Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 31

A o Letetse “Motse o o Nang le Metheo ya Mmatota”?

A o Letetse “Motse o o Nang le Metheo ya Mmatota”?

“O ne a letetse motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.”—BAHEB. 11:10.

PINA 22 Bogosi bo a Busa—A bo Tle!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Batlhanka ba Modimo ba le bantsi ba ithontshitse dilo dife, mme ka ntlha yang?

BATLHANKA ba Modimo ba le bantsi gompieno, ba ithontshitse dilo dingwe. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba dirile tshwetso ya gore ba se ka ba tsena mo lenyalong. Banyalani bangwe ba dirile tshwetso ya gore ba se ka ba nna le bana. Malapa a le mantsi a tlhofofaditse matshelo a one ka go sa reke dilo tse ba sa di tlhokeng. Lebaka la go bo batho bano ba ile ba dira ditshwetso tseno ke ka go bo ba batla go direla Jehofa ba sa kgorelediwe ke sepe. Ba kgotsofalela se ba nang le sone e bile ba tshepa gore Jehofa o tla ba tlamela ka se ba se tlhokang. A ba tla swaba nko go feta molomo? Nnyaa! Re itse jang? Ka gonne Jehofa o kile a tlamela batlhanka ba gagwe ba bogologolo ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Ka sekai, Jehofa o ne a segofatsa Aborahame “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo.”—Bar. 4:11.

2. (a) Go ya ka Bahebera 11:8-10 le 16, goreng Aborahame a ne a ikemiseditse go tswa kwa Ure? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Aborahame o ne a tlogela botshelo jwa gagwe jwa manobonobo jo a neng a bo tshela kwa Ure, a sa patelediwe ke ope. Goreng a ile a dira jalo? Ka gonne o ne a letetse “motse o o nang le metheo ya mmatota.” (Bala Bahebera 11:8-10, 16.) “Motse” oo ke eng? Fa Aborahame a ntse a letetse gore motse oo o agiwe o ne a lebana le dikgwetlho dife? Mme re ka etsa jang Aborahame le batlhanka ba Modimo ba ba ileng ba latela sekao sa gagwe?

“MOTSE O O NANG LE METHEO YA MMATOTA” KE ENG?

3. “Motse”o Aborahame a neng a o letetse ke eng?

3 Motse o Aborahame a neng a o letetse ke Bogosi Jwa Modimo. Kgosi ya Bogosi joo ke Jesu Keresete, mme o tla busa le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000. Paulo o bitsa motse oo a re ke “motse wa Modimo yo o tshelang, e leng Jerusalema wa selegodimo.” (Baheb. 12:22; Tshen. 5:8-10; 14:1) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapelele gore Bogosi joo bo tle, gore thato ya Modimo e diragale mo lefatsheng jaaka e direga kwa legodimong.—Math. 6:10.

4. Go ya Genesise 17:1, 2 le 6, Aborahame o ne a itse eng ka motse kgotsa Bogosi jo Modimo a neng a bo solofeditse?

4 A Aborahame o ne a itse gore Bogosi Jwa Modimo bo ne bo tla rulaganngwa jang? Nnyaa. Go fetile dingwaga di le dintsi tshedimosetso eo e le “sephiri se se boitshepo.” (Baef. 1:8-10; Bakol. 1:26, 27) Mme Aborahame o ne a itse gore bangwe ba ditlogolwana tsa gagwe ba ne ba tlile go nna dikgosi ka gonne seo e ne e le se Jehofa a neng a se mo solofeditse. (Bala Genesise 17:1, 2, 6.) Aborahame o ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo thata mo e neng e kete o bona Yo o Tloditsweng kgotsa Mesia yo o neng a tlile go nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Leno ke lone lebaka la go bo Jesu a ileng a raya Bajuda a re: “Aborahame rraalona o ne a itumelela thata tebelelo ya go bona letsatsi la me, mme o ne a le bona a bo a itumela.” (Joh. 8:56) Aborahame o ne a itse gore ditlogolwana tsa gagwe, di ne di tlile go nna karolo ya Bogosi jo Jehofa a neng a tlile go bo tlhoma e bile o ne a ikemiseditse go leta gore Jehofa a diragatse tsholofetso eo.

Aborahame o ile a bontsha jang gore o tshepa gore Modimo o tla diragatsa se a se solofeditseng? (Bona serapa 5)

5. Re itse jang gore Aborahame o ne a letetse “motse” o modiri wa one e leng Modimo?

5 Aborahame o ne a bontsha jang gore o letetse “motse” kgotsa Bogosi jo modiri wa jone e leng Modimo? Sa ntlha, o ne a nna moagi wa moeng kwa mafatsheng otlhe a a neng a ya kwa go one. O ne a nna mokgarakgatshegi e bile ga a ka a tshegetsa magosi a batho. Mo godimo ga moo, ga a ka a leka go itirela bogosi. Go na le moo, o ne a ikobela Jehofa, a bo a mo leta gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe. Dilo tseno tse Aborahame a neng a di dira, di ne di bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. A re tlotleng ka dikgwetlho tse a ileng a lebana le tsone mme re bone gore re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe.

ABORAHAME O NE A LEBANA LE DIKGWETLHO DIFE?

6. Motse wa Ure o ne o ntse jang?

6 Motse o Aborahame a neng a nna kwa go one, o ne o sireletsegile e bile e le wa manobonobo mme batho ba ba neng ba nna koo ba ne ba rutegile e bile ba humile. O ne o sireleditswe ke mabota a magolo le mesele ya metsi. Batho ba kwa Ure e ne e le ditswerere mo go kwaleng e bile ba ne ba itse dipalo. Mme go lebega batho ba koo ba ne ba na le dikgwebo, ka gonne baithutamarope ba ne ba fitlhela dipampiri tse di neng di dirisiwa mo dikgwebong bogologolo. Matlo a koo a ne a agilwe ka ditena, a polasetarilwe e bile a pentilwe ka bosweu. Mangwe a matlo ao a ne a na le dikamore di le 13 kgotsa 14 e bile a a adilwe matlapa go a dikologa.

7. Goreng Aborahame a ne a tshwanetse go tshepa gore Jehofa o ne a tla sireletsa ene le lelapa la gagwe?

7 Aborahame o ne a tshwanetse go tshepa gore Jehofa o ne a tla sireletsa ene le lelapa la gagwe. Goreng? Gopola gore Aborahame le Sara ba ne ba tlogetse ntlo ya bone kwa Ure, e e neng e sireletsegile e bile e le ya manobonobo ba bo ba ya go nna mo ditenteng mo lefelong le le bulegileng kwa Kanana . Ene le lelapa la gagwe ba ne ba sa tlhole ba sireleditswe ke mabota a magolo le mesele ya metsi. Mme ba ne ba sa sireletsega e bile baba ba bone ba ne ba ka ba tlhasela motlhofo.

8. Ke eng se se ileng sa diragalela Aborahame?

8 Ka metlha Aborahame o ne a dira se Jehofa a neng a se batla, mme gone ka nako nngwe o ne a sena dijo tse di lekaneng go tlamela lelapa la gagwe. Go ne go na le leuba le le golo kwa lefelong le Jehofa a neng a rile a ye kwa go lone. Leuba leo le ne le le botlhoko thata jaana mo Aborahame a ileng a swetsa ka gore ene le lelapa la gagwe ba fudugele kwa Egepeto ka nakwana. Le fa go ntse jalo, fa a tsena kwa Egepeto, Faro o ne a tsaya mosadi wa gagwe. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa utlwisa Aborahame botlhoko thata, go fitlha Jehofa a laela Faro gore a busetse Sara kwa go Aborahame.—Gen. 12:10-19.

9. Aborahame o ne a nna le mathata afe mo lelapeng la gagwe?

9 Lelapa la ga Aborahame le ile la nna le mathata. Mosadi wa gagwe e bong Sara o ne a sa kgone go tshola bana. Ba ne ba fetsa di ngwaga di le dintsi seo se ba utlwisa botlhoko. Sara o ne a naya Aborahame lelata la gagwe e bong Hagare gore a ba tsholele ngwana. Mme fa Hagare a sena go ima Ishemaele o ne a simolola go nyatsa Sara. Maemo ao a ile a nna maswe thata jaana mo Sara a ileng a koba Hagare.—Gen. 16:1-6.

10. Ke eng se se ileng sa diragalela Ishemaele le Isake se se neng se ka dira gore go nne thata gore Aborahame a tshepe Jehofa?

10 Kwa bofelong Sara o ne a ima mme a tshola ngwana mme Aborahame o ne a mmitsa Isake. Aborahame o ne a rata Ishemaele le Isake fela thata. Mme e re ka Ishemaele a ne a bogisa Isake, Jehofa o ne a laela Aborahame gore a mo tsamaise Ie Hagare. (Gen. 21:9-14) Morago ga dingwaga di le dintsi, Jehofa o ne a laela Aborahame gore a mo ntshetse setlhabelo ka Isake. (Gen. 22:1, 2; Baheb. 11:17-19) Fa Jehofa a ne laela Aborahame gore a tsamaise Ishemaele le gore a ntshe setlhabelo ka Isake, Aborahame o ne a tshwanetse go tshepa gore Jehofa o ne a tla dira se a neng a se solofeditse ka bana bao ba gagwe.

11. Goreng Aborahame a ne a tshwanetse go leta Jehofa a le pelotelele?

11 Mo nakong eno yotlhe, Aborahame o ne a tshwanetse go ithuta go leta Jehofa a le pelotelele. A ka tswa a ne a na le dingwaga di feta 70 fa ene le lelapa la gagwe ba tswa kwa Ure. (Gen. 11:31–12:4) Mme o feditse dingwaga di le lekgolo a nna mo ditenteng e bile a kgarakgatshega mo lefatsheng la Kanana. Aborahame o ne a swa a na le dingwaga di le 175. (Gen. 25:7) Mme ga a ka a bona Jehofa a diragatsa tsholofetso ya gagwe, ya go naya ditlogolwana tsa gagwe lefatshe le a neng a mo solofeditse lone. E bile ga a ka a tshela lobaka lo loleele go fitlha a bona motse o e leng Bogosi Jwa Modimo o tlhomiwa. Le fa go ntse jalo Baebele ya re Aborahame o ne a swa a “a godile e bile a kgotsofetse.” (Gen. 25:8) Le fa Aborahame a ile a lebana le dikgwetlho tse dintsi, o ne a tswelela a na le tumelo e e nonofileng e bile a ikemiseditse go leta Jehofa. Ke eng se se mo thusitseng go itshoka? Ke gore ka metlha Jehofa o ne a mo sireletsa e bile e le tsala ya gagwe.—Gen. 15:1; Isa. 41:8; Jak. 2:22, 23.

Batlhanka ba Modimo ba bontsha jang gore ba na le tumelo e bile ba pelotelele fela jaaka Aborahame le Sara? (Bona serapa 12) *

12. Ke eng se re se letetseng, mme re tla tlotla ka eng?

12 Fela jaaka Aborahame, le rona re letetse motse o o nang le metheo ya mmatota. Mme gone, ga re a letela gore motse oo o agiwe. Bogosi Jwa Modimo bo ne jwa tlhomiwa ka 1914 mme gone jaanong bo busa kwa legodimong. (Tshen. 12:7-10) Mme re emetse gore Bogosi joo bo tle go busa mo lefatsheng lotlhe. Fa re ntse re letile Bogosi joo, re ka nna ra lebana le diteko tse di tshwanang le tsa ga Aborahame le Sara. Batlhanka ba Modimo ba le bantsi ba ile ba kgona go etsa sekao sa ga Aborahame. Maitemogelo a a tlhagang mo makasineng wa Tora ya Tebelo a bontsha gore ba ile ba etsa sekao sa ga Aborahame le Sara sa go nna le tumelo le go nna pelotelele. A re tlotleng ka mangwe a maitemogelo ao mme re bone gore re ka ithuta eng mo go one.

BATHO BANGWE BA BA ILENG BA ETSA SEKAO SA GA ABORAHAME

Bill Walden o ne a ikemiseditse go ikentsha setlhabelo gore a kgone go direla Jehofa, mme Jehofa o ile a mo segofatsa

13. O ithuta eng mo maitemogelong a ga Mokaulengwe Walden?

13 Ikemisetse go ithontsha dilo dingwe gore o kgone go direla Jehofa. Gore Bogosi Jwa Modimo bo tle pele mo matshelong a rona, re tlhoka go ithontsha dilo dingwe gore re kgone go itumedisa Modimo fela jaaka Aborahame a ile a dira. (Math. 6:33; Mar. 10:28-30) Akanya ka maitemogelo a ga mokaulengwe Bill Walden. * Ka 1942, fa a ne a tloga a aloga kwa yunibesithing ya United State a ithutela go nna motlhami wa dipolane, o ne a simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Porofesa nngwe e e neng e ruta kwa yunibesithing e Bill neng a tsena kwa go yone, o ne a setse a mo batletse mmereko, mme Bill o ne a o gana. O ne a mo tlhalosetsa gore o dirile tshwetso ya go direla Modimo mo go oketsegileng, go na le gore a bereke tiro e e duelang madi a mantsi. Moragonyana, puso e ne ya laela Bill gore a tsenele bosole. O ile a gana, mme puso e ile ya mo otlhaya ka go mo duedisa madi a mantsi, e bo e laela gore a tsenngwe mo kgolegelong dingwaga di le tlhano. O ne a gololwa morago ga dingwaga di le tharo. Moragonyana, o ne a lalediwa kwa Sekolong sa Gileade a bo a ya go direla e le morongwa kwa Afrika. Bill o ne a nyala Eva mme ba ne ba direla mmogo kwa Afrika, mme botshelo jwa bone kwa Afrika bo ne bo se motlhofo. Morago ga dingwaga di le mmalwa ba ne ba boela kwa United States gore ba ye go tlhokomela mmaagwe Bill. Fa Bill a bua ka botshelo jwa gagwe a re: “Fa ke akanya ka tshiamelo e ke nnileng le yone ya go direla Jehofa ka dingwaga di feta 70 pelo ya me e phophoma ka boitumelo. Ke nna ke leboga Jehofa ka metlha go bo a nthusitse gore ke kgone go mo direla.” A o ka kgona go dira gore tirelo ya nako e e tletseng e nne tiro ya botshelo jwa gago jotlhe?

Eleni le Aristotelis Apostolidis ba ne ba lemoga gore Jehofa o ne a ba naya maatla

14-15. Se se diragaletseng Mokaulengwe le Kgaitsadi Apostolidis se go ruta eng?

14 O se ka wa lebelela gore ga o kitla o nna le mathata. Sekai sa ga Aborahame se re ruta gore le fa re ka direla Jehofa botshelo jwa rona jotlhe, re sa ntse re tlile go lebana le mathata. (Jak. 1:2; 1 Pet. 5:9) A re utlwe gore Aristotelis Apostolidis o ile a lebana le mathata afe. * Aristotelis o ne a kolobediwa kwa Greece ka 1946 mme ka 1952 o ne a beeletsa kgaitsadi Eleni yo le ene a neng a batla go direla Jehofa fela jaaka ene. Eleni o ne a lwala, mme gone gatwe o na le tlhagala mo bobokong. Tlhagala eo e ne ya ntshiwa mme morago ga dingwaga di le mmalwa fa ba sena go nyalana, e ne ya gola gape. Dingaka di ne tsa mo dira karo, mme karolo nngwe mo mmeleng wa gagwe e ne ya golafala, a bo a sa tlhole a kgona go bua sentle. Le fa kgaitsadi Eleni a ne a lwala e bile puso e ne e bogisa Basupi ka nako eo, o ne a tswelela a direla Jehofa a tlhagafetse.

15 Aristotelis o ne a fetsa dingwaga di le 30 a tlhokomela mosadi wa gagwe. Mme ka nako eo, o ne a direla e le mogolwane, a direla mo komiting ya dikopano e bile a thusa go aga Holo ya Dikopano. Mme ka 1987, fa Eleni a ne a le mo bodireding, o ne a itewa ke lebati la legolo la tshipi le bo le mo gobatsa. O ne a nna mo khomeng dingwaga di le tharo, a bo a tlhokafala. Aristotelis o tlhalosa gore dilo tseno tse di mo diragaletseng di ne tsa mo ama jang. A re: “Go fetile dingwaga di le dintsi ke lebana le mathata mme mangwe a one a ne a direga ka tshoganyetso e bile ke sa lebelela, ka jalo, ke ne ke tlhoka go itshoka le go se letle sepe se nkgoba marapo. Mme gone, ka metlha Jehofa o ne a mpha maatla a ke neng ke a tlhoka gore ke kgone go itshokela mathata ao.” (Pes. 94:18, 19) Jehofa o rata batlhanka ba gagwe botlhe ba ba lekang go mo direla le fa ba lebana le mathata!

Audrey Hyde o ne a nna a akantse ka ditsholofetso tsa Modimo, mme seo se ile sa mo thusa gore a tswelele a direla Jehofa

16. Mokaulengwe Knorr o ne a naya mosadi wa gagwe kgakololo efe?

16 Nna o akantse ka ditsholofetso tsa Modimo. Aborahame o ne a nna akantse ka masego a Jehofa a neng a tlile go mo naya one, mme seo se ne sa mo thusa gore a kgone go itshokela mathata a ileng a lebana le one. Kgaitsadi Audrey Hyde o ne a nna a akantse ka ditsholofetso tsa Modimo le fa a ne a lebana le mathata. Monna wa gagwe wa ntlha e bong Nathan H. Knorr, o ne a tlhokofala ka gonne a ne a na le bolwetse jwa kankere mme monna wa gagwe wa bobedi e bong Glenn Hyde, o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo bidiwang Alzheimer. * Kgaitsadi Hyde a re se se mo thusitseng go itshoka, ke se monna wa gagwe wa ntlha a ileng a se bua dibeke di le mmalwa pele a tlhokofala. A re: “Nathan o ne a nthaya a re: ‘Fa re na le tsholofelo re bo re tlhokofala, tsholofelo eo ga e fetoge. Mme fa re sule re ikhutsetsa ditlhabi. Leba kwa mokgeleng ka gonne ke gone kwa maduo a gago a tla tswang gone. . . . Nna o leka go thusa ba bangwe, ka gonne seo ke sone se tla dirang gore o itumele.’” Fa re tswelela re thusa ba bangwe re bo re ‘ipela mo tsholofelong’ re tla nna re itumetse!—Bar. 12:12.

17. (a) Re na le mabaka afe a a utlwalang a go nna re akantse ka ditsholofetso tsa Modimo? (b) Go etsa sekao se se mo go Mika 7:7 go tla re thusa jang gore re itumelele masego a a larileng kwa pele?

17 Gompieno go na le dilo di le dintsi tse di ka re thusang gore re nne re akantse ka ditsholofetso tsa Modimo. Dilo tse di diragalang mo lefatsheng, di re bontsha gore re mo bokhutlong jwa metlha ya bofelo. Go ise go ye kae, re tla bo re sa tlhole re tlhoka go leta gore motse o o nang le metheo ya mmatota, kgotsa Bogosi Jwa Modimo, bo buse mo lefatsheng. Gape sengwe se se tla dirang gore re itumele, ke go bona batho ba re ba ratang ba tsosiwa mo baswing. Ka nako eo Jehofa o tla segofatsa Aborahame le lelapa la gagwe ka go ba tsosa gore ba tle go tshela mo lefatsheng ka gonne Aborahame o ne a na le tumelo e bile a le pelotelele. A o tla bo o le gone? O ka kgona go nna gone, fa o ka etsa sekao sa ga Aborahame. Ikentshe setlhabelo fela jaaka Aborahame, ka gonne o batla go direla Jehofa, nna le tumelo le fa o lebana le mathata e bile o ithute go letela Jehofa.—Bala Mika 7:7.

PINA 74 Opelang Pina ya Bogosi!

^ ser. 5 Fa re ntse re letetse gore Modimo a diragatse ditsholofetso tsa gagwe, re ka nna ra fela pelo kgotsa ra tlogela go nna le tumelo mo go ene. Ke eng se re ka ithutang sone mo go Aborahame, se se ka re thusang gore re ikemisetse go leta re le pelotelele fa re ntse re letetse gore Jehofa a diragatse ditsholofetso tsa gagwe? Batlhanka ba Modimo ba gompieno ba re tlhometse sekao sefe?

^ ser. 13 Kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Walden e tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 1, 2013, ts. 8-10.

^ ser. 14 Kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Apostolidis e tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2002, ts. 24-28.

^ ser. 16 Pego ya botshelo ya ga Kgaitsadi Hyde e tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 2004, ts. 23-29.

^ ser. 56 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Banyalani ba ba tsofetseng ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa le fa ba lebana le mathata. Ba nonotsha tumelo ya bone ka go nna ba tlotla ka masego a Jehofa a tlileng go re direla one.