Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 5

Re Tla Tsamaya le Lona

Re Tla Tsamaya le Lona

“Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”—SEKA. 8:23.

PINA 26 Lo Diretse Nna

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Ba dinku tse dingwe (“batho ba le lesome”) ba itumelela go direla Jehofa ba na le batlodiwa (“monna wa Mojuda”) (Bona serapa 1-2)

1. Jehofa o ile a bolelela pele gore go tla direga eng?

JEHOFA o ile a bolelela pele jaana: “Batho ba le lesome ba ba tswang mo dipuong tsotlhe tsa ditšhaba ba tla tshwara, ee, ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” (Seka. 8:23) “Monna wa Mojuda” yo go buiwang ka ene fano o emela batho ba Modimo a ba tloditseng ka moya o o boitshepo. Gape ba bidiwa “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 6:16) “Batho ba le lesome” ba emela batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Ba a itse gore Jehofa o tlhophile setlhopha sa batlodiwa e bile ba go tsaya e le tshiamelo go mo direla ba na le bone.

2. “Batho ba le lesome” ba “tsamaya” jang le batlodiwa?

2 Le fa gone re ka se kgone go itse maina a batho botlhe ba ba tloditsweng gompieno, * batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng ba kgona go “tsamaya” le bone. Jang? Baebele ya re “batho ba le lesome” ba ne “ba tla tshwara ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda, ba re: ‘Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.’” Temana eno ya Baebele e umaka monna a le mongwe wa Mojuda. Le fa go ntse jalo, lefoko “lona” le bua ka batho ba le bantsi. Seno se raya gore monna yono wa Mojuda ga se motho a le mongwe fela, mme o emela setlhopha sotlhe sa Bakeresete ba ba tloditsweng. Bakeresete ba ba sa tlodiwang ba direla Jehofa ba na le ba ba tloditsweng. Le fa go ntse jalo, ga ba tseye batlodiwa e le baeteledipele ba bone ka gonne ba a itse gore Jesu ke ene Moeteledipele wa bone.—Math. 23:10.

3. Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

3 E re ka go sa ntse go na le Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno, bangwe ba ka nna ba ipotsa jaana: (1) Batlodiwa ba tshwanetse go itsaya jang? (2) Re tshwanetse go tshwara jang batho ba ba jang senkgwe le ba ba nwang beine kwa Segopotsong? (3) A re tshwanetse go tshwenyega fa palo ya ba ba jang ditshwantshetso e nna e oketsega? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseo.

BATLODIWA BA TSHWANETSE GO ITSAYA JANG?

4. Batlodiwa ba tshwanetse go akanya thata ka tlhagiso efe e e mo go 1 Bakorintha 11:27-29, mme ka ntlha yang?

4 Batlodiwa ba tshwanetse go akanya thata ka tlhagiso e e mo go 1 Bakorintha 11:27-29. (E bale.) Motlodiwa a ka ja ditshwantshetso jang “a sa tshwanela”? A ka dira jalo ka go ja le go nwa ditshwantshetso, mme gone a sa ikobele melao ya ga Jehofa. (Baheb. 6:4-6; 10:26-29) Batlodiwa ba tshwanetse go gopola gore ba tlhoka go ikanyega fa e le gore ba batla go amogela “tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo ka Keresete Jesu.”—Bafil. 3:13-16.

5. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go itsaya jang?

5 Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe gore ba nne boikokobetso. (Baef. 4:1-3; Bakol. 3:10, 12) Ka jalo, batlodiwa ga ba tseye gore ba botoka go feta batho ba bangwe. Ba a itse gore Jehofa ga a ba neye moya o o boitshepo go feta o a o nayang batlhanka ba bangwe ba gagwe. Ga ba tseye gore ba tlhaloganya Baebele botoka go feta batho ba bangwe. Mo godimo ga moo, ba ka se bolelele motho yo mongwe gore le ene o tloditswe le gore o tshwanetse go simolola go ja ditshwantshetso kwa Segopotsong. Go na le moo, ba dumela gore Jehofa ke ene fela a tlhophang batho ba ba tla yang kwa legodimong.

6. Go ya ka 1 Bakorintha 4:7 le 8, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tshwanetse go itshwara jang?

6 Le fa gone batlodiwa ba itse gore ke tshiamelo go ya go tshela kwa legodimong, ga ba a lebelela gore batho ba bangwe ba ba tseele kwa godimo. (Bafil. 2:2, 3) Gape ba a itse gore fa Jehofa a ne a ba tlotsa, ga a ka a bolelela batho ba bangwe ka seo. Ka jalo, motlodiwa ga a gakgamale fa batho bangwe kwa tshimologong ba sa dumele gore o tloditswe. O a itse gore Baebele ya re re se ka ra nna bonako go dumela motho mongwe yo o reng Modimo o mo neile boikarabelo bongwe jo bo kgethegileng. (Tshen. 2:2) E re ka Mokeresete yo o tloditsweng a sa batle gore batho ba mo tlotlomatse, ga a bolelele batho ba e leng la ntlha a kopana le bone gore o tloditswe. Mo godimo ga moo, ga a ikgantshe ka seo fa a na le ba bangwe.—Bala 1 Bakorintha 4:7, 8.

7. Batlodiwa ga ba a tshwanela go dira eng, mme ka ntlha yang?

7 Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba tseye gore ba tshwanetse go fetsa nako fela le Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng, jaaka e kete ke maloko a lekoko lengwe le le kgethegileng. Ga ba leke go batla Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng gore ba tle ba tlotle ka gore go ntse jang go nna motlodiwa, le gore ba nne le ditlhopha tsa go ithuta Baebele. (Bagal. 1:15-17) Fa batlodiwa ba ka dira jalo phuthego ga e kitla e nna seoposengwe. Mo godimo ga moo, ba tla bo ba sa dirisane le moya o o boitshepo o o thusang batho ba Modimo gore ba nne le kagiso le gore ba nne seoposengwe.—Bar. 16:17, 18.

RE TSHWANETSE GO TSHWARA BATLODIWA JANG?

Ga re a tshwanela go tshwara batlodiwa kgotsa batho ba bangwe ba ba etelelang pele jaaka e kete ke bagaka (Bona serapa 8) *

8. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re tshwarang batho ba ba jang ditshwantshetso kwa Segopotsong? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

8 Re tshwanetse go tshwara jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tloditsweng? Go tla bo go le phoso gore re ba tlotlomatse thata, le fa gone ba tloditswe. (Math. 23:8-12) Fa Baebele e bua ka bagolwane, e re kgothaletsa gore re “etse tumelo ya bone,” mme ga e re bolelele gore re ka dira gore motho ope fela e nne moeteledipele wa rona. (Baheb. 13:7) Gone ke boammaaruri gore Baebele ya re bangwe ba tshwanelwa ke “tlotlo e e menaganeng sebedi,” mme ba tshwanelwa ke tlotlo eo ka gonne ba ‘okamela ka tsela e e molemo,’ e bile ‘ba dira ka natla mo go bueng le mo go ruteng,’ e seng ka gonne ba tloditswe. (1 Tim. 5:17) Fa re ka tlotlomatsa batlodiwa thata, re ka nna ra dira gore ba tlhabiwe ke ditlhong. * Mo godimo ga moo, re ka nna ra dira gore ba feleletse ba ikgogomosa. (Bar. 12:3) Ga go na ope wa rona yo a ka batlang go dira gore mongwe wa bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba dire phoso e e masisi jalo.—Luke 17:2.

9. Re ka bontsha jang gore re tlotla Bakeresete ba ba tloditsweng?

9 Re ka bontsha jang gore re tlotla batho ba Jehofa a ba tloditseng ka moya o o boitshepo? Ga re a tshwanela go ba botsa gore go tlile jang gore ba tlodiwe. Eo ke kgang ya botho e bile ga re na tshwanelo ya go itse ka yone. (2 Bathes. 3:11) Gape ga re a tshwanela go tsaya gore balekane ba bone ba lenyalo, batsadi ba bone kgotsa maloko a mangwe a lelapa la bone, le bone ba tloditswe. Motho ga a gotse tsholofelo ya go tshela kwa legodimong go tswa mo go ba lelapa la gagwe. O e newa ke Modimo. (1 Bathes. 2:12) Gape ga re a tshwanela go botsa ba bangwe dipotso tse di ka ba utlwisang botlhoko. Ka sekai, ga re a tshwanela go botsa mosadi wa mokaulengwe yo o tloditsweng gore o ikutlwa jang ka go tshelela ruri mo lefatsheng ntle le monna wa gagwe. Re a itse gore kwa lefatsheng le lesha Jehofa o tla ‘kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pes. 145:16.

10. Fa re sa tlotlomatse batho ba bangwe re itshireletsa jang?

10 Fa re sa tlotlomatse batlodiwa thata, re a itshireletsa. Re raya jang? Baebele ya re batlodiwa bangwe ba ka nna ba tlogela go ikanyega. (Math. 25:10-12; 2 Pet. 2:20, 21) Fa re tila go tlotlomatsa batho, ga re kitla re nna balatedi ba batho ba bangwe, tota le e leng ba ba tloditsweng, kgotsa ba ba itsegeng, kgotsa ba ba ileng ba direla Jehofa nako e e telele. (Jude 16) Seo se tla dira gore re se ka ra tlogela go dumela mo go Jehofa kgotsa go mo direla fa bone ba tlogela go ikanyega kgotsa ba tlogela phuthego.

A RE TSHWANETSE GO TSHWENYEGA KA PALO YA BA BA JANG DITSHWANTSHETSO?

11. Go ntse go direga eng ka palo ya ba ba jang ditshwantshetso kwa Segopotsong?

11 Go fetile dingwaga di le dintsi palo ya batho ba ba jang ditshwantshetso kwa Segopotsong e ntse e fokotsega. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana palo eo e ntse e tlhatloga ngwaga le ngwaga. A seno se tshwanetse go re tshwenya? Nnyaa. Mma re bone gore ke eng fa re rialo.

12. Ke eng fa re sa tshwanela go tshwenyega ka palo ya ba ba jang ditshwantshetso kwa Segopotsong?

12 “Jehofa o itse ba e leng ba gagwe.” (2 Tim. 2:19) Go farologana le Jehofa, bakaulengwe ba ba tsayang palo ya batho ba ba jang kwa Segopotsong ga ba itse gore ke bomang ba ruri ba tloditsweng. Ka jalo, palo eo e akaretsa batho ba ba akanyang gore ba tloditswe mme gone ba sa tlodiwa. Ka sekai, bangwe ba ba neng ba ja ditshwantshetso ba ile ba tlogela. Batho ba bangwe ba ka tswa ba na le mathata a tlhaloganyo kgotsa a mo maikutlong a a dirang gore ba dumele gore ba tla busa le Keresete kwa legodimong. Eleruri ga re itse gore go na le batlodiwa ba le kae ba ba setseng mo lefatsheng.

13. A Baebele e tlhalosa gore go tla bo go na le batlodiwa ba le kae fa pitlagano e kgolo e simologa?

13 Go tla bo go na le batlodiwa ba le bantsi mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe fa Jesu a tla go ba tseela kwa legodimong. (Math. 24:31) Gone Baebele ya re mo metlheng ya bofelo go tla nna le palo e nnye fela ya batlodiwa mo lefatsheng. (Tshen. 12:17) Le fa go ntse jalo, ga e tlhalose gore go tla bo go na le ba le kae fa pitlagano e kgolo e simologa.

Re tshwanetse go dira eng fa mongwe a ja ditshwantshetso kwa Segopotsong? (Bona serapa 14)

14. Go ya ka Baroma 9:11 le 16, re ithuta eng ka go tlhophiwa ga batlodiwa?

14 Jehofa ke ene a dirang tshwetso ya gore o tlhopha batlodiwa leng. (Bar. 8:28-30) Jehofa o ile a simolola go tlhopha batlodiwa fa Jesu a sena go tsosiwa. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go lebega Bakeresete botlhe ba boammaaruri e ne e le batlodiwa. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, bontsi jwa batho ba ba neng ba re ke Bakeresete, tota ba ne ba sa latele Keresete. Le fa go ntse jalo, tota le mo dingwageng tseo, Jehofa o ile a tlotsa Bakeresete ba boammaaruri ba ba neng ba le teng. Ba ne ba tshwana le korong e Jesu a ileng a re e tla gola mo gare ga mefero. (Math. 13:24-30) Mo metlheng eno ya bofelo, Jehofa o sa ntse a tlhopha batho ba e tla nnang karolo ya ba ba 144 000. * Ka jalo fa Modimo a tlhopha bangwe gore e nne batlodiwa pelenyana fela ga bokhutlo, ga re a tshwanela go belaela tshwetso ya gagwe. (Bala Baroma 9:11, 16.) * Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tshwana le badiri ba Jesu a ileng a bua ka bone mo setshwantshong sa gagwe. Ba ile ba ngongorega ka ntlha ya tsela e mong wa bone a ileng a tshwara batho ba ba ileng ba simolola go bereka ka ura ya bofelo.—Math. 20:8-15.

15. A batlodiwa botlhe ke karolo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo go buiwang ka ene mo go Mathaio 24:45-47? Tlhalosa.

15 Ga se batho botlhe ba ba nang le tsholofelo ya go ya kwa legodimong ba e leng karolo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Bala Mathaio 24:45-47.) Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno Jehofa le Jesu ba dirisa bakaulengwe ba le mmalwa gore ba fepe kgotsa ba rute batho ba bangwe. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ke Bakeresete ba le mmalwa fela ba ba tloditsweng ba ba ileng ba dirisiwa go kwala dibuka tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Gompieno, ke Bakeresete ba le mmalwa fela ba ba tloditsweng ba ba nang le boikarabelo jwa go fa batho ba Modimo “dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.”

16. O ithutile eng mo setlhogong seno?

16 Re ithutile eng mo setlhogong seno? Jehofa o dirile tshwetso ya gore a neye bontsi jwa batlhanka ba gagwe mpho ya go tshelela ruri mo lefatsheng, mme a neye ba le mmalwa fela tshiamelo ya go busa kwa legodimong le Jesu. Jehofa o segofatsa batlhanka ba gagwe botlhe—“monna wa Mojuda” gammogo le “batho ba le lesome”—e bile o batla gore botlhe ba ikobele melao e e tshwanang le gore ba tswelele ba ikanyega. Batlhanka ba gagwe botlhe ba tshwanetse go ikokobetsa. Ba tshwanetse go mo direla ba le mmogo e bile ba le seoposengwe. Mo godimo ga moo, ba tshwanetse go leka ka natla gore go tswelele go na le kagiso mo phuthegong. Fa re ntse re atamela bokhutlo, e kete rotlhe re ka tswelela re direla Jehofa e bile re latela Keresete re le “letsomane le le lengwe.”—Joh. 10:16.

^ ser. 5 Monongwaga, Segopotso sa Loso Lwa ga Keresete se tla tshwarwa ka Labobedi, April 7. Re tshwanetse go leba jang ba ba jang senkgwe le ba ba nwang beine kwa Segopotsong? A re tshwanetse go tshwenyega fa palo ya ba ba jang ditshwantshetso e nna e oketsega? Re tla bona dikarabo tsa dipotso tseo mo setlhogong seno se se theilweng mo setlhogong se se neng se tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 2016.

^ ser. 2 Go ya ka Pesalema 87:5, 6, mo nakong e e tlang Modimo a ka nna a senola maina a batho botlhe ba ba busang le Jesu kwa legodimong.—Bar. 8:19.

^ ser. 8 Bona lebokoso le le reng “Lorato ‘ga lo Itshware ka Tsela E e Sa Tshwanelang’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 2016.

^ ser. 14 Le fa gone Ditiro 2:33 e tlhalosa gore batho ba newa moya o o boitshepo ka Jesu, Jehofa ke ene a tlhophang gore o tlotsa mang.

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 1, 2007.

PINA 34 Go Tsamaya ka Bothokgami

^ ser. 56 SETSHWANTSHO: Akanya kwa kopanong moemedi wa ntlokgolo le mosadi wa gagwe ba dikologilwe ke batho ba bantsintsi e bile ba ba pitlagantse ka gonne ba batla go ba tsaya dinepe. Ruri seo ga se a siama!