Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 43

Jehofa o Kaela Phuthego ya Gagwe

Jehofa o Kaela Phuthego ya Gagwe

“‘E seng ka mophato wa sesole, le fa e le ka maatla, mme ka moya wa me,’ go buile Jehofa wa masomosomo.”—SEKA. 4:6.

PINA 40 Mong wa Rona ke Mang?

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Fa e le gore o kolobeditswe o tshwanetse go tswelela o dira eng?

A O KOLOBEDITSWE? Fa e le gore o kolobeditswe, o ile wa bontsha batho gore o na le tumelo mo go Jehofa le gore o batla go mo direla mo phuthegong ya gagwe. * Mme gone o tshwanetse go nna o nonotsha tumelo ya gago mo go Jehofa. Gape o tshwanetse go nna o dira dilo tse di tla go thusang gore o tlhomamisege gore Jehofa ke ene a kaelang phuthego ya gagwe.

2-3. Phuthego ya ga Jehofa e re thusa go bona dinonofo dife tsa ga Jehofa? Tlhalosa.

2 Tsela e Jehofa a kaelang phuthego ya gagwe ka yone, e re thusa gore re itse gore ke Motho yo o ntseng jang, o ikaeletse go dira eng e bile e re thusa go itse melao ya gagwe. Mma re tlotle ka dinonofo tse tharo tsa ga Jehofa tse re kgonang go di bona mo phuthegong ya gagwe.

3 Sa ntlha, “Modimo ga a na tlhaolele.” (Dit. 10:34) E re ka Jehofa a re rata, o ile a ntsha Morwawe gore a re swele rotlhe. (1 Tim. 2:6; Joh. 3:16) Jehofa o dirisa batho ba gagwe go rerela batho botlhe dikgang tse di molemo. Ka go dira jalo, o thusa botlhe ba ba dumelang mo setlhabelong sa ga Jesu gore ba bolokwe. Sa bobedi, Jehofa o rata thulaganyo le kagiso. (1 Bakor. 14:33, 40) Ke gone ka moo batho ba ba mo direlang ba rulaganeng sentle e bile ba dirisanang ka kagiso. Sa boraro, Jehofa ke “Motlhatlheledi yo Mogolo.” (Isa. 30:20, 21) Ke ka moo phuthego ya gagwe e tsayang matsapa go ruta batho botlhe Baebele. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba bontsha jang dinonofo tseno tsa ga Jehofa? Mme batlhanka ba ga Jehofa ba di bontsha jang gompieno? Moya o o boitshepo o ka go thusa jang fa o ntse o direla Jehofa mo phuthegong ya gagwe?

MODIMO GA A NA TLHAOLELE

4. Mo go Ditiro 1:8 Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba dire eng mme ba ne ba tla thusiwa ke eng?

4 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Jesu o ne a rera molaetsa o o neng o thusa batho gore ba nne le tsholofelo. (Luke 4:43) O ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tswelele ba rera “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Bala Ditiro 1:8.) Ba ne ba ka se kgone go dira tiro eo ka maatla a bone fela. Ba ne ba tlhoka “mothusi” e leng moya o o boitshepo o Jesu a neng a ba solofeditse gore o tla ba naya one.—Joh. 14:26; Seka. 4:6.

5-6. Moya o o boitshepo o ile wa thusa barutwa ba ga Jesu jang?

5 Balatedi ba ga Jesu ba ile ba amogela moya o o boitshepo ka Pentekosete ya ngwaga wa 33. Moya oo o ile wa ba thusa go rera, mme mo nakong e e khutshwane fela, batho ba le bantsi ba ile ba amogela molaetsa wa bone. (Dit. 2:41; 4:4) Fa ba ne ba bogisiwa, ga ba a ka ba boifa ba bo ba tlogela go rera, go na le moo, ba ile ba kopa Jehofa gore a ba thuse. Ba ne ba rapela ba re: “O dire gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe.” Jehofa o ile a ba naya moya o o boitshepo mme ba ne ba tswelela “ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.”—Dit. 4:18-20, 29, 31.

6 Barutwa ba ga Jesu ba ile ba kopana le dikgwetlho tse dingwe gape. Ka sekai, go ne go na le dikhopi di le mmalwa fela tsa Dikwalo. Gape ba ne ba sena dikgatiso tse di ba thusang go tlhaloganya Lefoko la Modimo jaaka rona gompieno. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwanetse go rerela batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng. Le fa gone ba ne ba lebane le dikgwetlho tseo, ba ile ba dira sengwe se go neng go lebega se ka se kgonege. Mo dingwageng di ka nna 30 fela, ba ile ba kgona go rera dikgang tse di molemo “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakol. 1:6, 23.

7. Ke eng se se ileng sa thusa batlhanka ba ga Jehofa ba ba neng ba tshela dingwaga di le lekgolo tse di fetileng gore ba itse gore Jehofa o batla ba dira eng, mme ba ile ba dira eng?

7 Mo motlheng wa rona. Jehofa o kaela batho ba gagwe e bile o ba thusa go dira thato ya gagwe. O ba kaela a dirisa Baebele e e tlhotlheleditsweng ka moya wa gagwe. Baebele e re thusa go itse gore Jesu o ne a rerela batho jang le gore o ile a naya barutwa ba gagwe taelo ya gore ba tswelele ba dira tiro ya go rera. (Math. 28:19, 20) Makasine wa Tora ya Tebelo wa July 1881 o ne wa re: “Jehofa ga a re tlhophela gore re tle re tlotlomadiwe ke batho kgotsa gore re nne bahumi. Go na le moo, o re tlhophetse gore re dirise dilo tsotlhe tse re nang le tsone go rera dikgang tse di molemo.” Bukana ya To Whom the Work Is Entrusted, e e neng ya gatisiwa ka 1919 e ne ya re: “Gone ke boammaaruri gore tiro e ntsi. Mme gone, ke tiro ya Morena, ka jalo, o tla re thusa go e dira.” Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha, bakaulengwe bano ba ne ba le pelokgale e bile ba ne ba dira ka natla ka gonne ba ne ba dumela gore moya o o boitshepo o tla ba thusa go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe. Le rona re a itse gore moya o o boitshepo o tla re thusa.

Phuthego ya ga Jehofa e ile ya dirisa dilo tse di farologaneng go rera dikgang tse di molemo (Bona serapa 8-9)

8-9. Phuthego ya ga Jehofa e ile ya dirisa mekgwa efe go rera dikgang tse di molemo?

8 Phuthego ya ga Jehofa e ile ya dirisa dilo tse di farologaneng go rerela batho dikgang tse di molemo. Ka sekai, e ile ya dirisa “Photo-Drama of Creation,” difonokerafo, dikoloi tse di nang le sebuelagodimo, radio mme bosheng jaana e dirisa thekenoloji. Gape e ranolela dikgatiso le dibidio mo dipuong di le dintsi tota. Goreng e tsaya matsapa a a kana? Gore batho ba kgone go utlwa dikgang tse di molemo ka dipuo tsa bone. Jehofa ga a na tlhaolele, o ile a bolelela pele gore dikgang tse di molemo di tla rerwa “mo setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshen. 14:6, 7) O batla gore batho botlhe ba utlwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

9 Mme go tweng ka batho ba re sa kgoneng go ba rerela kwa magaeng a bone gongwe e le ka gonne ba nna mo mafelong a go seng motlhofo go tsena mo go one? Gore re kgone go rerela batho bano, phuthego ya ga Jehofa e ile ya simolola go dirisa mefuta e e farologaneng ya go rera mo mafelong a batho botlhe. Ka sekai, ka 2001, Setlhopha se se Laolang se ne sa naya bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa France tetla ya go dirisa dikolotsana tsa dikgatiso le mefuta e mengwe ya go bontsha batho dikgatiso tsa rona. Moragonyana, bakaulengwe ba kwa dinageng tse dingwe le bone ba ne ba simolola go dirisa mofuta ono wa go rera. Mekgwa eno ya go rera e ne ya atlega fela thata. Ka 2011, bakaulengwe ba ne ba simolola go dirisa mokgwa o mosha wa go rera kwa dikarolong tse di nang le batho ba bantsi thata kwa New York City. Mo ngwageng wa ntlha, go ile ga tsamaisiwa dibuka di le 102 129 le dimakasine di le 68 911. Mo godimo ga moo, batho ba le 4 701 ba ile ba kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele. Go ne go bonala sentle gore Jehofa o dirisa moya wa gagwe go ema tiro eno nokeng. Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se ile sa naya bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe tetla ya go dirisa mokgwa ono wa go rera.

10. Ke eng se se ka re thusang go tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang ka yone?

10 Se o ka se dirang. Fa re le kwa dipokanong, Jehofa o re ruta go rera. Ka jalo, dirisa dilo tse o di ithutang fa o le mo bodireding. Bereka le setlhopha sa lona sa tshimo ka metlha. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo setlhopheng sa lona ba ka go thusa go tokafatsa tsela e o rerang le e o rutang ka yone e bile ba ka go kgothatsa. Tswelela o rera le fa o ka kopana le dikgwetlho. Temana ya rona ya setlhogo e re gopotsa gore re ka se dire thato ya ga Jehofa ka maatla a rona, re tlhoka thuso ya moya o o boitshepo. (Seka. 4:6) Re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re thusa go dira tiro eno ka gonne ke ya gagwe.

JEHOFA O RATA THULAGANYO LE KAGISO

11. Setlhopha se se laolang se ne sa tlhomamisa jang gore dilo di dirwa ka thulaganyo mo phuthegong?

11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Setlhopha se se laolang sa kwa Jerusalema se ne se dira mmogo go tlhomamisa gore go na le kagiso mo phuthegong le gore dilo di dirwa ka thulaganyo. (Dit. 2:42) Ka sekai, mo e ka nnang ka ngwaga wa 49, Bakeresete ba le bantsi ba ne ba ngangisana ka gore a batho ba ba direlang Jehofa ba tshwanetse go rupisiwa kgotsa jang. Ka jalo, setlhopha se se laolang se ile sa sekaseka kgang eo se thusiwa ke moya o o boitshepo. Fa kgang ya go rupa e ne e sa rarabologe, tiro ya go rera e ne e tla kgoreletsega. Le fa gone baaposetoloi le banna ba bagolwane e ne le Bajuda, fa ba dira tshwetso, ba ne ba sa tlhotlhelediwe ke dingwao tsa Bajuda kgotsa batho ba ba neng ba di rata. Go na le moo, ba ile ba batla kaelo mo Lefokong la Modimo e bile ba ile ba kopa Jehofa gore a ba neye moya o o boitshepo gore ba kgone go dira tshwetso e e siameng. (Dit. 15:1, 2, 5-20, 28) Go ne ga felela jang? Jehofa o ne a segofatsa tshwetso ya bone. Go ne ga tswelela go na le kagiso le kutlwano mo phuthegong e bile tiro ya go rera e ne ya tswelela pele.—Dit. 15:30, 31; 16:4, 5.

12. Ke eng se se bontshang gore mo phuthegong ya ga Jehofa dilo di dirwa ka thulaganyo e bile go na le kagiso?

12 Mo motlheng wa rona. Phuthego ya ga Jehofa e re thusa go tswelela re dira dilo ka thulaganyo e bile re dirisana ka kagiso. Makasine wa Tora ya Tebelo wa November 15, 1895 o ne o na le setlhogo se se reng “Ka Mokgwa o Montle le ka Thulaganyo” se se neng se theilwe mo lekwalong la 1 Bakorintha 14:40. Setlhogo seo se ne sa re: “Baaposetoloi ba ile ba kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka kgang ya go dira dilo ka thulaganyo. Go botlhokwa gore re nne re ikobela dilo tse di neng tsa ‘kwalwa go sa le pele di kwalelwa go re laya.’” (Bar. 15:4) Le gompieno phuthego ya ga Jehofa e dira ka natla gore go tswelele go na le kagiso mo phuthegong e bile dilo di dirwa ka thulaganyo fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ka sekai, fa o ya kwa dipokanong tsa mafelobeke kwa phuthegong e nngwe, e ka tswa e le mo nageng ya lona kgotsa kwa nageng e nngwe, o a itse gore Thuto ya Tora ya Tebelo e tlile go tshwarwa jang e bile o a itse gore go tla bo go ithutiwa setlhogo sefe. Ka jalo, ga o kitla o ikutlwa e kete o latlhegile. Moya o o boitshepo ke one o o dirang gore seno se kgonege.—Sefa. 3:9.

13. Jakobe 3:17 e ka dira gore re ipotse dipotso dife?

13 Se o ka se Dirang. Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba “[boloke] bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:1-3) Ka jalo, ipotse go re: ‘A ke dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong? A ke ikobela ba ba etelelang pele? A bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka ntshepa, segolobogolo fa e le gore ke na le maikarabelo mo phuthegong? A ke tshwara nako? A ke rata go thusa ba bangwe?’ (Bala Jakobe 3:17.) Fa o lemoga gore go na le dilo dingwe tse o tshwanetseng go di tokafatsa, kopa Jehofa gore a go fe moya wa gagwe o o boitshepo. Fa o letla moya o o boitshepo gore o go thuse go tokafatsa botho jwa gago le tsela e o itshwarang ka yone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla go rata e bile ba tla lebogela se o se dirang mo phuthegong.

JEHOFA O A RE RUTA E BILE O RE NAYA SE RE SE TLHOKANG

14. Go ya ka Bakolosa 1:9, 10, Jehofa o ne a ruta batho ba gagwe jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

14 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Jehofa o rata go ruta batho ba gagwe. (Pes. 32:8) O batla gore re mo itse, re mo rate le gore re tshelele ruri. Dilo tseno tsotlhe di ne di ka se kgonege fa a ka bo a sa re rute. (Joh. 17:3) Jehofa o ne a dirisa phuthego ya lekgolo la ntlha dingwaga go ruta batho ba gawe. (Bala Bakolosa 1:9, 10.) Ba ne ba thusiwa ke moya o o boitshepo o Jesu a ileng a solofetsa balatedi ba gagwe gore o tla ba naya one. (Joh. 14:16) Moya o o boitshepo o ile wa thusa balatedi ba ga Jesu gore ba tlhaloganye Lefoko la Modimo le gore ba gopole dilo tsotlhe tse Jesu a ileng a di bua le tse a ileng a di dira. Moragonyana ba ile ba bala ka tsone mo dibukeng tsa Diefangele. Kitso eo e ile ya nonotsha tumelo ya bone e bile e ile ya ba thusa gore ba rate Jehofa le Morwawe. Gape e ile ya ba thusa gore ba ratane.

15. Wena o bone Jehofa a diragatsa jang boporofeti jo bo mo go Isaia 2:2, 3?

15 Mo motlheng wa rona. Jehofa o ile a bolelela pele gore “go ela kwa bofelong jwa metlha,” batho ba ditšhaba tsotlhe ba ne ba tla tla mo thabeng ya gagwe. Seno se raya gore ba ne ba tla tla mo phuthegong ya gagwe gore ba ithute melao ya gagwe. (Bala Isaia 2:2, 3.) Boporofeti joo bo a diragadiwa gompieno. Re kgona go bona gore kobamelo ya boammaaruri e gaisa kobamelo epe fela ya maaka. Jehofa o naya batho ba gagwe tshedimosetso e ntsi e e theilweng mo Baebeleng. (Isa. 25:6) O dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go re naya tshedimosetso eo, mme e tla ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, go na le dikgatiso, dipuo tse di rekotilweng, dipopae le dibidio tse di farologaneng. (Math. 24:45) Re ikutlwa fela jaaka tsala ya ga Jobe e bong Elihu. O ne a re: “Ke motlhatlheledi ofe yo o tshwanang le [Modimo]?”—Jobe 36:22.

O tshwanetse go tlhatswega pelo gore se o se ithutang ke boammaaruri o bo o se dirise mo botshelong (Bona serapa 16) *

16. Ke eng se o ka se dirang gore thuto ya ga Jehofa e go tswele mosola?

16 Se o ka se dirang. Moya o o boitshepo o tla go thusa gore o kgone go dirisa dilo tse o di ithutang mo Baebeleng. Kopa Jehofa gore a go thuse fela jaaka mopesalema mongwe a ile a dira. O ne a re: “Nthute tlhe Jehofa, kaga tsela ya gago. Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago. Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.” (Pes. 86:11) Tswelela o ithuta Baebele le dikgatiso tsa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Gone boikaelelo jwa gago ga e a tshwanela go nna fela gore o batla go nna le kitso e ntsi. Gape o tshwanetse go tlhatswega pelo gore se o se ithutang ke boammaaruri o bo o se dirisa mo botshelong jwa gago. Moya wa ga Jehofa o tla go thusa. Gape o tshwanetse go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. (Baheb. 10:24, 25) Ka ntlha yang? Ka gonne lotlhe fela lo karolo ya lelapa la ga Jehofa. Kopa Jehofa gore a go thuse go arabela ka tsela e e tla kgothatsang ba bangwe kwa dipokanong le gore o tseye matsapa fa o neilwe kabelo. Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha Jehofa le Morwawe gore o rata “dinku” tsa bone.—Joh. 21:15-17.

17. O ka bontsha jang gore o ema phuthego ya ga Jehofa nokeng?

17 Go ise go ye kae, phuthego ya ga Jehofa ke yone fela e tla bong e setse mo lefatsheng. Ka jalo, ikobele ditaelo tse re di newang mo phuthegong. Bontsha gore o rata batho fela jaaka Jehofa ka go mongwe le mongwe yo o kopanang le ene. Gape bontsha gore le wena o rata gore go nne le kagiso le gore dilo di dirwe ka thulaganyo. O ka dira seo jang? Ka go leka ka natla gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Mo godimo ga moo, bontsha gore o rata Jehofa ka go ithuta le go dirisa dilo tsotlhe tse a re rutang tsone. Fa o dira jalo, ga o kitla o boifa fa lefatshe leno la ga Satane le senngwa. Go na le moo, o tla nna pelokgale e bile o tla tswelela o le mo letlhakoreng la batho ba ba direlang Jehofa ka boikanyegi.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

^ ser. 5 A o tlhatswegile pelo gore Jehofa ke ene a kaelang phuthego ya gagwe? Mo setlhogong seno re tla bona gore Jehofa o ne a kaela phuthego ya gagwe jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga le gore o e kaela jang mo motlheng wa rona kgotsa gompieno.

^ ser. 1 TLHALOSO: Phuthego ya ga Jehofa e na le dikarolo tse pedi, e nngwe e kwa legodimong e nngwe e mo lefatsheng. Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka karolo e e mo lefatsheng ya “phuthego” ya ga Jehofa.

^ ser. 52 TLHALOSO YA DITSHANTSHO: Kgaitsadi o ntse a lebeletse bidio ya mongwe yo o direlang kwa go nang le tlhokego gone. Le ene o batla go ya go direla kwa nageng e go nang le tlhokego gone. O feleletsa a fitlheletse mokgele wa gagwe wa go direla kwa nageng e nngwe.