Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 9

Letla Jehofa a go Thuse Gore O se Ka wa Tlhobaela

Letla Jehofa a go Thuse Gore O se Ka wa Tlhobaela

“Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”—PES. 94:19.

PINA 44 Thapelo ya Motho yo o Tlhokang Kgothatso

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se se ka re tlhobaetsang, mme go tlhobaela go ka dira gore re akanye eng?

A O KILE wa tlhobaediwa ke sengwe? * Gongwe o tlhobaediwa ke gore mongwe o dirile sengwe se se go utlwisang botlhoko kgotsa ga a bua le wena sentle. Kgotsa o ka tswa o tlhobaediwa ke sengwe se o se dirileng kgotsa se o se buileng. Ka sekai, o ka tswa o dirile phoso mme o akanya gore Jehofa a ka se go itshwarele. Mo godimo ga moo, o ka tswa o akanya gore tumelo ya gago e a tlhaela kgotsa gore ga o motho yo o siameng ka gonne o tlhobaela. A mme go ntse jalo?

2. Ke dikai dife mo Baebeleng tse di re bontshang gore go tlhobaela ga go reye gore ga re na tumelo?

2 Akanya ka batlhanka bano ba ga Jehofa: Hana yo o ileng a nna mmaagwe moporofeti Samuele o ne a na le tumelo e e nonofileng. Mme fa mongwe a ne a sa mo tshware sentle mo lapeng, o ne a tlhobaela. (1 Sam. 1:7) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a na le tumelo e e nonofileng, mme o ne a ‘tlhobaela ka diphuthego tsotlhe.’ (2 Bakor. 11:28) Kgosi Dafide le ene o ne a na le tumelo e e nonofileng e bile Jehofa o ne a mo rata fela thata. (Dit. 13:22) Le fa go ntse jalo, o ile a dira diphoso tse di ileng tsa mo tlhobaetsa fela thata. (Pes. 38:4) Jehofa o ne a thusa batlhanka bano ba gagwe a bo a ba gomotsa. A re bone gore re ka ithuta eng mo go bone.

RE KA ITHUTA ENG MO GO HANA?

3. Ke eng fa re tshwenyega thata fa mongwe a sa bue le rona sentle?

3 Gantsi fa mongwe a sa re tshware sentle kgotsa a sa bue le rona sentle seo se re utlwisa botlhoko re bo re tlhobaela. Segolobogolo fa e le mongwe wa losika kgotsa tsala e re ntshanang se inong le yone. Re ka nna ra akanya gore re tlhobogane le bone. Gongwe motho yoo o ne a ipuela fela, mme seo se bo se re utlwisa botlhoko jwa ntho. (Diane 12:18) Kgotsa mongwe a ka re tlhaba ka mafoko ka boomo. Seo se ile sa diragalela kgaitsadi mongwe yo mosha. A re: “Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, motho yo ke neng ke ithaya ke re ke tsala ya me o ne a bua maaka ka nna mo Internet. Ke ne ke utlwile botlhoko e bile ke tlhakane tlhogo. Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke eng fa a ntirile jalo.” Fa e le gore le wena o kile wa utlwisiwa botlhoko ke mongwe, o ka ithuta go le gontsi mo go Hana.

4. Hana o ne a nna le mathata afe?

4 Hana o ne a na le mathata a a seng kana ka sepe. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi a sa kgone go tshola bana. (1 Sam. 1:2) Kwa Iseraele, go ne go dumelwa gore fa mosadi a sa kgone go nna le bana, o a bo a hutsitswe ke Modimo. Seo se ne se dira gore Hana a ikutlwe e kete ga se motho wa sepe. (Gen. 30:1, 2) Se se neng se sulafaletsa Hana botshelo le go feta ke gore monna wa gagwe o ne a na le mosadi yo mongwe e bong Penina, yo o neng a kgona go tshola bana. Mo godimo ga moo, Penina o ne a sa rate Hana e bile “o ne a mo tshwenya mo go botlhoko gore a mo dire gore a ikutlwe a tlhakatlhakane.” (1 Sam. 1:6) Kwa tshimologong, seo se ne sa dira gore Hana a tlalelwe. O ne a utlwile botlhoko thata mo a neng a nna “a lela e bile a sa je.” E bile o ne “a le moya o bogalaka” kgotsa a kotlomane pelo. (1 Sam. 1:7, 10) Ke eng se se neng sa gomotsa Hana?

5. Go rapela go ne ga thusa Hana jang?

5 Hana o ne a rapela, a tlhalosetsa Jehofa kafa a neng a utlwile botlhoko ka gone. Go tswa foo o ile a bolelela Eli yo e neng e le Moperesiti yo Mogolo ka mathata a gagwe. Mme Eli o ne a mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso, mme e kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.” Go ne ga felela jang? Hana o ne “a tsamaya a ba a ja, mme sefatlhego sa gagwe sa se ka sa tlhola se tshwenyega.”(1 Sam. 1:17, 18) Go rapela go ne ga dira gore Hana a ikutlwe botoka.

Fela jaaka Hana, re ka dirang gore re boe re nne le kagiso gape? (Bona serapa 6-10)

6. Re ka ithuta eng ka thapelo mo go Hana le mo go Bafilipi 4:6 le 7?

6 Re ka kgona go nna le kagiso fa re tswelela re rapela Jehofa. Hana o ile a rapela lobaka lo loleele. (1 Sam. 1:12) Le rona re ka bolelela Jehofa ka dilo tse di re tlhobaetsang, dilo tse di re tshosang le ka makoa a rona. Dithapelo tsa rona ga di tlhoke gore di bo di rulagantswe ka tsela nngwe e e rileng. Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra lela fa re bolelela Jehofa ka dilo tse di re tshwenyang. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kitla a lapisiwa ke go re reetsa. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go nna re gopotse kgakololo e Paulo a ileng a re fa yone e e mo go Bafilipi 4:6, 7. (E bale.) Paulo o ile a re fa re rapela, re tshwanetse go leboga Jehofa. Go na le dilo di le dintsi tse re ka di lebogelang fa re rapela. Ka sekai, re ka leboga Jehofa go bo a re neile botshelo, a re diretse dilo tse dintle, a re rata e bile a re neile tsholofelo e e itumedisang. Re ka ithuta eng gape mo go Hana?

7. Hana le monna wa gagwe ba ne ba dira eng ka metlha?

7 Le fa Hana a ne a na le mathata, o ne a tsamaya le monna wa gagwe ka metlha go ya go obamela kwa Shilo. (1 Sam. 1:1-5) Fa a le kwa motlaaganeng, Moperesiti yo Mogolo e bong Eli o ile a mo raya a re e kete Jehofa a ka araba thapelo ya gagwe mme seo se ile sa gomotsa Hana.—1 Sam. 1:9, 17.

8. Go ya dipokanong go ka re thusa jang? Tlhalosa.

8 Re ka kgona go nna le kagiso fa re ya dipokanong ka metlha. Gantsi mokaulengwe yo o rapelang fa dipokano di simolola o kopa gore Jehofa a re neye moya wa Gagwe o o boitshepo. Moya o o boitshepo ke one o ka re thusang gore re nne le kagiso. (Bagal. 5:22) Fa re ya dipokanong le fa gone re tshwenyegile, Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ka kgona go re kgothatsa mme seo se ka re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo. Fa re rapela re bo re ya dipokanong ka metlha, Jehofa o tla re thusa gore re se ka ra tlhola re tlhobaela. (Baheb. 10:24, 25) Mma re tlotle ka sengwe gape se re ka se ithutang mo go Hana.

9. (a) A maemo a ga Hana a ile a fetoga? Tlhalosa. (b) O ile a thusiwa ke eng?

9 Mathata a ga Hana ga a ka a fela ka ponyo ya leitlho. Hana o ne a sa ntse a nna le Penina kwa gae. Mo godimo ga moo, Baebele ga e re Penina o ile a fetoga. Ka jalo, Hana a ka tswa a ile a tlhoka go tswelela a itshokela go sotliwa ke Penina. Mme gone, Hana o ne a tlogela go tshwenyega. Fa Hana a sena go tshololela Jehofa maikutlo a gagwe, o ile a tlogela go tshwenyega ka kgang eo. O ile a letla Jehofa gore a mo gomotse le gore a mo thuse gore a se ka a tlhola a tlhobaela. Moragonyana, Jehofa o ile a araba thapelo ya ga Hana mme o ile a nna le bana.—1 Sam. 1:19, 20; 2:21.

10. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Hana?

10 Re ka kgona go nna le kagiso le fa mathata a rona a sa fele. Mathata mangwe a rona ga a kitla a fela le fa re ya dipokanong e bile re tshololela Jehofa maikutlo. Mme gone, se se diragaletseng Hana se re ruta gore Jehofa a ka kgona go re thusa gore re se ka ra tlhobaela. Jehofa ga a kitla a re latlha, mme fa re sa ineele, o tla re thusa.—Baheb. 11:6.

RE ITHUTA ENG MO GO MOAPOSETOLOI PAULO?

11. Ke dilo dife tse di neng di tlhobaetsa Paulo?

11 Go na le dilo di le dintsi tse di neng di tlhobaetsa Paulo. Ka sekai, e re ka a ne a rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe, mathata a ba neng ba na le one a ne a mo tlhobaetsa. (2 Bakor. 2:4; 11:28) Fa Paulo a le mo bodireding, o ne a itewa a bo a tsenngwa mo kgolegelong. Gape o ile a tshwanela ke go itshokela mathata a a neng a mo tlhobaetsa a a jaaka “go nna le dilo tse di seng kalo.” (Bafil. 4:12) Mo godimo ga moo, e re ka a ile a thubegelwa ke sekepe makgetlo a le mararo, a ka tswa a ile a tshwenyega tota fa a tshwanelwa ke go tsamaya ka sekepe. (2 Bakor. 11:23-27) Ke eng se se neng se thusa Paulo fa a tlhobaela?

12. Ke eng se se thusitseng Paulo gore a se ka a tlhobaela thata?

12 Paulo o ne a tshwenyega fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba na le mathata, mme gone, o ne a sa leke go a rarabolola a le esi. Paulo o ne a le boingotlo. O ile a kopa ba bangwe gore ba mo thuse go tlhokomela phuthego. Ka sekai, o ile a naya banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka Timotheo le Tito maikarabelo mo phuthegong. Ga go pelaelo gore tiro e banna bano ba neng ba e dira e ile ya thusa Paulo gore a se ka a tlhobaela thata.—Bafil. 2:19, 20; Tito 1:1, 4, 5.

Fela jaaka Paulo, ke eng se re ka se dirang gore re se ka ra tlhobaela thata? (Bona serapa 13-15)

13. Bagolwane ba ka etsa Paulo jang?

13 Kopa ba bangwe gore ba go thuse. Fela jaaka Paulo, bagolwane ba le bantsi ba a tshwenyega fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tsa bone ba nna le mathata. Mme gone, mogolwane a le mongwe a ka se kgone go thusa batho botlhe mo phuthegong. Fa a itse gore a ka se kgone go dira sengwe le sengwe, o tla kopa bagolwane ba bangwe gore ba mo thuse e bile o tla thapisa bakaulengwe ba basha gore ba mo thuse go tlhokomela phuthego ya Modimo.—2 Tim. 2:2.

14. Paulo o ne a sa tshwenyege ka eng, mme re ka ithuta eng mo go ene?

14 Itse gore o tlhoka kgomotso. Paulo o ne a le boikokobetso, ka jalo, o ne a itse gore o tlhoka go kgothadiwa. O ne a sa tshwenngwe ke gore batho ba tla akanya gore o bokoa ka gonne ditsala tsa gagwe di mo kgothatsa. Fa Paulo a kwalela Filemone, o ile a re: “Ke ne ka nna le boipelo jo bogolo le kgomotso ka ga lorato lwa gago.” (File. 7) Gape Paulo o ile a bua ka bakaulengwe ba bangwe ba ba ileng ba mo kgothatsa fa a na le mathata. (Bakol. 4:7-11) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tla re kgothatsa fa re ba letla go dira jalo.

15. Paulo o ile a dirang fa a lebana le maemo a a thata?

15 Ithute Baebele ka metlha. Paulo o ne a itse gore Dikwalo di tla mo gomotsa. (Bar. 15:4) Gape o ne a itse gore di tla mo thusa go itshokela mathata. (2 Tim. 3:15, 16) Paulo o ne a akanya gore o tloga a bolawa fa a tshwerwe kwa Roma lekgetlo la bobedi. O ile a dira eng mo maemong ao a a thata? O ile a kopa Timotheo gore a tle kwa go ene ka bonako le gore a tle ka “dikwalo tsa momeno.” (2 Tim. 4:6, 7, 9, 13) Ke eng fa a ile a dira jalo? Ka gonne o ne a ka dirisa Dikwalo tseo fa a ithuta a le esi. Fa re etsa Paulo ka go ithuta Baebele ka metlha, Jehofa o tla e dirisa go re thusa gore re se ka ra tlhobaela le fa re lebana le maemo a a thata.

RE KA ITHUTA ENG MO GO KGOSI DAFIDE?

Fela jaaka Dafide, ke eng se se ka re thusang fa re dirile boleo jo bo masisi? (Bona serapa 16-19)

16. Dafide o ne a ikutlwa jang ka phoso e a neng a e dirile?

16 Dafide o ile a dira sengwe se se bosula. O ile a dira boaka le Bathesheba, a bolaya monna wa gagwe a bo a leka go fitlha se a se dirileng. (2 Sam. 12:9) Kwa tshimologong, Dafide o ne a itlhokomolosa segakolodi sa gagwe. Ka ntlha ya seo, o ile a senya kamano ya gagwe le Jehofa. Gape o ile a tshwenyega thata e bile o ile a lwala. (Pes. 32:3, 4) Ke eng se se neng sa thusa Dafide gore a se ka a tlhola a tlhobaela ka phoso e a neng a e dirile, mme ke eng se se ka re thusang fa re dirile boleo jo bo masisi?

17. Pesalema 51:1-4 e bontsha jang gore Dafide o ne a ikwatlhaela se a neng a se dirile?

17 Kopa Jehofa gore a go itshwarele. Dafide o ile a rapela. O ne a ikwatlhaela se a neng a se dirile mme o ile a bolelela Jehofa sengwe le sengwe. (Bala Pesalema 51:1-4.) Seo se ile sa mo thusa gore a ritibale le gore a boe a itumele gape. (Pes. 32:1, 2, 4, 5) Fa o dirile boleo jo bo masisi, se leke go bo fitlha. Go na le moo, bolelela Jehofa sengwe le sengwe se o se dirileng. Fa o dira jalo, o tla ritibala e bile o tla tlogela go ikutlwa molato. Mme gone, fa o batla go boa o atamalana le Jehofa, go na le sengwe se o tshwanetseng go se dira.

18. Dafide o ile a dirang fa a otlhaiwa?

18 Amogela kotlhao. Jehofa o ile a romela moporofeti Nathane kwa go Dafide, mme Dafide ga a ka a leka go dira diipato, e bile ga a ka a re se a se dirileng se ne se se maswe go le kalo. Ga a ka a re o leofetse monna wa ga Bathesheba fela, gape o ile a gatelela gore o leofetse Jehofa. Dafide o ile a amogela kotlhao, ka ntlha ya seo, Jehofa o ile a mo itshwarela. (2 Sam. 12:10-14) Fa re dirile boleo jo bo masisi, re tlhoka go bua le bagolwane. (Jak. 5:14, 15) Gape ga re a tshwanela go dira diipato ka se re se dirileng. Re tshwanetse go nna re gopotse gore re tla boa re itumela gape fa fela re amogela kotlhao e re e newang.

19. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

19 Se boeletse diphoso tse o di dirileng. Kgosi Dafide o ne a itse gore o tlhoka thuso ya ga Jehofa gore a se ka a boeletsa diphoso tse a di dirileng. (Pes. 51:7, 10, 12) Fa Jehofa a sena go mo itshwarela, o ne a dira ka natla gore a se ka a tlhola a nna le dikeletso tse di sa siamang. Ka jalo, o ile a boa a nna le kagiso.

20. Re ka dirang go bontsha Jehofa gore re lebogela kutlwelobotlhoko ya gagwe?

20 Re bontsha gore re lebogela kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa fa re mo kopa gore a re itshwarele, re amogela kotlhao e bile re dira ka natla gore re se ka ra boeletsa diphoso tsa rona. Fa re dira jalo, re tla boa re nna le kagiso gape. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang James yo o ileng a dira boleo jo bo masisi o dumalana le seo. A re: “Fa ke sena go bolelela bagolwane se ke se dirileng, ke ne ka imologa. Ke ne ka boa ka nna le kagiso gape.” Ruri go a kgothatsa go itse gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pes. 34:18.

21. Fa re tlhobaela, re ka dirang gore Jehofa a re thuse?

21 Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, go tla nna le dilo di le dintsi tse di dirang gore re tlhobaele. Fa o tlhobaela, kopa Jehofa gore a go thuse. Ithute Babele. Ithute mo go se se diragaletseng Hana, Paulo le Dafide. Kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga dilo tse di go tlhobaetsang. (Pes. 139:23) Mo letle gore a go thuse ka mathata a gago, segolobogolo a o sa kgoneng go dira sepe ka one. Fa o dira jalo, o tla tshwana le mopesalema yo o ileng a opelela Jehofa a re: “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”—Pes. 94:19.

PINA 4 “Jehofa ke Modisa wa Me”

^ ser. 5 Ka dinako dingwe mathata a ka dira gore re tlhobaele. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba bararo ba ba neng ba tlhobaela. Gape re tla bona gore Jehofa o ile a ba thusa jang.

^ ser. 1 TLHALOSO: Go tlhobaela ke go tlalelwa kgotsa go tshwenyega thata ka sengwe. E ka tswa e le ka madi, mathata a lelapa, go lwala kgotsa mathata a mangwe. Gape re ka tlhobaediwa ke diphoso tse re di dirileng kgotsa mathata a a ka nnang a re tlhagela mo nakong e tlang.