Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 35

Tlotla ba Bangwe mo Phuthegong

Tlotla ba Bangwe mo Phuthegong

“Leitlho ga le ka ke la raya seatla la re: ‘Ga ke go tlhoke’; kgotsa, gape, tlhogo ga e ka ke ya raya dinao ya re: ‘Ga ke lo tlhoke.’”—1 BAKOR. 12:21.

PINA 124 Re Ikanyege ka Metlha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se Jehofa a se letlileng?

JEHOFA o letlile gore go nne le batho ba ba farologaneng ba ba mo direlang mo phuthegong ya gagwe. Le fa re na le maikarabelo kgotsa re dira dilo tse di farologaneng mo phuthegong, rotlhe re botlhokwa mo go Jehofa e bile re a tlhokana. Moaposetoloi Paulo o re thusa jang go tlhaloganya ntlha eno ya botlhokwa?

2. Baefeso 4:16 ya re goreng re tshwanetse go tlotlana le go dirisana mmogo?

2 Mo temaneng ya setlhogo, moaposetoloi Paulo o re bontsha gore yo mongwe mo phuthegong ga a ka ke a raya yo mongwe a re “Ga ke go tlhoke.” (1 Bakor. 12:21) Fa re batla gore go nne go na le kagiso mo phuthegong re tshwanetse go tlotlana le go dirisana mmogo. (Bala Baefeso 4:16.) Fa re dirisana ka kutlwano mo phuthegong, batho botlhe ba tla ikutlwa ba ratiwa e bile phuthego e tla nonofa.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Re ka bontsha ka ditsela dife gore re tlotla ba bangwe mo phuthegong? Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka gore bagolwane ba ka bontsha jang bagolwane ba bangwe gore ba a ba tlotla. Gape re bo re tlotla ka gore re ka bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong. Kwa bofelong re bo re tlotla ka go re re ka bontsha jang gore re tlotla ba ba ithutang puo ya rona.

TLOTLA BAGOLWANE BA BANGWE

4. Ke kgakololo efe e e mo go Baroma 12:10 e bagolwane ba tshwanetseng go e latela?

4 Jehofa o tlhoma bagolwane botlhe mo phuthegong a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo. Mme mongwe le mongwe wa bone o na le mpho e a e abetsweng. (1 Bakor. 12:17, 18) Ba bangwe ga se kgale e le bagolwane, ka jalo, ga ba na maitemogelo a a tshwanang le a bagolwane ba bangwe. Ba bangwe ga ba kgone go dira dilo dingwe ka gonne ba godile kgotsa ba lwala. Le fa go ntse jalo, mogolwane yo mongwe ga a ka ke raya yo mongwe a re, “Ga ke go tlhoke.” Mogolwane mongwe le mongwe o tshwanetse go ikobele kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baroma 12:10.—E bale.

Bagolwane ba bontsha gore ba tlotla bagolwane ba bangwe ka go ba reetsa (Bona serapa 5-6)

5. Bagolwane ba bontsha jang gore ba tlotla bagolwane ba bangwe, mme goreng go le botlhokwa gore ba dire jalo?

5 Bagolwane ba tshwanetse go bontsha gore ba a tlotlana ka go reetsana. Go botlhokwa gore ba dire jalo, bogolo jang fa ba kopane mmogo go tla go tlotla ka dikgang tse di masisi. Goreng? Makasine wa Tora ya Tebelo ya October 1, 1988 o ile wa re: “Bagolwane ba tla lemoga gore Keresete, ka thuso ya moya o o boitshepo, o ka kaela mogopolo wa mogolwane ope fela mo setlhopheng sa bagolwane go ntsha molaomotheo wa [Baebele] oo ba o tlhokang go dirisana le seemo sepe fela kana go dira tshwetso epe fela ya botlhokwa. (Dit. 15:6-15) Moya o o boitshepo o thusa bagolwane botlhe e seng a le mongwe.”

6. Ke eng se se tla thusang bagolwane gore ba dire mmogo ka kutlwano, mme phuthego e solegelwa molemo jang?

6 Fa bagolwane ba kopane mmogo, mogolwane yo o tlotlang ba bangwe ga a nnele go bua a le nosi gape ga a batle gore go reediwe ene fela. O a reetsa fa ba bangwe ba bua. Gape o bua a ikokobeditse. Sa botlhokwa le go feta, o batla kgakololo mo Baebeleng, e bile o latela kgakololo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45-47) Fa bagolwane ba bontshana gore ba a ratana le gore ba a tlotlana fa ba bua ka dilo dingwe, moya o o boitshepo o tla ba kaela e bile o tla ba thusa go dira ditshwetso tse di tla nonotshang phuthego.—Jak. 3:17, 18.

TLOTLA BAKERESETE BA BA SENG MO LENYALONG

7. Jesu o ne a tsaya jang batho ba ba sa nyalang?

7 Mo phuthegong go na le malapa, e ka tswa e le a a nang le bana kgotsa a a se nang bana. Gape go na le bakaulengwe ba ba sa nyalang le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang. Re tshwanetse go tsaya jang ba ba sa nyalang? * Jesu ene o ne a ba tsaya jang? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a sa nyala. O ne a dirisa nako yotlhe ya gagwe mo go direng kabelo e a neng a e neilwe. Ga a ise a ko a re Bakeresete ba tshwanetse go nyala kgotsa go sa nyale. Mme gone, o ne a re Bakeresete bangwe ba ka nna ba tlhopha go sa nyale. (Math. 19:11, 12) Jesu o ne a tlotla batho ba ba neng ba sa nyala. O ne a sa tseele batho ba ba nyetseng kwa godimo a bo a tseela ba ba sa nyalang kwa tlase kgotsa a akanya gore ba tlhaela sengwe ka gonne ba sa nyala.

8. Mo go 1 Bakorintha 7:7-9, Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba akanyetse eng?

8 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a sa nyala fa a ne a dira tiro ya gagwe ya go rera. Ga a ise a ko a re Bakeresete ga ba tshwanela go nyala. O ne a tlhaloganya gore mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso mo kgannyeng eno. Mme gone, Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete gore ba akanyetse go direla Jehofa ba sa nyala. (Bala 1 Bakorintha 7:7-9.) Paulo o ne a sa akanye gore batho ba ba sa nyalang ga ba botlhokwa fa ba bapisiwa le batho ba ba nyetseng. Tota e bile o ne a tlhopha Timotheo, mokaulengwe yo o neng a sa nyala gore a dire tiro ya botlhokwa mo phuthegong ya ga Jehofa. * (Bafil. 2:19-22) Ka jalo, go tla bo go sa siama go akanya gore mokaulengwe mongwe ga a tshwanelege go dira tiro nngwe fela ka gonne a sa nyala kgotsa ka gonne a nyetse.—1 Bakor. 7:32-35, 38.

9. Modimo o leba go tsena mo lenyalong kgotsa go sa tsene mo lenyalong jang?

9 Jesu le Paulo ga ba ise ba ko ba re Bakeresete ba tshwanetse go nyala kgotsa gore ga ba a tshwanela go nyala. Ka jalo, re ka reng ka go nyala kgotsa ka go sa nyale? Makasine wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2012 o ne wa tlhalosa gore: “Boammaaruri ke gore, go tsena mo lenyalong le go sa tsene mo go lone, ka bobedi go ka tsewa e le dimpho tse di tswang kwa Modimong. . . . Mme Jehofa ga a lebe go sa nyale e le selo se se tlhabisang ditlhong kgotsa se se hutsafatsang.” Ka jalo, re tshwanetse go tlotla bakaulengwe ba ba sa nyalang le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang.

Re ka bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa nyalang? (Bona serapa 10)

10. Re ka bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa nyalang?

10 Re ka bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe ba ba sa nyalang le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang? Re tshwanetse go gopola gore Bakeresete bangwe ba dirile tshwetso ya go sa nyale. Ba bangwe ba batla go nyala mme ga ba ise ba bone motho yo o siameng. Mme ba bangwe ba ka tswa ba tlhokafaletswe ke monna kgotsa ke mosadi. Mabaka a bone a farologane, mme gone, a seo se raya gore ba ba mo phuthegong ba tshwanetse go ba batlela molekane kgotsa go ba botsa gore ke eng fa ba sa nyala? Gone ba bangwe ba ka nna ba kopa gore ba thusiwe go batlelwa molekane. Mme gone, fa ba sa go kopa gore o ba thuse ba ka ikutlwa jang fa o ithaopa go ba batlela molekane? (1 Bathes. 4:11; 1 Tim. 5:13) A re utlwe gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba seng mo lenyalong, ba reng.

11-12. Ke dilo dife tse re di dirang tse di ka kgobang ba ba sa nyalang marapo?

11 Molebedi mongwe wa potologo yo o sa nyalang e bile a dira bontle mo kabelong ya gagwe a re, go sa nyale go na le melemo e e mentsi . Mme gone, a re go kgoba marapo fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba akanyang gore ba leka go mo thusa ba mmotsa go re: “Goreng o sa nyala?” Mokaulengwe mongwe yo o sa nyalang, yo o direlang kwa Bethele a re: “Ke na le go lemoga gore bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe, ba akanya gore ba tshwanetse go utlwela batho ba ba sa nyalang botlhoko. Seno se ka dira gore go lebege e kete go sa nyale ke mathata fela e bile ga se mpho.”

12 Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang, yo o direlang kwa Bethele a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba akanya gore batho botlhe ba ba sa nyalwang ba batla go nyalwa kgotsa gore fa ba kopane le batho ba bangwe ba a bo ba batla molekane. Letsatsi lengwe fa ke ne ke abetswe go ya go dira tiro ya me ya Bethele kwa karolong e nngwe ya naga, ke ne ka goroga ka letsatsi la dipokano. Kgaitsadi mongwe yo o neng a nkamogetse kwa ga gagwe, o ne a mpolelela gore go na le bakaulengwe ba babedi mo phuthegong ya bone ba ba lekanang le nna ka dingwaga. O ne a nthaya a re ga se gore o batla go nthusa go batla molekane. Mme fela fa re tsena kwa Holong, o ne a nkisa kwa bakaulengweng bao. Tota o ne a ntsentse matlho, mme ke dumela gore le bakaulengwe bao ba ne ba tsenwe ke matlho.”

13. Ke eng se se kgothaditseng kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang?

13 Kgaitsadi yo mongwe yo o sa nyalwang, yo o direlang kwa Bethele a re: “Ke itse babulatsela ba ba mphetang ka dingwaga ba ba seng mo lenyalong, ke batho ba ba akanyang pele ba dira ditshwetso, ba ba ipeelang mekgele e bile ba leka go e fitlhelela, ba rata go thusa ba bangwe gape ba itumetse. Ba a thusa tota mo phuthegong. Ga ba akanye gore ba botoka mo go ba bangwe ka gonne ba se mo lenyalong e bile ga ba akanye gore ga ba kitla ba itumela ka gonne ba se na molekane kgotsa ba se na bana.” Go monate go nna mo phuthegong le batho ba ba go tlotlang e bile ba go rata. Ka gonne o a itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ga bao, ga ba go utlwele botlhoko fela ka gonne o sa nyala, kgotsa ga ba go fufegele e bile ga ba go tlhokomologe. O a itse gore ba a go rata.

14. Re ka bontsha jang gore re tlotla batho ba ba sa nyalang?

14 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba seng mo lenyalong ba tla itumela fa re ba rata ka ntlha ya botho jwa bone jo bontle, go na le gore re ba utlwele botlhoko ka gonne ba sa nyala. Go na le gore re ba utlwele botlhoko, re tshwanetse go ba akgolela gore ba ikanyega mo go Jehofa. Fa re dira jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi bano ga ba kitla ba ikutlwa e kete re ba raya re re: “Ga ke go tlhoke.” (1 Bakor. 12:21) Mme ba tla lemoga gore re a ba tlotla le gore re itumelela go bo ba le mo phuthegong.

TLOTLA BATHO BA BA ITHUTANG PUO YA LONA

15. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ile ba dira diphetogo dife gore ba kgone go dira mo go oketsegileng mo tirong ya go rera?

15 Bosheng jaana baboledi ba le bantsi ba ithuta dipuo tse dingwe gore ba kgone go dira mo oketsegileng mo tirong ya go rera. Gore ba kgone go ithuta puo e nngwe, ba tlhoka go dira diphetogo mo matshelong a bone. Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba tlogetse diphuthego tse go buiwang dipuo tsa bone kwa go tsone, gore ba ye go direla kwa diphuthegong tse go buiwang puo e nngwe le kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. (Dit. 16:9) Ke tshwetso e ba e dirileng gore ba kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng. Le fa go ba tsaya nako go ithuta puo e nngwe, ba thusa diphuthego ka ditsela tse di farologaneng. Ba na le dinonofo tse dintle tse di nonotshang bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi bano ka gonne ba rata go ikentsha setlhabelo!

16. Ke eng se se ka thusang bagolwane go itse gore a mokaulengwe o tshwanelega go nna mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi?

16 Bagolwane ga ba a tshwanela go swetsa ka gore mokaulengwe mongwe ga a tshwanelege go nna mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi, fela ka gonne a ise a itse go bua puo e e dirisiwang mo phuthegong eo sentle. Bagolwane ba tla sekaseka gore a mokaulengwe o tshwanelega go nna mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi go ya ka se Baebele e se buang, e seng go ya ka gore a o kgona go bua puo e e dirisiwang mo phuthegong eo sentle.—1 Tim. 3:1-10, 12, 13; Tito 1:5-9.

17. Ke dipotso dife tse batsadi ba tshwanetseng go di akanyetsa fa ba fudugela kwa nageng e nngwe?

17 Malapa mangwe a fudugetse kwa dinageng tse dingwe ka gonne go na le mathata kwa dinageng tsa bone, kgotsa ka gonne ba ya go batla tiro. Ka ntlha ya seo, bana ba bone ba ka nna ba tlhoka go ithuta puo e e buiwang kwa sekolong se ba se tsenang. Batsadi le bone ba ka nna ba tlhoka go ithuta puo e e buiwang mo nageng eo gore ba kgone go bona tiro. Mo maemong ao, ba tshwanetse go kopanela mo phuthegong e go buiwang puo efe? A ba tshwanetse go kopanela kwa phuthegong e go buiwang puo ya bone? Kgotsa a ba tshwanetse go kopanela kwa phuthegong e e dirisang puo e e buiwang mo nageng eo?

18. Go ya ka Bagalatia 6:5 re ka bontsha jang gore re tlotla tshwetso e tlhogo ya lelapa e e dirileng?

18 Tlhogo ya lelapa ke ene a tshwanetseng go dira tshwetso ya gore lelapa la gagwe le tla kopanela kwa phuthegong efe. * O tshwanetse go akanyetsa gore lelapa la gagwe le tlhoka eng. (Bala Bagalatia 6:5.) Re tlhoka go tlotla tshwetso e a e direlang lelapa la gagwe. Gape re tshwanetse go amogela lelapa leo le go ba bontsha gore re a ba rata.—Bar. 15:7.

19. Ke dilo dife tse tlhogo ya lelapa e tshwanetseng go di akanyetsa?

19 Ka dinako dingwe, malapa a tla bo a kopanela kwa phuthegong e e dirisang puo e e buiwang ke batsadi mme bana ba sa e itse go le kalo. Fa kwa lo nnang gone go buiwa puo e ngwana a e dirisang kwa sekolong, mme kwa phuthegong go buiwa puo e nngwe, go ka nna thata gore ngwana a tlhaloganye se se buiwang kwa dipokanong. Mme seo se ka dira gore go nne thata gore ngwana a atamalane le Jehofa. Mo kgannyeng eno, ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go akanyetsa kgang eno sentle, gape ba kope Jehofa gore a ba thuse gore ba dire tshwetso e e tla thusang bana ba bone gore ba atamalane le Jehofa le phuthego ya gagwe. Batsadi ba ka nna ba tshwanelwa ke go thusa bana ba bone go itse puo ya bone sentle, kgotsa ba ka nna ba tshwanela ke go fudugela kwa phuthegong e e dirisang puo e bana ba bone ba e tlhaloganyang sentle. Fa tlhogo ya lelapa e dira tshwetso ya gore lelapa le tla ya kwa phuthegong efe, phuthego eo e tshwanetse go amogela lelapa leo ka diatla tsoopedi.

Re ka bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ithutang puo e nngwe? (Bona serapa 20)

20. Re ka bontsha jang gore re tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ithutang puo e nngwe?

20 Re tlotlile ka dilo di le dintsi tse di dirang gore batho ba fuduge. Ka jalo, mo diphuthegong di le dintsi go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lekang go ithuta puo e nngwe. Go ka nna thata gore ba tlhalose maikutlo a bone ka tsela e e utlwalang. Mme ga re a tshwanela go tlhoma mogopolo mo goreng ba bua jang. Go na le moo, re tshwanetse go nna re akantse ka gore bakaulengwe le bokgaitsadi bano, ba rata Jehofa e bile ba batla go mo direla. Seno se ka re thusa gore re ba rate le gore re ba tlotle. Re tla bona gore ba botlhokwa le fa ba sa itse go bua puo ya rona sentle.

JEHOFA O RE RATA ROTLHE

21-22. Re leboga go bo Jehofa a re neile tshiamelo efe?

21 Re leboga Jehofa ka gonne mongwe le mongwe wa rona o na le tiro ya botlhokwa e a dirang mo phuthegong ya gagwe. Jehofa o a re rata mme le bakaulengwe le bone ba a re rata le fa re ka tswa re le borre kgotsa bommê, re nyetse kgotsa re sa nyala, re le basha kgotsa re godile kgotsa re sa ntse re e ithuta go bua puo e nngwe.—Bar. 12:4, 5; Bakol. 3:10, 11.

22 A re tsweleleng re dirisa dilo tse re di ithutileng mo setshwantshong se Paulo a ileng a se dira sa mmele wa motho. Seno se tla re thusa go itse gore re ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi jang. Gape go tla re thusa gore re rate ba bangwe e bile re ba tlotle.

PINA 90 A re Kgothatsaneng

^ ser. 5 Batho ba ga Jehofa ba godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile ba dira dilo tse di farologaneng mo phuthegong. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore goreng go le botlhokwa go tlotla mongwe le mongwe mo phuthegong ya ga Jehofa.

^ ser. 7 Mo setlhogong seno re tla dirisa lefoko “nyala” le le dirisiwang fa go buiwa ka banna. Mme re tla le dirisa le fa re bua ka bokgaitsadi.

^ ser. 8 Ga re itse gore a Timotheo o ne a feleletsa a nyetse.

^ ser. 18 “Tlhogo ya lelapa” e re buang ka yone mo setlhogong seno, ke rre wa Mosupi, e ka nna mmê wa Mosupi fa rre wa lelapa e se Mosupi.