone se le botlhokwa le fa gone re tsofetse?

18 Le fa o godile, o sa ntse o ka kgona go dira dilo di le dintsi. (Pes. 92:12-15) Jesu o re rutile gore le fa re sa kgone go dira go le kalo, se re se dirang se botlhokwa mo go Jehofa. (Luke 21:2-4) Tlhoma mogopolo mo dilong tse o kgonang go di dira. Ka sekai, o ka bolelela ba bangwe ka Jehofa, o ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago e bile o ka kgothatsa ba bangwe. Gopola gore o modirimmogo le Jehofa ka gonne o ikemiseditse go mo ikobela, e seng ka gonne o kgona go mo direla dilo di le dintsi.—1 Bakor. 3:5-9.

19. Baroma 8:38 le 39 e re tlhomamisetsa eng?

19 Eleruri ke tshiamelo go obamela Modimo yo o ratang batlhanka ba gagwe! O batla gore re dire thato ya gagwe, mme fa re mo obamela ka tsela e a e batlang re tla itumela. (Tshen. 4:11) Le fa batho ba lefatshe leno ba akanya gore ga re na mosola, Jehofa ene ga a akanye jalo. (Baheb. 11:16, 38) Fa o kgobegile marapo ka gonne o lwala, o sa bereke kgotsa o tsofetse, se lebale gore ga go na sepe se se ka go kgaoganyang le lorato lwa ga Jehofa.—Bala Baroma 8:38, 39.

^ ser. 5 A o kile wa lebana le maemo a a ileng a dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe? Setlhogo seno se tla go thusa go bona gore o botlhokwa mo go Jehofa. Gape se tla go thusa go bona gore ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa kgobega marapo le fa o lebana le mathata.

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me