Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 20

“Kgosi ya Bokone” ke Mang Gompieno?

“Kgosi ya Bokone” ke Mang Gompieno?

“E tla tla go ya go fitlha fela kwa bokhutlong jwa yone, mme e tla bo e se na mothusi.”—DAN. 11:45.

PINA 95 Lesedi le Phatsimela Pele

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

RE NA le bosupi jo bo re tlhatswang pelo gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Go ise go ye kae, Jehofa le Jesu Keresete ba tlile go senya dipuso tsotlhe tse di leng kgatlhanong le Bogosi Jwa Modimo. Pele seo se diragala, kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di tla tswelela di lwantshana e bile di lwantsha batlhanka ba Modimo.

2 Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka boporofeti jo bo mo go Daniele 11:40–12:1. Re tla ithuta gore kgosi ya bokone ke mang gompieno, le gore re ka dira eng gore re nne re ritibetse le go tshepa gore Jehofa o tla re thusa le fa re ka lebana le diteko.

KGOSI E NTŠHA YA BOKONE

3-4. Kgosi ya bokone ke mang gompieno? Tlhalosa.

3 Ka 1991 fa Soviet Union e sena go phutlhama, batho ba Modimo ba ile ba gololesega ka nakwana, Daniele o bitsa kgololesego eo a re ke “thuso e nnye.” (Dan. 11:34) Mme go ise go ye kae, batho ba le bantsi ba ba neng ba nna mo dinageng tse di neng di busiwa ke Soviet Union ba ne ba nna baboledi. Fa nako e ntse e ya, Russia le dinaga tse di e tshegetsang ba ile ba nna kgosi ya bokone. Jaaka setlhogo se se fetileng se tlhalositse, gore puso e nne kgosi ya bokone kgotsa kgosi ya borwa e tshwanetse ya bo e dira dilo tseno tse tharo: (1) e busa kwa batlhanka ba Modimo ba leng gone e bile e le kgatlhanong le bone, (2) e bontsha gore e tlhoile Jehofa le batho ba gagwe, le (3) e gaisana le puso e nngwe.

4 Re na le mabaka a go bo re ka re Russia le dinaga tse di e tshegetsang ke kgosi ya bokone. (1) Ba ne ba tlhasela batho ba Modimo ka go ba bogisa le go thibela tiro ya bone ya go rera. (2) Se ba ileng ba se dira se bontsha gore ba tlhoile Jehofa le batho ba gagwe. (3) Ba ntse ba gaisana le kgosi ya borwa e leng Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. A re boneng gore Russia le dinaga tse di e tshegetsang di ile tsa dira eng mme seo se bontsha jang gore di emela kgosi ya bokone.

KGOSI YA BOKONE LE KGOSI YA BORWA DI A KGOROMETSANA

5. Daniele 11:40-43 e bua ka eng?

5 Bala Daniele 11:40-43. Boporofeti jono bo bua ka ditiragalo tsa metlha ya bofelo. Boporofeti jono bo tlhalosa gore kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di lwantshana jang. Daniele o ile a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di tla “kgorometsana.”—Dan. 11:40.

6. Ke eng se se bontshang gore dikgosi tseno di ntse di kgorometsana?

6 Kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di a lwantshana ka gonne di lwela go nna le maemo a ntlha. Ka sekai, morago ga Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi Soviet Union ile ya simolola go busa karolo e kgolo ya Yuropa, ka jalo, kgosi ya borwa e ile ya dumalana le dinaga tse dingwe gore di kopanye sesole sa tsone gore di lwantshe kgosi ya bokone. Fa di kopane di bidiwa NATO, [North Atlantic Treaty Organization]. Gape kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di dirisitse madi a mantsi di leka go nonotsha sesole sa tsone. Dikgosi tseno di bontsha gore di a lwantshana ka gonne fa di ne di fitlhela dinaga di lwa, di ne di tshegetsa matlhakore a a sa tshwaneng. Di ne tsa dira jalo kwa Afrika, Asia, le kwa Latin America. Mo dingwageng tse di fetileng, Russia le dinaga tse di e tshegetsang di nnile maatla go gaisa dinaga tse dingwe. Gape kgosi ya bokone e ile ya lwa le kgosi ya borwa e dirisa dikhomputara kgotsa mafaratlhatlha. Dikgosi tseno di pegana molato wa gore e nngwe e leka go dirisa di-software tsa dikhomputara go senya maemo a ikonomi le a sepolotiki a e nngwe. Fela jaaka Daniele a ile a bolelela pele, kgosi ya bokone e tswelela go tlhasela batho ba Modimo.—Dan. 11:41.

KGOSI YA BOKONE E TSENA MO “LEFATSHENG LA MOKGABISO”

7. “Lefatsheng la Mokgabiso” ke eng?

7 Daniele 11:41 ya re kgosi ya bokone e tla tsena mo “lefatsheng la Mokgabiso.” “Lefatsheng la Mokgabiso” keng? Ka nako ya fa Baebele ene e kwalwa lefatshe la Iseraele le ne le itsewe e le “mokgabiso wa mafatshe otlhe.” (Esek. 20:6) Mme se se neng se dira gore lefatshe la Iseraele le nne botlhokwa thata ke gore e ne e le lone fela lefelo le go neng go obamelwa Jehofa kwa go lone. Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E, “lefatshe la Mokgabiso” e ne e sa tlhole e le lefelo la mmatota. Seno sa utlwala ka gonne batho ba ga Jehofa ba kgona go mo obamela gongwe le gongwe kwa ba leng gone. Mme gompieno “lefatsheng la Mokgabiso” ke dilo tse batho ba ga Jehofa ba di dirang e le go mo obamela tse di akaretsang go ya dipokanong le go ya bodireding.

8. Kgosi ya bokone e ne ya tsena jang mo “lefatsheng la Mokgabiso”?

8 Mo metlheng ya bofelo kgosi ya bokone e ile ya tsena makgetlho a le mantsi mo “lefatsheng la Mokgabiso.” Ka sekai, fa Jeremane e ne e le kgosi ya bokone e ne ya tsena mo “lefatsheng la Mokgabiso” ka go bogisa le go bolaya batho ba Modimo. Seo se ile sa diragala ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi. Morago ga Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi fa Soviet Union e ne e le kgosi ya bokone, e ne ya tsena mo “lefatsheng la Mokgabiso” ka go bogisa batho ba Modimo le go dira gore ba tshabe mo magaeng a bone.

9. Russia le dinaga tse di e tshegetsang di ne tsa tsena jang mo “lefatsheng la Mokgabiso”?

9 Mo dingwageng tse di sa tswang go feta Russia le dinaga tse di e tshegetsang di ile tsa tsena mo “lefatsheng la Mokgabiso.” Ba dirile seo jang? Ka 2017 kgosi ya bokone e ile ya thibela tiro ya batho ba ga Jehofa e bo e latlhela bangwe ba bone mo kgolegelong. Gape e ile ya thibela dikgatiso tsa rona le Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Gape e ile ya tsaya ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano tse di kwa Russia. Ka jalo ka 2018 Setlhopha se se Laolang se ile sa re Russia le dinaga tse di e tshegetsang ke kgosi ya bokone. Le fa batho ba Modimo ba bogisiwa ga ba kitla ba lwantsha puso kgotsa go leka go e menola. Go na le moo, batlhanka ba Modimo ba ikobela kgakololo e e mo Baebeleng ya gore ba rapelele “botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo,” segolobogolo fa balaodi bao ba batla go dira ditshwetso tse di tla amang kobamelo ya rona.—1 Tim. 2:1, 2.

A KGOSI YA BOKONE E TLA FEDISA KGOSI YA BORWA?

10. A kgosi ya bokone e tla fedisa kgosi ya borwa? Tlhalosa.

10 Boporofeti jo bo mo go Daniele 11:40-45 bo bua thata ka kgosi ya bokone. A seno se raya gore kgosi ya bokone e tla fedisa kgosi ya borwa? Nnyaa. Kgosi ya borwa e tla bo e sa ntse e le teng fa Jehofa le Jesu ba senya dipuso tsotlhe ka ntwa ya Haramagedona. (Tshen. 19:20) Goreng re re jalo? Ela tlhoko se boporofeti jwa ga Daniele le jwa Tshenolo bo se buang.

Ka ntwa ya Haramagedona, Bogosi Jwa Modimo, jo bo tshwantshediwang ke leje, bo tla fedisa dipuso tsa batho, tse di tshwantshediwang ke setshwantsho seno se segolo (Bona serapa 11)

11. Daniele 2:43-45 e bua ka eng? (Bona setshwantsho sa khabara.)

11 Bala Daniele 2:43-45. Boporofeti jwa ga Daniele bo tlhalosa setshwantsho se segolo se mmele wa sone o dirilweng ka dimetale tse di farologaneng. Karolo nngwe le nngwe ya setshwantsho seno e emela puso e e ileng ya busa kwa batho ba le bantsi ba Modimo ba neng ba nna gone. Dipuso tseno ga di a ka tsa busa ka nako e le nngwe. Maoto a setshwantsho seno a dirilwe ka tshipi le letsopa. Maoto ao a emela Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. Boporofeti jono bo bontsha gore Mmuso wa Maesemane le Maamerika o tla bo o sa ntse o busa fa Bogosi Jwa Modimo bo senya dipuso tsotlhe.

12. Tlhogo ya bosupa ya sebatana sa naga e emela eng mme goreng seo se a utlwala?

12 Moaposetoloi Johane le ene o ile a bua ka dipuso tse di ileng tsa busa kwa mafelong a go nang le batho ba ga Jehofa kwa go one. Mo boporofeting jwa ga Johane dipuso tseo di emelwa ke sebatana sa ditlhogo di le supa. Tlhogo ya bosupa ya sebatana seo e emela Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. Seno se a utlwala ka gonne sebatana seno ga sena tlhogo e nngwe gape e e tlhogang morago ga ya bosupa. Puso e e emelwang ke tlhogo ya bosupa e tla bo e sa ntse e busa fa Keresete le baengele ba gagwe ba tla go senya sebatana. *Tshen. 13:1, 2; 17:13, 14.

KGOSI YA BOKONE E TLA TLOGA E DIRA ENG?

13-14. “Gogo wa lefatshe la Magogo” ke mang, mme ke eng se se tla dirang gore a tlhasele batho ba Modimo?

13 Boporofeti jwa ga Esekiele bo re thusa go tlhaloganya se se ka diragalang pele kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di senngwa. Go lebega boporofeti jo bo mo go Esekiele 38:10-23; Daniele 2:43-45; 11:44–12:1; le Tshenolo 16:13-16, 21 bo bua ka ditiragalo tse di tla diragalang ka nako e le nngwe. Fa e le gore go jalo, re akanya gore dilo tse di latelang di tlile go diragala.

14 Fa pitlagano e kgolo e sena go simologa, ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe’ di tla dira kgolagano. (Tshen. 16:13, 14; 19:19) Fa ba kopane jalo Baebele e ba bitsa, “Gogo wa lefatshe la Magogo.” (Esek. 38:2) Ba tlile go tlhasela batho ba Modimo ba bo ba leka go ba fedisa. Ke eng se se tla dirang gore ba tlhasele batho ba Modimo? Moaposetoloi Johane o ile a porofeta ka sefako se segolo se se neng se tla tswa kwa legodimo se bo se itaya baba ba Modimo. Sefako seo se ka tswa se tshwantshetsa molaetsa wa katlholo o o tla rerwang ke batlhanka ba ga Jehofa. Gongwe molaetsa oo ke one o tla dirang gore Gogo wa Magogo a tlhasele batho ba Modimo e bile a leke go ba fedisa.—Tshen. 16:21.

15-16. (a) Daniele 11:44, 45 e ka tswa e bua ka ditiragalo dife? (b) Go tla diragala eng ka kgosi ya bokone le ditšhaba tse dingwe tse e leng karolo ya Gogo wa Magogo?

15 Molaetsa o maatla o batlhanka ba Modimo ba tla o rerang, le go tlhaselwa ga bone ke baba ba Modimo e ka tswa e le tsone ditiragalo tse di tlhagelelang gape mo go Daniele 11:44, 45. (E bale.) Daniele fa a bua ka kgosi ya bokone a re “dipego tse di tla e fuduang, go tswa kwa botlhabatsatsi le go tswa kwa bokone” di tla dira gore e tswe ka “tšararego e kgolo.” Boikaelelo jwa kgosi eno e tla bo e le “go neelela ba le bantsi tshenyego.” Go bonala “ba le bantsi” ba go buiwang ka bone e le batho ba ga Jehofa. * Mo lekwalong lono Daniele a ka tswa a bua ka go tlhaselwa ga bofelo ga batlhanka ba Modimo.

16 Fa kgosi ya bokone le dipuso tse dingwe di tlhasela batho ba Modimo, seo se tla dira gore Modimo Mothatayotlhe a galefe mme Haramagedona e tla simologa. (Tshen. 16:14, 16) Jehofa o tlile go senya kgosi ya bokone le ditšhaba tse dingwe tse e leng karolo ya Gogo wa Magogo mme di tla bo di sena “mothusi.”—Dan. 11:45.

Jesu Keresete le baengele ba gagwe ba tla senya Satane le balatedi ba gagwe ka ntwa ya Haramagedona ba bo ba golola batho ba Modimo (Bona serapa 17)

17. Mikaele “kgosana e kgolo” e go buiwang ka yone mo go Daniele 12:1 ke mang mme o dira eng gone jaanong?

17 Temana e e latelang ya Daniele e tlhalosa gore kgosi ya bokone le dipuso tse di e tshegetsang di tlile go senngwa jang le gore rona re tlile go bolokwa jang. (Bala Daniele 12:1.) Temana eno e bua ka eng? Mikaele ke leina le lengwe la ga Jesu Keresete. O sa ntse a eme batho ba Modimo nokeng fa e sa le ka 1914. Go ise go ye kae, “o tla ema” kgotsa o tla tsaya kgato go fedisa baba botlhe ba gagwe ka ntwa ya Haramagedona. Ntwa eo ya makgaola kgang, Daniele o e bitsa “nako ya matshwenyego” e e iseng e ko e nne gone e bile e se kitla e tsamaya e nna gone gape. Mo go Tshenolo, Johane o bitsa nako ya pele ga Haramagedona a re ke ‘pitlagano e kgolo.’—Tshen. 6:2; 7:14.

A LEINA LA GAGO LE TLA BO LE “KWADILWE MO BUKENG YA BOTSHELO”?

18. Goreng re sa tlhoke go boifa pitlagano e kgolo?

18 Daniele le Johane ba ile ba tlhalosa gore batho ba ba ikobelang Jehofa le Jesu ba tlile go falola pitlagano e kgolo, ka jalo, ga re tlhoke go boifa. Daniele o ile a tlhalosa gore batho ba maina a bone a ‘kwadilweng mo bukeng’ ya botshelo ke bone ba tla falolang. (Dan. 12:1) Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore maina a rona a kwadiwe mo bukeng ya botshelo? Re tshwanetse go bontsha gore re na le tumelo mo go Jesu Keresete, Kwana ya Modimo. (Joh. 1:29) Re tshwanetse go bontsha gore re ineetse mo go Jehofa ka go kolobediwa. (1 Pet. 3:21) Gape re tshwanetse go ema Bogosi Jwa Modimo nokeng ka go thusa ba bangwe go itse Jehofa.

19. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gone jaanong, mme ke ka ntlha yang?

19 Gone jaanong ke nako ya gore re ikanye Jehofa le gore re tshepe phuthego ya gagwe. Gape ke nako ya gore re eme Bogosi Jwa Modimo nokeng. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re boloka fa a senya kgosi ya bokone le kgosi ya borwa.

PINA 149 Pina ya Phenyo

^ ser. 5 “Kgosi ya bokone” ke mang gompieno, mme e tla fedisiwa jang? Go itse dikarabo tsa dipotso tseno go tla nonotsha tumelo ya rona e bile go tla re thusa gore re ipaakanyetse go lebana le pitlagano e kgolo.

^ ser. 12 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka Daniele 2:36-45 le Tshenolo 13:1, 2 bona makasine wa Tora ya Tebelo wa June 15, 2012 ts. 7-19.

^ ser. 15 Go utlwa mo go oketsegileng ka kgang eno bona makasine wa Tora ya Tebelo wa May 15, 2015 ts. 27-28.