Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 22

Lebogela Dimpho Tse di sa Bonaleng Tse Jehofa a go Fileng Tsone

Lebogela Dimpho Tse di sa Bonaleng Tse Jehofa a go Fileng Tsone

‘Tlhoma matlho a gago mo dilong tse di sa bonweng. Gonne dilo tse di bonwang ke tsa nakwana, mme dilo tse di sa bonweng ke tse di sa khutleng.’—2 BAKOR. 4:18.

PINA 45 Go Tlhatlhanya ga Pelo ya me

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jesu o ile a reng ka go ipolokela matlotlo kwa legodimong?

GA SE matlotlo otlhe a re ka kgonang go a bona. Tota e bile, go na le dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse Jehofa a re direlang tsone tse re sa kgoneng go di bona. Mo Therong ya Kwa Thabeng, Jesu o ile a bua ka matlotlo a a kwa legodimong a a botlhokwa thata go gaisa dikhumo le madi. Gape o ile a re: “Kwa letlotlo la gago le leng gone, le pelo ya gago e tla nna gone koo.” (Math. 6:19-21) Fa re tsaya selo se le tlhwatlhwakgolo, re leka ka thata gore re nne le sone. Re ‘ipolokela matlotlo kwa legodimong’ ka go nna le boitsholo jo bo siameng le ka go nna mo letlhakoreng la ga Jehofa. Jesu o ile a tlhalosa gore matlotlo ao ga a kitla a senngwa kgotsa a utswiwa ke ope.

2. (a) Mo go 2 Bakorintha 4:17 le 18, Paulo o re kgothaletsa gore re tlhome mogopolo mo go eng? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Moaposetoloi Paulo o ile a re kgothaletsa gore re “[tlhome] matlho a rona . . . mo dilong tse di sa bonweng.” (Bala 2 Bakorintha 4:17, 18.) Matlotlo ano a re sa kgoneng go a bona, a akaretsa dilo tse re tlileng go itumelela tsone kwa lefatsheng le lesha. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta ka matlotlo a le manê a re kgonang go nna le one gone jaanong, e leng, go nna tsala ya Modimo, thapelo, moya o o boitshepo le thuso e Jehofa, Jesu le baengele ba re nayang yone mo bodireding. Gape re tla ithuta gore re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa go bo a re file dimpho tseno.

GO NNA TSALA YA GA JEHOFA

3. Ke mpho efe e e tlhatlhwakgolo e re sa kgoneng go e bona, mme ke eng se se re thusang gore re kgone go nna le yone?

3 Mpho e kgolo e re sa kgoneng go e bona ke go nna tsala ya ga Jehofa. (Pes. 25:14) Go tla jang gore Modimo a tsalane le batho ba ba nang le boleo mme ene a bo a tswelela a le boitshepo? O kgona go dira jalo ka gonne setlhabelo sa ga Jesu se ‘tlosa maleo a lefatshe.’ (Joh. 1:29) Le e leng pele Jesu a swa, Jehofa o ne a itse gore Jesu o tlile go ikanyega go fitlha a swa gore a boloke batho. Ke gone ka moo Modimo a neng a kgona go tsalana le batho ba ba ileng ba tshela pele Jesu a swa.—Bar. 3:25.

4. Naya dikai tsa banna ba ba ileng ba tshela pele Jesu a tla mo lefatsheng ba e neng e le ditsala tsa Modimo.

4 A re tlotle go se kae ka banna ba ba ileng ba nna ditsala tsa Modimo pele Jesu a tla go tshela mo lefatsheng. Aborahame o ne a na le tumelo e e nonofileng. Morago ga dingwaga di feta 1 000 fa Aborahame a sena go swa, Jehofa o ne a mmitsa ‘tsala ya gagwe.’ (Isa. 41:8) Seno se raya gore le fa batho ba sena go swa, Jehofa o sa ntse a ba tsaya e le ditsala tsa gagwe. Mo go Jehofa, Aborahame o sa ntse a tshela. (Luke 20:37, 38) Sekai se sengwe ke sa ga Jobe. Fa baengele ba ne ba phuthegile mmogo kwa legodimong, Jehofa o ile a bua a le motlotlo ka Jobe. Jehofa o ne a mmitsa “monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.” (Jobe 1:6-8) Mme Jehofa o ikutlwa jang ka monna mongwe yo o bidiwang Daniele, yo o ileng a fetsa dingwaga di le 80 a direla Jehofa le fa a ne a nna le batho ba ba sa mo direleng? Moengele o ile a bolelela Daniele makgetlo a le mararo gore ‘o a ratega’ mo Modimong. (Dan. 9:23; 10:11, 19) Re tlhomamisegile gore eleruri Jehofa o batla go tsosa ditsala tsa gagwe tse di tlhokafetseng.—Jobe 14:15.

Ke dilo dife tse re ka di dirang go bontsha gore re lebogela matlotlo a a sa bonaleng a Jehofa a re fileng one? (Bona serapa 5) *

5. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne ditsala tsa ga Jehofa?

5 Ke batho ba le kae ba e leng ditsala tsa ga Jehofa gompieno? Ba bantsi tota! Re itse seno ka gonne go na le banna, basadi le bana ba le bantsi ba ba bontshang ka ditiro gore ruri ke ditsala tsa ga Jehofa. Baebele ya re Jehofa “o atamalane thata le bathokgami.” (Dia. 3:32) Jehofa o kgona go tsalana le bone ka gonne ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. Ka ntlha ya thekololo, re kgona go nna ditsala tsa ga Jehofa le go ineela mo go ene re bo re kolobediwa. Fa re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu, re ineela mo go Jehofa re bo re kolobediwa, le rona re tla nna bangwe ba batho le bantsi ba ba atamalaneng thata le Motho yo mogolo go gaisa mo lobopong.

6. Re ka bontsha jang gore re lebogela botsala jo re nang le jone le Modimo?

6 Re ka bontsha jang gore re tsaya botsala jwa rona le Modimo bo le botlhokwa? Fela jaaka Aborahame le Jobe ba ba ileng ba fetsa dingwaga di le dintsi ba ikanyega mo Modimong, le rona re tshwanetse go ikanyega mo go ene go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kae re ntse re mo direla. Fela jaaka Daniele, re tshwanetse go tsaya botsala jwa rona le Modimo bo le botlhokwa go gaisa botshelo jwa rona. (Dan. 6:7, 10, 16, 22) Jehofa o tla re thusa gore re kgone go itshokela diteko tse re tla lebanang le tsone mme re tla tswelela re le ditsala tsa gagwe.—Bafil. 4:13.

THAPELO

7. (a) Go ya ka Diane 15:8, Jehofa o ikutlwa jang ka dithapelo tsa rona? (b) Jehofa o araba jang dithapelo tsa rona?

7 Mpho e nngwe e Modimo a re fileng yone e re sa kgoneng go e bona, ke thapelo. Ditsala di rata go tlotla ka dilo tse ba di akanyang le ka tsela e ba ikutlwang ka yone. Le rona botsala jwa rona le Jehofa bo tshwanetse go nna jalo. Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe go re bolelela gore o ikutlwa jang le gore o akanya eng. Re bua le ene fa re rapela, re mmolela gore re ikutlwa jang. Jehofa o itumelela go reetsa dithapelo tsa rona. (Bala Diane 15:8.) E re ka Jehofa e le Tsala ya rona, o reetsa dithapelo tsa rona e bile o a di araba. Ka dinako tse dingwe, Jehofa o araba dithapelo tsa rona ka bonako. Mme ka dinako tse dingwe, re ka tlhoka go rapela makgetlo a le mantsi ka bothata jo re nang le jone. Mme gone, re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re araba ka nako e e siameng le ka tsela e e siameng. Gone Jehofa a ka nna a se ka a re araba ka tsela e re lebeletseng gore a re arabe ka yone. Ka sekai, go na le gore Jehofa a fedise mathata a rona, a ka nna a re fa maatla le botlhale jwa gore re kgone go a “itshokela.”—1 Bakor. 10:13.

(Bona serapa 8) *

8. Re ka bontsha jang gore re lebogela mpho e Jehofa a re fileng yone ya go rapela?

8 Re ka bontsha jang gore re lebogela mpho e Jehofa a re fileng yone ya go rapela? Ka go ikobela kaelo ya ga Jehofa ya gore re ‘rapele ka metlha.’ (1 Bathes. 5:17) Jehofa ga a re pateletse go rapela. O tlotla kgololesego ya rona a bo a re kgothaletsa gore re ‘nnele ruri mo thapelong’ kgotsa re rapele ka metlha. (Bar. 12:12) Ka jalo, re ka bontsha gore re lebogela mpho eno ka go rapela ka metlha. Mme sa botlhokwa, ga re a tshwanela go lebala go leboga Jehofa le go mo galaletsa fa re rapela.—Pes. 145:2, 3.

9. Mokaulengwe mongwe o ikutlwa jang ka thapelo, mme wena o ikutlwa jang ka yone?

9 Fa re ntse re direla Jehofa e bile re bona tsela e a arabang dithapelo tsa rona ka yone, re tla tlhotlheletsega go mo rapela. Chris yo o nang le dingwaga di le 47 a le mo tirelong ya nako e e tletseng a re: “Ke rata go tsoga phakela thata ke bo ke bua le Jehofa. Go a lapolosa go bua le Jehofa fa letsatsi le tlhaba e bile o bona dilo tsotlhe di le dintle. Seno se dira gore ke mo lebogele dimpho tsotlhe tse a mphileng tsone go akaretsa le mpho ya go rapela. Mme fa ke fetsa go rapela maitseboa, ke robala monate go sena letsapa le mphisang pelo.”

MOYA O O BOITSHEPO

10. Goreng re tshwanetse go tsaya moya o o boitshepo o le botlhokwa?

10 Moya o o boitshepo wa Modimo ke mpho e nngwe gape e re tshwanetseng go e tsaya e le botlhokwa. Jesu o ne a re re nne re rapelele gore Modimo a re fe moya o o boitshepo. (Luke 11:9, 13) Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go re naya maatla, “tota le maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakor. 4:7; Dit. 1:8) Moya o o boitshepo o kgona go re thusa go fenya diteko dipe fela tse re ka lebanang le tsone.

(Bona serapa 11) *

11. Moya o o boitshepo o ka re thusa go dira eng?

11 Moya o o boitshepo o ka re thusa gore re diragatse di kabelo tsa rona mo tirong ya ga Jehofa. Moya o o boitshepo o ka kgona go re thusa go tokafatsa dilo tse re kgonang go di dira. Re tshwanetse go leboga Modimo go bo a re file moya wa gagwe o o boitshepo o o re thusang go fitlhelela dilo dingwe.

12. Dipesalema 139:23 le 24 ya re re ka rapelela gore moya o o boitshepo o re thuse go dira eng?

12 Tsela nngwe e re ka bontshang gore re lebogela moya o o boitshepo ka yone ke ka go kopa Modimo gore a re neye one, gore o re thusa go lemoga dilo tse di phoso, kana dikakanyo tse di siamang tse re ka tswang re na le tsone. (Bala Dipesalema 139:23, 24) Fa re dira jalo Jehofa o tla re naya one, mme o tla re thusa go bona dikakanyo tseo, tse re tlhokang go di baakanya. Mme fa re sena go bona gore re na le dikakanyo tse di sa siamang, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo gore o re neye maatla a go tlosa dilo tseo. Fa re dira jalo re a bo re bontsha Jehofa gore re ikemiseditse go amogela gore a re thuse a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo.—Baef. 4:30.

13. Ke eng se se ka re thusang go lebogela moya o o boitshepo?

13 Fa re akanya re bo re bona tsela e moya o o boitshepo o re thusang ka yone seo se ka dira gore re o lebogele. Pele Jesu a ya kwa legodimong o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Mafoko ano a a diragadiwa gompieno. E re ka moya o o boitshepo o re thusa go rera dikgang tse di molemo, gompieno go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le robedi. Gape re itumelela go nna mo paradaiseng ya semoya ka gonne moya wa Modimo o o boitshepo o re thusa go nna le dinonofo tsa moya, e leng, lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo le boikgapo. Tseno ke dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone. (Bagal. 5:22, 23) Ruri moya o o boitshepo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo.

GO DIRA MMOGO LE JEHOFA, JESU LE BAENGELE

14. Ke bomang ba ba re thusang mo tirong ya go rera?

14 Mpho e nngwe gape e re nang le yone, ke ‘go dira mmogo’ le Jehofa Jesu le Baengele. (2 Bakor. 6:1) Re dira mmogo le bone fa re dira tiro ya go dira batho barutwa. Paulo o ne a re ene le batho ba bangwe ba ba dirang tiro eno ke “badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) Fa re ya bodireding re a bo re dira mmogo le Jesu. Gopola gore fa Jesu a se na go raya barutwa ba gagwe a re ba dire “batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,” o ne a ba raya a re: “Ke na le lona.” (Math. 28:19, 20) Baengele bone ba re thusa jang? Baengele ba a re kaela fa re ntse re rera “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng . . . mo go ba ba nnang mo lefatsheng.”—Tshen. 14:6.

15. Naya sekai sa mo Baebeleng sa ka fa Jehofa a re thusang ka teng mo bodireding.

15 Jehofa, Jesu le baengele ba re thusa jang? Fa re ntse re jala peo ya Bogosi, e nngwe e wela mo mmung o o molemo e bo e gola. (Math. 13:18, 23) Ke mang yo o godisang peo eo go fitlha e ungwa? Jesu o ile a tlhalosa gore ga go na ope yo o ka nnang molatedi wa gagwe “fa Rara . . . a sa mo goge.” (Joh. 6:44) Akanya ka sekai sengwe sa mo Baebeleng. Paulo o ile a rerela basadi bangwe gaufi le motse wa Filipi. Ela tlhoko se Baebele e ileng ya se bua ka mongwe wa Basadi bano e bong Lidia. Baebele ya re: “Jehofa o ne a bula pelo ya gagwe thata gore a tlhwaele tsebe dilo tse di buiwang ke Paulo.” (Dit. 16:13-15) Fela jaaka Lidia batho ba le bantsi ba teng mo phuthegong ka gonne ba ile ba gogwa ke Jehofa.

16. Re tshwanetse go leboga mang fa re atlega mo bodireding?

16 Ke mang tota yo o re thusang go atlega mo bodireding? Paulo o ile a kwalela phuthego ya kwa Korintha a re: “Ke ne ka jala, Apolose a nosetsa, mme Modimo o ne a nna a godisa; mo e leng gore yo o jalang ga se sepe le fa e le yo o nosetsang, fa e se Modimo yo o godisang.” (1 Bakor. 3:6, 7) Fela jaaka Paulo re tshwanetse go leboga Jehofa fa re atlega mo bodireding.

17. Re ka bontsha jang gore re lebogela tshono ya “go dira mmogo” le Jehofa, Jesu le baengele?

17 Re ka bontsha jang gore re lebogela tshiamelo e re nang le yone ya go “dira mmogo” le Modimo, Jesu le baengele? Ka go batla ditshono tsa go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo. Gape re ka dira jalo ka go rera “phatlalatsa le ka ntlo le ntlo.” (Dit. 20:20) Ba bangwe ba itumelela go rera ba se mo bodireding. Fa ba kopane le motho yo ba sa mo itseng, ba a mo dumedisa ba bo ba leka go tlotla le ene. Fa motho yoo a le botsalano, ba leka go mo rerela ka botlhale.

(Bona serapa 18) *

18-19. (a) Re ka nosetsa jang dipeo tsa boammaaruri? (b) Naya sekai sa ka fa Jehofa a thusitseng moithuti wa Baebele ka gone.

18 E re ka re le “badirimmogo le Modimo,” ga re a tshwanela go jala dipeo tsa boammaaruri fela, gape re tshwanetse go di nosetsa. Fa re kopane le motho yo o kgatlhegelang go ithuta Baebele, re tshwanetse go dira maiteko a go boela kwa go ene, kgotsa re kope motho yo mongwe gore a ithute Baebele le ene. Fa re ntse re ithuta le motho re bo re bona ka fa Jehofa a mo thusang ka teng gore a dire diphetogo, seo se dira gore re itumele.

19 Akanya ka Raphalalani yo o nnang kwa Afrika Borwa yo o kileng a ya bo e le ngaka ya setso. O ne a rata se a se ithutang mo Baebeleng. Mme go ne go se motlhofo mo go ene gore a amogele se Baebele e se rutang ka kgang ya batho ba ba suleng. (Dute. 18:10-12) Mme fa nako e ntse e ya, o ile a letla Modimo gore a mo thuse go fetola tsela e a akanyang ka yone. Kwa bofelong o ne a tlogela go nna ngaka ya setso, le fa e le yone fela tsela e a neng a itshedisa ka yone. Raphalalani yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 60 a re: “Ke leboga ka fa basupi ba ga Jehofa ba ileng ba nthusa ka gone, ba ile ba nthusa go bona tiro mme sa botlhokwa le go feta ke leboga Jehofa go bo a nthusitse go fetola botshelo jwa me. Gone jaanong ke kgona go nna le seabe mo bodireding e bile ke Mosupi wa ga Jehofa.”

20. O ikemiseditse go dira eng?

20 Mo setlhogong seno re tlotlile ka matlotlo a le mmalwa a re sa kgoneng go a bona. Mpho e kgolo kgotsa letlotlo le legolo go a gaisa otlhe ke go nna tsala ya ga Jehofa. Go nna tsala ya Modimo go re thusa gore re kgone go mo rapela, go dira mmogo le ene le Jesu le baengele. E kete re ka dira sotlhe se re ka se kgonang go bontsha gore re lebogela matlotlo ano. Gape e kete re ka leboga Jehofa go bo e le Tsala ya rona e e molemo.

PINA 145 Tsholofetso ya Modimo ya Paradaise

^ ser. 5 Mo setlhogong se se fetileng, re tlotlile ka dimpho di le mmalwa tse Modimo a re fileng tsone tse re kgonang go di bona. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dimpho tse di sa bonaleng tse Jehofa a re fileng tsone e bile re tla bona gore re ka bontsha jang gore re a di lebogela. Gape setlhogo seno se tla re bontsha gore ke eng se re ka se dirang go bontsha gore re leboga Jehofa ka ntlha ya dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse a re fileng tsone.

^ ser. 58 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: (1) Kgaitsadi o tlhatlhanya ka kamano ya gagwe le Jehofa fa a ntse a lebile popo.

^ ser. 60 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: (2) O kopa Jehofa gore a mo fe bopelokgale jwa go rera.

^ ser. 62 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: (3) Moya o o boitshepo o mo thusa go rera le fa a se mo bodireding.

^ ser. 64 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: (4) O tshwaretse motho yo o ileng a mo rerela thuto ya Baebele. Gape o tswelela a rera e bile a dira batho barutwa a thusiwa ke baengele.