Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Batho ba ba neng ba disa tempele e ne e le bomang? Tiro ya bone e ne e le eng?

Balefi bangwe ba e neng e se baperesiti ba ne ba dira ditiro tse dingwe, jaaka go disa tempele. Ba ne ba tsaya ditaelo mo molaoding wa tempele. Mokwadi mongwe wa Mojuda e bong Philo a re: “Bangwe ba bone ba ne ba ema fa dikgorong fa batho ba tsenang teng, ba bangwe ba ne ba ema fa pele ga lefelo le le boitshepo. Ba ne ba tlhomamisa gore ga go tsene ope yo o sa tshwanelang go tsena mo lefelong leo, e ka tswa e le ka phoso kgotsa ka boomo. Ba bangwe tiro ya bone e ne e le go tsamayatsamaya go dikologa tempele gore ba bone gore a tsotlhe di apere tshiamo. Ba ne ba bereka ba le mmalwa. Ba bangwe ba bereka bosigo mme ba bangwe ba bereka motshegare.”

Maloko a Sanehederine a ne a kgona go kopa badisa bano gore ba ba thuse. Badisa bano ke bone fela ba puso ya Roma e neng e ba letlelela go tshwara dibetsa.

Moithuti mongwe wa Baebele e bong Joachim Jeremias a re fa badisa bangwe ba ne ba tshwara Jesu, o ile a ba botsa gore ke eng fa ba ne ba sa mo tshware fa a ruta kwa tempeleng. A ka bo a sa ba botsa jalo fa e ne e se badisa ba tempele. Gape a re badisa ba ba neng ba batla go tshwara Jesu pelenyana ga moo, e ka tswa e ne e le badisa ba tempele. (Joh. 7:32, 45, 46) Moragonyana, maloko a Sanehederine a ile a laela molaodi wa tempele le badisa bangwe gore ba ye go tshwara baaposetoloi. E ka tswa e le bone badisa ba ba ileng ba ntshetsa moaposetoloi Paulo kwa ntle ga tempele.—Dit. 4:1-3; 5:17-27; 21:27-30.