Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

“Jehofa Ga a Ka a Ntebala”

“Jehofa Ga a Ka a Ntebala”

KE NNA kwa motseng wa Orealla, o o kwa toropong ya Guyana kwa South America. Motse oo o na le batho ba ka nna 2 000. E re ka motse oo o le kgakala le metse e mengwe, o kgona go ya kwa go one fela o dirisa sefofane kgotsa sekepe.

Ke tshotswe ka 1983. Fa ke tla ke gola, ke ne ke itshiametse fela, ke sa lwale. Mme fa ke na le dingwaga di le lesome, ke ile ka simolola go nna le ditlhabi mo mmeleng otlhe. Morago ga dingwaga di le pedi fa ke tsoga mo mosong, ke ne ke sa kgone go tshikinyega. Le fa ke ne ke leka go sutisa maoto, go ne go pala. Go tloga ka letsatsi leo, ke fa ke sa tlhole ke kgona go tsamaya. Bolwetse joo bo ile jwa dira gore ke se ka ka tlhola ke gola. Mme le gompieno, ke sa ntse ke na le mmele wa bana.

Fa ke sena go lwala ke ne ke tshaba go tswela kwa ntle. Mme dikgwedi di le mmalwa morago ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nketela. Ga ntsi fa batho ba tla kwa gae ke ne ke iphitlha mme mo letsatsing leo, ke ne ka letla Basupi gore ba bue le nna. Fa ba ntse ba bua ka Paradaise, ke ne ka gopola se ke ileng ka se utlwa fa ke na le dingwaga di le tlhano. Gore ke utlwe ka Paradaise, morongwa mongwe yo o bidiwang Jethro yo o neng a nna kwa Suriname o ne a tlhola a etela motse wa rona gangwe mo kgweding mme o ne a ithuta Baebele le rre. Jethro o ne a dirisana sentle le nna mme ke ne ke mo rata. Mme mmemogolo le rremogolo ba ne ba tlhola ba tsamaya le nna go ya kwa dipokanong tse di neng di tshwarelwa mo motseng wa rona. Ka jalo, fa mongwe wa bokgaitsadi ba ba neng ba nketetse mo letsatsing leo, yo o bidiwang Florence a ne a mpotsa gore a nka rata go ithuta Baebele, ke ne ka dumela.

Florence o ile a tla le monna wa gagwe yo o bidiwang Justus mme ba ne ba ithuta Baebele le nna. Mme fa ba lemoga gore ke ne ke sa itse go bala ba ne ba nthuta. Fa nako e ntse e ya, ke fa ke itse go bala. Letsatsi lengwe banyalani bao ba ile ba mpolelela gore ba abetswe gore ba ye go direla kwa Suriname. Ka jalo, go ne go sa tlhole go na le motho yo o neng a ka nthuta Baebele. Mme Jehofa ga a ka a ntebala.

Moragonyana, go ile ga tla mokaulengwe mongwe wa mmulatsela yo o bidiwang Floyd mo motseng wa rona. Mme fa a ntse a rera ka ntlo le ntlo o ile a kopana le nna. Fa ntse a bua le nna ka go ithuta Baebele, ke ile ka similer. O ile a re: “Goreng o smiler?” Ke ile ka mmolelela gore ke setse ke feditse go ithuta boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? mme go ne jaanong ke setse ke simolotse go ithuta buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. * Ke ile ka mo tlhalosetse lebaka la go bo ke sa tlhole ke ithuta. Floyd o ile a feleletsa go ithuta le nna buka ya Kitso mme le ene o ile a abelwa go ya go direla kwa lefelong le lengwe. Jaanong gape ke ne ke sa tlhole ke na le motho yo o nthutang Baebele.

Ka 2004, go ile ga tla babulatsela ba babedi ba ba kgethegileng e bong Granville le Joshua. Fa ba ntse ba rera ka ntlo le ntlo, ba ne ba kopana le nna. Fa ba ne ba mpotsa gore ke batla go ithuta Baebele ke ne ka smiler. Ke ile ka ba kopa gore ba simolole go ithuta le nna buka ya Kitso kwa tshimologong. Ke ne ke batla go bona gore a ba ne ba tla nthuta dilo tse Basupi ba bangwe ba ileng ba nthuta tsone. Granville o ile a mpolelela gore go na le dipokano tse di tshwarwang mo motseng wa rona. Le fa gone ke ne ke na le dingwaga di le lesome ke sa tswe mo gae, ke ne ke batla go ya dipokanong. Ka jalo, Granville o ile a nkgorometsa ka wheelchair re bo re ya dipokanong.

Moragonyana Granville o ile a nkgothaletsa gore ke ikwadise mo Sekolong sa Bodiredi. O ile a nthaya a re: “Ga o kgone go tsamaya mme gone, o kgona go bua. Letsatsi lengwe o tla neela puo ya phatlalatsa. Mme o tla kgona.” Mafoko ao a gagwe a ile a nkgothatsa fela thata.

Ke ile ka simolola go ya tshimong le Granville. Mme gone, tsela e re neng re tsamaya mo go yone e ne e sa siamela wheelchair. Ka jalo, ke ne ka mo kopa gore a nkgorometse ka keriba mme re ile ra tsamaya sentle. Ka April 2005, ke ne ka kolobediwa. Fa ke sena go kolobediwa bakaulengwe ba ile ba nkatisa gore ke kgone go tlhokomela dimakasine le go dira ditiro tse dingwe kwa Holong ya Bogosi.

Ka 2007 re ile ra diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko mo lelapeng. Rre o ne a tlhokafala mo kotsing ya sekepe. Granville o ile a rapela le rona a bo a re kgothatsa ka go re balela makwalo a Baebele. Mme dingwaga di le pedi morago ga moo, Granville le ene o ile a tlhokafala mo kotsing ya sekepe.

E re ka phuthego ya rona e na le palo e nnye ya batho, e ne e sa tlhole e na le bagolwane mme e setse ka motlhanka wa bodiredi a le mongwe. Ke ne ke utlwile botlhoko tota ka gonne tsala ya me e ne e tlhokofetse. Granville o ile a nthusa go nna tsala ya ga Jehofa e bile o ne a nthusa le ka dilo tse ke neng ke di tlhoka. Morago ga loso lwa gagwe, ke ne ka abelwa go bala dirapa ka thuto ya Tora ya Tebelo. Ke ile ka kgona go bala dirapa tse pedi fela, mme fa ke re ke bala dirapa tse di lateleng, ke fa ke thubega ka selelo mme ka tswa mo seraleng.

Fa nako e ntse e tsamaya, bakaulengwe bangwe ba ile ba tla go thusa mo phuthegong ya rona mme ke ne ka itumela fela thata. Gape ofisi ya lekala ile ya romela mokaulengwe yo e neng e le mmulatsela yo o kgethegileng yo o bidiwang Kojo. Se se ile sa dira gore ke itumele le go feta, ke fa ke bona mmê le nnake ba ithuta Baebele ba bo ba kolobediwa. Ka March 2015, ke ka nna motlhanka wa bodiredi. Fa letsatsi la gore ke neele puo ya phatlalatsa le goroga, ke ne ke itumetse tota. Mme fa ke gopola mafoko a ga Granville a a reng: “Letsatsi lengwe o tla neela puo ya phatlalatsa. Mme o tla kgona,” ke ne ka smiler ke bo ke rothisa keledi.

Mo dibidiong tsa JW Broadcasting® ke ile ka bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lebaneng le mathata a a tshwanang le a me. Mme le fa bakaulengwe bao ba lwala, ba kgona go dira dilo di le dintsi e bile ba itumetse. Le nna go na le dilo dingwe tse ke kgonang go di dira. Ke ne ke batla go direla Jehofa mo go oketsegileng, ka jalo, ke ile ka nna mmulatsela wa ka metlha. Ka September 2019 go ile ga direga sengwe se ke neng ke sa se lebelela! Ke ile ka tlhomiwa go nna mogolwane mo phuthegong ya baboledi ba ka nna 40.

Ruri ke leboga bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ileng ba tsaya matsapa go nthusa gore ke kgone go direla Jehofa. Mme sa botlhokwa le go feta, ke leboga Jehofa ka gonne ga a ka a ntebala.

^ ser. 8 E gatisitswe ke Basupi ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e printiwa.