Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 28

Tlhatswega Pelo Gore Se o Se Dumelang ke Boammaaruri

Tlhatswega Pelo Gore Se o Se Dumelang ke Boammaaruri

“Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.”—2 TIM. 3:14.

PINA 56 Tlhopha go Tshelela Boammaaruri

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Fa re re “boammaaruri” re a bo re bua ka eng?

“GO TLILE jang gore o itse boammaaruri?” “A o goletse mo boammaaruring?” “O na le nako e kae o le mo boammaaruring?” Gongwe motho a kile a go botsa dipotso tseno kgotsa wena o kile wa di botsa mongwe. Fa re re “boammaaruri” re a bo re bua ka eng? Gantsi re a bo re bua ka se re se dumelang, se re se dirang fa re obamela Modimo le tsela e re tshelang ka yone. Batho ba ba itseng boammaaruri ba itse se Baebele e se rutang e bile ba tshela go ya ka melaometheo ya yone. Ga ba tlhole ba dumela dithuto tse di rutiwang ke bodumedi jwa maaka, e bile ba itumelela botshelo le fa gone ba tshela mo lefatsheng le le busiwang ke Satane.—Joh. 8:32.

2. Go ya ka Johane 13:34 le 35, ke eng se se ka dirang gore motho a batle go ithuta boammaaruri?

2 Ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele kgotsa o batle go ithuta boammaaruri? Gongwe o kgatlhilwe ke tsela e e molemo e batho ba Modimo ba itshwarang ka yone. (1 Pet. 2:12) Kgotsa gongwe o kgatlhilwe ke tsela e ba ratang ba bangwe ka yone. Batho ba le bantsi ba batlang dipokanong lekgetlo la ntlha, ba kgatlhiwa ke go bona lorato lo lo renang mo phuthegong e bile ba gopola tsela e ba ileng ba tshwarwa ka yone go feta se se ileng sa buiwa kwa dipokanong. Seno ga se makatse ka gonne Jesu o rile batho ba tla bona gore re barutwa ba gagwe fa re ratana. (Bala Johane 13:34, 35) Mme gone, gore motho a nne le tumelo e e nonofileng o tlhoka go dira dilo dingwe.

3. Go ka direga eng ka rona fa e le gore re na le tumelo mo go Jehofa fela ka gonne re bona go na le lorato mo phuthegong?

3 Ga re a tshwanela go nna le tumelo fela mo go Jehofa ka gonne re bona go na le lorato mo phuthegong. Goreng? Ka gonne fa o na le tumelo fela mo go Jehofa ka ntlha ya lorato lo o lo bonang mo phuthegong, fa nako e ntse e ya, tumelo ya gago e ka nna ya fela. Ka sekai, re ka tlogela go direla Jehofa fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi, gongwe e le mogolwane kgotsa mmulatsela a dira boleo jo bo masisi. Gape re ka tlogela go direla Jehofa fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe a re kgopisa kgotsa e nna motlhanogi, a bo a re se re se dumelang ga se boammaaruri. Ka jalo, fa re batla go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa re tshwanetse ra bo re mo rata ka pelo yotlhe. Tota re ka re: Fa e le gore o na le tumelo mo go Jehofa fela ka ntlha ya se batho ba bangwe ba se dirang mme e se ka gonne o na le kamano le Ene kgotsa o mo rata go tswa pelong, tumelo ya gago ga kitla e nonofa. Tsela e o ikutlwang ka yone ka Jehofa le batlhanka ba gagwe e ka go thusa gore o nne le tumelo. Mme gone o tshwanetse go ithuta Baebele, o tlhaloganye se o se ithutang le go dira dipatlisiso gore o tlhatswege pelo gore se o ithutang sone ka Jehofa ke boammaaruri.—Bar. 12:2.

4. Go ya ka Mathaio 13:3-6, 20 le 21, go direga eng ka batho bangwe fa ba lebana le diteko?

4 Jesu o ne a re bangwe ba ne ba tla amogela boammaaruri “ka boipelo” mme tumelo ya bone e ne e tla koafala fa ba lebana le mathata. (Bala Mathaio 13:3-6, 20, 21.) Gongwe ba ne ba sa tlhaloganye gore fa o nna molatedi wa ga Jesu o tlile go sotliwa le go lebana le mathata. (Math. 16:24) Gongwe ba ne ba akanya gore fa o nna Mokeresete ga o kitla o nna le mathata le gore Modimo o tla fedisa mathata otlhe a gago. Mme mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane go dula go na le mathata. Maemo a ka fetoga mo botshelong mme seo se ka dira gore re se ka ra tlhola re itumela.—Pes. 6:6; Mor. 9:11.

5. Ke eng se se bontshang gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tlhatswegile pelo gore ba mo boammaaruring?

5 Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bontsha gore ba tlhatswegile pelo gore ba mo boammaaruring. Ba bontsha seo jang? Tumelo ya bone ga e koafale fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe a ba utlwisa botlhoko kgotsa a dira boleo jo bo masisi. (Pes. 119:165) Fa ba lebane le diteko, tumelo ya bone e a nonofa mme ga e reketle. (Jak. 1:2-4) O ka dira jang gore o nne le tumelo e e tshwanang le ya bone?

NNA LE ‘KITSO E E BOAMMARURI KA MODIMO’

6. Ke eng se se thusitseng barutwa ba ga Jesu go nonotsha tumelo ya bone mo go Jehofa?

6 Selo se se neng se thusa barutwa ba ga Jesu go nonotsha tumelo ya bone, e ne e le go ithuta dikwalo le dithuto tsa ga Jesu, e leng “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo.” (Bagal. 2:5) Boammaaruri joo, ke dilo tsotlhe tse rona Bakeresete re di dumelang go akaretsa le thekololo ya setlhabelo sa ga Jesu le gore o ile a tsosiwa mo baswing. Goreng re ka re moaposetoloi Paulo a ne a tlhatswegile pelo gore dithuto tseno di boammaaruri? O ne a dirisa Dikwalo go itlhatswa pelo gore go ne go “tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing.” (Dit. 17:2, 3) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba amogela dithuto tseo le go ikaega ka moya o o boitshepo gore o ba thuse go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Ba ne ba dira dipatlisiso gore ba tlhomamisege gore dithuto tseno di tswa mo dikwalong. (Dit. 17:11, 12; Baheb. 5:14) Ba ne ba sa rate Jehofa fela ka gonne go le monate mo phuthegong kgotsa ba rata tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba dirisanang ka yone. Go na le moo, ba ne ba na le tumelo kgotsa ba dumela mo go Jehofa ka gonne ba na le “kitso e e boammaaruri ka Modimo.”—Bakol. 1:9, 10.

7. Fa re na le tumelo mo boammaaruring jwa Baebele, seo se tla re thusa jang?

7 Boammaaruri jwa Baebele ga bo fetoge. (Pes. 119:160) Ka sekai, fa mokaulengwe mongwe kgotsa kgaitsadi a re kgopisa kgotsa a dira boleo jo bo masisi, boammaaruri joo ga bo fetoge. Ga bo fetoge le fa re kopana le mathata. Ka jalo, re tshwanetse go itlwaetsa go ithuta Baebele le go tlhomamisega gore se re se ithutang mo go yone ke boammaaruri. Fa re na le tumelo e e nonofileng mo boammaaruring jwa Baebele, tumelo ya rona e tla tshwana le tshetledi e e thusang sekepe gore se se ka sa tsewa ke phefo fa go na le setsuatsue mo lewatleng. Ke eng se se ka go thusang gore o tlhatswege pelo gore se o se dumelang ke boammaaruri?

‘TLHOTLHELETSEGA GO BO DUMELA’

8. Go ya ka 2 Timotheo 3:14 le 15, ke eng se se thusitseng Timotheo go tlhatswega pelo gore se a se ithutileng mo mekwalong e e boitshepo ke boammaaruri?

8 Timotheo o ne a tlhatswegile pelo gore se a se dumelang ke boammaaruri. O ne a itse seo jang? (Bala 2 Timotheo 3:14, 15.) Mmaagwe le nkokoagwe e ne e le bone batho ba ntlha go mo thusa go itse “mekwalo e e boitshepo.” Mme gone, le ene o ne a tsaya matsapa go ithuta mekwalo eo. Mme ka ntlha ya seo, o ne a ‘tlhotlheletsega go dumela’ gore mekwalo eo e boammaaruri. Moragonyana, Timotheo, mmaagwe le nkokoagwe ba ne ba ithuta dithuto tsa Bokeresete. Timotheo o ne a kgatlhiwa ke tsela e balatedi ba ga Jesu ba neng ba ratana ka yone. Gape o ne a itumelela go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba thusa. (Bafil. 2:19, 20) Mme gone, o ne a na le tumelo mo go Jehofa e seng ka gonne a rata batho, mme e le ka gonne a dumela gore se a neng a ithutile sone mo dikwalong ke boammaaruri mme seo se ne sa dira gore a batle go nna tsala ya Modimo. Le wena o tshwanetse go tsaya matsapa go ithuta Baebele le go tlhomamisa gore se o se ithutang mo go yone ka Jehofa ke boammaaruri.

9. Ke dilo dife tse tharo tse o tshwanetseng go tlhatswega pelo ka tsone?

9 Gore o kgone go tlhomamisega gore dilo tse o ithutileng tsone ka Jehofa mo Baebeleng di boammaaruri, o tshwanetse go tlhatswega pelo ka dilo tseno tse tharo. Sa ntlha, o tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa Modimo ke ene Mmopi wa dilo tsotlhe. (Ekes. 3:14, 15; Baheb. 3:4; Tshen. 4:11) Sa bobedi, o tshwanetse go itse mabaka a go bo o dumela gore Baebele ke buka e Jehofa a e kwaletseng batho. (2 Tim. 3:16, 17) Sa boraro, o tshwanetse go tlhomamisega gore Jehofa o na le setlhopha sa batho ba ba mo direlang ba kaelwa ke Keresete, le gore batho bao ke Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10-12; Joh. 14:6; Dit. 15:14) Ga o tlhoke go itse Baebele yotlhe ka tlhogo gore o dire dilo tseno tse tharo. O tshwanetse go dirisa ‘maatla a gago a go akanya’ gore o tlhomamisege gore se o se dumelang ke boammaaruri.—Bar. 12:1.

THUSA BA BANGWE GO DUMELA BOAMMAARURI

10. Fa re sena go tlhatswega pelo ka boammaaruri, ke eng gape se re tshwanetseng go se dira?

10 Fa o sena go tlhatswega pelo ka dilo tse tharo tse re tlotlileng ka tsone, o tshwanetse go thusa ba bangwe go dumela boammaaruri. Goreng? Ka gonne rona Bakeresete, re na le maikarabelo a go ruta ba bangwe ka se re se ithutileng. * (1 Tim. 4:16) Gape fa re thusa ba bangwe go dumela gore se Baebele e se buang ke boammaaruri, le rona tumelo ya rona e tla nonofa.

11. Moaposetoloi Paulo o re tlhometse sekao sefe fa a ne a ruta batho, mme re ka mo etsa jang?

11 Fa moaposetoloi Paulo a ne a ruta batho, o ne a “dirisa mafoko a a tlhatswang pelo ka ga Jesu a a mo Molaong wa ga Moshe le Baporofeti.” (Dit. 28:23) Re ka etsa Paulo jang fa re ruta ba bangwe boammaaruri? Ga re a tshwanela go ba ruta fela se Baebele e se buang. Re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba ithute Baebele le go akanya ka se ba se ithutang gore ba kgone go atamalana le Jehofa. Re batla gore ba amogele boammaaruri e seng ka gonne ba re rata mme ka gonne ba tlhatswegile pelo gore se ba se ithutang ka Modimo ke boammaaruri.

Batsadi, thusang bana ba lona go nna le tumelo e e nonofileng ka go ba ruta “dilo tse di boteng tsa Modimo” (Bona serapa 12-13) *

12-13. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba tswelele ba direla Jehofa?

12 Batsadi, re a itse gore lo batla gore bana ba lona ba tswelele ba direla Jehofa. Lo ka tswa lo akanya gore fa ba na le ditsala tse di siameng mo phuthegong, tumelo ya bone e tla nonofa. Le fa go ntse jalo, fa o batla gore bana ba gago ba tlhatswege pelo gore se Baebele e se buang ke boammaaruri, ga ba tlhoke fela go nna le ditsala tse di siameng. Ba tshwanetse go nna ditsala tsa ga Jehofa le go tlhatswega pelo gore se Baebele e se rutang ke boammaaruri.

13 Gore batsadi ba kgone go ruta bana ba bone boammaaruri ka Modimo, ba tshwanetse go ba tlhomela sekao ka go ithuta Baebele ka metlha. Ba tshwanetse go ipha nako ya go tlhatlhanya ka se ba se ithutang. Mme ba tla kgona go thusa bana ba bone go dira se se tshwanang. Ruta bana ba gago go itirela dipatlisiso ba dirisa Kaedi ya go Dira Dipatlisiso, App ya JW Library le didirisiwa tse dingwe fela jaaka o ne o ka ruta motho yo o ithuta Baebele le ene. Fa batsadi ba dira jalo, ba tla thusa bana ba bone go rata Jehofa le go tshepa gore o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go re thusa go tlhaloganya Baebele. (Math. 24:45-47) Batsadi, ga lo a tshwanela go ruta bana ba lona fela dithuto tse di motlhofo tsa Baebele. Ba thuseng go nna le tumelo e e nonofileng ka go ba ruta “dilo tse di boteng tsa Modimo” go ya ka dingwaga tsa bone.—1 Bakor. 2:10.

ITHUTE BOPOROFETI JWA BAEBELE

14. Goreng re tshwanetse go ithuta boporofeti jwa Baebele? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng “ A o ka Kgona go Tlhalosa Boporofeti Jono?”)

14 Boporofeti jwa Baebele bo botlhokwa ka gonne bo re thusa go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. Ke boporofeti bofe jo bo go thusitseng go nonotsha tumelo ya gago? Gongwe ke jo bo buang ka ‘metlha ya bofelo.’ (2 Tim. 3:1-5; Math. 24:3, 7) Mme ke boporofeti bofe jo bongwe jo bo diragaditsweng jo bo ka nonotshang tumelo ya gago? Ka sekai, a o ka kgona go tlhalosa gore boporofeti jo bo Daniele kgaolo 2 kgotsa jo bo mo go Daniele kgaolo 11 bo ile jwa diragadiwa jang le gore bo diragadiwa jang gone jaanong? * Fa tumelo ya gago e nonofile ka se o se ithutileng mo Baebeleng, ga e kitla e reketla. Akanya ka se bakaulengwe ba ba ileng ba bogisiwa fa go ne go na le Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi kwa Jeremane, ba ileng ba se dira. Le fa ba ne ba sa tlhaloganye ka botlalo boporofeti jo bo buang ka metlha ya bofelo, ba ne ba na le tumelo e e nonofileng mo go se ba ithutileng sone mo Baebeleng.

Fa re ithuta Baebele le boporofeti jo bo mo go yone, re tla nna re ikanyega. Ga re kitla re ineela fa re lebana le mathata (Bona serapa 15-17) *

15-17. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba bogisiwa ke Banasi ba ne ba thusiwa jang ke go ithuta Baebele?

15 Fa puso ya Banasi e ne e busa Jeremane, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Hitler le molaodi wa masole a Banasi e bong Heinrich Himmler ba ne ba tlhoile Basupi ba ga Jehofa. Kgaitsadi mongwe a re Himmler o ile a raya bokgaitsadi bangwe kwa kampeng ya pogisetso a re: “Jehofa wa lona o busa kwa legodimong mme mo lefatsheng, ke rona Banasi re busang! Re tla bona gore fa e le lona le rona, ke bomang ba ba tla ineelang pele!” Ke eng se se thusitseng batho ba ga Jehofa go nna ba ikanyega?

16 Baithuti bao ba Baebele ba ne ba itse gore Bogosi Jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914. Ba ne ba sa makale fa ba bogisiwa jalo. Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba ne ba tlhomamisegile gore ga go na puso epe ya motho e e ka thibelang Jehofa go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Hitler ga a ka a kgona go fedisa kobamelo ya boammaaruri kgotsa go tlhoma puso e e maatla go gaisa Bogosi Jwa Modimo. Bakaulengwe ba ne ba tlhomamisegile gore puso ya ga Hitler e tlile go fela.

17 Se bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba neng ba tlhomamisegile ka sone, e ne e le boammaaruri. Morago ga dingwaga di se kae, puso ya Banasi e ile ya phutlhama. Mme Heinrich Himmler yo o neng a re “mo lefatsheng, ke rona Banasi re busang,” o ne a tshaba ka gonne ba ne ba batla go mmolaya. Fa a ntse a tshaba, o ile a kopana le Mokaulengwe Lübke yo o kileng a tshwarwa. Himmler o ne a kgobegile marapo mme o ne a botsa Mokaulengwe Lübke a re: “Jaanong, go tlile go diragalang?” Mokaulengwe Lübke o ne a mo raya a re Baithuti ba Baebele ga ba a bolo go itse gore puso ya Banasi e tlile go phutlhama le gore Basupi ba tlile go gololwa. Himmler o ne a kile a bua dilo tse maswe ka Basupi ba ga Jehofa. Mme ka nako eo, o ne a tlhoka puo. Mme moragonyana o ile a ipolaya. Re ithuta eng? Fa re ithuta Baebele le boporofeti jo bo mo go yone, re tla kgona go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa le go ema re nitame fa re bogisiwa.—2 Pet. 1:19-21.

18. Go ya ka Johane 6:67 le 68, goreng re tlhoka go nna le “kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng?”

18 Gore re bontshe gore re Bakeresete ba boammaaruri, re tshwanetse go ratana. Mme gape re tlhoka go nna le “kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng.” (Bafil. 1:9) Go seng jalo, re tla heheutlwa “ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ya tsietso ya batho”, tota le ya batlhanogi. (Baef. 4:14) Fa balatedi ba ga Jesu ba le bantsi ba tlogela go mo sala morago, moaposetoloi Petere o ne a bua a tlhatswegile pelo a re Jesu o na le “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Bala Johane 6:67, 68.) Le fa ka nako eo Petere a ne a sa tlhaloganye ka botlalo se Jesu a neng a se bua, o ne a tswelela a ikanyega ka gonne a tlhaloganya boammaaruri ka ga Keresete. Le wena o ka nonotsha tumelo ya gago o bo itlhatswa pelo gore se Baebele e se buang ke boammaaruri. Fa o dira jalo, tumelo ya gago e tla nonofa mme ga e kitla e reketla le fa o lebana le diteko. Gape o tla kgona go thusa bangwe gore ba nne le tumelo e e nonofileng.—2 Joh. 1, 2.

PINA 72 Go Itsise Boammaaruri Jwa Bogosi

^ ser. 5 Setlhogo seno se tla re thusa go tlhaloganya gore boammaaruri jo re bo ithutang go tswa mo Baebeleng bo botlhokwa. Gape se tla re thusa gore re tlhatswege pelo gore se re se dumelang ke boammaaruri.

^ ser. 10 Gore o kgone go tlhalosetsa motho ka se Baebele e se rutang, bona ditlhogo tse di reng “Puisano le Moagelani,” tse di tlhagelelang mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa 2010 go fitlha ka 2015. Dipuisano tseno di na le ditlhogo tse di jaaka, “A Jesu ke Modimo?,” “Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa?” le “A Modimo o Otlhaya Batho Kwa Molelong wa Dihele?

^ ser. 14 Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa June 15, 2012 le wa May 2020 go bona gore boporofeti jono bo tlhalositswe jang.

^ ser. 60 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ka kobamelo ya lelapa, batsadi ba ithuta le bana ba bone boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka pitlagano e kgolo.

^ ser. 62 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Lelapa leo ga le kitla le makala fa le bona se se diragalang ka pitlagano e kgolo.