Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 47

A o Amogela Kgakololo?

A o Amogela Kgakololo?

“La bofelo, bakaulengwe, tswelelang lo ipela, lo lolamisiwa.” —2 BAKOR. 13:11.

PINA 54 “Tsela ke E”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ya ka Mathaio 7:13 le 14 goreng re ka re re mo loetong?

ROTLHE re mo loetong. Re batla go fitlha kwa lefatsheng le lesha. Letsatsi le letsatsi re leka go tsamaya mo tseleng eo e e re isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Mme fela jaaka Jesu a tlhalositse, tsela eo e pitlagane e bile ga go motlhofo go tsamaya mo go yone. (Bala Mathaio 7:13, 14.) E re ka re na le boleo, go ka nna motlhofo gore re tlogele go tsamaya mo tseleng eo.—Bagal. 6:1.

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng “ Boikokobetso bo re Thusa go Fetola Tsela e re Dirang Dilo ka Yone.”)

2 Fa ele gore re batla go tswelela re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng, re tshwanetse go ikemisetsa go fetola tsela e re akanyang ka yone, dilo tse re di ratang le tsela e re itshwarang ka yone. Moaposetoloi Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete ba kwa Korintha gore ba tswelele ba “lolamisiwa” kgotsa ba dira diphetogo. (2 Bakor. 13:11) Le rona re tshwanetse go ikobela kgakololo eo. Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore Baebele e ka re thusa jang go tswelela re dira diphetogo, le gore Bakeresete ba ba tlhomang sekao ba ka re thusa jang gore re tswelele re le mo tseleng e e isang botshelong. Gape re tla tlotla ka gore ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore re ikobele dikaelo tse re di newang ke phuthego ya ga Jehofa. Mme gape, re tla ithuta gore fa re le boikokobetso re ka kgona go tswelela re itumetse le fa re tlhoka go dira diphetogo.

LETLA LEFOKO LA MODIMO LE GO KAELE

3. Lefoko la Modimo le ka go thusa jang?

3 Ga go motlhofo go tlhatlhoba tsela e re ikutlwang ka yone le e re akanyang ka yone. Goreng? Ka gonne dipelo tsa rona di boferefere e bile go ka nna thata go itse gore di ka re tlhotlheletsa go dira eng. (Jer. 17:9) Go ka nna motlhofo gore re itsietse ka “tsela e e phoso ya go akanya.” (Jak. 1:22) Ka jalo, re tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo go itlhatlhoba. Ka gonne le kgona go re bontsha se tota re leng sone e bile le kgona go lemoga “dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12, 13) Re ka tshwantsha Lefoko la Modimo le motšhine wa X-ray, o o re thusang go bona mmele wa rona ka fa gare. Gore re kgone go amogela kgakololo e e tswang mo Baebeleng kgotsa mo batlhankeng ba Modimo, re tshwanetse go nna boikokobetso.

4. Re itse jang gore Kgosi Saulo o ile a nna boikgogomoso?

4 Se se diragaletseng Saulo se re bontsha gore re ka diragalelwa ke eng fa re se boikokobetso. Saulo o ne a le boikgogomoso mo e leng gore o ne a gana go amogela gore o tlhoka go dira diphetogo. (Pes. 36:1, 2; Hab. 2:4) Seno se ile sa bonala sentle fa Jehofa a ne a mo naya ditaelo tse di tlhamaletseng tsa se a neng a tshwanetse go se dira fa a sena go fenya Baamaleke. Saulo ga a ka a ikobela Jehofa. Mme fa moporofeti Samuele a ne a mmolelela ka phoso e a e dirileng, Saulo ga a ka a batla go amogela gore o phoso. Go na le moo, o ile a re se a se dirileng ga se maswe go le kalo e bile o ile a re batho ke bone ba ileng ba mo tlhotlheletsa gore a dire jalo. (1 Sam. 15:13-24) Mme e ne e se lekgetlo la ntlha Saulo a dira phoso e e tshwanang le eno. (1 Sam. 13:10-14) Ka maswabi, Saulo o ile a itetla go nna boikgogomoso. Ga a ka fetola tsela e a neng a akanya ka yone, ka jalo, Jehofa ga a ka a tlhola a mo amogela.

5. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Saulo?

5 Ga re batle go tshwana le Saulo. Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa gore: ‘Fa ke bala kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo a ke itirela diipato tsa gore ke se ka ka dirisa kgakololo eo? A ke akanya gore se ke se dirang ga se phoso go le kalo? A ke pega ba bangwe molato ka dilo tse ke di dirang?’ Fa e le gore o arabile nngwe ya dipotso tseno ka ee, o tshwanetse go fetola tsela e o akanyang ka yone le o dirang dilo ka yone. Fa re sa dire jalo, re tlile go nna boikgogomoso mme Jehofa ga a kitla a re amogela.—Jak. 4:6.

6. Tlhalosa gore Kgosi Saulo le Kgosi Dafide ba ne ba farologane jang.

6 Ela tlhoko gore Kgosi Saulo o ne a farologane jang le Kgosi Dafide. Dafide o ne a rata “molao wa ga Jehofa.” (Pes. 1:1-3) Dafide o ne a itse gore Jehofa o rata batho ba ba boikokobetso mme o tlhoile batho ba ba boikgogomoso. (2 Sam. 22:28) Ka jalo, o ile a letla Lefoko la Modimo le mo thusa go fetola tsela e a akanyang ka yone. O ile a re: “Ke tla baka Jehofa, yo o nneileng kgakololo. Ruri, diphilo tsa me di ntshiamisitse mo masigong.”—Pes. 16:7.

LEFOKO LA MODIMO

Lefoko la Modimo le a re tlhagisa fa re simolola go dira dilo tse di sa siamang. Fa re le boikokobetso re tla le letla gore le re thuse go baakanya tsela e re akanyang ka yone. (Bona serapa 7)

7. Ke eng se re tla se dirang fa re le boikokobetso?

7 Fa re le boikokobetso re tla letla Baebele e fetola tsela e e sa siamang e re akanyang ka yone pele re dira diphoso. Lefoko la Modimo le tla tshwana le lentswe le le re rayang le re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.” Le tla re tlhagisa fa re simolola go dira sengwe se se phoso. (Isa. 30:21) Go botlhokwa gore re reetse Jehofa. (Isa. 48:17) Fa re dira jalo, ga go na go tlhokega gore motho yo mongwe a tle go re gakolola, re bo re tsenwa ke matlho. E bile re tla atamalana le Jehofa Modimo ka gonne o a re kgathalela.—Baheb. 12:7.

8. Jakobe 1:22-25 e a re re ka dirisa jang Lefoko la Modimo jaaka seipone?

8 Re ka tshwantsha Lefoko la Modimo le seipone. (Bala Jakobe 1:22-25.) Bontsi jwa rona re iteba mo seiponeng letsatsi le letsatsi pele re tswa mo gae. Seno se re thusa go bona gore a go na le sengwe se re tlhokang go se baakanya pele re kopana le batho ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang, fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi, re tla bona gore re ka fetola jang tsela e re akanyang ka yone le e re itshwarang ka yone. Batho ba le bantsi ba rata go bala temana ya letsatsi mo mosong. Ba letla se ba se balang se fetola tsela e ba akanyang ka yone. Mme fa letsatsi le ntse le ya, ba batla ditsela tse di farologaneng tsa go dirisa kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo. Gape re tshwanetse go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi. Re ka nna ra akanya gore ga go tlhokege go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Mme go dira jalo go ka re thusa gore re tswelele re le mo tseleng e e pitlaganeng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.

REETSA BAKERESETE BA BA TLHOMANG SEKAO

BAKERESETE BA BA TLHOMANG SEKAO

Mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe a ka nna a re gakolola. A re itumelela gore motho yoo o ile a nna pelokgale a bo a re gakolola? (Bona serapa 9)

9. Goreng go ka tlhokega gore motho yo mongwe a go gakolole?

9 A o kile wa leka go dira sengwe se se neng se ka senya botsala jwa gago le Jehofa? (Pes. 73:2, 3) Fa e le gore mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe o ile a leka go go gakolola, a o ile wa mo reetsa o bo o dirisa kgakololo eo? Fa e le gore o dirile jalo, o dirile sentle e bile o tshwanetse o a bo o itumelela go bo a ile a go gakolola.—Dia. 1:5.

10. Ke eng se o tshwanetseng go se dira fa tsala ya gago e go gakolola?

10 Baebele e a re: “Dintho tse di bakwang ke moratiwa [kgotsa tsala] di a ikanyega.” (Dia. 27:6) Seno se kaya eng? A re re o batla go kgabaganya tsela e e tlhanaselang mme ka fa o tlhomile mogopolo mo founong. Fa o sa ntse o re o a kgabaganya o sa lebelela dikoloi, tsala ya gago e a go goga e bo e go ntsha mo tseleng. Tsela e a go gogang ka yone e dira gore o utlwe botlhoko mo letsogong mme fa a ka bo a sa go goga, o ka bo o thutswe ke koloi. Le fa go ka feta malatsi a le mantsi letsogo la gago le le botlhoko, a o ne o ka galefela tsala ya gago ka gonne a go gogile botlhoko? Le eseng! O tla itumelela go bo a ile a go thusa. Ka tsela e e tshwanang, fa tsala ya gago e go tlhagisa gore tsela e o buang kgotsa e o dirang dilo ka yone ga e dumalane le melao ya ga Jehofa, kwa tshimologong o ka nna wa utlwa botlhoko. Mme go tla bo go sa bontshe botlhale fa o ka galefa kgotsa wa kgopisega. (Mor. 7:9) Go na le gore o galefe, itumelele gore tsala ya gago e ile ya kgona go nna pelokgale e bo e go bolelela.

11. Ke eng se se ka dirang gore motho a gane go reetsa fa a gakololwa?

11 Ke eng se se ka dirang gore motho a gane go reetsa fa a gakololwa? Ke boikgogomoso! Batho ba ba boikgogomoso ba rata “gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe.” Ba “faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring.” (2 Tim. 4:3, 4) Ba akanya gore bone ga ba tlhoke go gakololwa ka gonne ba botlhale e bile ba botlhokwa go gaisa ba bangwe. Mme gone, moaposetoloi Paulo o ile a re: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.” (Bagal. 6:3) Mme Kgosi Solomone ene o ile a re: “Ngwana yo o tlhokang mme a le botlhale o botoka go na le kgosi e e tsofetseng mme e le sematla, e e iseng e itse mo go lekaneng gore e ka tlhola e tlhagisiwa.”—Mor. 4:13.

12. Re ithuta eng mo go se moaposetoloi Petere a ileng a se dira jaaka go tlhalositswe mo go Bagalatia 2:11-14?

12 Akanya ka se Petere a ileng a se dira fa Paulo a mo kgalemela fa pele ga batho. (Bala Bagalatia 2:11-14.) Petere a ka bo a ile a galefisiwa ke se Paulo a ileng a se bua le gore o ile a se bua fa pele ga batho. Mme Petere ga a ka a dira jalo. Go na le gore a tseye kgang eno ka pelo, o ile a amogela kgakololo. Mme moragonyana o ile a re Paulo ke “mokaulengwe yo o rategang.”—2 Pet. 3:15.

13. Ke eng se re tshwanetseng go akanya ka sone pele re naya mongwe kgakololo?

13 Ke dilo dife tse o tshwanetseng go akanya ka tsone fa o akanya gore o tlhoka go naya mongwe kgakololo? Pele o bua le ene ipotse gore, ‘A ke feteletsa dilo?’ (Mor. 7:16) Motho yo o feteletsang dilo kgotsa yo o iponang a siame thata, o atlhola ba bangwe go ya ka tsela e ene a lebang dilo ka yone mme e seng ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. E bile motho yo o ntseng jalo, ga a kutlwelobotlhoko. Fa o sena go akanya ka dintlha tseno, mme o lemoga gore o sa ntse o tlhoka go bua le tsala ya gago, mmolelele gore bothata ke eng mme o mmotse dipotso tse di tla mo thusang go lemoga phoso e a e dirileng. Tlhomamisa gore se o batlang go se bolelela motho yoo se tswa mo Baebeleng. O gopole gore ga o a ela go mo atlhola mme o etse go mo thusa go lemoga gore Jehofa o ikutlwa jang ka se a se dirang. (Bar. 14:10) Dirisa Baebele fa o naya motho yo mongwe kgakololo mme o etse sekao sa ga Jesu sa go nna kutlwelobotlhoko. (Dia. 3:5; Math. 12:20) Goreng re tshwanetse go dira jalo? Ka gonne Jehofa o tlile go dirisana le rona ka tsela e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone.—Jak. 2:13.

IKOBELE DITAELO TSA PHUTHEGO YA MODIMO

PHUTHEGO YA MODIMO

Phuthego ya Modimo e re naya dikgatiso le dibidio. Mme kwa dipokanong re thusiwa gore re ka dirisa jang kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo. Ka dinako dingwe Setlhopha se se Laolang se tlhoka go fetola tsela e re dirang dilo ka yone. (Bona serapa 14)

14. Ke eng se phuthego ya Modimo e re nayang sone?

14 Fa re ntse re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng, Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re kaela. Phuthego ya gagwe e re naya dibidio le dikgatiso. Mme fa re le kwa dipokanong, re thusiwa gore re ka dirisa jang kgakololo e e mo Lefokong la Modimo. Re ikanya tshedimosetso e phuthego ya Modimo e re nayang yone ka gonne e tswa mo Baebeleng. Fa bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang ba dira tshwetso ya gore re tshwanetse go dira tiro ya go rera jang, ba kopa thuso ya moya o o boitshepo. Mme le fa ba sena go dira tshwetso, ba nna ba e sekaseka go bona gore a e tlhoka go fetolwa. Goreng? Ka gonne “seemo sa lefatshe leno se a fetoga,” ka jalo, phuthego ya Modimo e tshwanetse go fetofetoga le maemo.—1 Bakor. 7:31.

15. Baboledi bangwe ba ile ba lebana le dikgwetlho dife?

15 Fa phuthego ya Modimo e fetola tsela nngwe e re tlhaloganyang dilo dingwe mo Baebeleng ka yone, kgotsa e re naya kgakololo ya kafa re tshwanetseng go itshwara ka gone, re amogela kgakololo eo, re bo re e dirisa. Mme gone, re dira eng fa phuthego ya Modimo e fetola tsela e re tlwaetseng go dira dilo ka yone? Ka sekai, gone jaanong go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi go a tura. Ka jalo, Setlhopha se se Laolang se ile sa laela gore diphuthego tse di farologaneng di dirise holo e le nngwe. Mme seo se ile sa dira gore diholo dingwe tsa Bogosi di rekisiwe. Madi ao a dirisediwa go aga Diholo Tsa Bogosi kwa mafelong a di tlhokegang kwa go one. Fa e le gore kwa o nnang gone Diholo Tsa Bogosi di ile tsa rekisiwa mme lo ile lwa tshwanelwa ke go kopanela kwa holong e nngwe, go ka nna thata mo go wena gore o amogele diphetogo tseo. Gone jaanong, baboledi bangwe ba tshwanelwa ke go tsamaya lobaka lo loleele pele ba fitlha kwa dipokanong. Bakaulengwe ba ba ileng ba thusa go aga diholo tseo kgotsa ba ba di tlhokomelang ba ka nna ba ipotsa gore goreng jaanong di rekisiwa. Ba ka nna ba ikutlwa e kete ba sentse nako ya bone. Mme gone, bakaulengwe bao ba ikobela diphetogo tseo tse disha e bile ba tlhoka go akgolwa.

16. Go dirisa kgakololo e e mo go Bakolosa 3:23 le 24 go ka re thusa jang gore re nne re itumetse?

16 Fa re nna re gopotse gore tiro e re e dirang ke ya ga Jehofa le gore ke ene a kaelang phuthego ya gagwe, re tla nna re itumetse. (Bala Bakolosa 3:23, 24.) Kgosi Dafide o re tlhometse sekao se se molemo fa a ne a ntsha moneelo wa go aga tempele. O ne a re: “Nna ke mang le batho ba me ke bomang, gore re bo re na le maatla a go ntsha meneelo e e ntseng jaana ka go rata? Gonne sengwe le sengwe se tswa kwa go wena, mme re go neile se se tswang mo seatleng sa gago.” (1 Ditir. 29:14) Fa re ntsha moneelo, re a bo re naya Jehofa se a re neileng sone. Mme gone, Jehofa o a itumela fa re dirisa nako, maatla le madi a rona go dira tiro ya gagwe.—2 Bakor. 9:7.

TSWELELA O TSAMAYA MO TSELENG E E PITLAGANENG

17. Goreng o sa tshwanela go kgobega marapo fa o lemoga gore o tlhoka go fetola dilo dingwe tse o di dirang?

17 Gore re kgone go tswelela re tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng re tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu. (1 Pet. 2:21) Fa e le gore go na le sengwe se o tlhokang go se baakanya, o se ka wa kgobega marapo. Fa o lemoga gore o tlhoka go dira diphetogo, seo se bontsha sentle gore o batla go ikobela dikaelo tsa ga Jehofa. O se ka wa lebala gore Jehofa o a itse gore re na le boleo. Ka jalo, ga a lebelela gore re se ka ra dira diphoso.

18. Re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng?

18 E kete rotlhe re ka nna re akantse ka masego a Jehofa a tlileng go re naya one mme re nne re ikemiseditse go fetola tsela e re akanyang ka yone, dilo tse re di ratang le tsela e re dirang dilo ka yone. (Dia. 4:25; Luke 9:62) E kete re ka tswelela re le boikokobetso, re itumetse e bile re itetla go “lolamisiwa” kgotsa go dira diphetogo. (2 Bakor. 13:11) Fa re dira jalo, “Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le [rona].” Mme o tla re thusa gore re nne re itumetse, a bo a re naya botshelo jo bo sa khutleng kwa lefatsheng le lesha.

PINA 34 Go Tsamaya ka Bothokgami

^ ser. 5 Bangwe ba rona go ka nna thata go fetola tsela e re akanyang ka yone, dilo tse re di ratang le tsela e re itshwarang ka yone. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore ke eng fa re tshwanetse go dira diphetogo le gore re ka tswelela jang re itumetse fa re ntse re di dira.

^ ser. 76 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Fa mokaulengwe yo mosha a ntse a bolelela mokaulengwe yo o godileng gore o ile a diragalelwa ke eng fa a sena go dira tshwetso e e sa siamang, mokaulengwe yoo o mo reeditse a wetse makgwafo e bile o akanyetsa gore a o tlhoka go mo naya kgakololo.