Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

“Re Fano! Romang Rona!”

“Re Fano! Romang Rona!”

A O BATLA go direla kwa go nang le tlhokego gone, gongwe kwa nageng e nngwe? Fa go le jalo, o tla ithuta go le gontsi mo maitemogelong a ga Mokaulengwe le Kgaitsadi Bergame.

Jack le Marie-Line e sale ba le tirelong ya nako e e tletseng mmogo go simolola ka 1988. E re ka ba kgona go fetofetoga le maemo, ba ile ba newa dikabelo tse di farologaneng kwa Guadeloupe le French Guiana. Mafelo ano a tlhokometswe ke ofisi ya lekala ya kwa Fora. Mma re ba botse dipotso di le mmalwa.

Ke eng se se dirileng gore lo tsenele tirelo ya nako e e tletseng?

Marie-Line: Ke goletse kwa Guadeloupe, mme fa ke tla ke gola, ke ne ke rata go tsamaya le mama kwa tshimong. E ne e le Mosupi yo o tlhagafetseng. Ke rata batho, ka jalo, fa ke fetsa sekolo ka 1985 ke ne ka nna mmulatsela.

Jack: Fa ke gola, batho ba ke neng ke tlwaelane thata le bone ba ne ba le mo tirelong ya nako e e tletseng e bile ba ne ba rata go ya tshimong. Ke ne ke rata go tsaya bobulatsela jo bo thusang fa dikolo di tswetswe. Gantsi ka mafelobeke re ne re tsamaya le babulatsela kwa tshimong. Re ne re rera letsatsi lotlhe mme fa re fetsa, re bo re ya go itapolosa kwa lewatleng. Go ne go le monate tota!

Fa ke sena go nyala Marie-Line ka 1988, ke ne ka ipotsa gore tota ke eng se se nthibelang go direla Jehofa mo go oketsegileng. Ka jalo, le nna ke ne ka nna mmulatsela. Fa ke tswa sekolong sa babulatsela, re ne ra abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Re ile ra itumelela dikabelo tse di farologaneng kwa Guadeloupe mme moragonyana re ile ra abelwa go ya go direla kwa French Guiana.

Lo ile lwa newa dikabelo tse di farologaneng di le dintsi. Ke eng se se lo thusitseng go fetofetoga le maemo?

Marie-Line: Bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala la French Guiana ba ne ba itse gore re rata lekwalo la Isaia 6:8. Ka jalo, fa ba re founela, ba ne ba rata go re botsa jaana ba tshega: “Kana lo rata lokwalo lofe?” Fa ba bua jalo, re ne re itse gore re newa kabelo e ntšha. Ka jalo, re tla bo re re: “Re fano! Romang Rona!”

Fa re neilwe kabelo e ntšha, ga nke re e bapisa le e re neng re e dira pele ka gonne seo se tla dira gore re se ka ra itumela. Gape re leka go itsalanya le bakaulengwe le bokgaitsadi kwa kabelong ya rona e ntšha.

Jack: Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ne ba re kopa gore re se ka ra fuduga ka gonne ba ne ba sa batle re tsamaya. Mme fa re le kwa Guadeloupe, mokaulengwe mongwe o ne a re gopotsa se Jesu a ileng a se bua mo go Mathaio 13:38. Temana eo ya re: “Tshimo ke lefatshe.” Ka jalo fa re newa kabelo e nngwe, re nna re gopotse gore re sa ntse re le mo tshimong, le fa re ka tswa re direla kae. Selo sa botlhokwa ke gore re rerela batho.

Fa re tsena kwa kabelong e ntšha, re lemoga gore go na le batho ba ba itumelelang go tshela koo. Ka jalo re leka go tshela jaaka bone. Le fa ba a ja dijo tse re sa di tlwaelang, re ja se ba se jang e bile re nwa se ba se nwang, mme gone re tlhokomela botsogo jwa rona. Re rata go bua ka dilo tse re di itumelelang thata ka dikabelo tse re di newang.

Marie-Line: Gape re ithuta go le gontsi mo bakaulengweng. Ke gopola se se neng sa direga fa re goroga mo French Guiana, pula e ne e na thata mme re ne re emetse gore e se, gore re kgone go ya bodireding. Kgaitsadi mongwe o ne a mpotsa gore a re ka tsamaya? Ke ne ke maketse ka jalo ke na ka re: “Pula e na jaana!” O ne a re: “Tsaya sekgele mme re tla tsamaya ka dibaesekele.” Ke ne ka ithuta go palama baesekele ke tshwere sekgele. Go dira jalo go ne ga nthusa gore ke kgone go ya tshimong le fa pula e na.

Lo ile lwa fuduga makgetlo a ka nna 15. A lo na le dikakantsho tse di ka thusang ba bangwe?

Marie-Line: Ga go motlhofo go fuduga, mme go botlhokwa gore o nne le legae le o tla kgonang go ikhutsa kwa go lone fa o tswa tshimong.

Jack: Go le gantsi fa re fudugela mo ntlong, ke simolola pele ka go e penta. Fa bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala ba itse gore ga re kitla re nna lobaka kwa kabelong e re e neilweng, ba tla bo ba re, “Jack o seka wa itshwenya ka go penta.”

Marie-Line ene o itse go paka. O tsenya dilo mo mabokosong, fa a fetsa a bo a kwala mo lebokoseng lengwe le lengwe gore go na le eng mo teng. Ka jalo fa re tsena kwa ntlong ya rona e ntšha go nna motlhofo gore re pakolole.

Marie-Line: Go dira jalo go re thusa gore re se ka ra dirisa nako e ntsi re pakolola, mme ka bonako fela re kgone go ya tshimong.

Lo dirisa nako ya lona jang gore lo kgone go “wetsa bodiredi jwa [lona] ka botlalo”?—2 Tim. 4:5.

Marie-Line: Ka Mantaga re a ikhutsa re bo re baakanyetsa dipokano. Go simolola ka Labobedi re ya bodireding.

Jack: Gone re tshwanetse go dira diura tse di rileng mme ga re tlhome mogopolo mo go tsone. Go rera go botlhokwa thata mo go rona. Go simolola fela fa re tswa ka ntlo go fitlha re boa, re rerela mongwe le mongwe fela yo re kopanang le ene.

Marie-Line: Ka sekai fa re ya go iphokisa phefo ke tsaya dipampitshana. Bangwe o bona fela ba tla go kopa dikgatiso le fa re ise re ba bolelele gore re Basupi. Ka jalo re kelotlhoko gore re apara jang le gore re itshwara jang. Batho ba a di lemoga dilo tse di ntseng jalo.

Jack: Gape re thusa baagisani ba rona e bile re ba tshwara sentle. Ke sela dipampiri, ke ntsha matlakala ke bo ke feela patlelo. Baagisani ba lemoga se re se dirang, mme ka dinako tse dingwe ba re kopa gore re ba fe Baebele.

Lo ne lo tlhola lo ya go rera kwa mafelong a a kgakala. A go na le loeto longwe lo lo le gopolang?

Jack: Kwa Guiana go na le mafelo mangwe a go seng motlhofo go ya kwa go one. Ka dinako dingwe re ne re tsamaya dikilomitara di ka nna 600 mo ditseleng tse di maswe. Ke gopola fa re ya kwa St. Élie e e kwa sekgweng sa Amazon. Go re tsere diura di le dintsi tota gore re fitlhe kwa motseng oo. Batho ba le bantsi ba ba nnang koo ba ne ba epa gauta. Fa re ba fa dikgatiso, bangwe ba bone ba ne ba re naya gouta e nnye e ba neng ba e epile. Maitseboa re ne re ba bontsha dibidio, mme go ne go tla batho ba le bantsi.

Marie-Line: Bosheng jaana, Jack o ne a kopiwa gore a ye go neela puo ya segopotso kwa Camopi. Fa re ya koo re ne ra tsamaya diura di le nne ka sekepe, mo Nokeng ya Oyapock. Go ne go le monate tota.

Jack: Mo noka e elelang ka bonako teng go thata go laola sekepe. Go ne go kgatlha go bona metsi a elela ka bonako jalo. Go ne go tlhokega gore motho yo o kgweetsang sekepe a bo a na le maitemogelo gore a kgone go se laola. Le fa go ne go na le Basupi ba le barataro fela kwa Camopi, go ne ga tla batho ba le 50 kwa Segopotsong.

Marie-Line: Basha ba tla nna le maitemogelo a a kgatlhang jaaka ano, fa ba ka oketsa tsela e ba direlang Jehofa ka yone. O tshwanetse go tshepa Jehofa mme go dira jalo go nonotsha tumelo. Jehofa ga a ke a tlhoka go re thusa.

Lo ithutile dipuo di le mmalwa. A go ne go le motlhofo?

Jack: Ke ithutile dipuo tseno gore ke kgone go thusa kwa tshimong le mo phuthegong. Ke ne ka tshwanelwa ke go tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo ka Se-Sranantongo * pele ke neela mmalo wa Baebele. Morago ga dipokano ke ne ka botsa mokaulengwe mongwe gore a ba ne ba ntlhaloganya. O ne a re: “Mo gongwe re ne re sa go tlhaloganye mme o dirile bontle.” Bana ke bone ba neng ba nthusa thata. Fa ke dirile phoso ba ne ba mpolelela. Mme bagolo bone ba ne ba didimala fela. Ke ne ka ithuta go le gontsi mo baneng.

Marie-Line: Kwa tshimong ke ne ke tshwara dithuto tsa Baebele ka Sefora, Sepotokisi le Se-Sranantongo. Kgaitsadi mongwe o ne a nthaya a re fa ke ya go tshwara dithuto tsa Baebele ke simolole pele ka tsa puo e ke sa e itseng sentle, ke bo ke feleletsa ka tsa puo e ke e itseng. Ke ne ka lemoga gore ke eng fa a ne a bua jalo.

Letsatsi lengwe ke ne ka simolola pele ka go bala le motho yo o buang Se-Sranantongo go tswa foo ke bo ke feleletsa ka yo o buang Sepotokisi. Fa ke bala le yo o buang Sepotokisi kgaitsadi yo ke tsamayang le ene o ne a nthaya a re: “Marie-Line, e kete go na le bothata.” Ke ne ka lemoga gore ke ne ke bua Se-Sranantongo le motho yo o buang Sepotokisi.

Batho ba lo kileng lwa ya go direla kwa mafelong a ba nnang kwa go one ba lo rata fela thata. Ke eng se se lo thusitseng gore lo nne ditsala tsa bone?

Jack: Diane 11:25 ya re: “Moya o o pelotshweu o tla nontshiwa.” Re rata go thusa batho e bile re rata go fetsa nako le bone. Gantsi fa go baakanngwa dilo dingwe kwa Holong ya Bogosi bakaulengwe bangwe ba tla bo ba nthaya ba re: “Tlogela baboledi ba dire tiro eo.” Ke tla bo ke ba raya ke re: “Le nna ke mmoledi. Fa go na le sengwe se se tlhokang go baakanngwa, nka se baakanya.” Le fa ka dinako dingwe re tlhoka go itheetsa, ga re a tshwanela go dirisa seo e le seipato sa go gana go thusa ba bangwe.

Marie-Line: Re leka ka natla go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gore re a ba rata. Seno se re thusa go lemoga fa ba tlhoka mongwe yo o ka ba salelang le bana kgotsa yo o ka yang go ba tseela bana kwa sekolong. Fa ba tlhoka thuso, re dira sotlhe se re ka se kgonang go ba thusa. Seo se dira gore re atamalane le bone.

Go direla kwa tlhokegong go lo tliseditse masego afe?

Jack: Tirelo ya nako e e tletseng e dirile gore re itumelele botshelo. Re ne ra kgona go bona mafelo a mantsi a mantle. Le fa go na le dikgwetlho ga re tshwenyege ka gonne re itse gore gongwe le gongwe kwa re yang teng batho ba ga Jehofa ba tla re tshegetsa.

Fa ke sa le mosha nkile ka tshwarwa kwa French Guiana, ka gonne ke ne ke gana go ya bosoleng. Ke ne ke sa akanye gore letsatsi lengwe ke tlile go boela teng ke le morongwa, ke bo ke nna le tshiamelo ya go etela batho ba ba kwa kgolegelong. Eleruri Jehofa o ntshegofaditse fela thata.

Marie-Line: Ke itumela thata fa ke thusa ba bangwe. Re itumelela go direla Jehofa e bile go mo direla go dirile gore re atamalane fela thata. Ka dinako dingwe Jack o tla bo a nkopa gore re laletse banyalani bangwe ba ba tlhokang go kgothadiwa gore ba tle go ja le rona. Ke tla bo ke re “le nna ke akanya jalo.” Go direga jalo gantsi.

Jack: Bosheng jaana ke ne ka bolelelwa gore ke na le kankere. Le fa gone Marie-Line a sa rate, ka dinako dingwe ke na le go mo raya ke re: “Mogatsake ga ke ise ke tsofale, mme fa nka swa ke a go swa ke itumetse ka gonne ke itse gore ke dirisitse botshelo jwa me go direla Jehofa.”—Gen. 25:8.

Marie-Line: Jehofa o re neile dikabelo tse re iseng re akanye gore a ka re naya tsone. E bile o re thusitse go dira dilo re iseng re akanye gore re ka kgona go di dira. Re nnile le botshelo jo bo monate mo tirelong ya ga Jehofa. Gongwe le gongwe fela kwa re ka kopiwang gore re ye teng re tla ya ka gonne re itse gore Jehofa o na le rona.

^ ser. 32 Se-Sranantongo ke puo e e tlhakanyang Seesemane, Se-Dutch le Sepotokisi le dipuo tse dingwe tsa kwa Afrika, mme se simolotse se buiwa ke makgoba.