Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 6

Jehofa Rraarona o re Rata Fela Thata

Jehofa Rraarona o re Rata Fela Thata

“Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona.’”—MATH. 6:9.

PINA 135 Jehofa o Bua Jaana: “Tlhalefa Morwaaka”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Motho o ne a tshwanetse go dira eng fa a batla go bua le kgosi ya Peresia?

AKANYA o nna kwa Peresia dingwaga di ka nna 2 500 tse di fetileng. O batla go bua le kgosi ka kgang nngwe e e rileng, ka jalo, o ya kwa kgosi e nnang teng kwa motseng wa Shushane. Mme gone, o ka se ye go bua le kgosi o sa newa tetla. Fa o ka leka go bua le kgosi o sa newa tetla, o ka nna wa bolawa!—Eseth. 4:11.

2. Jehofa o batla gore re ikutlwe jang ka go bua le ene?

2 Re leboga Jehofa fela thata go bo a sa tshwane le kgosi eo ya kwa Peresia! Jehofa o maatla go feta dikgosi tsotlhe tsa batho, le fa go ntse jalo, re kgona go bua le ene nako nngwe le nngwe fela. Ga a batle gore re tshabe go bua le ene. Ka sekai, le fa gone Jehofa a na le direto di le dintsi tse di kgatlhang tse di jaaka Mmopi yo Mogolo, Mothatayotlhe le Morena Molaodimogolo, o batla gore re mmitse “Rraarona.” (Math. 6:9) Go itumedisa tota go itse gore Jehofa o batla re atamalana le ene.

3. Ke eng fa re ka bitsa Jehofa re re “Rraarona,” mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Go a utlwala gore re bitse Jehofa “Rraarona” ka gonne ke ene a re neileng botshelo. (Pes. 36:9) E re ka Jehofa e le Rraarona, re tshwanetse go mo ikobela. Fa re dira dilo tse a kopang gore re di dire, o tla re segofatsa. (Baheb. 12:9) Mo nakong e e tlang, o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Mme le gone jaanong Jehofa o a re segofatsa. Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jehofa o dira eng gone jaanong go re bontsha gore ke Rraarona le gore o a re rata. Gape re tla bona gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore ga a kitla a re latlha le mo nakong e e tlang. Mma re simolole ka go bona gore ke eng fa re tlhomamisegile gore Jehofa o a re rata e bile o batla go re thusa.

JEHOFA KE RRE YO O LORATO

Jehofa o batla gore re atamalane le ene, fela jaaka rre yo o lorato a batla gore bana ba gagwe ba atamalane le ene (Bona serapa 4)

4. Ke eng fa go le thata gore batho bangwe ba tseye Jehofa jaaka Rraabone?

4 A go thata gore o tseye Jehofa jaaka Rraago? Batho bangwe ba akanya gore Jehofa o mogolo thata mo e leng gore ga re botlhokwa mo go ene. Ba akanya gore ga a na sepe le bone. Mme gone, Jehofa ga a batle re ikutlwa jalo. O re file botshelo e bile o batla gore re atamalane le ene. Fa moaposetoloi Paulo a sena go tlhalosetsa batho bangwe ba kwa Athena kgang eno o ile a re Jehofa ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Dit. 17:24-29) Jehofa o batla gore re bue le ene fela jaaka ngwana a bua le motsadi wa gagwe.

5. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng kgaitsadi mongwe?

5 Go thata gore batho bangwe ba tseye Jehofa jaaka Rraabone ka gonne ba godisitswe ke borre ba ba neng ba se na lorato kgotsa ba ba neng ba sa ba tshware sentle. Kgaitsadi mongwe a re: “Rre o ne a le lesotlo tota. Ka jalo fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele, go ne go le thata gore ke tlhaloganye gore Jehofa ke Rre yo o lorato. Mme gone, fa ke simolola go itse Jehofa botoka, dilo di ne tsa fetoga.” A le wena go thata gore o tseye Jehofa jaaka Rre yo o lorato? Fa go ntse jalo, o se ka wa kgobega marapo. Fa nako e ntse e ya le wena o tla kgona go lemoga gore Jehofa ke Rre yo o lorato.

6. Go ya ka Mathaio 11:27, Jehofa o ile a dira eng se se re thusang go lemoga gore ke Rre yo o lorato?

6 Jehofa o ile a dira gore dilo tse Jesu a neng a di bua le tse a neng a di dira di kwalwe mo Baebeleng. Dilo tseo di re thusa go lemoga gore Jehofa ke Rre yo o lorato. (Bala Mathaio 11:27.) Jesu o ne a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa, ke gone ka moo a ileng a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh. 14:9) Jesu o ne a tlhola a tlhalosa gore Jehofa ke Rraarona. Tota e bile, mo dibukeng tsa Diefangele, Jesu o ile a bitsa Jehofa a re “Rara” makgetlo a le mantsi. Ke eng fa Jesu a ne a rata go bua ka Jehofa thata jaana? Lebaka lengwe ke gore, o ne a batla go thusa batho go lemoga gore Jehofa ke Rre yo o lorato.—Joh. 17:25, 26.

7. Re ithuta eng ka Jehofa mo tseleng e a neng a dirisana le Jesu ka yone?

7 Re ka ithuta go le gontsi ka Jehofa mo tseleng e a neng a dirisana le Jesu ka yone. Ka metlha Jehofa o ne a reetsa dithapelo tsa ga Jesu. Mo godimo ga moo, o ne a di araba. (Joh. 11:41, 42) Le fa Jesu a ile a lebana le mathata a le mantsi, o ne a itse gore Rraagwe o a mo rata e bile o mo eme nokeng.—Luke 22:42, 43.

8. Jehofa o ne a tlamela Jesu jang?

8 Jesu o ile a re: “Ke tshela ka ntlha ya ga Rara.” Seno se bontsha gore Jesu o ne a itse gore Jehofa ke ene a mo neileng botshelo e bile ke ene a mo tlamelang. (Joh. 6:57) Jesu o ne a tshepa Rraagwe, mme ka metlha, Jehofa o ne a mo tlamela ka dilo tse a di tlhokang. Mme sa botlhokwa le go feta, Jehofa o ile a thusa Jesu gore a tswelele a ikanyega mo go ene.—Math. 4:4.

9. Jehofa o ile a bontsha jang gore o rata Jesu?

9 E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, o ile a tlhomamisa gore Jesu o a itse gore o mo eme nokeng. (Math. 26:53; Joh. 8:16) Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a ka a sireletsa Jesu mo dilong tsotlhe tse di neng di ka mo utlwisa botlhoko. Mme gone, o ile a mo thusa go itshokela mathata. Jesu o ne a itse gore mathata otlhe a a neng a ka lebana le one, e ne e le a nakwana fela. (Baheb. 12:2) Jehofa o ile a bontsha gore o rata Jesu ka gonne o ne a mo reetsa, a mo tlamela, a mo ruta e bile a mo tshegetsa. (Joh. 5:20; 8:28) Mma re bone gore le rona Jehofa o re thusa jang ka tsela e e tshwanang.

JEHOFA O BONTSHA JANG GORE O A RE RATA?

Rre yo o lorato (1) o reetsa bana ba gagwe, (2) o a ba tlamela, (3) o a ba ruta e bile (4) o a ba sireletsa. Jehofa o dira se se tshwanang (Bona serapa 10-15) *

10. Go ya ka Pesalema 66:19 le 20, Jehofa o bontsha jang gore o a re rata?

10 O reetsa dithapelo tsa rona. (Bala Pesalema 66:19, 20.) Jehofa o batla gore re bue le ene ka metlha. Ka jalo, ga a re beela melao ya gore re rapele leng, re rapelele eng le gore re rapele lobaka lo lo kana kang. (1 Bathes. 5:17) Re kgona go rapela nako nngwe le nngwe e bile re kgona go rapela gongwe le gongwe fela. Ka metlha fa re rapela Jehofa o a re reetsa. Fa re lemoga gore Jehofa o reetsa dithapelo tsa rona, re tla mo rata le go feta. Mopesalema o ne a re: ‘Ke rata Jehofa ka gonne o utlwa lentswe la me.’—Pes. 116:1.

11. Jehofa o araba dithapelo tsa rona jang?

11 Mme gone, ga se gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa rona fela, gape o a di araba. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya [Modimo], o a re utlwa.” (1 Joh. 5:14, 15) Mme gone, ga re a tshwanela go lebala gore ka dinako tse dingwe, Jehofa o araba dithapelo tsa rona ka tsela e re neng re sa e lebelela. E re ka e le ene a itseng se re se tlhokang, a ka nna a dira tshwetso ya gore a se ka a re naya selo se re se kopileng. Kgotsa a ka nna a tsaya nakonyana pele a araba dithapelo tsa rona.—2 Bakor. 12:7-9.

12-13. Jehofa o re tlamela ka ditsela dife?

12 O a re tlamela. Jehofa o dira selo se a lebeletseng gore borre botlhe ba se dire. (1 Tim. 5:8) O tlamela bana ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang. Ga a batle re tshwenyega ka gore re tla ja eng, re tla apara eng kgotsa re tla latsa tlhogo kae. (Math. 6:32, 33; 7:11) E re ka Jehofa a re rata, o ile a tlhomamisa gore re tla nna le dilo tse re di tlhokang mo nakong e e tlang.

13 Sa botlhokwa le go feta, Jehofa o re tlamela ka dilo tse di re thusang gore re atamalane le ene. O dirisa Baebele go re thusa gore re mo itse, re itse boikaelelo jwa gagwe, re itse gore ke eng fa a re bopile le gore go tla direga eng mo nakong e e tlang. O ile a re thusa gore re mo itse a dirisa batsadi ba rona kgotsa motho yo a neng a re ruta Baebele. Gape o dirisa bagolwane kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe mo phuthegong go re thusa gore re tswelele re mo direla. Mo godimo ga moo, o a re ruta kwa dipokanong. Jehofa o dirisa dilo tseno le tse dingwe go re bontsha gore ke Rraarona le gore o a re rata.—Pes. 32:8.

14. Ke eng fa Jehofa a re ruta, mme o dira seo jang?

14 O a re ruta. Ga re tshwane le Jesu ka gonne re na le boleo. Ka jalo, ka dinako tse dingwe, Jehofa o re ruta ka go re kgalemela. Baebele ya re: “Jehofa o kgalemela yo a mo ratang.” (Dia. 3:12) Jehofa o re kgalemela ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, re ka nna ra bala sengwe mo Baebeleng kgotsa ra utlwa sengwe kwa dipokanong re bo re lemoga gore re tshwanetse go dira diphetogo. Ka dinako tse dingwe, re thusiwa ke bagolwane. Le fa Jehofa a ka dirisa tsela efe go re kgalemela, ka metlha o dira jalo ka gonne a re rata.—Jer. 30:11.

15. Jehofa o re sireletsa jang?

15 O re thusa go itshokela mathata. Fela jaaka rre a thusa bana ba gagwe fa ba na le mathata, le rona Jehofa o re thusa go itshokela mathata. O re naya moya o o boitshepo. Moya oo o re thusa gore re se ka ra dira sepe se se ka senyang botsala jwa rona le Jehofa. (Luke 11:13) Gape Jehofa o a re thusa fa re kgobegile marapo. Ka sekai, o re naya tsholofelo e e itumedisang. Tsholofelo eo e re thusa go itshoka fa re na le mathata. Akanya ka seno: Le fa gone re diragalelwa ke dilo tse di botlhoko, re a itse gore Jehofa o tla di fedisa tsotlhe mo nakong e e tlang. Mathata a rona ke a nakwana fela, mme masego a Jehofa a tlileng go re naya one a tla nnela ruri.—2 Bakor. 4:16-18.

JEHOFA GA A KITLA A RE LATLHA

16. Go ile ga direga eng fa Adame a sena go tlola molao wa Modimo?

16 Se Jehofa a ileng a se dira fa Adame a sena go tlola molao wa Gagwe eleruri se bontsha gore Jehofa o a re rata. Fa Adame a sena go tlola molao wa Modimo, o ne a sa tlhole a le karolo ya lelapa la ga Jehofa. Go ne ga nna fela jalo le ka bana ba ga Adame. (Bar. 5:12; 7:14) Mme gone, Jehofa o ile a dira sengwe go thusa bana ba ga gagwe.

17. Jehofa o o ile a dirang fa Adame a sena go tlola molao wa Gagwe?

17 Jehofa o ile a otlhaya Adame, mme gone, o ile a solofetsa gore o tla thusa bana ba ga Adame. O ile a solofetsa gore batho ba ba mo ikobelang ba tla boa ba nna karolo ya lelapa la gagwe gape. (Gen. 3:15; Bar. 8:20, 21) Jehofa o ile a kgona go dira seno ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. O ile a bontsha gore o re rata fela thata fa a ne a ntsha Morwawe gore a re swele.—Joh. 3:16.

Fa e le gore o ile wa tlogela go direla Jehofa mme gone jaanong o ikwatlhaya, Jehofa o tla go amogela (Bona serapa 18)

18. Goreng re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o a re rata le fa re ka tswa re ile ra tlogela go mo direla?

18 Le fa gone re dira diphoso, Jehofa o batla gore re nne karolo ya lelapa la gagwe, e bile o itumelela go re thusa. Le fa re ka mo utlwisa botlhoko kgotsa ra tlogela go mo direla, ga a nke a re tlhoboga. Kgang ya morwa sesenyi e Jesu a ileng a e bua e re thusa go lemoga gore Jehofa o re rata go le kana kang. (Luke 15:11-32) Mo kgannyeng eo ya ga Jesu, rraagwe mosimane wa seganana ga a ka a tlhoboga morwawe. Fa mosimane yoo a ne a boela gae, rraagwe o ile a mo amogela. Fa ele gore o ile wa tlogela go direla Jehofa mme gone jaanong o ikwatlhaya, itse gore Jehofa o tlile go go amogela.

19. Jehofa o tla baakanya jang mathata a a bakilweng ke Adame?

19 Jehofa o tla baakanya mathata otlhe a a bakilweng ke Adame. Fa Adame a sena go tsuologa, Jehofa o ile a dira tshwetso ya gore o tla tlhopha batho ba le 144 000 gore ba ye go busa le Jesu kwa legodimong e le dikgosi le baperesiti. Mo lefatsheng le lesha, Jesu le ba a tla bong a busa le bone ba tla thusa batho gore ba boe ba itekanele gape. Morago ga teko ya bofelo, Jehofa o tla naya botlhe ba ba mo ikobelang botshelo jo bo sa khutleng. Jehofa o tlile go itumelela go bona lefatshe le tletse ka batho ba ba mo ikobelang. Eo e tla bo e le nako e e itumedisang eleruri!

20. Jehofa o bontshitse jang gore o a re rata, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Jehofa o re bontshitse gore o re rata fela thata. Ke Rre yo o molemo. O reetsa dithapelo tsa rona e bile o re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. O a re ruta e bile o a re thusa. Gape o tla re direla dilo tse dintle mo nakong e e tlang. Go itse gore Jehofa o a re rata go re itumedisa fela thata. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore rona re ka bontsha jang gore re lebogela lorato lwa gagwe.

PINA 108 Lorato Lwa Modimo lo lo Ikanyegang

^ ser. 5 Re a itse gore Jehofa ke Mmopi wa rona e bile ke Molaodimogolo wa lobopo. Mme gone, gape Jehofa ke Rraarona e bile o a re rata. Setlhogo seno se tla re thusa go bona go re ke eng fa re rialo. Gape se tla re thusa go bona gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore Jehofa ga a kitla a re latlha.

^ ser. 59 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Ditshwantsho tseno tsotlhe di bontsha rre a na le ngwana wa gagwe: (1) Rre o reeditse morwawe. (2) Rre o tlamela morwadie ka dilo tse a di tlhokang. (3) Rre o ruta morwawe. (4) Rre o gomotsa morwawe. Letsogo la ga Jehofa le le tlhagang kwa morago le bontsha gore Jehofa le rona o re tlhokomela ka ditsela tseno.