Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 23

“A Leina la Gago le Itshepisiwe”

“A Leina la Gago le Itshepisiwe”

“Wena Jehofa, leina la gago ke la bosakhutleng.”—PES. 135:13.

PINA 10 Bakang Jehofa Modimo wa Rona!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Ke dikgang dife tse Basupi ba ga Jehofa ba ratang go tlotla ka tsone?

GO NA le kgang ya botlhokwa e e re lebaneng gompieno—go tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo le go itshepisa leina la gagwe. Rona Basupi ba ga Jehofa re rata go tlotla ka dikgang tseno tse di kgatlhang. Mme gone, a go itshepisiwa ga leina la Modimo le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe ke dilo tse pedi tse di farologaneng? Nnyaa.

2 Rotlhe re a itse gore leina la Modimo le tlhoka go itshepisiwa. Re lemogile gore bolaodi jwa ga Jehofa, kgotsa tsela e a busang ka yone ke yone e e siameng. Ka jalo, go botlhokwa gore re itshepise leina la Modimo re bo re tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe.

3. Leina la Modimo, Jehofa, le akaretsa eng?

3 Leina la Modimo, Jehofa, le akaretsa sengwe le sengwe ka ene, tota le tsela e a busang ka yone. Ka jalo, fa re re go itshepisiwa ga leina la Modimo go botlhokwa, seo se raya gore le tsela e a busang ka yone ke yone e e siameng. Leina la Modimo, Jehofa, le kaya gore ke ene a nang le tshwanelo ya go busa ka e le Molaodimogolo.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng “ Se Kgang Eno ya Botlhokwa e se Akaretsang.”

4. Pesalema 135:13 e tlhalosa leina la Modimo jang, mme re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

4 Ga go na leina lepe le le tshwanang le la ga Jehofa. (Bala Pesalema 135:13.) Ke eng fa leina la Modimo le le botlhokwa jaana? Le ile la gogagogiwa jang mo seretseng lekgetlho la ntlha? Modimo o le itshepisa jang? Mme rona re ka le buelela jang? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong seno.

LEINA LE BOTLHOKWA

5. Bangwe ba ka botsa potso efe fa ba utlwa gore leina la Modimo le tlhoka go itshepisiwa?

5 “A leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) Jesu o ile a re go botlhokwa gore re rapelele gore leina la Modimo le itshepisiwe. Mme gone, Jesu o ne a kaya eng? Go itshepisa sengwe go kaya go se dira boitshepo, go se dira phepa kana go se itshekisa. Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore, ‘A leina la Modimo ga le boitshepo, ga le phepa kana ga le a itsheka?’ Gore re bone karabo ya potso eno, re tlhoka go akanya ka gore leina le le molemo le akaretsa eng.

6. Ke eng se se dirang gore leina le nne botlhokwa?

6 Leina ga se lefoko fela le le ka bidiwang kgotsa le le ka kwalwang mo pampiring. Baebele ya re: “Go tshwanetse ga tlhophiwa leina go na le dikhumo tse dintsi.” (Diane 22:1; Mor. 7:1) Ke eng fa leina le le botlhokwa jaana? Ka gonne le akaretsa tsela e motho itsegeng ka yone le se batho ba se akanyang ka ene. Ka jalo, tsela e leina le kwalwang ka yone kgotsa e le bidiwang ka yone ga e botlhokwa go le kalo, mme sa botlhokwa ke se batho ba se akanyang fa ba le bona kgotsa fa ba le utlwa.

7. Batho ba ile ba senya leina la Modimo jang?

7 Fa batho ba bua maaka ka Jehofa, ba a bo ba senya tsela e a itsegeng ka yone. Fa ba senya tsela e a itsegeng ka yone, ba a bo ba gogagoga leina la gagwe mo seretseng. Leina la Modimo le tsela e a itsegeng ka yone di ile tsa senngwa lekgetlho la ntlha kwa tshimong ya Edene. Re ka ithuta eng mo go se se diragetseng?

LEINA LA MODIMO LE GOGAGOGWA MO SERETSENG

8. Ke eng se Adame le Efa ba neng ba se itse, mme seo se dira gore go nne le dipotso dife?

8 Adame le Efa ba ne ba itse gore leina la Modimo ke Jehofa, e bile ba ne ba itse dilo di le dintsi ka ene. Ba ne ba itse gore Jehofa ke Mmopi, ke ene a ba neilweng botshelo le legae le lentle le ba neng ba nna mo go lone, le gore o ba kopantse gore e nne monna le mosadi. (Gen. 1:26-28; 2:18) Mme gone, a ba ne ba tla tswelela ba akanya ka dilo tse dintle tse Jehofa a ba diretseng tsone? A ba ne ba tla bontsha gore ba rata Jehofa le gore ba lebogela se a ba diretseng sone? Karabo e ne ya bonala sentle fa mmaba wa Modimo a ne a ba leka.

9. Genesise 2:16, 17 le 3:1-5, ya re Jehofa o ile a laela Adame le Efa go dira eng, mme Satane o ne a sokamisa jang boammaaruri?

9 Bala Genesise 2:16, 17 le 3:1-5. Satane o ne a botsa Efa jaana a dirisa noga: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” Fa Satane a ne ba botsa Efa potso eno, o ne a tswakantse le maaka, a batla gore Efa a simolole go belaela Modimo. Modimo o ne a ba reile a re, ba ka ja mo setlhareng sengwe le sengwe jaaka ba batla, ntle le mo setlhareng se le sengwe fela. Go tshwanetse ga bo go ne go na le ditlhare di le dintsi tse Adame le Efa ba neng ba ka ja mo go tsone. (Gen. 2:9) Ruri Jehofa o pelotshweu. O ile a raya Adame le Efa a re ba se ka ba ja mo setlhareng se le sengwe fela. Ka jalo, potso e Satane a ileng a e botsa e ne ya sokamisa boammaaruri. Satane o ne a dira gore go nne e kete Modimo ga a pelotshweu. Mme seo se ka tswa se ile sa dira gore Efa a ipotse gore: ‘A go na le sengwe se Modimo a ntimang sone?’

10. Satane o ile a gogagoga jang leina la Modimo mo seretseng, mme go ne ga direga eng?

10 Ka nako eo, Efa o ne a sa ntse a obamela Jehofa. O ne a araba Satane ka go boeletsa mafoko a Jehofa a a buileng. Gape o ne a re ba ne ba sa tshwanela go tshwara setlhare seo. O ne a itse gore fa ba ne ba ka tlola molao wa Modimo, ba ne ba tlile go swa. Mme Satane o ne a raya Efa a re: “Ruri ga lo kitla lo swa.” (Gen. 3:2-4) Satane o ne a sa tlhole fitlha kgang ya gagwe, o ne a bua maaka ka Modimo. O ne a gogagoga leina la Modimo mo seretseng ka go raya Efa a re Jehofa ke moaki. Seo se ile sa dira gore Satane a bidiwe Diabolo kana Ramaaka. Efa o ne a tsieditswe; o ne a dumela Satane. (1 Tim. 2:14) O ile a ikanya Satane, e seng Jehofa. Mme seo sa dira gore a dire phoso e e tona. O ile a tlola molao wa ga Jehofa mme a ja mo setlhareng se Jehofa a neng a ba laetse gore ba se ka ba se ja. Moragonyana, o ne a naya Adame leungo gore le ene a le je.—Gen. 3:6.

11. Adame le Efa ba ka bo dirile eng mme ba paletswe ke go dira eng?

11 O akanya gore Efa a ka bo a arabile Satane jang? Akanya fa a ka bo a mo reile a re: “Ga ke go itse, ke itse Rre, Jehofa, ke a mo rata e bile ke a mo tshepa. Sengwe le sengwe se nna le Adame re nang le sone, re se neilwe ke ene. Goreng o bua dilo tse di ntseng jaana ka ene? Tsamaya!” Akanya fela gore Jehofa a ka bo a ile a ikutlwa jang fa a utlwa mafoko ano a a itumedisang! (Dia. 27:11) Mme gone, Adame le Efa ba ile ba palelwa ke go rata Jehofa le go ikanyega mo go ene. E re ka ba ne ba sa rate Jehofa e bile ba sa ikanyege mo go ene, ba ile ba palelwa ke go emela leina la Gagwe fa le ne le gogagogwa mo seretseng.

12. Satane o ile a dira eng gore Efa a nne le dipelaelo, mme Adame le Efa ba ile ba palelwa ke go dira eng?

12 Jaaka re ithutile, Satane o ile a dira gore Efa a belaele Modimo. O ile a dira gore Efa a ipotse dipotso ka Jehofa. Mme Adame le Efa ba ile ba palelwa ke go emela leina la Modimo. Seo se ile sa dira gore go nne motlhofo gore ba reetse Satane le go tsuologela Modimo. Satane o tsietsa batho ka tsela e e tshwanang le gompieno. O tlhasela leina la Modimo ka go le gogagoga mo seretseng. Fa batho ba reetsa maaka ano a ga Satane, go nna motlhofo gore ba se ka ba ikobela Jehofa le Bolaodi jwa gagwe.

JEHOFA O ITSHEPISA LEINA LA GAGWE

13. Esekiele 36:23 ya re molaetsa wa Baebele wa konokono ke ofe?

13 A Jehofa o ineetse fela e bile ga a dire sepe ka maaka ano a ga Satane? Nnyaa! Baebele yotlhe e tlhalosa se Jehofa a ileng a se dira go bontsha gore se se neng sa buiwa ka ene kwa tshimong ya Edene e ne e le maaka. (Gen. 3:15) Tota e bile, kgankgolo ya Baebele ke gore: Jehofa o itshepisa leina la gagwe a dirisa Bogosi jo a tlhomileng Morwawe go nna kgosi ya jone, jo bo tla tlisang kagiso le tshiamo mo lefatsheng lotlhe. Baebele e re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o itshepisa leina la gagwe jang.—Bala Esekiele 36:23.

14. Tsela e Jehofa a ileng a dira dilo ka yone fa a ne a tsuologelwa kwa tshimong ya Edene, e tlotlomatsa jang leina la gagwe?

14 Satane o dirile sotlhe se a ka se kgonang go dira gore Jehofa a se ka a fitlhelela boikaelelo jwa gagwe. Mme o paletswe! Dipego tse di mo Baebeleng di re bontsha se Jehofa a se dirileng, gape di re bontsha gore ga go na ope yo o tshwanang le ene. Boammaaruri ke gore fa Satane le ba ba mo emang nokeng ba ne ba tsuologela Jehofa, seo se ile sa mo utlwisa botlhoko. (Pes. 78:40) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a emelana le boemo jono ka botlhale, a le pelotelele e bile a dira se se siameng. O ile a re bontsha ka ditsela tse di farologaneng gore o maatla. Mo godimo moo, Jehofa o dira dilo tsotlhe ka lorato. (1 Joh. 4:8) O itshepisa leina la gagwe ka metlha.

Satane o ile a bua maaka ka Jehofa, mme fa e sa le ka nako eo, go tla go fitlha jaanong, o sa ntse a bua maaka ka Modimo (Bona serapa 9-10, 15) *

15. Satane o gogagoga leina la Modimo jang mo seretseng gompieno, mme seo se dirile gore go nne le diphelelo dife?

15 Satane o sa ntse a gogagoga leina la Modimo mo seretseng le gompieno. O dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba dumela gore Modimo o maatla, o siame, o botlhale le gore o lorato. Ka sekai, o leka go dira gore batho ba dumele gore Modimo ga se Mmopi wa dilo tsotlhe. Fa batho ba dumela gore Modimo o teng, o dira gore ba akanye gore go thata go tshela ka melao ya Gagwe. Gape o ruta batho gore Modimo o bosula le gore o fisa batho mo diheleng. Mme fa ba dumela maaka ao a ga Satane, go ka nna motlhofo gore ba gane go direla Jehofa. Fa Satane a ise a fedisiwe, o tla nna a dira sotlhe se a ka se kgonang go gogagoga leina la Modimo mo seretseng mme o batla gore le wena o dire se se tshwanang. A Satane o tla atlega?

SE O KA SE DIRANG

16. Ke eng se o ka kgonang go se dira se Adame le Efa ba paletsweng ke go se dira?

16 Jehofa o letla batho ba ba sa itekanelang gore le bone ba itshepise leina la gagwe. O ka kgona go dira se Adame le Efa ba paletswe ke se dira. Le fa gompieno batho ba le bantsi ba gogagoga leina la Modimo mo seretseng e bile ba mo rogaka, re sa ntse re ka kgona go le galaletsa ka gonne re itse gore Jehofa o boitshepo, o siame, o molemo e bile o a re rata. (Isa. 29:23) O ka bontsha gore o batla e nne ene a go busang. Re na le tshono ya go bontsha gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo ka tlisang kagiso le boitumelo mo bathong botlhe.—Pes. 37:9, 37; 146:5, 6, 10.

17. Jesu o ne a dira eng gore leina la ga Rraagwe le itsiwe?

17 Fa re emela leina la Modimo, tota re a bo re etsa Jesu Keresete. (Joh. 17:26) Jesu o ne a sa rute batho fela ka leina la ga Rraagwe, mme gape o ne a ba ruta gore Rraagwe o ntse jang. Ka sekai, Jesu o ne sa itshware jaaka Bafarasai ba ba neng ba dira gore go lebege e kete Jehofa ke Modimo yo o setlhogo, yo o sa itseng se a se batlang, yo o kgakala le batho e bile gape a sena kutlwelobotlhoko. Jesu o ne a thusa batho go itse gore Jehofa ke Modimo yo o pelotelele, yo o lorato le yo itshwarelang. Gape o ne a thusa batho go lemoga gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang ka tsela e a neng a tshela ka yone.—Joh. 14:9.

18. Ke eng se re ka se dirang go ganetsa maaka a a buiwang ka leina la ga Jehofa?

18 Fela jaaka Jesu re ka kgona go ruta batho ka Jehofa. Re ka ba ruta gore Jehofa ke Modimo yo o lorato le yo o pelonomi. Fa re dira jalo re a bo re ganetsa maaka a a buiwang ka Jehofa. Fa re bolelela batho ka leina la ga Jehofa, seo se dira gore leina la gagwe le itshepisiwe. Le rona re ka kgona go etsa Jehofa. Seno se a kgonega le fa re sa itekanela. (Baef. 5:1, 2) Fa re tshela ka melao ya ga Jehofa, seo se tla dira gore batho ba mo itshepise. Re ka kgona go tlotlomatsa leina la ga Jehofa ka go ruta batho boammaaruri ka lone. * Fa re dira dilo tseno tsotlhe re a bo re bontsha gore batho ba ka kgona go ikanyega mo go Jehofa.—Jobe 27:5.

Fa re ithuta Baebele le batho, re batla gore ba tlhaloganye gore Jehofa o a amega ka bone le gore ke Modimo yo o lorato (Bona serapa 18-19) *

19. Go ya ka Isaia 63:7, fa re ruta batho Baebele, boikaelelo jwa rona jo bogolo e tshwanetse ya nna eng?

19 Go na le sengwe gape se re ka se dirang go galaletsa leina la Modimo. Fa re ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, re a bo re ba ruta gore Jehofa Modimo ke ene Molaodimogolo wa lobopo lotlhe, ke ene a nang le tshwanelo ya go busa batho. Le fa re lwela go tshela ka melaometheo ya Modimo, re tshwanetse go ruta batho gore ba rate Jehofa, le gore ba ikanyege mo go ene. Fa re ruta batho ba Jehofa, re tshwanetse go ba ruta ka dinonofo tsa gagwe, re nne re boaboaletsa gore leina la Modimo ke mang, se le se emelang le gore ke ka ntlha yang le mo tshwanela. (Bala Isaia 63:7.) Fa re ba ruta ka tsela eo, re a bo re ba thusa gore ba rate Jehofa, ba mo obamele ka gonne ba batla go mo ikanya ka metlha.

20. Re tla bua ka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Re ka dira eng go tlhomamisa gore tsela e re itshwarang ka yone le e re rutang ka yone e galaletsa leina la ga Jehofa e bile e dira gore batho ba batle go mo direla? Potso eno e tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.

PINA 2 Leina la Gago ke Jehofa

^ ser. 5 Ke kgang efe e e botlhokwa e batho le baengele ba tshwanetseng go e ela tlhoko? Ke eng fa e le botlhokwa? Mme e re ama jang? Go tlhaloganya dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe, go tla re thusa go nonotsha kamano ya rona le Jehofa.

^ ser. 18 Ka dinako tse dingwe, dikgatiso tsa rona di ne di tle di re ga go tlhokege gore re tlotlomatse kgotsa re tlhatswe leina la Modimo, ka gonne ga go na ope yo o kileng a re ga le mo tshwanele. Ka pokano ya ngwaga le ngwaga ya 2017, lesedi le ne la phatsimela go ya pele. Modulasetulo o ne a re: “Ga go phoso go rapelela gore leina la Modimo le tlotlomadiwe ka gonne ka gonne batho ba ne ba le kgoba.”—Go utlwa mo go oketsegileng, leba thulaganyo ya January 2018 ya JW BROADCASTING mo jw.org®. Ya kwa LIBRARY > JW BROADCASTING®.

^ ser. 62 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Satane o senya Modimo leina, o bolelela Efa gore Modimo ke moaki. Go fetile dingwaga di le dintsi Satane a ruta batho maaka ka Modimo, a ba ruta gore Modimo o setlhogo le gore ga se ene a ba bopileng.

^ ser. 64 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa mokaulengwe a tshwere thuto ya Baebele, o tlhomolola tsela e Modimo a leng ka yone.