Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 29

“Fa ke Le Bokoa, ke Gone ke Leng Maatla”

“Fa ke Le Bokoa, ke Gone ke Leng Maatla”

“Ke itumedisiwa ke makoa, ke ditlhapatso, ke go tlhoka, ke dipogiso le mathata, ka ntlha ya ga Keresete.”—2 BAKOR. 12:10.

PINA 38 O Tla go Nonotsha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga eng ka ene?

MOAPOSETOLOI Paulo a re ka dinako dingwe o ne a tle a ikutlwe a le bokoa. O ne a lemoga gore mmele wa gagwe o a koafala le gore ga se ka dinako tsotlhe a kgonang go dira se se siameng. Gape o ne a lemoga gore ga se ka dinako tsotlhe Jehofa a neng a arabang dithapelo tsa gagwe jaaka a ne a solofetse. (2 Bakor. 4:16; 12:7-9; Bar. 7:21-23) O ne a itse gore batho bangwe ba ne ba akanya gore o bokoa. * Ga a ka a letla dilo tse batho ba di buang di mo kgoba marapo kgotsa diphoso tsa gagwe di dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe.—2 Bakor. 10:10-12, 17, 18.

2. Go ya ka 2 Bakorintha 12:9, 10 Paulo o ile a ithuta thuto efe ya botlhokwa?

2 Paulo o ne a ithuta thuto ya botlhokwa, gore le fa motho a le bokoa, a ka kgona go nna maatla. (Bala 2 Bakorintha 12:9, 10.) Jehofa o ne a raya Paulo a re “maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng,” tota o ne a bolelela Paulo gore, fa a le bokoa, o tla mo thusa. Sa ntlha, a re tlotleng ka mabaka a go bo re sa tshwanela go kgobega marapo fa baba ba rona ba re tlhapatsa.

ITUMELE FA BATHO BA GO TLHAPATSA

3. Goreng re tshwanetse go itumela fa batho ba re tlhapatsa?

3 Ga go na ope yo o ratang go tlhapadiwa. Mme fa batho ba ba sa re rateng ba re tlhapatsa, re bo re tshwenyega thata ka se ba se buang, re ka kgobega marapo. (Dia. 24:10) Jaanong re tshwanetse go dira eng fa batho ba re tlhapatsa? Le rona re ka etsa Paulo ka go “itumedisiwa . . . ke ditlhapatso.” (2 Bakor. 12:10) Goreng? Fa batho ba re tlhapatsa e bile ba re bogisa, seo se bontsha gore re barutwa ba ga Jesu. (1 Pet. 4:14) Jesu o rile balatedi ba gagwe ba tlile go bogisiwa. (Joh. 15:18-20) Seo ke se se neng sa diragalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka nako eo, batho ba ba neng ba dumela dingwao tsa Segerika, ba ne ba akanya gore Bakeresete ga ba a rutega e bile ke batho ba maemo a a kwa tlase. Bajuda le bone ba ne ba re Bakeresete ga ba a ‘rutega e bile ke batho fela’ mme ba ile ba bua jalo ka Petere le Johane. (Dit. 4:13) Batho ba le ba ntsi ba ne ba akanya gore Bakeresete ba bokoa e bile ga ba ka ke ba iphemela. Bakeresete ba ne ba sa tsenele dipolotiki, ka jalo ba ne ba ka se kgone go tlhotlheletsa puso go dira dilo dingwe. Gape ba ne ba sa tsenele sesole, ka jalo, ba ne ba ka se ka kgone go itwela e bile batho ba ne ba sa ba rate e bile ba sa ba tlotle.

4. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dira eng fa batho ba ba bogisa?

4 A fa Bakeresete bao ba ne ba bogisiwa ba ile ba kgobega marapo, ba bo ba tlogela go sala Jesu Keresete morago? Nnyaa. Ka sekai, moaposetoloi Paulo le Petere ba ne ba itumela fa ba bogisiwa ka gonne ba sala Jesu Keresete morago e bile ba bolelela batho ba bangwe ka ene. (Dit. 4:18-21; 5:27-29, 40-42) Bakeresete bao ba ne ba sa tlhabisiwe ditlhong ke go sala Jesu morago. Le fa batho ba ba neng ba nna mo motseng wa bone ba ne ba sa ba tlotle, Bakeresete ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go ba thusa. Ka sekai, dibuka tsa Baebele tse Bakeresete bao ba ileng ba di kwala, di sa ntse di thusa le batho ba le bantsi le gompieno. Gape Bogosi jo ba neng ba rera ka jone, bo setse bo busa kwa legodimong e bile mo nakong e e sa fediseng pelo, bo tlile go busa le mo lefatsheng. (Math. 24:14) Mme gone, puso ya bogologolo ya Roma e e neng e bogisa Bakeresete yone, ga e tlhole e le teng. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga bone, ke dikgosi gone jaanong kwa legodimong. Batho ba ba neng ba ba bogisa bone, ba sule, fa e le gore ba tla tsosiwa, ba tla busiwa ke Bogosi joo, jo Bakeresete ba ba neng ba ba bogisa baneng ba rera ka jone.—Tshen. 5:10.

5. Go ya ka Johane 15:19, goreng batho ba lefatshe leno ba sa tlotle batho ba ga Jehofa?

5 Gompieno batho ga ba tlotle Basupi ba ga Jehofa, ba ba tseela kwa tlase ka gonne ba akanya gore ga ba botlhale e bile ba bokoa. Goreng? Ka gonne ga re itshware ka tsela e batho ba le bantsi ba itshwarang ka yone gompieno. Re leka go nna boikokobetso le go nna bonolo. Mme batho ba ba sa obameleng Jehofa bone, ba rata batho ba ba mabela le ba ba ikgogomosang. Mo godimo ga moo ga re tsenele dipolotiki e bile ga re di tshegetse, gape ga re tsenele bosole. Ka gonne re sa tshwane le bone, ba re tseela kwa tlase.—Bala Johane 15:19; Bar. 12:2.

6. Gompieno Jehofa o dirisa batho ba gagwe go dira tiro efe?

6 Le fa batho ba lefatshe leno ba akanya gore re bokoa, Jehofa o re dirisa go fitlhelela dilo di le dintsi. Gompieno tiro ya go rera e dirwa go fetsa le e leng pele, mme Jehofa o dirisa rona, go dira tiro eo. Gompieno batho ba ga Jehofa ba ranola le go phasalatsa dimakasine mo lefatsheng lotlhe e bile ba thusa batho go fetola matshelo a bone ba dirisa Baebele. Jehofa ke ene a dirang gore re kgone go fitlhelela tiro eno, o dirisa batho ba ba tseelwang kwa tlase go dira tiro eno ya maemo a a kwa godimo. Mme gone, a Jehofa a ka thusa mongwe le mongwe wa rona go nna le maatla? Fa e le gore go ntse jalo, re tshwanetse go dira eng gore a re thuse? A re tlotleng ka dilo di le tharo tse re ka di ithutang mo sekaong sa ga moaposetoloi Paulo.

O SE KA WA IKAEGA KA MAATLA A GAGO

7. Ke eng se re ka se ithutang mo go Paulo?

7 Sengwe gape se re se ithutang mo go moaposetoloi Paulo ke gore ga re a tshwanela go ikaega ka maatla le bokgoni jwa rona fa re direla Jehofa. Batho ba le bantsi ba ne ba rata Paulo ka gonne o ne a rutegile e bile a na le bokgoni. Go ne go ka nna motlhofo gore a ikgogomose le gore a itshepe thata. O goletse kwa toropong e e kgolo ya Roma e e bidiwang Tareso. Paulo o ne a rutegile, o ne a rutilwe ke moeteledipele wa Mojuda yo o neng a tlotliwa ke batho e bong Gamaliele. (Dit. 5:34; 22:3) Paulo le ene o ne a itsewe ke Bajuda ba le bantsi e bile ba mo tlotla. O ne a re: “Ke ne ke dira botswelelopele jo bogolo thata mo Bojudeng go feta ba le bantsi ba balekane ba me mo lotsong lwa me.” (Bagal. 1:13, 14; Dit. 26:4) Mme Paulo ga a ka a ikanya bokgoni le maatla a gagwe.

Paulo o ne a tsaya dilo tsotlhe tse di mo lefa- tsheng e le “matlakala” fa a di bapisa le go nna molatedi wa ga Keresete (Bona serapa 8) *

8. Go ya ka Bafilipi 3:8 Paulo o ne a reng ka dilo tse a neng a di tlogetse kwa morago mme goreng a ne a “itumedisiwa ke makoa.”?

8 Paulo o ne a tlogela dilo tsotlhe tse di neng di dira gore batho ba ba sa tlotleng Jehofa ba mo tlotle kgotsa ba mo tseele kwa godimo. O ne a lemoga gore dilo tseo tsotlhe e ne e le “matlakala a mantsi.” (Bala Bafilipi 3:8.) Fa Paulo e nna Mokeresete, o ne a lebana le dikgwetlho tse dintsi. O ne a tlhoiwa ke batho ba setšhaba sa kwa ga bone. (Dit. 23:12-14) Ba ne ba mo itaya, ba mo tsenya mo kgolegelong le fa e ne e le mo Roma. (Dit. 16:19-24, 37) Gape Paulo o ne a lemoga gore o na le makoa le gore ga se ka dinako tsotlhe a kgonang go dira se se siameng. (Bar. 7:21-25) Paulo ga a ka a kgobiwa marapo ke mathata a a neng a kopana le one le dilo tse batho ba bangwe ba neng ba di bua, go na le moo o ne a re o “itumedisiwa ke makoa.” Goreng a ne a itumedisiwa ke makoa? Ka gonne fa a ne a le bokoa, ke gone a neng a kgona go lemoga sentle fa Jehofa a mo thusa.—2 Bakor. 4:7; 12:10.

9. O tshwanetse go ikutlwa jang fa o sena dilo tse di dirang gore o lebege o le botlhokwa mo lefatsheng leno?

9 Fa re na le botsogo jo bo siameng, re rutegile, re tswa mo lotsong le le rileng kgotsa re na le madi a mantsi, ga re a tshwanela go akanya gore dilo tseo ke tsone di ka dirang gore Jehofa a re dirise. Tota e bile ga se batlhanka botlhe ba Modimo “ba bantsi ba ba nang le maatla, ba bantsi ba ba tshotsweng ke batlotlegi.” Go na le moo Jehofa o tlhophile go dirisa “dilo tse di bokoa tsa lefatshe.” (1 Bakor. 1:26, 27) Jaanong le fa o sena dilo tse go builweng ka tsone kwa tshimologong ya serapa seno, Jehofa o sa ntse a ka go dirisa. Go na le moo, leba maemo a gago ka tsela e e siameng. O ka dira seo jang? Gopola gore fa o sena dilo tse di dirang gore batho ba lefatshe leno ba go tseye o le botlhokwa, o tla lemoga ka bonako fa Jehofa a go naya maatla. Ka sekai, fa e le gore o tshosiwa ke batho ba ba nnang ba bua dilo tse di sa siamang ka bodumedi jwa gago, rapela Jehofa, mo kope gore a go neye maatla a go emela se o se dumelang. (Baef. 6:19, 20) Fa e le gore o a lwala kgotsa o golafetse, kopa Jehofa gore a go thuse go dira sotlhe se o ka se kgonang fa o mo direla. Ka metlha fa o lemoga gore Jehofa o a go thusa, tumelo ya gago e tla nonofa e bile o tla ikutlwa o na le maatla.

ITHUTE MO BATLHANKENG BA MODIMO BA MO NAKONG E E FETILENG

10. Goreng re tshwanetse go ithuta ka dikao tsa batlhanka ba Modimo ba mo Baebeleng jaaka ba ba umakilweng mo go Bahebera 11:32-34?

10 Paulo o ne a rata go ithuta Dikwalo. O ne a ithuta dilo di le dintsi go tswa mo batlhankeng ba Modimo ba a neng a bala ka bone. Fa Paulo a kwalela Bahebera o ne a ba kopa gore ba akanye ka dikao tsa batlhanka ba Modimo ba mo nakong e e fetileng. (Bala Bahebera 11:32-34.) Akanya ka mongwe wa bone e bong Kgosi Dafide. O ne a bogisiwa ke baba ba gagwe mme le ditsala tsa gagwe di ile tsa mo tlhanogela. Fa re ntse re tlotla ka sekai sa ga Dafide, re tla ithuta gore, goreng Paulo a ile a thusiwa ke go akanya ka sekao seo, le gore rona re ka etsa Paulo jang.

Le fa Dafide a ne a le monnye e bile a lebega a le bokoa, o ne a sa tshabe go lwa le Goliathe. O ne a ikaega ka Jehofa ka gonne a itse gore Jehofa o tla mo thusa go fenya Goliathe. Mmeo ile a fenya (Bona serapa 11)

11. Goreng Dafide a ne a lebega a le bokoa? (Bona setshwantsho sa khabara.)

11 Goliathe o ne a tsaya Dafide a le bokoa tota. Fa a mmona o ne a “simolola go mo nyatsa.” Ka na gone, Goliathe o ne a goletse kwa godimo, a itse go lwa e bile a na le dibetsa tsa ntwa. Mme Dafide ene, e ne e le mosimanyana fela yo o senang maitemogelo, a lebega a sa itse ntwa, e bile a sena dibetsa. Mme gone, o ne a se bokoa ka gonne o ne a ikaegile ka Jehofa. Mme Jehofa o ne a mo naya maatla a go fenya Goliathe.—1 Sam. 17:41-45, 50

12. Dafide o ile a lebana le dikgwetlho dife tse dingwe?

12 Dafide o ne a lebana le kgwetlho e e neng e ka dira gore a ikutlwe a le bokoa e bile a sena maatla. Dafide o ne a ikanyega fa a ne a berekela kgosi ya Iseraele e Jehofa a neng a e tlhomile e bong Saulo. Kwa tshimologong, Kgosi Saulo o ne a tlotla Dafide. Moragonyana Saulo o ne a simolola go ikgogomosa mme seo se ne sa dira gore a fufegele Dafide. O ne a tlhorontsha Dafide a bo a leka go mmolaya.—1 Sam. 18:6-9, 29; 19:9-11.

13. Dafide o ile a dira eng fa Saulo a ne a mmogisa?

13 Le fa Saulo a ne a sa tshware Dafide sentle, Dafide o ile a tswelela a mo tlotla ka gonne a itse gore o tlhomilwe ke Jehofa. (1 Sam. 24:6) Ga a ka a pega Jehofa molato ka dilo tse di bosula tse Saulo a neng a di dira. Go na le gore a dire jalo, o ne a ikanya Jehofa gore a mo thuse go itshokela teko eo e e thata.—Pes. 18:1, mafoko a a fa godimo ga kgaolo.

14. Ke mathata a fe a a tshwanang le a ga Dafide a Paulo a ileng a lebana le one?

14 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a lebana le diteko tse di tshwanang le tsa ga Dafide. Batho ba ba neng ba mmogisa ba ne ba le maatla go mo feta. Baeteledipele ba le bantsi ba ba neng ba tlotliwa ke batho, ba ne ba mo tlhoile. Nako le nako ba ne ba mo itaya, ba bo ba mo latlhela mo kgolegelong. Fela jaaka Dafide, Paulo le ene o ne a sotliwa ke batho ba e ka bong e le ditsala tsa gagwe. Bakeresete bangwe ba ne ba mo tshwayatshwaya diphoso. (2 Bakor. 12:11; Bafil. 3:18) Mme Paulo o ile a kgona go fenya diteko tseo tsotlhe. O ile a kgona jang? O ne a tswelela a rera le fa a ne a ganediwa. O ne a tswelela a dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ka boikanyegi, le fa ka dinako tse dingwe ba ne ba tle ba mo swabise. Mme sa botlhokwa le go feta, o ne a ikanyega mo go Jehofa botshelo jotlhe jwa gagwe. (2 Tim. 4:8) O ile a kgona go fenya mathata ano otlhe ka gonne o ne a ikaega ka Jehofa e seng ka maatla a gagwe.

Fa o bua le batho ba ba leng kgatlhanong le se o se dumelang, ba tlotle mme o bue le bone sentle (Bona serapa 15) *

15. Boikaelelo jwa rona ke eng, mme re ka bo fitlhelela jang?

15 A bana ba o tsenang sekolo le bone, batho ba o berekang le bone kgotsa ba losika ba e seng Basupi ba tle ba go reye dipuo kgotsa ba go bogise ka gonne o le Mosupi? A mongwe o kile a se ka a go tshwara sentle mo phuthegong? Fa e le gore go jalo, gopola sekao sa ga Dafide le Paulo. O ka kgona go ‘fenya bosula ka molemo.’ (Bar. 12:21) Fa batho ba re bogisa ga re leke go lwa le bone fela jaaka Dafide a ile a lwa le Goliathe, go na le moo, boikaelelo jwa rona ke go thusa batho go ithuta ka Jehofa. Gape re dirisa Baebele go araba dipotso tsa bone, re a ba tlotla e bile re dirisana le bone ka bonolo re bo re ba direla le dilo tse di molemo le fa ba re tlhoile.—Math. 5:44; 1 Pet. 3:15-17.

AMOGELA THUSO

16-17. Paulo ga a ka a lebala eng?

16 Pele Paulo e nna Mokeresete, e ne e le motho fela yo o senang maitseo e bile a sotla balatedi ba ga Keresete. (Dit. 7:58; 1 Tim. 1:13) Jesu o ile a thibela Paulo, yo ka nako eo a neng a bidiwa Saulo, go tswelela a sotla batho ba Modimo. Jesu o ne a bua le Paulo a le kwa legodimong, a bo a mo itaya ka bofofu. E le gore a kgone go boa a bona gape, o ne a tshwanelwa ke go kopa thuso kwa bathong ba a neng a ba bogisa. O ne a nna boikokobetso a bo a amogela gore Ananiase a mo thuse go bona gape.—Dit. 9:3-9, 17, 18.

17 Moragonyana Paulo o ne a nna Mokeresete yo o itsegeng mo diphuthegong mme ga a ka a lebala thuto e Jesu a ileng a mo ruta yone fa a ne a le mo tseleng a ya Damaseko. Paulo o ne a tswelela a le boikokobetso mme o ne a amogela fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba mo thusa, o ne a amogela gore Bakeresete bao e ne e le ‘thuso e e mo nonotshang.’—Bakol. 4:10, 11.

18. Ke eng se se ka dirang gore ka dinako dingwe re se ka ra batla go reetsa fa re thusiwa?

18 Re ka ithuta eng mo go Paulo? Fa re ne re simolola go ithuta boammaaruri go ne go le motlhofo gore re amogele fa ba bangwe ba re thusa ka gonne re itse gore go na le dilo tse dintsi tse re sa di tlhaloganyeng. (1 Bakor. 3:1, 2) Mme gone, a re sa ntse re ntse jalo? Fa e le gore re na le nako e e telele re le mo phuthegong ya Modimo, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore re amogele thuso, segolobogolo fa re thusiwa ke motho yo e leng gone a ithutang boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi, go re thusa. (Bar. 1:11, 12) Ka jalo, fa re batla gore Jehofa a re thuse, re tshwanetse go iketleeletsa go reetsa fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba re thusa.

19. Ke eng se se thusitseng Paulo go dira dilo di le dintsi?

19 Fa Paulo a sena go nna Mokeresete go na le dilo di le dintsi tse a ileng a kgona go di dira. Ke eng se se mo thusitseng? O ithutile gore selo sa botlhokwa fa motho a batla go atlega, ke fa a le boikokobetso e bile a ikanya Jehofa, e seng a na le dithoto, a rutegile, a tswa mo lotsong lo lo rileng kgotsa a na le botsogo jo bo siameng. E kete rotlhe re ka etsa Paulo, (1) ka go ikaega ka Jehofa, (2) ka go ithuta go tswa mo batlhankeng ba Modimo ba mo Baebeleng, le (3) ka go amogela fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba re thusa. Fa re dira jalo Jehofa o tla re thusa le fa re ka ikutlwa re le bokoa!

PINA 71 Re Masole a ga Jehofa!

^ ser. 5 Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka sekao sa ga moaposetoloi Paulo. Re tla ithuta gore fa re le boikokobetso Jehofa o re thusa jang go itshoka fa re bogisiwa le fa re ikutlwa re le bokoa.

^ ser. 1 TLHALOSO: Go na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore re ikutlwe re le bokoa, e ka tswa e le ka gonne re sa itekanela, re sa itsholela, re lwala kgotsa ka gonne re sa rutega. Mo godimo ga moo batho ba ba sa re rateng ba ka nna ba re tlhapatsa kgotsa ba re bogisa e le fela gore re ikutlwe re le bokoa.

^ ser. 57 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Fa Paulo a nna Mokeresete o ne a tlogela dilo tsotlhe tse a neng a di dira fa e ne le e Mofarasai. Dilo tseo di ka tswa di ne di akaretsa le memeno e e neng e dirisiwa ke Bafarasai.

^ ser. 61 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o kwa tirong mme badirimmogo le ene ba leka go mo pateletsa go keteka letsatsi la botsalo la mongwe yo ba berekang le ene.