Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 4

“Moya ka Boone o Supela Moya wa Rona”

“Moya ka Boone o Supela Moya wa Rona”

“Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo.”—BAR. 8:16.

PINA 25 Thuo e e Kgethegileng

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Ka Pentekosete, Jehofa o ile a tshololela Bakeresete ba le 120 moya wa gagwe o o boitshepo ka tsela e e gakgamatsang (Bona serapa 1-2)

1-2. Go ne ga direga eng se se itumedisang ka Pentekosete ya 33 C.E.?

E NE e le Sontaga kwa Jerusalema ka ngwaga wa 33 C.E., mme e ne e le letsatsi la Pentekosete. Barutwa ba le 120 ba ne ba kopanetse mo phaposing e e kwa godimo ya ntlo e ba neng ba le mo go yone. (Dit. 1:13-15; 2:1) Pelenyana ga moo, Jesu o ne a ba laetse gore ba se ka ba tswa mo Jerusalema ka gonne ba ne ba tla amogela mpho nngwe e e kgethegileng. (Dit. 1:4, 5) Go ne ga direga eng?

2 “Ka tshoganyetso [go ne] ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang.” Modumo oo o ne wa utlwala mo ntlong yotlhe. Go tswa foo, “diteme tse e keteng tsa molelo” di ne tsa bonala mo ditlhogong tsa barutwa, mme botlhe ba ne “ba tlala moya o o boitshepo.” (Dit. 2:2-4) Jehofa o ne a ba tshololela moya o o boitshepo ka tsela eo. (Dit. 1:8) Ke bone ba ntlha go tlodiwa ka moya o o boitshepo * le go nna le tsholofelo ya go busa le Jesu kwa legodimong.

GO DIREGA ENG FA MONGWE A TLODIWA KA MOYA O O BOITSHEPO?

3. Ke eng fa barutwa ba ba neng ba kopane ka Pentekosete ba ne ba sa belaele gore ba tloditswe ka moya o o boitshepo?

3 Fa e le gore o ne o le mongwe wa barutwa ba ba neng ba kopane kwa phaposing eo e e kwa godimo, o ne o se kitla o lebala se se diragetseng mo letsatsing leo. Sengwe se e keteng teme ya molelo se ne sa nna mo godimo ga tlhogo ya gago, mme o ne wa simolola go bua dipuo tse dingwe! (Dit. 2:5-12) O ne o se kitla o belaela gore o tloditswe ka moya o o boitshepo. Le fa go ntse jalo, a batho ba ba tlodiwang ka moya o o boitshepo ba tlodiwa ka tsela nngwe e e kgethegileng le ka tsela e e tshwanang? Nnyaa. Re itse jang?

4. A Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba tlodiwa ka tsela e e tshwanang? Tlhalosa.

4 Mma re tlotle ka gore motho o tlodiwa leng ka moya o o boitshepo. Bakeresete bao ba le 120 ga se bone fela ba ba ileng ba tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, ba bangwe ba ka nna 3 000 le bone ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Ba ile ba tlodiwa fa ba kolobediwa. (Dit. 2:37, 38, 41) Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tse di neng tsa latela, ga se Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba ba ileng ba tlodiwa fa ba kolobediwa. Basamarea ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo nako nngwe morago ga gore ba kolobediwe. (Dit. 8:14-17) Mme go tlodiwa ga ga Korenelio le ba lelapa la gagwe go ne go gakgamatsa ka gonne ba ile ba tlodiwa pele ga ba kolobediwa.—Dit. 10:44-48.

5. Go ya ka 2 Bakorintha 1:21 le 22, go direga eng fa mongwe a tlodiwa ka moya o o boitshepo?

5 Mma re tlotle ka se se diregang fa motho a tlodiwa ka moya o o boitshepo. Kwa tshimologong, go ka nna thata gore bangwe ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo ba amogele gore Jehofa o ba tlhophile. Ba ka tswa ba ipotsa gore, ‘Ke eng fa Modimo a ntlhophile?’ Ba bangwe ba ka tswa ba sa ikutlwe jalo. Go sa kgathalesege gore motho o ikutlwa jang, moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore ke eng se se diragalelang batho botlhe ba ba tloditsweng. A re: “Fa lo sena go dumela, lo ne lwa tshwaiwa * ka moya o o boitshepo o o solofeditsweng, o e leng sesupo sa go sa le gale sa boswa jwa rona.” (Baef. 1:13, 14) Ka jalo, Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go netefaletsa Bakeresete bano gore o ba tlhophile. Ka ntlha ya seo, moya o o boitshepo ke “sesupo” se ba se newang sa gore mo nakong e e tlang ba tla tshelela ruri kwa legodimong e seng mo lefatsheng.—Bala 2 Bakorintha 1:21, 22.

6. Mokeresete yo o tloditsweng o tshwanetse go dira eng gore a amogele tuelo ya gagwe ya kwa legodimong?

6 Fa Mokeresete a tloditswe ka moya o o boitshepo, a seo se raya gore ntle le pelaelo o tlile go ya legodimong? Nnyaa. O tlhatswegile pelo gore o tlhophilwe go ya kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go gopola mafoko ano: “Bakaulengwe, tswelelang lo dira bojotlhe jwa lona gore lo itlhomamisetse go bidiwa le go tlhophiwa ga lona; gonne fa lo nna lo dira dilo tseno le ka motlha ga lo kitla lo palelwa ka gope.” (2 Pet. 1:10) Ka jalo, le fa gone Mokeresete yo o tloditsweng a tlhophilwe go ya go tshela kwa legodimong, o tla amogela tuelo ya gagwe fa fela a tswelela a ikanyega.—Bafil. 3:12-14; Baheb. 3:1; Tshen. 2:10.

MOTHO O ITSE JANG GORE O TLODITSWE KA MOYA O O BOITSHEPO?

7. Batlodiwa ba itse jang gore ba tlhophilwe go ya go tshela kwa legodimong?

7 Motho a ka itse jang gore o tlhophilwe go ya go tshela kwa legodimong? Re ka bona karabo mo go se Paulo a ileng a se kwalela Bakeresete ba kwa Roma “ba ba biditsweng gore ba nne baitshepi.” O ne a ba raya a re: “Lo ne lwa se ka lwa amogela moya wa botlhanka o o bakang poifo gape, mme lo ne lwa amogela moya wa go tsholwa jaaka bana, moya o re goang ka one re re: ‘Aba, Rara!’ Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo.” (Bar. 1:7; 8:15, 16) Ka jalo, Modimo o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go netefaletsa batlodiwa gore ba tlhophilwe go ya go tshela kwa legodimong.—1 Bathes. 2:12.

8. 1 Johane 2:20 le 27 e bontsha jang gore Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba tlhoke gore ope a ba netefaletse gore ba tloditswe?

8 Jehofa o dira gore batho ba a ba tlhophileng go ya go tshela kwa legodimong ba tlhatswege pelo gore ruri o ba tlhophile. (Bala 1 Johane 2:20, 27.) Gone Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go rutiwa ke Jehofa mo phuthegong fela jaaka mongwe le mongwe. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhoke gore ope a ba netefaletse gore ba tloditswe. Jehofa o dirisitse maatla a magolo go gaisa mo lobopong e leng moya o o boitshepo, go ba tlhomamisetsa gore ruri ba tloditswe!

BA “[TSALWA] GAPE”

9. Fa mongwe a tlodiwa, go direga eng ka ene, jaaka go tlhalosiwa mo go Baefeso 1:18?

9 Bontsi jwa batlhanka ba Modimo gompieno ga ba kgone go tlhaloganya gore go direga eng fa motho a tlodiwa ke Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne bone ga ba ise ba tlodiwe. Modimo o bopile batho gore ba tshelele ruri mo lefatsheng, e seng kwa legodimong. (Gen. 1:28; Pes. 37:29) Le fa go ntse jalo, Jehofa o tlhophile bangwe gore ba tshele kwa legodimong. Ka jalo, fa a ba tlotsa, o fetola tsholofelo ya bone le tsela e ba akanyang ka yone, gore ba batle go ya go tshela kwa legodimong.—Bala Baefeso 1:18.

10. Go “[tswalwa] gape” go kaya eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

10 Fa Bakeresete ba tlodiwa ka moya o o boitshepo, ba “[tswalwa] gape” kgotsa ba tswalwa sesha. * Jesu o ne a tlhalosa gore ga go kgonege go tlhalosetsa motho yo a iseng a tlodiwe gore go ntse jang go “[tsalwa] gape” kgotsa go “[tsalwa] ke moya.”—Joh. 3:3-8.

11. Bakeresete ba simolola go akanya jang fa ba sena go tlodiwa?

11 Bakeresete ba simolola go akanya jang fa ba sena go tlodiwa? Pele Jehofa a tlotsa Bakeresete bano, ba ne ba rata tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Ba ne ba batla go bona nako ya fa Jehofa a dira lefatshe Paradaise le fa a fedisa bosula jotlhe. Gongwe ba ne ba akanya ka nako ya fa ba tla bo ba amogela ba lelapa kgotsa ditsala tse di tlhokafetseng. Le fa go ntse jalo, fa ba sena go tlodiwa ba ne ba simolola go akanya ka tsela e e farologaneng. Ke eng fa re rialo? Ga se gore ba ne ba sa tlhole ba kgotsofalela go tshelela ruri mo lefatsheng. Ga ba a ka ba fetola megopolo ya bone ka gonne ba tshwenyegile mo maikutlong kgotsa ba boga. Ga se gore ba ne ba simolola go akanya gore go tshelela ruri mo lefatsheng go tla lapisa. Go na le moo, Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go fetola tsela e ba akanyang ka yone le tsholofelo e ba e ratang.

12. Go ya ka 1 Petere 1:3 le 4, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ikutlwa jang ka tsholofelo ya bone?

12 Motho yo o tloditsweng ka moya o o boitshepo a ka nna a tsaya gore ga a tshwanelege go amogela tshiamelo eno. Le fa go ntse jalo, ga a belaele gore Jehofa o mo tloditse. O itumela thata fa a akanya ka tsholofelo ya gagwe ya go tshela kwa legodimong—Bala 1 Petere 1:3, 4.

13. Batlodiwa ba ikutlwa jang ka go tshela mo lefatsheng?

13 A seno se raya gore batlodiwa ba batla go swa? Moaposetoloi Paulo o re naya karabo. O ile a tshwantsha mmele wa bone le tente a bo a re: “Tota e bile, rona ba re leng mo mogopeng ono re a fegelwa, gonne re a imelwa; ka gonne ga re batle go o apola, mme re batla go apara o mongwe, gore se se swang se tle se komediwe ke botshelo.” (2 Bakor. 5:4) Ga se gore Bakeresete bano ba lapisitswe ke botshelo e bile ba batla go swa. Go na le moo, ba itumelela go tshela e bile ba batla go fetsa letsatsi lengwe le lengwe ba direla Jehofa ba na le ba lelapa le ditsala tsa bone. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore ba dira eng, ba nna ba gopotse tsholofelo e e molemo e ba nang le yone ya mo nakong e e tlang.—1 Bakor. 15:53; 2 Pet. 1:4; 1 Joh. 3:2, 3; Tshen. 20:6.

A JEHOFA O GO TLODITSE?

14. Ke dilo dife tse di sa bontsheng gore motho o tloditswe ka moya o o boitshepo?

14 Gongwe o ipotsa gore a o tloditswe ka moya o o boitshepo. Fa go le jalo, akanya ka dipotso tseno tsa botlhokwa: A o na le keletso e kgolo ya go dira thato ya ga Jehofa? A o akanya gore o tlhagafetse thata mo tirong ya go rera? A o itumelela go ithuta Lefoko la Modimo le go ithuta “dilo tse di boteng tsa Modimo”? (1 Bakor. 2:10) A o dumela gore Jehofa o go segofaditse thata mo tirong ya go rera? A o utlwa o patelesega gore o thuse ba bangwe gore ba ithute ka Jehofa? A go na le bosupi jwa gore Jehofa o go thusitse ka ditsela dingwe tse di rileng? Fa o dumalana le dipotso tseno tsotlhe, a seno se raya gore o tlhophilwe go ya go tshela kwa legodimong? Nnyaa, ga go a nna jalo. Ke ka ntlha yang fa re rialo? Ka gonne batlhanka botlhe ba Modimo ba ka ikutlwa jalo, e ka ne ba tloditswe kgotsa ba sa tlodiwa. Mo godimo ga moo, Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go thusa ope wa batlhanka ba gagwe go dira dilo tseo, go sa kgathalesege gore o na le tsholofelo efe. Tota e bile, fa e le gore o ipotsa gore a o tloditswe ka moya o o boitshepo, seo se raya gore ga wa tlodiwa. Batho ba ba tloditsweng ke Jehofa ga ba na pelaelo ya gore a ba tloditswe kgotsa ga ba a tlodiwa! Ba a itse!

Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo gore a neye Aborahame, Sara, Dafide, le Johane Mokolobetsi maatla a go dira dilo tse di gakgamatsang, le fa go ntse jalo, ga a ka a dirisa moya oo gore a ba neye tsholofelo ya go tshela kwa legodimong (Bona serapa 15-16) *

15. Re itse jang gore ga se batho botlhe ba ba neilweng moya o o boitshepo ba ba tlhophilweng go ya go tshela kwa legodimong?

15 Baebele e bua ka batho ba le bantsi ba tumelo ba ba ileng ba amogela moya o o boitshepo; le fa go ntse jalo, ba ne ba se na tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Dafide o ne a kaelwa ke moya o o boitshepo. (1 Sam. 16:13) Moya o o boitshepo o ne wa mo thusa go tlhaloganya dilo tse di boteng ka ga Jehofa e bile o ne wa mo thusa go kwala dikarolo dingwe tsa Baebele. (Mar. 12:36) Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Petere o ile a re Dafide ga a “ka a tlhatlogela kwa magodimong.” (Dit. 2:34) Johane Mokolobetsi o ne a “tlala moya o o boitshepo.” (Luke 1:13-16) Jesu o ne a re ga go na motho ope yo mogolo go feta Johane, le fa go ntse jalo o ile a re Johane ga a kitla a nna karolo ya Bogosi jwa kwa legodimong. (Math. 11:10, 11) Jehofa o ile a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go naya banna bao maatla a go dira dilo tse di gakgamatsang, mme gone, ga a ka a dirisa moya oo go ba tlhopha gore ba ye go tshela kwa legodimong. A seo se raya gore ba ne ba sa ikanyege jaaka ba ba tlhophilweng go ya go tshela kwa legodimong? Nnyaa. Go na le moo, seo se raya gore Jehofa o tla ba tsosa gore ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise.—Joh. 5:28, 29; Dit. 24:15.

16. Bontsi jwa batlhanka ba Modimo gompieno ba na le tsholofelo efe?

16 Bontsi jwa batlhanka ba Modimo gompieno ga ba na tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong. Fela jaaka Aborahame, Sara, Dafide, Johane Mokolobetsi le banna le basadi ba bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng fa Bogosi Jwa Modimo bo tla bo bo ba busa.—Baheb. 11:10.

17. Re tla araba dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

17 Gompieno go sa ntse go na le batlodiwa, ka jalo, re ka tswa re ipotsa dipotso dingwe. (Tshen. 12:17) Ka sekai, re ka tswa re ipotsa gore motho yo o tloditsweng o tshwanetse go itsaya jang? Fa mongwe mo phuthegong ya lona a simolola go ja senkgwe le go nwa beine kwa Segopotsong, lo tshwanetse go dirisana jang le motho yoo? Mme gotweng fa e le gore palo ya ba ba reng ba tloditswe e nna e ntse e oketsega? A seo se tshwanetse go re tshwenya? Re tla araba dipotso tseo mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 5 Fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E. Jehofa o neile Bakeresete bangwe tsholofelo e e itumedisang ya go busa le Morwawe kwa legodimong. Mme gone, Bakeresete bao ba itse jang gore ba tlhophilwe go ya go busa le Keresete kwa legodimong? Go direga eng fa Jehofa a tlhopha mongwe gore a ye kwa legodimong? Re tla araba dipotso tseno mo setlhogong seno. Setlhogo seno se theilwe mo setlhogong se se neng se tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 2016.

^ ser. 2 TLHALOSO: Go tlodiwa ka moya o o boitshepo: Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go tlhopha batho ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong. O dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go ba naya tsholofetso e e tla diragadiwang mo nakong e e tlang, kgotsa go ba naya “sesupo sa go sa le gale.” (Baef. 1:13, 14) Bakeresete bano ba ka re moya o o boitshepo o a ba “supela” kgotsa o ba netefaletsa gore tuelo ya bone ke ya kwa legodimong.—Bar. 8:16.

^ ser. 5 TLHALOSO: Letshwao. Letshwao leno ga le tlhomamisiwe go fitlha nako nngwe pele ga motho a swa a ikanyega kgotsa nako nngwe pele ga pitlagano e kgolo e runya.—Baef. 4:30; Tshen. 7:2-4; bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 2007.

^ ser. 10 Go bona tlhaloso e e oketsegileng malebana le gore go ‘tsalwa gape’ go kaya eng, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa April 1, 2009, ts. 3-12.

PINA 27 Go Galalediwa ga Barwa ba Modimo

^ ser. 57 TLHALOSO YA SETSHWANTSO: Go sa kgathalesege gore a re tshwerwe ka ntlha ya se re se dumelang kgotsa re na le kgololesego ya go rera le go ruta boammaaruri, re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng fa Bogosi Jwa Modimo bo tla bo bo busa.