Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhogo Se Se Ithutiwang 40

Sireletsa Se o Se Neilweng

Sireletsa Se o Se Neilweng

“Timotheo, disa se o se neilweng gore o se tlhokomele.” —1 TIM. 6:20.

PINA 29 Go Tshelela Leina la Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Go ya ka 1 Timotheo 6:20, Timotheo o ne a tshwanetse go dira eng?

GO LE GANTSI, re naya batho dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo gore ba di re tlhokomelele. Ka sekai, re isa madi a rona kwa bankeng. Re dira jalo ka gonne re tshepa gore ga a kitla a utswiwa kgotsa a latlhega. Ka jalo, re a itse gore go naya motho selo sa gago se se tlhwatlhwakgolo gore a se tlhokomele go kaya eng.

2 Bala 1 Timotheo 6:20. Moaposetoloi Paulo o ile a gopotsa Timotheo gore o neilwe sengwe se se tlhwatlhwakgolo. Timotheo o ne a itse boammaaruri ka Modimo le boikaelelo jwa Modimo ka batho. Gape o ne a neilwe tshiamelo ya go “rera lefoko” le go dira tiro ya moefangele. (2 Tim. 4:2, 5) Paulo o ile a kgothaletsa Timotheo gore a sireletse se a neng a se neilwe. Le rona re neilwe dilo tse di tlhwatlhwakgolo fela jaaka Timotheo. Dilo tseo ke dife? Mme goreng re tshwanetse go di sireletsa?

BOAMMAARURI JO BO MO BAEBELENG

3-4. Ke ka ntlha ya eng fa boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo le tlhwatlhwakgolo?

3 Jehofa o re neile tshiamelo ya go itse boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Boammaaruri joo bo botlhokwa ka gonne bo re ruta gore re tshwanetse go dira eng gore re nne ditsala tsa ga Jehofa, e bile bo re ruta gore ke eng se se ka dirang gore re itumele mo botshelong. Fa re dumela se re se ithutang mo Baebeleng, ga re kitla re tsiediwa ke dithuto tsa maaka, e bile re tla kgona go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo.—1 Bakor. 6:9-11.

4 Gape boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo tlhwatlhwakgolo ka gonne Jehofa o bo senolela fela batho ba ba boikokobetso, ba ba nang le “tshekamelo e e siameng” kgotsa ba ba nang le dipelo tse di siameng. (Dit. 13:48) Batho bao ba ba boikokobetso ba a itse gore Jehofa, o dirisa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, go re ruta boammaaruri jo bo mo Baebeleng. (Math. 11:25; 24:45) Re ka se kgone go tlhaloganya Baebele fa re sa thusiwe ke ope. Mme ga go na sepe se se tlhwatlhwakgolo jaaka go tlhaloganya boammaaruri jo bo mo Baebeleng.—Dia. 3:13, 15.

5. Jehofa o re neile eng gape?

5 Gape Jehofa o re neile tshiamelo ya go ruta batho ka ene le se a ikaeletseng go se dira. (Math. 24:14) Molaetsa o re o rerang o botlhokwa fela thata ka gonne o thusa batho gore ba nne karolo ya lelapa la ga Jehofa e bile o ba thusa gore ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri. (1 Tim. 4:16) Le fa re kgona go dira go le gontsi kgotsa go se kae fela mo tirong ya go rera, boammaaruri ke gore re na le seabe mo tirong e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe e e dirwang mo lefatsheng. (1 Tim. 2:3, 4) Ele ruri ke tshiamelo go dira mmogo le Modimo!—1 Bakor. 3:9.

NGANGATLELA SE O SE NEILWENG!

Timotheo o ne a tswelela a ngangatletse boammaaruri fa ba bangwe ba ne ba tlhanogela Jehofa (Bona serapa 6)

6. Go ile ga direga eng ka batho bangwe ba ba neng ba sa tseye tshiamelo ya go dira le Modimo e le tlhwatlhwa- kgolo?

6 Ka nako ya ga Timotheo, Bakeresete bangwe ba ne ba sa tseye tshiamelo ya go dira le Modimo e le botlhokwa. Ka sekai, e re ka Demase a ne a rata dilo tsa lefatshe leno, o ne a tlogela go dira mmogo le Paulo. (2 Tim. 4:10) Go bonala Fegilo le Heremogenese ba ile ba tlogela go rera ka go nne ba ne ba tshaba gore batho ba ne ba tla ba bogisa, jaaka ba ile ba bogisa Paulo. (2 Tim. 1:15) Himenaeo, Alekesandere le Fileto, bone ba ne ba tlogela go direla Jehofa ba bo ba nna batlhanogi. (1 Tim. 1:19, 20; 2 Tim. 2:16-18) Go bonala batho bano botlhe ba simolotse ba rata Jehofa, mme fa nako e ntse e ya, ga ba a ka ba tlhola ba tsaya dilo tse Jehofa a neng a ba neile tsone di le botlhokwa.

7. Satane o dirisa maano afe go leka go re raela?

7 Satane o leka go dira gore re latlhe dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse Jehofa a re neileng tsone. O dira seo jang? O dirisa metswedi ya tshedimosetso go dira gore re simolole go akanya dilo tse di sa siamang le go di dira. Mme kwa bofelelong re ka feleletsa re sa rate Jehofa e bile re sa ikobele melao ya gagwe. Gape Satane o leka gore tshosetsa. Jang? A ka nna a dira gore re simolole go tshwenyega thata ka se batho ba se buang ka rona, kgotsa a ka dira gore batho ba simolole go re bogisa, e le fela gore re tlogele go rera. Gape o leka go re raela gore re reetse maaka a a buiwang ke batlhanogi gore re tlogele boammaaruri.—1 Tim. 6:20, 21.

8. Re ithuta eng mo go se se diragaletseng Daniel?

8 Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra simolola go katoga boammaaruri ka bonya ka bonya. Akanya ka se se diragaletseng Daniel, * yo o neng a rata metshameko ya dibidio. A re: “Ke ne ka simolola go tshameka di-video game fa ke na le dingwaga di le lesome. Ke simolotse ke tshameka tse di itshiametseng fela. Mme fa nako e ya ke ne ka tshameka tse di neng di tletse ntwa le bodimona.” Fa a re thaa! ke fa a setse a fetsa diura di ka nna 15 ka letsatsi a di tshameka. A re: “Go bua nnete fela ke ne ke itse gore se ke se dirang se nkatosetsa kgakala le Jehofa. Mme gone, ke ne ke ipoleletse gore ga ke tlhoke go dira se Baebele e se buang.” Fa re se kelotlhoko, boitlosobodutu bo ka dira gore re katogele kgakala le Jehofa. Mme re tla latlhegelwa ke dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse Jehofa a re neileng tsone.

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GO NGANGATLELA BOAMMAARURI?

9. Go ya ka Timotheo1:18, 19, Paulo o ile a tshwantsha Timotheo le eng?

9 Bala 1 Timotheo 1:18, 19. Paulo o ile a tshwantsha Timotheo le lesole, mme o ile a mo kgothaletsa gore a tswelele a “tlhabana ntwa e e molemo.” Paulo o ne a sa bue ka ntwa ya mmatota. Bakeresete ba tshwana jang le masole a a mo ntweng? E re ka re le masole a ga Keresete, ke dilo dife tse re tshwanetseng go di dira? Mma re tlotle ka dilo di le tlhano tse re ka di ithutang mo setshwantshong sa ga Paulo. Dilo tseno, di ka re thusa go tswelela re ngangatletse boammaaruri.

10. Go ineela mo Modimong go kaya eng, mme ke eng fa re tshwanetse go ineela mo Modimong?

10 Ineele mo Modimong. Masole a mmatota a a ikanyega. Ba dira ka natla go sireletsa batho ba ba ba ratang le dilo tse di tlhwatlhwakgolo mo go bone. Paulo o ile a kgothaletsa Timotheo gore a ineele mo Modimong, se se rayang gore a ikanyege mo go ene. (1 Tim. 4:7) Fa re rata Modimo ka pelo yotlhe, re tla kgona go ngangatlela boammaaruri.—1 Tim. 4:8-10; 6:6.

Re ka nna ra tshwanelwa ke go ikgoga fela gore re ye dipokanong fa re lapile. Jehofa o tla re segofatsa! (Bona serapa 11)

11. Ke eng fa re tshwanetse go nna boikgapo?

11 Nna boikgapo. Lesole le tshwanetse go ikatisa ka metlha gore le nne le siametse go ya ntweng. Timotheo o ile a kgona go lwantshana le dithaelo tsa ga Satane ka gonne o ile a dirisa kgakololo ya ga Paulo ya gore a lwantshe dikeletso tse di sa siamang, a leke go nna le botho jo bo siameng le gore a nne a kopanela le Bakeresete ba bangwe. (2 Tim. 2:22) Gore Timotheo a kgone go dira seno, o ne a tshwanetse go nna boikgapo. Le rona re tshwanetse go nna boikgapo gore re kgone go lwantsha dikeletso tse di sa siamang. (Bar. 7:21-25) Gape re tlhoka boikgapo gore re kgone go apola botho jo bogologolo re bo re apara jo bosha. (Baef. 4:22, 24) Mo godimo ga moo, re tlhoka boikgapo gore re tlhoke go ya dipokanong le fa re ka tswa re lapile.—Baheb. 10:24, 25.

12. Ke eng se se ka re thusang go dirisa Baebele sentle?

12 Fa Motho e le lesole, o tshwanetse go itse go dirisa dibetsa tsa gagwe. Gore a kgone go dira jalo, o tshwanetse go ikatisa ka metlha. Le rona re tshwanetse go itse go dirisa Lefoko la Modimo sentle. (2 Tim. 2:15) Fa re le kwa dipokanong, re rutiwa gore re ka dirisa jang Lefoko la Modimo. Mme gone, fa re batla go thusa batho gore ba dumele gore Baebele e ka ba thusa, re tshwanetse go e ithuta ka metlha. Re tshwanetse go dirisa Baebele go nonotsha tumelo ya rona. Gore re kgone go dira jalo, ga re a tshwanela go e bala fela re feta, go na le moo, re tshwanetse go akanya ka se re se balang le go dira dipatlisiso mo dikgatisong. (1 Tim. 4:13-15) Fa re dira jalo, re tla kgona go dirisa Lefoko la Modimo sentle fa re ruta ba bangwe. Seno se raya gore ga re kitla re ba balela ditemana fela, go na le moo, re tla ba thusa go di tlhaloganya le go bona gore ba ka dirisa jang se ba se ithutang. Fa re ipha nako go ithuta Baebele ka metlha, re tla kgona go e ruta ba bangwe.—2 Tim. 3:16, 17.

13. Go ya ka Bahebera 5:14, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko?

13 Nna kelotlhoko. Lesole le tshwanetse go nna le bokgoni jwa go bona kotsi e sa ntse e le kgakala le bo le e thibogela. Le rona re tshwanetse go lemoga dilo tse di ka re tsenyang mo mathateng re bo re di thibogela. (Dia. 22:3; bala Bahebera 5:14.) Ka sekai, re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re tlhopha dilo tse re itlosang bodutu ka tsone. Difilimi le mananeo a thelebishene a le mantsi a tletse ka boitsholo jo bo sa siamang. Ga re a tshwanela go itlosa bodutu ka dilo tse di ntseng jalo ka gonne di ka dira gore re se ka ra tlhola re rata Jehofa. Re a itse gore Jehofa o tlhoile boitsholo jo bo sa siamang e bile batho ba ba bo dirang ba ikutlwisa botlhoko e bile ba utlwisa ba bangwe botlhoko.—Baef. 5:5, 6.

14. Ke eng se se thusitseng Daniel go dira diphetogo?

14 Daniel yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ne a simolola go bona gore metshameko ya dibidio e e tletseng ntwa le bodimona e kotsi. O ne a dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona go bona gore ke eng se se ka mo thusang go fenya bothata joo. Seno se ile sa mo thusa go tlogela metshameko ya dibidio e e sa siamang. A re: “Fa ke sena go tlogela metshameko eo ya dibidio, ke ne ka simolola go itlosa bodutu le ditsala tsa me tsa mo phuthegong ya rona.” Gone jaanong, Daniel ke mogolwane e bile ke mmulatsela.

15. Ke eng fa dilo tse batlhanogi ba di buang di le kotsi?

15 Re tshwanetse go nna kelotlhoko fela jaaka Timotheo gore re se ka ra tsiediwa ke tshedimosetso ya maaka e e anamisiwang ke batlhanogi. (1 Tim. 4:1, 7; 2 Tim. 2:16) Ka sekai, ba ka nna ba bua maaka ka bakaulengwe ba rona e bile ba ka bua dilo tse di ka dirang gore re se ka ra tlhola re tshepa phuthego ya Modimo. Dilo tse di ntseng jalo di ka koafatsa tumelo ya rona. Ka jalo, ga re a tshwanela go dumela dilo tse batlhanogi ba di buang. Ka gonne batlhanogi “ke batho ba ba senyegileng mo mogopolong” le ba ba latlhileng boammaaruri. Sa bone fela ke gore ba batla go tsosa “dipotso le dikganetsano.” (1 Tim. 6:4, 5) Ba batla gore re dumele maaka le gore re se ka ra tlhola re tshepa bakaulengwe ba rona.

16. Ga re a tshwanela go itewa tsebe ke eng?

16 O se ka wa iteega tsebe. Timotheo e ne e le “lesole le le molemo” la ga Keresete Jesu, ka jalo, o ne a tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera go na le go itewa tsebe ke go lelekisana le dikhumo. (2 Tim. 2:3, 4) Le rona ga re a tshwanela go itetla gore re itewe tsebe ke dikhumo tsa lefatshe leno. “Maatla a a tsietsang a dikhumo” a ka dira gore re se ka ra tlhola re rata Jehofa le Lefoko la gagwe, e bile a ka dira gore re goge dinao mo tirong ya go rera. (Math. 13:22) Re tshwanetse go kgotsofalela dilo tse re nang le tsone le go tswelela re batla Bogosi pele.—Math. 6:22-25, 33.

17-18. Re tshwanetse go dira eng gore re sireletse botsala jwa rona le Jehofa?

17 Nna o le malalaalaotswe. Lesole le tshwanetse go itse gore le tlile go itshireletsa jang fa mathata a ka tlhaga. Fa re batla go sireletsa dilo tse Jehofa a re neileng tsone, re tshwanetse go tsiboga ka bonako fa re bona mathata. Ke eng se se ka re thusang go dira jalo? Ke go akanyetsa kwa pele.

18 Ka sekai, fa re le kwa kopanong, re tlhola re tlhalosediwa gore fa go ka tlhaga maemo a tshoganyetso, re tshwanetse go dirisa kgoro efe. Seno se re thusa gore re kgone go tswela kwa ntle ka bonako fa go ka tlhaga maemo a tshoganyetso. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go itse gore re tla dira eng fa go ka tlhaga sengwe se Jehofa a se tlhoileng fa re lebeletse thelebishene kgotsa re le mo Internet. Dilo tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang, dintwa le tshedimosetso ya batlhanogi. Fa re dira jalo, re tla kgona go itshireletsa e bile re tla tswelela re le ditsala tsa ga Jehofa.—Pes. 101:3; 1 Tim. 4:12.

19. Jehofa o tla re segofatsa jang fa re sireletsa dilo tse a re neileng tsone?

19 Re tshwanetse go sireletsa dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse Jehofa a re neileng tsone e leng, boammaaruri jo bo mo Baebeleng le tshiamelo ya go ruta batho ka Jehofa. Fa re dira jalo, re tla nna le segakolodi se se siameng, re tla itumelela botshelo e bile re tla thusa batho gore ba itse Jehofa. Jehofa o tla re thusa go sireletsa se a re neileng sone.—1 Tim. 6:12, 19.

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

^ ser. 5 Jehofa Modimo o re neile tshiamelo ya go itse boammaaruri le go bo ruta ba bangwe. Mo setlhogong seno re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra latlhegelwa ke tshiamelo eo.

^ ser. 8 Maina mangwe a fetotswe