Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 8

Lwantsha Lefufa Mme o Latelele Kagiso

Lwantsha Lefufa Mme o Latelele Kagiso

“A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.”—BAR. 14:19.

PINA 113 Re Tshwanetse go Nna Kagiso

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Lefufa le ile la ama lelapa la ga Jakobe jang?

JAKOBE o ne a rata bomorwawe botlhe, mme gone, o ne a rata Josefa thata. Seo se ne sa dira gore bomorwarraagwe ba mo tlhoe. Josefa o ne a sa dira sepe se se neng se ka dira gore bomorwarraagwe ba mo tlhoe. Le fa go ntse jalo, ba ile ba mo rekisa gore e nne lekgoba, ba bo ba bolelela rraabone maaka ba re Josefa o bolailwe ke sebatana sa naga. Lefufa le ile la dira gore ba utlwise rraabone botlhoko, e bile ba ile ba dira gore go se ka ga tlhola go nna le boitumelo mo lelapeng.—Gen. 37:3, 4, 27-34.

2. Go ya ka Bagalatia 5:19-21, ke eng fa go nna lefufa go le kotsi?

2 Baebele ya re lefufa * ke nngwe ya “ditiro tsa nama” tse di ka dirang gore motho a se ka a rua Bogosi Jwa Modimo. (Bala Bagalatia 5:19-21.) Go le gantsi, go nna lefufa ke gone go dirang gore motho a nne le mekgwa e e sa siamang e e jaaka go tlhoa ba bangwe, go sa utlwane le batho le go phatloga ka bogale.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Se bomorwarraagwe Josefa ba ileng ba se dira se bontsha gore go nna lefufa go ka dira gore go se ka ga tlhola go nna le kagiso le boitumelo mo lelapeng. Gone ke boammaaruri gore ga re ka ke ra dira se bomorwarraagwe Josefa ba ileng ba se dira, le fa go ntse jalo, rotlhe re na le pelo e e boferefere. (Jer. 17:9) Ke gone moo ka dinako tse dingwe re nang le go fufegela bangwe. Mma re tlotle ka dikai dingwe mo Baebeleng tse di ka re thusang go bona gore ke eng se se ka dirang gore re fufegele ba bangwe. Gape re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra fufegela ba bangwe le gore re ka dirang gore re tshedisane le ba bangwe ka kagiso.

KE ENG SE SE KA DIRANG GORE RE FUFEGELE BA BANGWE?

4. Ke eng fa Bafilisitia ba ne ba fufegela Isake?

4 Fa mongwe a humile. Isake o ne a humile mme Bafilisitia ba ne ba mo fufegela. (Gen. 26:12-14) Ka jalo, ba ile ba katela didiba tse a neng a nosa diruiwa tsa gagwe mo go tsone. (Gen. 26:15, 16, 27) Gompieno batho bangwe ba tshwana le Bafilisitia bao ka gonne le bone ba fufegela batho ba ba humileng. Ba eletsa dilo tse bahumi ba nang le tsone e bile ba eletsa e kete batho bao ba ka bo ba sa huma.

5. Ke eng fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba fufegela Jesu?

5 Fa motho a ratiwa ke batho ba le bantsi. Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba fufegela Jesu ka gonne o ne a ratiwa ke batho ba le bantsi. (Math. 7:28, 29) Jesu e ne e le moemedi wa Modimo e bile o ne a ruta batho boammaaruri. Le fa go ntse jalo, baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba bua maaka ka Jesu e bile ba gogagoga leina la gagwe mo seretseng. (Mar. 15:10; Joh. 11:47, 48; 12:12, 13, 19) Re ka ithuta eng mo pegong eno? Re tshwanetse go leka ka natla gore re se ka ra fufegela bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba ratiwa ke batho ba bantsi ka ntlha ya go bo ba na le dinonofo tse di molemo. Go na le moo, re tshwanetse go etsa sekao sa bone se sentle.—1 Bakor. 11:1; 3 Joh. 11.

6. Dioterefese o ile a bontsha jang gore o fufegela ba bangwe?

6 Fa motho a na le ditshiamelo dingwe mo phuthegong. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Dioterefese o ne a fufegela bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong. O ne a batla go nna le “maemo a ntlha” mo phuthegong, ka jalo, o ile a senya moaposetoloi Johane le bakaulengwe ba bangwe maina. (3 Joh. 9, 10) Le fa gone re ka se dire se Dioterefese a ileng a se dira, re ka nna ra fufegela Mokeresetemmogo le rona fa a newa kabelo e re neng re eletsa go e newa, segolobogolo fa e le gore re akanya gore re ka dira kabelo eo botoka go mo feta.

Pelo ya rona e tshwana le mmu, mme dinonofo tsa rona tse di molemo di tshwana le malomo a mantle. Lefufa lone le tshwana le mofero. Lefufa le ka dira gore re se ka ra nna le dinonofo tse di molemo tse di jaaka lorato, kutlwelobotlhoko le bopelonomi (Bona serapa 7)

7. Go nna lefufa go ka re ama jang?

7 Lefufa le tshwana le mofero. Fa mofero o setse o namile medi, go ka nna thata gore re o kumole. Ka tsela e e tshwanang, fa lefufa le setse le nweleletse mo dipelong tsa rona, go ka nna thata gore re le ntshe. Mekgwa e mengwe e e sa siamang e e jaaka boikgogomoso le bopelotshetlha e ka dira gore re nne lefufa le go feta. Fela jaaka mofero o ka dira gore go nne thata gore malomo a gole, lefufa le lone le ka dira gore go nne thata gore re nne le dinonofo tse dintle tse di jaaka lorato, kutlwelobotlhoko le bopelonomi. Fa re lemoga gore re simolola go fufegela ba bangwe, re tshwanetse go dira sengwe go baakanya bothata joo. Re ka dirang?

NNA BOIKOKOBETSO MME O KGOTSOFALELE SE O NANG LE SONE

Moya o o boitshepo o tla re thusa gore re se ka ra fufegela ba bangwe. Gape o tla re thusa gore re nne boikokobetso le go kgotsofalela dilo tse re nang le tsone (Bona serapa 8-9)

8. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra fufegela batho ba bangwe?

8 Go nna boikokobetso le go kgotsofalela dilo tse re nang le tsone go tla re thusa gore re se ka ra fufegela ba bangwe. Fa re le boikokobetso, ga re kitla re itseela kwa godimo. Motho yo o boikokobetso ga a akanye gore dilo tse dintle di tshwanetse ene fela. (Bagal. 6:3, 4) Motho yo o kgotsofalelang dilo tse a nang le tsone ga a ipapise le batho ba bangwe. (1 Tim. 6:7, 8) Fa re le boikokobetso e bile re kgotsofalela dilo tse re nang le tsone, re tla itumela le batho ba bangwe fa ba newa dilo tse dintle.

9. Go ya ka Bagalatia 5:16 le Bafilipi 2:3 le 4, moya o o boitshepo o tla re thusa gore re direng?

9 Re tlhoka moya wa Modimo go re thusa gore re se ka ra nna le mokgwa o o maswe wa go fufegela batho ba bangwe. Gape o tla re thusa gore re kgotsofalele dilo tse re nang le tsone e bile re nne boikokobetso. (Bala Bagalatia 5:16; Bafilipi 2:3, 4.) Moya wa ga Jehofa o ka re thusa gore re itlhatlhobe. Gape o ka re thusa gore re se ka ra tlhola re nna le dikakanyo le maikutlo a a sa siamang. (Pes. 26:2; 51:10) Mma re tlotle ka Moshe le Paulo. Ba ile ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba nna le mokgwa o o maswe wa go fufegela batho ba bangwe.

Mosha mongwe wa Moiseraele o bolelela Moshe le Joshua gore banna bangwe ba babedi ba itshwara jaaka baporofeti. Joshua o kopa Moshe gore a ba kgalemele mme Moshe o a gana. Go na le moo, o tlhalosa gore o itumelela gore Jehofa o neile banna bao moya wa Gagwe. (Bona serapa 10)

10. Ke maemo afe a a neng a ka dira gore Moshe a fufegele ba bangwe? (Bona setshwantsho sa khabara.)

10 Jehofa o ne a neile Moshe taolo, le fa go ntse jalo, Moshe o ne a sa batle go laola fela a le nosi. Ka sekai, nako nngwe Jehofa o ne a tsaya moya mongwe o o boitshepo mo go Moshe a bo a o naya bagolwane bangwe ba Baiseraele ba ba neng ba eme gaufi le mogope wa bokopanelo. Nakonyana morago ga moo, Moshe o ile a utlwa gotwe bagolwane bangwe ba babedi ba ba neng ba seyo kwa mogopeng wa bokopanelo le bone ba ne ba neilwe moya o o boitshepo le gore ba ne ba simolotse go itshwara jaaka baporofeti. Moshe o ile a dirang fa Joshua a ne a mo kopa gore a thibe bagolwane bao ba babedi? Ga a ka a fufegela bagolwane bao. Go na le moo, o ile a ba itumelela mme seo se ne se bontsha gore o boikokobetso. (Dipa. 11:24-29) Re ka ithuta eng mo go Moshe?

Bagolwane ba ka etsa Moshe jang? (Bona serapa 11-12) *

11. Bagolwane ba ka etsa Moshe jang?

11 Fa e le gore o mogolwane, a o kile wa kopiwa gore o thuse mongwe go dira kabelo e o e ratang? Ka sekai, e ka tswa e le wena o tshwarang Thuto ya Tora ya Tebelo mme o rata kabelo eo fela thata. Fa o le boikokobetso jaaka Moshe, ga o kitla o fufega fa o kopiwa gore o thapise mokaulengwe mongwe gore a kgone go dira kabelo eo mo nakong e e tlang. Go na le moo, o tla itumelela go mo thusa.

12. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba bontsha jang gore ba boikokobetso e bile ba kgotsofalela dilo tse ba nang le tsone?

12 Akanya ka maemo a bagolwane bangwe ba ba godileng ba lebaneng le one. Go fetile dingwaga di le dintsi e le barulaganyi mo ditlhopheng tsa bagolwane. Mme fa ba nna le dingwaga di le 80, ba tlogela kabelo eo gore e dirwe ke mogolwane mongwe yo mosha. Balebedi ba potologo bone ba tlogela kabelo ya bone fa ba nna le dingwaga di le 70 ba bo ba newa kabelo e nngwe. Mme bosheng jaana maloko a le mantsi a lelapa la Bethele ba ile ba kopiwa gore ba nne babulatsela. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ba ikanyegang ga ba fufegele batho ba ba dirang dikabelo tse ba neng ba di dira.

13. Ke eng fa Paulo a ne a ka fufegela baaposetoloi ba ba 12?

13 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a le boikokobetso e bile a kgotsofalela se a nang le sone. O ne a sa fufegele ba bangwe. Le fa gone a ne a dira ka natla mo bodireding, o ile a re: “Ke mmotlana mo baaposetoloing, e bile ga ke tshwanele go bidiwa moaposetoloi.” (1 Bakor. 15:9, 10) Fa Jesu a le mo lefatsheng, o ne a bereka le baaposetoloi ba le 12, mme Paulo ene o ile a nna Mokeresete fa Jesu a sena go tsosiwa. Le fa gone moragonyana Paulo a ile a newa tshiamelo ya go nna “moaposetoloi mo ditšhabeng,” ga a ka a nna mongwe wa baaposetoloi ba ba 12. (Bar. 11:13; Dit. 1:21-26) Paulo ga a ka a fufegela banna bao e re ka ba ile ba nna le tshiamelo ya go bereka le Jesu, go na le moo, o ile a kgotsofalela se a neng a na le sone.

14. Go nna boikokobetso le go kgotsofalela dilo tse re nang le tsone go tla re thusa gore re direng?

14 Fa re le boikokobetso, re tla tshwana le Paulo mme re tla tlotla bakaulengwe ba Jehofa a ba neileng taolo mo phuthegong. (Dit. 21:20-26) O tlhomile bagolwane gore e nne bone ba etelelang pele mo phuthegong. Le fa gone ba dira diphoso, Jehofa a re ke “dimpho [tse e leng] banna.” (Baef. 4:8, 11) Fa re tlotla bagolwane e bile re ba ikobela, re tla tswelela re atamalane le Jehofa e bile go tla nna le kutlwano mo phuthegong.

‘LATELELA DILO TSE DI ISANG KAGISONG’

15. Re tshwanetse go dirang?

15 Fa re fufegela ba bangwe, ga go kitla go nna le kutlwano. Re tshwanetse go dira ka natla gore re se ka ra nna le mokgwa o o maswe wa go fufegela ba bangwe e bile ga re a tshwanela go dira gore ba bangwe ba re fufegele. Go dira jalo go tla re thusa go ikobela taelo ya ga Jehofa ya gore re “[latelele] dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Bar. 14:19) Re ka dira jang gore ba bangwe ba se ka ba re fufegela e bile re ka dira jang gore go nne le kutlwano?

16. Re ka thusa ba bangwe jang gore ba se ka ba re fufegela?

16 Dilo tse re di dirang di ka ama ba bangwe. Batho ba lefatshe leno ba batla gore re ‘bontshe ka mabela’ dilo tse re nang le tsone. (1 Joh. 2:16) Mme go dira jalo go jala lefufa. Ga re a tshwanela go nna re bua ka dilo tse re nang le tsone kgotsa tse re batlang go di reka ka gonne go dira jalo go ka dira gore ba bangwe ba re fufegele. Gape ga re a tshwanela go nnela go bua ka ditshiamelo tse re nang le tsone mo phuthegong. Fa re dira jalo, ba bangwe ba ka nna ba re fufegela. Mme gone, fa re bontsha ba bangwe gore re a ba rata e bile re ba akgolela dilo tse dintle tse ba di dirang, ba tla kgotsofalela se ba nang le sone e bile go tla nna le kagiso le kutlwano mo phuthegong.

17. Bomorwarraagwe Josefa ba ile ba kgona go dira eng mme ka ntlha yang?

17 Re ka kgona go lwantsha lefufa. Akanya ka se se ileng sa diragalela bomorwarraagwe Josefa. Dingwaga di le dintsi fa ba sena go rekisa Josefa, ba ile ba kopana le ene kwa Egepeto. Mme gone, pele Josefa a ba bolelela gore ke ene mang o ne a batla go bona gore a ba fetogile. O ile a ba laletsa kwa dijong mme fa ba le koo, o ile a tsholela Benjamine dijo di le dintsi go feta tsa bone. (Gen. 43:33, 34) Mme gone, ga ba a ka ba fufegela Benjamine. Go na le moo, ba ile ba bontsha gore ba rata Benjamine e bile ba rata rraabone. (Gen. 44:30-34) E re ka bomorwarraagwe Josefa ba ne ba sa tlhole ba na le lefufa, lelapa la bone le ile la boa la itumela gape. (Gen. 45:4, 15) Ka tsela e e tshwanang, le rona fa re dira ka natla go lwantsha mokgwa o o maswe wa go fufegela ba bangwe, go tla nna le kagiso mo phuthegong le kwa malapeng a rona.

18. Go ya ka Jakobe 3:17 le 18, go tla direga eng fa re tshedisana le ba bangwe ka kagiso?

18 Jehofa o batla gore re lwantshe mokgwa o o maswe wa go fufegela ba bangwe mme o batla gore re tshedisane le ba bangwe ka kagiso. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go tsaya matsapa. Jaaka re setse re bone mo setlhogong seno, rotlhe re na le mokgwa wa go fufegela ba bangwe. (Jak. 4:5) Mme batho ba lefatshe leno ba batla gore re dire dilo tse di tla dirang gore ba bangwe ba re fufegele. Mme gone fa re le boikokobetso, re kgotsofalela dilo tse re nang le tsone e bile re akgola ba bangwe, seo se tla re thusa gore re se ka ra nna le lefufa. Go na le moo, re tla tshedisana le ba bangwe ka kagiso mme seo se tla dira gore re nne le dinonofo tse di molemo.—Bala Jakobe 3:17, 18.

PINA 130 Lo Itshwarelane

^ ser. 5 Batho ba ga Jehofa ba a utlwana. Mme gone, fa re fufegela ba bangwe, seo se tla dira gore re se ka ra tlhola re utlwana le bone. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo dingwe tse di ka dirang gore re fufegele ba bangwe. Gape re tla tlotla ka gore ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra nna le mokgwa wa go fufega le gore ke eng se se ka re thusang go tshela le ba bangwe ka kagiso.

^ ser. 2 TLHALOSO: Go ya ka Baebele, lefufa le ka dira gore motho a eletse dilo tsa batho ba bangwe gape le ka dira gore motho a eletse gore batho ba bangwe ba se ka ba nna le dilo tse dintle.

^ ser. 61 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kwa pokanong ya bagolwane, mogolwane yo o godileng yo o tshwarang Thuto ya Tora ya Tebelo o kopiwa gore a thapise mogolwane mongwe yo mosha gore a kgone go dira kabelo eno. Le fa gone mogolwane yoo a rata kabelo ya gagwe thata, o dira se a se kopilweng mme o thusa mokaulengwe yoo e bile o a mo akgola.