Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 17

“Ke lo Biditse Ditsala”

“Ke lo Biditse Ditsala”

“Ke lo biditse ditsala, ka gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.”—JOH. 15:15.

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. O tshwanetse go dira eng fa o batla go nna tsala le mongwe?

GO LE GANTSI fa o batla go nna tsala le mongwe, o tshwanetse go fetsa nako le ene. Fa lo ntse lo tlotla ka dikgang tsa botshelo, lo nna ditsala. Mme gone, ga go motlhofo jalo gore re nne ditsala tsa ga Jesu. Ka ntlha yang?

2. Selo sa ntlha se se dirang gore go nne thata gore re nne ditsala tsa ga Jesu ke eng?

2 Selo sa ntlha se se dirang gore go nne thata go nna ditsala tsa ga Jesu ke gore ga re ise re tsamaye re kopane le ene. Bakeresete ba le bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba ise ba tsamaye ba kopane le Jesu. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a re: “Le fa lo ise lo ke lo mmone, lo a mo rata. Le fa lo sa mo leba [kgotsa lo sa mmone] gone jaanong, le fa go ntse jalo lo dumela mo go ene.” (1 Pet. 1:8) Seno se bontsha gore re ka kgona go nna ditsala tsa ga Jesu le fa re ise re tsamaye re kopane le ene.

3. Selo sa bobedi se se dirang gore go nne thata gore re nne ditsala tsa ga Jesu ke eng?

3 Sa bobedi, ga re kgone go bua le Jesu. Fa re rapela, re bua le Jehofa. Gone ke boammaaruri gore re rapela mo leineng la ga Jesu, mme gone, ga re bue le ene. Tota e bile, Jesu ga a batle re mo rapela. Ka ntlha yang? Ka gonne thapelo ke karolo ya kobamelo mme re tshwanetse go obamela Jehofa fela. (Math. 4:10) Le fa go ntse jalo, re ka kgona go bontsha gore re rata Jesu.

4. Selo sa boraro se se dirang gore go nne thata gore re nne ditsala tsa ga Jesu ke eng?

4 Sa boraro, Jesu o nna kwa legodimong ka jalo ga re kgone go fetsa nako le ene. Mme gone, re ka kgona go ithuta dilo di le dintsi ka ene. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo di le nnê tse di ka re thusang go nonotsha botsala jwa rona le Jesu. Mma re simolole pele ka go bona gore ke eng fa go le botlhokwa gore re nne ditsala tsa ga Jesu.

GORENG RE TSHWANETSE GO NNA DITSALA TSA GA JESU?

5. Goreng re tshwanetse go nna ditsala tsa ga Jesu? (Bona lebokoso le le reng “ Go Nna Ditsala Tsa ga Jesu go re Thusa go Nna Ditsala Tsa ga Jehofa” le le le reng “ Go Leba Jesu ka Tsela e e Tshwanetseng”)

5 Re tshwanetse go nna ditsala tsa ga Jesu fa e le gore re batla go atamalana le Jehofa. Ka ntlha yang? Sa ntlha, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Rara ka boene o a lo rata, ka gonne lo nthatile.” (Joh. 16:27) Gape o ne a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Joh. 14:6) Go leka go atamalana le Jehofa re se ditsala tsa ga Jesu go tshwana le go leka go tsena mo ntlong mme o sa dirise kgoro. Jesu o ile a dirisa papiso e e tshwanang fa a ne a re ke ene “kgoro ya dinku.” (Joh. 10:7) Sa bobedi, Jesu o ne a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Joh. 14:9) Ka jalo, fa re batla go itse Jehofa, re tshwanetse go ithuta ka Jesu. Fa re ntse re ithuta ka ene, re tla mo rata le go feta. Mme fa re rata Jesu, re tla rata le Jehofa.

6. Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go nna ditsala tsa ga Jesu le lefe? Tlhalosa.

6 Re tshwanetse go nna ditsala tsa ga Jesu fa re batla gore Jehofa a arabe dithapelo tsa rona. Seno ga se reye fela go bua re re “mo leineng la ga Jesu” fa re rapela. Gape re tshwanetse go itse gore Jehofa o dirisa jang Jesu go araba dithapelo tsa rona. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Le fa e le eng se lo se kopang ka leina la me, ke tla se dira.” (Joh. 14:13) Le fa gone Jehofa e le ene a reetsang dithapelo tsa rona e bile e le ene a di arabang, o neile Jesu taolo ya go diragatsa ditshwetso tsa Gagwe. (Math. 28:18) Ka jalo, pele Jehofa a re itshwarela, o leba pele gore a re dirisa kgakololo ya ga Jesu. Ka sekai, Jesu o ne a re: “Fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraalona wa selegodimo le ene o tla lo itshwarela; mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, le Rraalona ga a na go itshwarela ditlolo tsa lona.” (Math. 6:14, 15) Ka jalo, go botlhokwa gore re tshware ba bangwe ka tsela e Jehofa le Jesu ba re tshwarang ka yone.

7. Setlhabelo sa ga Jesu se tla solegela bomang molemo?

7 Ditsala tsa ga Jesu ke tsone fela di tla solegelwang molemo ke setlhabelo sa gagwe. Re itse jang? Jesu o ne a re o tla “neela moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Joh. 15:13) Batlhanka ba ga Jehofa ba ba ileng ba tshela pele Jesu a tla mo lefatsheng ba tla tshwanelwa ke go ithuta ka ene le go mo rata. Batho ba ba jaaka Aborahame, Sara, Moshe le Rahabe ba tlile go tsosiwa mme le bone ba tla tshwanelwa ke go nna ditsala tsa ga Jesu gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 17:3; Dit. 24:15; Baheb. 11:8-12, 24-26, 31.

8-9. Go ya ka Johane 15:4, 5, go nna ditsala tsa ga Jesu go tla re thusa jang mme ke eng fa seo se le botlhokwa?

8 Re na le tshiamelo ya go dira le Jesu mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ruta batho ka Bogosi Jwa Modimo. Mme fa e sale a boela kwa legodimong, o ntse a tsweletse ka go kaela tiro eno ya go rera le go ruta e re e dirang. O itumela fela thata fa a bona o tsaya matsapa go ruta batho ka ene le ka Rraagwe. Tota e bile, re ka kgona go dira tiro eno fa fela re thusiwa ke Jehofa le Jesu.—Bala Johane 15:4, 5.

9 Baebele ya re re tshwanetse go tswelela re rata Jesu gore re kgone go itumedisa Jehofa. Ka jalo, mma re tlotle ka dilo di le nnê tse re ka di dirang gore re nne ditsala tsa ga Jesu.

O KA NNA TSALA YA GA JESU JANG?

O ka nna tsala ya ga Jesu ka go (1) ithuta ka ene, (2) go dira dilo jaaka ene, (3) ema bomorwarraagwe nokeng le ka go, (4) tshegetsa dithulaganyo tse di dirwang mo phuthegong ya Modimo (Bona serapa 10-14) *

10. Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira fa re batla go nna ditsala tsa ga Jesu ke eng?

10 (1) Ithute ka ene. Re ka dira seno ka go bala buka ya Mathaio, Mareko, Luke le Johane. Dipego tsa Baebele tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu di re thusa go itse gore Jesu o ne a tshwara batho jang. Fa re tlhatlhanya ka dipego tseno, re tla mo rata e bile re tla mo tlotla. Ka sekai, Jesu o ne a sa tshware barutwa ba gagwe jaaka makgoba le fa gone e ne e le Mong wa bone. Go na le moo, o ne a ba bolelela gore o ikutlwa jang le gore o akanyang. (Joh. 15:15) Fa ba utlwile botlhoko, o ne a lela le bone. Tota le batho ba ba neng ba sa rate Jesu ba ne ba itse gore Jesu ke tsala ya batho ba ba dumelang mo go ene. (Math. 11:19) Fa re etsa tsela e Jesu a neng a tshwara batho ka yone, re tla kgona go dirisana sentle le ba bangwe, re tla itumela e bile re tla rata Jesu le go feta.

11. Selo sa bobedi se re tshwanetseng go se dira fa re batla go nna ditsala tsa ga Jesu ke eng mme ke ka ntlha yang fa se le botlhokwa?

11 (2) Dira dilo jaaka ene. Fa re akanya jaaka Jesu, re tla atamalana thata le ene. (1 Bakor. 2:16) Re ka mo etsa jang? Akanya ka seno: Jesu o ne a sa ikakanyetse fela a le nosi. O ne a nna fela a akanyetsa dilo tse ba bangwe ba di tlhokang. (Math. 20:28; Bar. 15:1-3) Ka jalo, o ne a thusa batho e bile a ba itshwarela. O ne a sa letle dilo tse batho ba di buang ka ene di mo kgopisa. (Joh. 1:46, 47) Mo godimo ga moo, o ne a sa tseye gore fa motho a dirile phoso mo nakong e e fetileng, seo se raya gore motho yoo ga a siamang. (1 Tim. 1:12-14) O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Joh. 13:35) Ipotse jaana: “A ke etsa Jesu ka go dira sotlhe se nka se kgonang gore ke dirisane le ba bangwe ka kagiso?”

12. Selo sa boraro se re tshwanetseng go se dira fa re batla go nna ditsala tsa ga Jesu ke eng mme re ka se dira jang?

12 (3) Tshegetsa bomorwarraagwe Keresete. Jesu a re dilo tse re di direla bomorwarraagwe re di direla ene. (Math. 25:34-40) Tsela ya botlhokwa e re ka tshegetsang bomorwarraagwe Keresete ka yone ke ka go dira sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya go rera le ya go ruta e Jesu a ileng a re e dirwe. (Math. 28:19, 20; Dit. 10:42) Bomorwarraagwe Keresete ba ka kgona go dira tiro eno fa fela ba thusiwa ke ba “dinku tse dingwe.” (Joh. 10:16) Fa e le gore o wa dinku tse dingwe, nako le nako fa o dira tiro eno o a bo o bontsha gore o tshegetsa Jesu le bomorwarraagwe.

13. Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Jesu e e mo go Luke 16:9?

13 Gape re ka nna ditsala tsa ga Jehofa le Jesu fa re ntsha meneelo go tshegetsa dilo tse di direlwang Bogosi. (Bala Luke 16:9.) Ka sekai, re ka ntsha moneelo go tshegetsa tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Meneelo eno e thusa go tsweledisa tiro ya go rera e e dirwang kwa mafelong a a kgakala, go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi le dikago tse dingwe e bile e dirisediwa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba wetsweng ke masetlapelo a tlholego. Gape re ka ntsha meneelo go thusa go duelela ditshenyegelo tsa phuthego. Mo godimo ga moo, re ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlhokang. (Dia. 19:17) Fa re dira jalo, re a bo re tshegetsa bomorwarraagwe Keresete.

14. Go ya ka Baefeso 4:15, 16, ke eng gape se re tshwanetseng go se dira fa re batla go nna ditsala tsa ga Jesu?

14 (4) Tshegetsa dithulaganyo tse di dirwang mo phuthegong ya Modimo. Jesu ke tlhogo ya phuthego, ka jalo re nonotsha botsala jwa rona le ene fa re reetsa ba ba tlhomilweng go tlhokomela phuthego. (Bala Baefeso 4:15, 16.) Ka sekai, gone jaanong re leka go dirisa Diholo Tsa Bogosi ka botlalo. Ka jalo, diphuthego dingwe di kopantswe le tse dingwe e bile tshimo e ba e dirang le yone e okeditswe. Seno se re thusa gore re kgone go boloka madi a le mantsi. Le fa go ntse jalo, seno se ile sa dira gore maemo a baboledi bangwe a fetoge. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ka tswa ba feditse dingwaga di le dintsi ba kopanela le phuthego e e rileng, e bile ba rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego eo fela thata. Mme gone jaanong, ba tshwanelwa ke go kopanela le phuthego e nngwe. Jesu o tshwanetse a bo a itumela tota fa a bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ikobela thulaganyo eno.

GO NNA DITSALA TSA GA JESU GO YA GO ILE

15. Botsala jwa rona le Jesu bo tla tokafala jang mo nakong e e tlang?

15 Batlodiwa ba na le tsholofelo ya go nna le Keresete go ya go ile kwa legodimong le ya go busa le ene mo Bogosing Jwa Modimo. Ba tla kgona go mmona, go bua le ene le go fetsa nako le ene. (Joh. 14:2, 3) Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone Jesu o tla ba bontsha gore o a ba rata. Le fa gone ba tla bo ba sa bone Jesu, ba tla mo rata le go feta ka ntlha ya dilo tse ene le Rraagwe ba tla ba direlang tsone.—Isa. 9:6, 7.

16. Re tla bona masego afe fa re le ditsala tsa ga Jesu?

16 Fa re le ditsala tsa ga Jesu, re tla amogela masego a le mantsi. Ka sekai, fa re le ditsala tsa gagwe, o tla re rata e bile o tla re tshegetsa. Gape re nna le tsholofelo ya go tshelela ruri. Mme sa botlhokwa le go feta, go nna ditsala tsa ga Jesu go tla dira gore re atamalane le Jehofa. Eleruri ke tshiamelo go nna tsala ya ga Jesu.

PINA 17 “Ke a Batla”

^ ser. 5 Jesu o ile a fetsa dingwaga di le mmalwa a bereka le baaposetoloi ba gagwe, ka jalo, e ne ya nna ditsala. Le rona Jesu o batla re nna ditsala tsa gagwe. Mme go na le dilo dingwe tse di ka dirang gore seo se nne thata. Mo setlhogong seno, re tla bona gore dilo tseo ke dife. Gape re tla bona gore ke eng se se ka re thusang go nna ditsala tsa ga Jesu.

^ ser. 55 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (1) Ka nako ya kobamelo ya lelapa, re ka ithuta ka botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe. (2) Re ka dira ka natla gore go nne le kagiso mo phuthegong. (3) Re tshegetsa bomorwarraagwe Keresete fa re dira ka natla mo bodireding. (4) Fa diphuthego di kopanngwa, re ka ikobela ditshwetso tse di dirwang ke bagolwane.