Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 11

A o Siametse go Kolobediwa?

A o Siametse go Kolobediwa?

“Seno le sone jaanong se a lo boloka, e leng, kolobetso.”—1 PET. 3:21.

PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Motho o tshwanetse go dira eng pele a aga ntlo?

A RE RE motho o batla go aga ntlo. O a itse gore o batla go aga ntlo e ntseng jang. A seo se raya gore gone fela ka nako eo o tshwanetse go ya go reka dilo tse di agang a bo a simolola go aga? Nnyaa. Pele a simolola go aga, o tshwanetse go itse gore o a go tlhoka bokae. Ka ntlha yang? Gore a kgone go bona gore a o na le madi a a lekaneng go aga. Fa a dirile jalo, o tla kgona go aga ntlo ya gagwe a bo a e fetsa.

2. Go ya ka Luke 14:27-30, o tshwanetse go akanyetsa eng pele o kolobediwa?

2 A o rata Jehofa? A o lebogela dilo tsotlhe tse a go direlang tsone? A seo se dira gore o batle go kolobediwa? Fa go le jalo, o tshwana le motho yole yo o batlang go aga ntlo. Ke eng fa re rialo? Akanya ka se Jesu a ileng a se bua mo go Luke 14:27-30. (E bale.) Jesu o ne a tlhalosa gore go nna molatedi wa gagwe go kayang. Fa re batla go nna balatedi ba ga Jesu, re tshwanetse ra bo re ikemiseditse go itshokela mathata le go tlogela dilo dingwe tse re di ratang. (Luke 9:23-26; 12:51-53) Ka jalo, pele o kolobediwa, o tshwanetse go akanyetsa kgang ya gore fa o sena go kolobediwa, ke eng se o tlileng go tshwanelwa ke gore o se dire. Seno se tla go thusa gore o kgone go direla Jehofa ka boikanyegi.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Le fa gone o ka nna wa lebana le dikgwetlho e bile o ka nna wa tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe fa o sena go kolobediwa, a o tla ikwatlhaela go bo o kolobeditswe? Nnyaa! Go kolobediwa go tla dira gore o nne le masego a le mantsi gone jaanong le mo nakong e e tlang. Mma re tlotle ka dipotso tsa botlhokwa tse di tla go thusang go bona gore a o siametse go kolobediwa.

O TSHWANETSE GO ITSE ENG KA GO INEELA LE GO KOLOBEDIWA?

4. (a) Go ineela mo go Jehofa go kayang? (b) Mathaio 16:24 e kayang fa e bua ka go ‘iitatola’?

4 Go ineela mo go Jehofa go kayang? Pele o kolobediwa, o tshwanetse go ineela mo go Jehofa. Fa o ineela mo go Jehofa, o bua le ene go tswa pelong, o mmolelela gore o batla go mo direla go ya go ile. Fa o ineela mo go Jehofa, o a ‘iitatola.’ (Bala Mathaio 16:24.) O nna wa ga Jehofa mme seo ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. (Bar. 14:8) O mo solofetsa gore go tloga ka nako eo, selo sa botlhokwa thata mo go wena e tla nna go mo direla e seng go dira dilo tse wena o di batlang. Eo ke tsholofetso e e masisi. Jehofa ga a re pateletse gore re ineele mo go ene. Mme fa re ineela mo go ene, o lebeletse gore re dire se re se solofeditseng.—Pes. 116:12, 14.

5. Go ineela mo go Jehofa go farologane jang le go kolobediwa?

5 Go ineela mo go Jehofa go farologane jang le go kolobediwa? Fa o ineela mo go Jehofa, o dira jalo mo sephiring go se na ope yo o go bonang. Mme fa o kolobediwa, o dira jalo fa pele ga batho. Fa o kolobediwa, o bontsha ba bangwe gore o ineetse mo go Jehofa. * Gape o a bo o bontsha gore o rata Jehofa ka pelo yotlhe, moya otlhe, mogopolo otlhe le ka nonofo yotlhe ya gago. Mo godimo ga moo, o bontsha gore o ikemiseditse go mo direla go ya go ile.—Mar. 12:30.

6-7. Go ya ka 1 Petere 3:18-22, ke eng fa re tshwanetse go kolobediwa?

6 A o tlhoka go kolobediwa? Akanya ka mafoko a a mo go 1 Petere 3:18-22. (E bale.) Fa Noa a ne a aga araka, o ne a bontsha batho gore o dumela mo go Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, fa o kolobediwa, o bontsha ba bangwe gore o ineetse mo go Jehofa. Mme gone, a go a tlhokega gore o kolobediwe? Ee. Moaposetoloi Petere o ile a tlhalosa gore ke eng fa re tshwanetse go kolobediwa. Sa ntlha, kolobetso e a re “boloka.” Fa re dumela mo go Jesu e bile re dumela gore o re swetse, gore o ne a tsosediwa kwa legodimong le gore gone jaanong o “kafa seatleng sa moja sa Modimo,” kolobetso e ka re boloka.

7 Sa bobedi, go kolobediwa go dira gore re nne le “segakolodi se se molemo.” Fa re ineela mo go Jehofa re bo re kolobediwa, re nna le botsala jo bo kgethegileng le ene. Fa re ikwatlhaela maleo a rona e bile re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu, Jehofa o a re itshwarela e bile re nna le segakolodi se se molemo.

8. Ke eng se se tshwanetseng go go tlhotlheletsa gore o kolobediwe?

8 Ke eng se se tshwanetseng go go tlhotlheletsa gore o kolobediwe? Fa o ntse o ithuta Baebele, o ithutile go le gontsi ka Jehofa. O ithutile gore o ntse jang le gore o dira dilo jang. Dilo tse o di ithutileng di ile tsa go ama pelo mme o ile wa simolola go mo rata fela thata. Ka jalo, go rata Jehofa ke gone go tshwanetseng go go tlhotlheletsa gore o kolobediwe.

9. Mathaio 28:19, 20 e kayang fa e re re tshwanetse go kolobediwa mo leineng la Rara, la Morwa le la moya o o boitshepo?

9 Sengwe gape se se go tlhotlheletsang gore o kolobediwe ke gore o itse se Baebele e se rutang e bile o a se dumela. Akanya ka se Jesu a ileng a se bua fa a ne a ntsha taelo ya gore re dire batho barutwa. (Bala Mathaio 28:19, 20.) O ile a re batho ba tshwanetse go kolobediwa mo “leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” O ne a raya jang? O tshwanetse go dumela se Baebele e se buang ka Jehofa, ka Jesu le ka moya o o boitshepo. Dithuto tseo di ka go ama pelo fela thata. (Baheb. 4:12) Mma re tlotle ka tsone.

10-11. Ke dilo dife tse o di ithutileng ka Modimo?

10 Akanya fela gore o ile wa ikutlwa jang fa o ne o simolola go ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa, gore ke “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe” le gore ke ene fela “Modimo [a le esi wa] boammaaruri.” (Pes. 83:18; Isa. 37:16) Ke ene a re bopileng e bile “poloko ke ya [gagwe.]” (Pes. 3:8; 36:9) O dirile gore re kgone go gololwa mo boleong le mo losong e bile o re neile tsholofelo ya go tshelela ruri. (Joh. 17:3) Fa o ineela mo go Jehofa o bo o kolobediwa, o tla bo o bontsha gore o Mosupi wa ga Jehofa. (Isa. 43:10-12) O tla nna karolo ya lelapa la batho ba ba itumelelang go bidiwa ka leina la Modimo e bile ba le bolelela ba bangwe.—Pes. 86:12.

11 Ruri ke tshiamelo go itse se Baebele e se rutang ka Modimo! Fa o dumela dithuto tseo tsa botlhokwa, o tla tlhotlheletsega go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

12-13. Ke dilo dife tse o di ithutileng ka Jesu?

12 O ile wa ikutlwa jang fa o ne o ithuta boammaaruri ka Jesu? Jehofa ke ene fela a fetang Jesu ka maemo. Jesu o ile a re swela, mme fa re bontsha gore re dumela mo setlhabelong sa gagwe, Jehofa o tla re itshwarela, re tla atamalana le Jehofa e bile re tla bona botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 3:16) Jesu ke Moperesiti yo Mogolo. O batla gore setlhabelo sa gagwe se re tswele mosola e bile o batla gore re atamalane le Jehofa. (Baheb. 4:15; 7:24, 25) E re ka Jesu e le ene Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, Jehofa o tla mo dirisa go itshepisa leina la gagwe, go fedisa bosula le go dira gore lefatshe lotlhe e nne Paradaise. (Math. 6:9, 10; Tshen. 11:15) Jesu o re tlhometse sekao. (1 Pet. 2:21) Ka metlha o ne a dira se Jehofa a se batlang mme re tshwanetse go mo etsa.—Joh. 4:34.

13 Fa o dumela se Baebele e se buang ka Jesu, o tla mo rata mme seo se tla go tlhotlheletsa gore o dire thato ya Modimo fela jaaka ene. Ka jalo, o tla ineela mo go Jehofa o bo o kolobediwa.

14-15. Ke dilo dife tse o di ithutileng ka moya o o boitshepo?

14 O ile wa ikutlwa jang fa o ne o ithuta boammaaruri ka moya o o boitshepo? Baebele ya re ga se motho. Go na le moo, ke maatla a a sa bonaleng a Modimo. Jehofa o ile a o dirisa go tlhotlheletsa batho gore ba kwale Baebele mme moya oo o re thusa go e tlhaloganya e bile o re thusa go dirisa dilo tse re di ithutang. (Joh. 14:26; 2 Pet. 1:21) Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakor. 4:7) Gape moya o o boitshepo o re thusa go rera dikgang tse di molemo, go emelana le dithaelo, go itshokela go kgobega marapo e bile o re thusa go itshokela mathata. Mo godimo ga moo, o re thusa go nna le dinonofo tse di molemo. (Bagal. 5:22) Fa re tshepa Modimo e bile re mo kopa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo, o tla re o naya.—Luke 11:13.

15 Ruri go a kgothatsa go itse gore Jehofa o re naya moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa gore re mo direle. Fa o dumela se Baebele e se buang ka moya o o boitshepo, o tla tlhotlheletsega go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa.

16. O ithutile eng go tla go fitlha ga jaana?

16 Go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa ke tshwetso e e botlhokwa thata e o ka e dirang mo botshelong. Jaaka re setse re ithutile, fa o batla go kolobediwa, o tshwanetse go itse gore o tlile go lebana le mathata e bile o ka nna wa tshwanelwa ke go itima dilo dingwe. Mme gone, Jehofa o tla go segofatsa fela thata. Go kolobediwa go ka go boloka, e bile go tla go thusa gore o nne le segakolodi se se molemo. Selo se se tshwanetseng go go tlhotlheletsa gore o kolobediwe, ke go rata Jehofa. Gape o tshwanetse go dumela se Baebele e se rutang ka Jehofa, ka Jesu le ka moya o o boitshepo. Go ya ka se re setseng re tlotlile ka sone mo setlhogong seno, o ka araba jang potso eno: “A ke siametse go kolobediwa?”

O TSHWANETSE GO DIRANG PELE O KOLOBEDIWA?

17. Motho o tshwanetse go dirang pele a ka kolobediwa?

17 Fa o akanya gore o siametse go kolobediwa, ga go pelaelo gore o setse o tsere matsapa go atamalana le Jehofa. * E re ka o ithuta Baebele ka metlha, o setse o itse go le gontsi ka Jehofa le Jesu. O setse o na le tumelo. (Baheb. 11:6) O dumela dilo tse Jehofa a re solofetsang tsone mo Baebeleng e bile o dumela gore setlhabelo sa ga Jesu se tla go golola mo boleong le mo losong. O ikwatlhaetse dilo tse di sa siamang tse o neng o di dira e bile o kopile Jehofa gore a go itshwarele. O tlogetse mekgwa e e sa siamang e bile o tshela ka tsela e e itumedisang Modimo. (Dit. 3:19) O itumelela go bolelela ba bangwe se o se dumelang. O ile wa nna mmoledi yo o sa kolobediwang o bo simolola go ya tshimong. (Math. 24:14) Jehofa o motlotlo tota ka wena ka ntlha ya matsapa a o a tsereng, o mo itumedisitse fela thata.—Dia. 27:11.

18. Ke eng gape se o tshwanetseng go se dira pele o kolobediwa?

18 Go na le dilo tse dingwe gape tse o tshwanetseng go di dira pele o kolobediwa. Jaaka re setse re ithutile, o tshwanetse go ineela mo go Jehofa. Bua le ene mme o mmolelele gore o batla go mo direla botshelo jotlhe jwa gago. (1 Pet. 4:2) Go tswa foo, bolelela morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane gore o batla go kolobediwa. O tla kopa bagolwane bangwe go kopana le wena. O se ka wa tshaba go kopana le bagolwane bano. O se ka wa lebala gore ba a go itse e bile ba a go rata. Ba tla tlotla le wena ka dilo tse o di ithutileng mo Baebeleng. Ba batla go tlhomamisa gore o tlhaloganya dithuto tseo e bile ba batla go tlhomamisa gore o a itse gore go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa go botlhokwa go le kana kang. Fa e le gore o a tshwanelega, ba tla go bolelela gore o tla kolobediwa kwa kopanong e e latelang.

O TSHWANETSE GO DIRANG FA O SENA GO KOLOBEDIWA?

19-20. O tshwanetse go dira eng fa o sena go kolobediwa mme o ka dira seo jang?

19 O tshwanetse go dirang fa o sena go kolobediwa? * Se lebale gore fa o ne o ineela mo go Jehofa, o ile wa mo solofetsa gore o batla go mo direla go ya go ile. Jehofa o lebeletse gore o dire se o se solofeditseng. O ka dira seo jang?

20 Tswelela o atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya lona. Fa o kolobediwa, o nna karolo ya lelapa la ga Jehofa. (1 Pet. 2:17) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya lona ke ba lelapa la gago. Fa o ya dipokanong ka metlha, o tla atamalana le bone fela thata. Bala Baebele mme o tlhatlhanye ka se o se balang. (Pes. 1:1, 2) Fa o sena go bala sengwe mo Baebeleng, iphe nako ya go akanya thata ka sone. Fa o dira jalo, se o se balang se tla go ama pelo. ‘Rapela o sa kgaotse.’ (Math. 26:41) Seo se tla go thusa gore o atamalane le Jehofa. ‘Nna o batle pele bogosi.’ (Math. 6:33) O ka dira seo jang? Ka go dira gore tiro ya go rera e nne botlhokwa thata mo go wena. Fa o ya bodireding ka metlha, tumelo ya gago e tla nonofa mme o ka kgona go thusa batho gore ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri.—1 Tim. 4:16.

21. O tla bona masego afe fa o ka kolobediwa?

21 Go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa ke tshwetso ya botlhokwa thata e o ka e dirang mo botshelong. Ke boammaaruri gore o tla kopana le mathata, mme gone, ga o kitla o ikwatlhaela tshwetso ya gago. Mathata otlhe a o tla lebanang le one ke a “nakwana e bile [a] motlhofo.” (2 Bakor. 4:17) Mme fa o kolobediwa, o tla itumelela botshelo gone jaanong e bile o tla bona “botshelo jwa mmatota” mo nakong e e tlang. (1 Tim. 6:19) Ka jalo, iphe nako ya go akanya le go rapela, o bo o ipotsa potso eno: “A ke siametse go kolobediwa?”

PINA 50 Thapelo Ya me Ya Boineelo

^ ser. 5 A o batla go kolobediwa? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa. Re tla tlotla ka dipotso dingwe tse di tla go thusang go lemoga gore a o siametse go kolobediwa.

^ ser. 19 Fa e le gore ga o ise o fetse go bala buka ya Baebele e re Ruta Eng? le ya Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo, o tshwanetse go tswelela o di bala le motho yo o ithutang le ene go fitlha o di fetsa.