Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 27

O se Ka wa Ikgopola Thata go Feta Kafa go Tlhokegang ka Gone

O se Ka wa Ikgopola Thata go Feta Kafa go Tlhokegang ka Gone

“Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.”—BAR. 12:3.

PINA 130 Lo Itshwarelane

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ya ka Bafilipi 2:3 go nna boikokobetso go re thusa jang?

RE IKOBELA Jehofa ka gonne re a itse gore ka metlha o itse se re se tlhokang. (Baef. 4:22-24) Fa re le boikokobetso re tla itse gore se Jehofa a se batlang se botlhokwa go gaisa se rona re se batlang le gore batho ba bangwe ba botlhokwa go re gaisa. Mme seo se tla dira gore re nne ditsala tsa ga Jehofa le tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.—Bala Bafilipi 2:3.

2. Moaposetoloi Paulo o ne a dumalana le ntlha efe, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Fa re se kelotlhoko, batho ba lefatshe la ga Satane ba re ka re tshwaetsa ka mekgwa ya bone ya go ikakanyetsa ba le nosi le go ikgogomosa. * Go lebega Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwaeditswe ke mekgwa eo, ka gonne moaposetoloi Paulo o ile a ba raya a re: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.” (Bar. 12:3) Paulo o ne a dumalana le ntlha ya gore rotlhe re tlhoka go itlotla. Mme fa re le boikokobetso, ga re kitla re ikgogomosa kgotsa re itsaya re le botlhokwa thata. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dikarolo tse tharo tse re tlhokang go nna boikokobetso mo go tsone. Mme tsone ke, (1) mo lenyalong (2) fa re na le maikarabelo mo phuthegong ya ga Jehofa le (3) fa re dirisa Internet.

NNA BOIKOKOBETSO MO LENYALONG

3. Goreng ka dinako dingwe go nna le mathata mo lenyalong, mme banyalani bangwe ba ka leka go rarabolola mathata a bone jang?

3 Jehofa o batla banyalani ba itumele, mme seo ga se reye gore ga ba kitla ba nna le mathata ka gonne ga ba a itekanela. Tota e bile, Paulo o ile a re ba ba tsenang mo lenyalong ba tla nna le mathata. (1 Bakor. 7:28) Bangwe ba nna fela ba lwa kgotsa ba na le dikgotlhang mo lenyalong la bone, mme seo se ka nna sa dira gore ba akanye gore ba ka bo ba sa nyalana. Fa e le gore ba tshwaeditswe ke tsela e lefatshe le lebang dilo ka yone, ba ka nna ba akanya gore go tlhala ke gone go tla rarabololang mathata a bone. Ba ka simolola go ikakanyetsa ba le nosi le go akanya gore selo fela se se ka dirang gore ba itumele ke fa ba kgaogana.

4. Banyalani ba tshwanetse go tila eng?

4 Banyalani ba tshwanetse go tila go akanya gore lenyalo la bone le ka se atlege. Baebele ya re batho ba ka tlhalana fela fa e le gore mongwe wa bone o dirile boaka. (Math. 5:32) Ka jalo fa banyalani ba na le mathata mo lenyalong ba tshwanetse go tila go akanya jaana: ‘Molekane wa me ga nkgathalele e bile ga a nthate. Gongwe nka bo ke itumetse fa nka bo ke nyetswe ke motho yo mongwe.’ Fa banyalani ba akanya jalo, ba tla bo ba ikakanyetsa ba le nosi mme ba sa akanyetse molekane wa bone. Batho ba lefatshe leno ba ba sa obameleng Jehofa, ba ka nna ba go raya ba re o reetse pelo ya gago, o dire se se go itumedisang le fa seo se ka raya gore o tlhale. Mme Baebele yone ya re o tshwanetse go ‘tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang wena fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.’ (Bafil. 2:4) Jehofa o batla gore o baakanye lenyalo la gago mme ga a batle gore o tlhale. (Math. 19:6) O batla gore o akanye gore Ene o ikutlwa jang ka tlhalo mme o se ka wa ikakanyetsa o le nosi.

5. Go ya ka Baefeso 5:33 banyalani ba tshwanetse go dirisana jang?

5 Banyalani ba tshwanetse go ratana le go tlotlana (Bala Baefeso 5:33.) Baebele e re kgothaletsa go rata go abela ba bangwe. (Dit. 20:35) Banyalani ba tshwanetse go nna le nonofo efe gore ba kgone go ratana le go tlotlana? Ba tshwanetse go nna le boikokobetso. Banyalani ba ba boikokobetso ga ba ipatlele melemo ya bone fela mme ba a akanyetsana.—1 Bakor. 10:24.

Banyalani ba ba boikokobetso ba a thusana mme ga ba lwantshane (Bona serapa 6)

6. O ithuta eng mo go se Steven le Stephanie ba se buileng?

6 Go nna le boikokobetso go thusitse banyalani ba le bantsi ba Bakeresete gore ba nne ba itumetse mo manyalong a bone. Ka sekai monna mongwe yo o bidiwang Steven a re: “Banyalani ba tshwanetse go dirisana mmogo segolo jang fa ba na le mathatata. Go na le gore o akanye ka gore ‘ke eng se se ntshiametseng gongwe o ka nna wa akanya ka gore ke eng se se re siametseng.’” Mosadi wa gagwe e bong Stephanie le ene o ikutlwa jalo. A re: “Ga go na motho yo o batlang go tshela le motho yo o ratang go nganga ka sengwe le sengwe fela. Fa re na le kgotlhang, re leka go bona gore ke eng se se e bakileng. Go tswa foo, re a rapela, re dira dipatlisiso re bo re tlotla ka gore re ka dirang go rarabolola bothata joo. Re tila go lwantshana mme re leka go rarabolola bothata.” Banyalani ba tla itumela fa mongwe le mongwe a sa ikakanyetse a le nosi mme ba leka go akanyetsana.

DIRELA JEHOFA KA “MOGOPOLO O O IKOKOBEDITSENG”

7. Fa mokaulengwe a newa maikarabelo mo phuthegong, o tshwanetse go dira eng?

7 Go direla Jehofa ke tshiamelo e kgolo. (Pes. 27:4; 84:10) Fa mokaulengwe a batla go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng mo phuthegong, seo se molemo. Tota e bile Baebele ya re: “Fa monna ope a kgaratlhela tiro ya bolebedi, o eletsa tiro e e molemo.” (1 Tim. 3:1) Mme gone, fa a newa maikarabelo ao, ga a tshwanela go akanya gore o botlhokwa go gaisa ba bangwe. (Luke 17:7-10) O tshwanetse go direla ba bangwe a le boikokobetso.—2 Bakor. 12:15.

8. Re ithuta eng mo go se Dioterefese, Usia le Abesalome ba ileng ba se dira?

8 Go na le batho bangwe mo Baebeleng ba ba neng ba tsaya gore ba botlhokwa go feta ba bangwe. Dioterefese o ne a se boikokobetso, o ne a rata go nna le “maemo a ntlha” mo phuthegong. (3 Joh. 9) Kgosi Usia o ne a leka go dira tiro e Jehofa a neng a sa mo laela go e dira. (2 Ditir. 26:16-21) Abesalome o ne a batla go nna kgosi. Ka jalo, o ne a itira e kete o rata batho, gore ba tseye letlhakore la gagwe. (2 Sam. 15:2-6) Dikai tseno, di re bontsha gore Jehofa ga a rate batho ba ba ratang go ikgalaletsa. (Dia. 25:27) Batho ba ba ikgogomosang le ba ba ratang go galalediwa ke batho, ba feleletsa ba wetse mo mathateng.—Dia. 16:18.

9. Jesu o re tlhometse sekao sefe?

9 Jesu o ne a sa tshwane le batho bano ba ba boikgogomoso. Baebele ya re: “Le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, a neng a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo.” (Bafil. 2:6) Le fa go sena motho yo o fetang Jesu ka maatla, fa e se Jehofa fela, Jesu ga ise a itseye a le botlhokwa go feta ba bangwe. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Yo itshwarang jaaka yo mmotlanyana mo gare ga lona lotlhe ke ene yo mogolo.” (Luke 9:48) Re itumelela go direla Jehofa le babulatsela, batlhanka ba bodiredi, bagolwane le balebedi ba potologo ba ba boikokobetso fela jaaka Jesu! Jesu o ile a re batlhanka ba Modimo ba tla itsiwe ka go ratana. Ka jalo, fa re le boikokobetso, re tla kgona go rata ba bangwe.—Joh. 13:35.

10. O tshwanetse go dira eng fa o akanya gore bagolwane ga ba rarabolole mathata a o a bonang mo phuthegong?

10 O tshwanetse go dira eng fa go na le mathata mo phuthegong mme o akanya gore bagolwane ga ba dire sepe ka one? Go na le gore o ngongorege, o ka bontsha gore o na le boikokobetso ka go ema ba ba eteletseng pele nokeng. (Baheb. 13:17) O ka thusiwa ke go ipotsa gore: ‘A mathata a ke a bonang mo phuthegong a magolo go le kalo mo e leng gore a tlhoka go baakanngwa? A ke nako e e siameng ya gore a baakanngwe? A ke nna ke tshwanetseng go a baakanya? A mme tota ke leka go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong kgotsa ke batla go tlhagelela?’

Batho ba ba neilweng maikarabelo kgotsa ditshiamelo mo phuthegong ga ba a tshwanela go bontsha fela gore ba na le bokgoni mme gape ba tshwanetse go nna boikokobetso (Bona serapa 11) *

11. Go ya ka Baefeso 4:2, 3, go tla direga eng fa re direla Jehofa re le boikokobetso?

11 Jehofa o tsaya batho ba ba boikokobetso ba le botlhokwa go feta ba ba nang le bokgoni. Mme o rata go bona go na le kutlwano go na le fa dilo di tsamaya ka thelelo. Ka jalo, fa o direla Jehofa, leka ka bojotlhe gore o nne le boikokobetso. Fa o dira jalo, o tla dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong. (Bala Baefeso. 4:2, 3.) Nna gone kwa bodireding ka metlha fa go kgonega. Leka go bona gore o ka thusa ba bangwe jang. Laletsa ba bangwe kwa legaeng la gago, go akaretse le batho ba ba senang maikarabelo kgotsa ditshiamelo mo phuthegong. (Math. 6:1-4; Luke 14:12-14) Fa o ntse o direla Jehofa o le boikokobetso, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla lemoga gore o na le bokgoni. Mme sa botlhokwa le go feta, ba tla lemoga gore o boikokobetso.

NNA BOIKOKOBETSO FA O DIRISA INTERNET

12. A Baebele e re kgothaletsa go nna le ditsala? Tlhalosa.

12 Jehofa o batla gore re itumelele go fetsa nako le ba lelapa le ditsala. (Pes. 133:1) Jesu o ne a na le ditsala tse di siameng. (Joh. 15:15) Baebele e tlhalosa melemo ya go nna le ditsala tse di siameng. (Dia. 17:17; 18:24) Gape ya re ga re a tshwanela go itlhaola. (Dia. 18:1) Batho ba le bantsi ba akanya gore Internet e ba thusa go nna le ditsala tse dintsi le gore ba se ka ba jewa ke bodutu. Mme gone, re tlhoka go nna kelotlhoko fa re tlotla le batho ka Internet.

13. Goreng batho bangwe ba ba dirisang Internet ba feleletsa ba jewa ke bodutu e bile ba gatelelwa mo maikutlong?

13 Dipatlisiso di a re batho ba ba fetsang nako e ntsi ba lebile ditshwantsho le dikakgelo tse batho ba di tsenyang mo Internet, ba ka feleletsa ba ikutlwa ba jewa ke bodutu e bile ba gateletswe mo maikutlong. Goreng? Lebaka lengwe e ka tswa e le gore fa batho ba tsenya ditshwantsho tsa bone mo Internet, ba tsenya fela tse di bontshang dinako tse di monate tse ba nnileng le tsone le ditsala tsa bone le mafelo a a kgatlhang a ba kileng ba ya kwa go one. Motho yo o lebang ditshwantsho tseno, a ka akanya gore botshelong jwa gagwe bo a bora e bile bo a lapisa. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 19 a re: “Ke ne ke hutsafala fa ke bona ditshwantsho tsa batho ba ja monate e bile ba ikentsha ka mafelobeke mme nna ke ntse kwa gae go se na sepe se ke se dirang.”

14. Se 1 Petere 3:8 e se buang se ka re thusa jang go dirisa Internet ka tsela e e siameng?

14 Gone re ka dirisa Internet ka tsela e e siameng. Ka sekai, re ka e dirisetsa go tlotla le ba malapa le ditsala. A o etse tlhoko gore batho ba bangwe ba tsenya ditshwantsho, dibidio kgotsa ba akgela mo Internet fela e le gore batho ba ba rate? Go lebega batho bano ba dira seno ka gonne ba batla go bonwa. Batho bangwe ba kwala dilo tse di tsitsibanyang mmele mo Internet e bile ba akgela ka tsela e e sa siamang fa ba bangwe ba tsentse ditshwantsho tsa bone. Bakeresete ga ba tshwanela go dirisa Internet ka tsela eo ka gonne Baebele e ba kgothaletsa gore ba nne boikokobetso le gore ba akanyetse ba bangwe.—Bala 1 Petere 3:8.

Fa o tsenya ditshwantsho kgotsa dibidio mo Internet, a di dira gore batho ba bangwe ba akanye gore o a ikgantsha? (Bona serapa 15)

15. Baebele e ka re thusa jang go tila mokgwa wa go batla gore batho ba re tseele kwa godimo?

15 Fa e le gore o dirisa Internet, ipotse jaana: ‘A dikakgelo, ditshwantsho le dibidio tse ke di tsenyang mo Internet di dira gore batho ba bangwe ba akanye gore ke a ikgantsha? A ke dira gore batho ba bangwe ba tswe pelo?’ Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.” (1 Joh. 2:16) Thanolo nngwe ya Baebele e ranotse mafoko ano a a reng, “go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong” e le “go batla go tsewa o le botlhokwa.” Bakeresete ga ba tlhoke go dira gore batho ba bangwe ba ba tseye ba le botlhokwa kgotsa ba ba tlotlomatse. Ba ikobela se Baebele e se buang fa e re: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.” (Bagal. 5:26) Fa re le boikokobetso, ga re kitla re tshwana le batho ba lefatshe leno ba ba boikgogomoso e bile ba batla gore batho ba ba tseye ba le botlhokwa.

‘AKANYA GORE O NNE LE MOGOPOLO O O ITEKANETSENG SENTLE’

16. Goreng re sa tshwanela go nna boikgogomoso?

16 Re tshwanetse go nna le boikokobetso ka gonne batho ba ba boikgogomoso ga ba na “mogopolo o o itekanetseng.” (Bar. 12:3) Batho ba ba boikgogomoso ba manganga e bile ba ikakanyetsa ba le nosi. Gantsi se ba se akanyang le se ba se dirang se utlwisa ba bangwe botlhoko e bile le bone ba feleletsa ba ikutlwisa botlhoko. Fa ba sa fetole tsela e ba akanyang ka yone, Satane o tla ba tsietsa. (2 Bakor. 4:4; 11:3) Motho yo o ikokobeditseng ene, o kgona go akanya sentle. Ga a itseye a le botlhokwa thata e bile ga a inyatse. Mme o tsaya ba bangwe ba le botlhokwa go mo gaisa. (Bafil. 2:3) Gape o a itse gore “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Pet. 5:5) Batho ba ba nang le mogopolo o o itekanetseng, ga ba batle gore Jehofa a nne kgatlhanong le bone.

17. Re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re le boikokobetso?

17 Gore re tswelele re le boikokobetso, re tshwanetse go dirisa kgakololo ya Baebele ya gore re ‘apole botho jwa bogologolo le ditlwaelo tsa jone mme re apare botho jo bosha.’ Mme gore re kgone go dira jalo, re tlhoka go tsaya matsapa. Re tshwanetse go ithuta mo sekaong sa ga Jesu le go leka go mo etsa. (Bakol. 3:9, 10; 1 Pet. 2:21) Fa re dira jalo, seo se tla re solegela molemo. Fa re leka go nna boikokobetso, malapa a rona a tla itumela, re tla dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong e bile re tla tila go dirisa Internet ka tsela e e sa siamang. Mme sa botlhokwa le go feta, Jehofa o tla re amogela a bo a re segofatsa.

PINA 117 Nonofo ya Bomolemo

^ ser. 5 Re tshela le batho ba ba boikgogomoso e bile ba ikakanyetsa ba le nosi. Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tshwana le bone. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo di le tharo tse mo go tsone re tlhokang go ikela tlhoko gore ga re ikakanyetse re le nosi.

^ ser. 2 TLHALOSO: Motho yo o boikgogomoso o itsaya a le botlhokwa go gaisa ba bangwe mme seo se dira gore a ikakanyetse a le nosi. Mme fa re le boikokobetso re tla akanyetsa ba bangwe. Motho yo o boikokobetso ga akanye gore o botoka go gaisa ba bangwe e bile ga a boikgogomoso.

^ ser. 56 TLHALOSO YA SETSHWANTSO: Mogolwane yo o nang le bokgoni jwa go neela dipuo kwa kopanong le go okamela bakaulengwe, o itumelela tshiamelo ya go nna gone mo bodireding le go phepafatsa Holo ya Bogosi.