Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikgapo​—⁠Re Tlhoka go Nna le Jone Gore Jehofa a re Amogele

Boikgapo​—⁠Re Tlhoka go Nna le Jone Gore Jehofa a re Amogele

“Fa ntsalake a ne a nthumola ke ne ka mo tlolela ke bo ke mo kgama. Ke ne ke batla go mmolaya.”—Paul.

“Kwa lapeng ke ne ke galefisiwa ke sengwe le sengwe, ka dinako tse dingwe ke ne ke galefa le fa go sena lebaka. Ke ne ke senya sengwe le sengwe fela se ke neng ke kopana le sone dithoye, le dilo tsa mo ntlong.”—Marco.

Gongwe rona ga re bogale thata jaaka Paul le Marco. Mme ka dinako dingwe, ga re kgone go ikgapa mo dilong dingwe. Seno se direga ka gonne rotlhe fela re na le boleo jo re bo ruileng mo go Adame. (Bar. 5:12) Ba bangwe jaaka, Paul le Marco, ga ba kgone go laola maikutlo a bone. Bangwe ga ba kgone go laola dilo tse ba di akanyang. Ba nna fela ba akanya ka dilo tse di ba tshosang le tse di ba kgobang marapo. Ba bangwe bone ba palelwa ke go laola keletso ya bone ya tlhakanelodikobo, go nwa bojalwa thata le go dirisa diritibatsi ka tsela e e sa siamang.

Batho ba ba sa kgoneng go laola dilo tse ba di akanyang, dikeletso tsa bone le dilo tse ba di dirang ba feleletsa ba wetse mo mathateng. Mme rona re ka kgona go tila go wela mo mathateng ano. Re ka thusiwa ke eng? Ke go nna le boikgapo. A re tlotle ka dipotso tseno tse tharo: (1) Boikgapo ke eng? (2) Goreng go le botlhokwa gore re nne le jone? (3) Re ka dira jang gore re nne le nonofo eno e moya o o boitshepo o re thusang go nna le yone? (Bagal. 5:22, 23) Go tswa foo, re bo re tlotla ka se re ka se dirang fa ka dinako dingwe re palelwa ke go nna le boikgapo.

BOIKGAPO KE ENG?

Motho yo o nang le boikgapo o laola maikutlo a gagwe, ga a tseege maikutlo ka bonako. Ga a bue le go itshwara ka tsela e Modimo a sa e rateng.

Jesu o re tlhometse sekao se sentle sa go nna boikgapo

Jesu o re bontshitse gore motho yo o nang le boikgapo ke yo o ntseng jang. Baebele ya re: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” (1 Pet. 2:23) Jesu o ile a nna boikgapo fa batho ba ba neng ba mmogisa ba ne ba mmolelela dilo tse di botlhoko fa a le mo koteng ya tlhokofatso. (Math. 27:39-44) Pelenyana ga moo, o ne a bontsha boikgapo fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba mmotsakaka dipotso ba batla gore a itshware ka mafoko. (Math. 22:15-22) Gape o ne a re tlhomela sekao sa go nna le boikgapo fa Bajuda ba ne ba sela matlapa ba bo ba mo konopa ka one! Go na le gore Jesu a ipusolosetse o ne “a iphitlha mme a tswa mo tempeleng.”—Joh. 8:57-59.

A re ka kgona go etsa Jesu? Ee, re ka kgona. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Pet. 2:21) Le fa gone re na le boleo, re ka kgona go latela sekao sa ga Jesu gaufiufi. Goreng go le botlhokwa gore re dire jalo?

GORENG GO LE BOTLHOKWA GORE RE NNE LE BOIKGAPO?

Fa re batla go itumedisa Jehofa re tshwanetse ra nna le boikgapo. Le fa re na le nako e telele re direla Jehofa, re ka latlhegelwa ke botsala le ene fa re sa laole dilo tse re di dirang le tse re di buang.

A ko o akanye ka Moshe yo e neng e leng ene ‘motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo . . . lefatsheng.’ (Dipa. 12:3) Moshe o ne a na le nako e e telele thata a itshokile fa Baiseraele ba ntse ba ngongorega mme letsatsi lengwe o ne a tseega maikutlo. O ne a galefa fa ba ne ba ngongorega gape ka gore ga ba na metsi. O ile a omanya batho, a ba raya a re: “Utlwang jaanong, batsuolodi ke lona! A re tla lo ntshetsa metsi mo lefikeng le legolo le?”—Dipa. 20:2-11.

Moshe o ile a palelwa ke go laola maikutlo a gagwe. Ga a ka a galaletsa Jehofa ka kgakgamatso e a e dirileng ya go ntsha metsi mo lefikeng. (Pes. 106:32, 33) Mme seo se ile sa dira gore Jehofa a se ka a mo letla go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 20:12) Go tloga ka nako eo go fitlha a tlhokafala, Moshe o tshwanetse a bo a ile a ikwatlhaela go bo a paletswe ke go nna le boikgapo.—Dute. 3:23-27.

Re ithuta eng? Le fa re ka tswa re na le nako e telele re direla Jehofa, ga re a tshwanela go bua re le bogale fa batho ba re kgopisa kgotsa ba sa dire dilo sentle. (Baef. 4:32; Bakol. 3:12) Fa re ntse re gola go nna thata gore re nne pelotelele. Mme gopola se se diragaletseng Moshe. Ga re batle go senya leina le lentle le re le itiretseng le Jehofa ka go palelwa ke go nna boikgapo. Mme gone, re ka nna jang le nonofo eno?

SE SE KA RE THUSANG GO NNA BOIKGAPO

Kopa Jehofa gore a go neye moya o o boitshepo. Goreng? Ka gonne boikgapo ke nonofo e moya o o boitshepo o re thusang go nna le yone e bile Jehofa o naya moya oo mongwe le mongwe yo o o kopang. (Luke 11:13) Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa go nna boikgapo. (Bafil. 4:13) Gape a ka re thusa gore re nne le dinonofo tse dingwe tse di jaaka lorato, e leng nonofo e e ka re thusang go nna le boikgapo.—1 Bakor. 13:5.

Tila sengwe le sengwe se se ka dirang gore o palelwe ke go nna boikgapo

Tila sengwe le sengwe se se ka dirang gore o palelwe ke go nna le boikgapo. Ka sekai, o se ka wa tsena mo Internet kgotsa wa itlosa bodutu ka dilo tse di sa siamang. (Baef. 5:3, 4) Tota e bile, re tlhoka go tila sengwe le sengwe se se ka re raelang. (Dia. 22:3; 1 Bakor. 6:12) Ka sekai, fa motho a itse gore o raelesega motlhofo go dira boitsholo jo bo sa siamang, o tlhoka go tila go lebelela di-movie le go bala dibuka tsa marato.

Go ka nna thata go dirisa kgakololo eno. Mme fa re iteka, Jehofa o tla re thusa. (2 Pet. 1:5-8) O tla re thusa go laola dilo tse re di akanyang, tse re di buang le tse re di dirang. O ile a thusa Paul le Marco ba re buileng ka bone pelenyana, go laola maikutlo a bone. Akanya ka mokaulengwe yo o neng a na le bothata jwa go fela pelo le go omana le bakgweetsi ba bangwe mo tseleng. O ile a dira eng ka bothata joo? A re: “Ke ne ke rapela letsatsi le letsatsi. Ke ne ka bala ditlhogo tse di buang ka boikgapo ke bo ke tshwarelela makwalo a mangwe ka tlhogo. Le fa ke na le dingwaga di le dintsi ke leka go lwantshana le bothata jono, letsatsi le letsatsi ke nna ke ikgopotsa gore ke tshwanetse go ritibala. Fa ke na le mabaka, ke tswa nako e sa ntse e le teng gore ke se ka felela bakgweetsi ba bangwe pelo mo tseleng.”

FA RE PALELWA KE GO NNA LE BOIKGAPO

Ka dinako dingwe re tlile go palelwa ke go nna le boikgapo. Fa seo se direga re ka nna ra tshaba go kopa gore Jehofa a re thuse. Mme tota, ke yone nako e re tlhokang go kopa Jehofa gore a re thuse ka yone. Jaanong, o se ka wa senya nako, rapela Jehofa ka bonako. Mo kope gore a go itshwarele le gore a go thuse, o bo o ikemisetsa gore o se ka wa dira phoso eo gape. (Pes. 51:9-11) Ga a kitla a go itlhokomolosa. (Pes. 102:17) Moaposetoloi Johane o re gopotsa gore madi a ga Jesu “a re phepafatsa mo boleong jotlhe.” (1 Joh. 1:7; 2:1; Pes. 86:5) Gopola gore Jehofa a re batlhanka ba gagwe ba tshwenetse go nna ba itshwarelana. Ke ka moo re sa belaeleng gore le rona o tla re itshwarela.—Math. 18:21, 22; Bakol. 3:13.

Jehofa o ne a utlwa botlhoko fa Moshe a ne a palelwa ke go nna le boikgapo. Mme o ne a mo itshwarela. E bile Lefoko la Modimo le re bolelela gore Moshe o ne a na le tumelo mme re tshwanetse go mo etsa. (Dute. 34:10; Baheb. 11:24-28) Jehofa ga a ka a letla Moshe go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, mme o solofetsa gore o tla mo tsosa gore a kgone go tshelela ruri kwa lefatsheng la Paradaise. Le rona re ka solofela gore Jehofa o tla re letla go tsena kwa Paradaiseng fa re lwela go nna le boikgapo.—1 Bakor. 9:25.