Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 49

Re Tlhatswegile Pelo Gore Baswi ba Tlile go Tsosiwa!

Re Tlhatswegile Pelo Gore Baswi ba Tlile go Tsosiwa!

“Ke na le tsholofelo mo Modimong, . . . gore go tlile go nna le tsogo.”—Dit. 24:15.

PINA 151 O Tla Bitsa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Batlhanka ba Modimo ba na le tsholofelo efe?

GO LE GANTSI fa re na le sengwe se re se solofetseng kgotsa se re lebileng pele gore se diragale, re a itumela. Batho bangwe ba solofela gore ba tla nna le manyalo a a itumetseng, bangwe ba solofela gore ba tla nna batsadi mme ba ba lwalang ba solofela gore ba tla fola. Ka dinako dingwe, le rona Bakeresete re a tle re solofele dilo tseno. Mme rona, go farologana le batho bao, go na le selo sa botlhokwa se re solofetseng gore se tlile go diragala. Re solofetse gore re tlile go tshelela ruri le gore batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng ba tlile go tsosiwa.

2 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong, . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15) Paulo ga se ene motho wa ntlha go bua ka tsogo ya baswi. Tlhogo ya lotso e bong Jobe le ene o ile a bua ka yone. Jobe o ne a tlhomamisegile gore Modimo o tlile go mo gopola a bo a mo tsosa.—Jobe 14:7-10, 12-15.

3. Bakorintha wa ntlha kgaolo 15 e ka re thusa jang?

3 “Tsogo ya baswi” ke nngwe ya ‘dithuto tsa motheo’ tse Bakeresete botlhe ba di dumelang. (Baheb. 6:1, 2) Mo go Bakorintha wa ntlha kgaolo 15 Paulo o bua ka tsogo ya baswi. Se a ileng a se kwala se ka tswa se ile sa kgothatsa Bakeresete ba motlha wa gagwe. Le fa o ka tswa o na le dingwaga di le dintsi o dumela gore baswi ba tlile go tsosiwa, lekwalo la Bakorintha wa ntlha kgaolo 15 le tlile go go kgothatsa, le go nonotsha tsholofelo ya gago ya gore ruri baswi ba tlile go tsoga.

4. Goreng re dumela gore baswi ba tlile go tsosiwa?

4 Tsogo ya ga Jesu Keresete e re tlhomamisetsa gore batho ba re ba ratang ba ba suleng ba tlile go tsoga. Tsogo ya ga Jesu e ne e le nngwe ya “dikgang tse di molemo” tse Paulo a neng a di bolelela Bakeresete ba kwa Korintha. (1 Bakor. 15:1, 2) Tota e bile, Paulo o ile a re fa Mokeresete a sa dumele mo tsogong ya ga Jesu, tumelo ya gagwe ga e na mosola. (1 Bakor. 15:17) Tsogo ya ga Jesu ke lone lebaka la go bo re dumela gore baswi ba tlile go tsosiwa.

5-6. 1 Bakorintha 15:3 le 4 e re tlhomamisetsa eng?

5 Fa Paulo a ne a kwalela Bakorintha ka kgang ya go tsosiwa ga baswi, o ile a simolola pele ka go bua dintlha tseno tse tharo. Dilo tseo ke (1) “Keresete o ne a swela maleo a rona.” (2)  “O ne a fitlhwa.” (3) “O tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo.”—Bala 1 Bakorintha 15:3, 4.

6 Dilo tseno tse tharo di kaya eng mo go rona? Moporofeti Isaia o ile a bolelela pele gore Mesia o ne a tla “kgaolwa mo lefatsheng la ba ba tshelang” le gore o tla fitlhelwa mo lefelong la baikepi. Mme gone, go na le sengwe gape se se neng se tla direga. Isaia o ile a re Mesia o ne a tla tshola “boleo jwa batho ba le bantsi.” Jesu o ile a dira seno ka go ntsha botshelo jwa gagwe e le thekololo. (Isa. 53:8, 9, 12; Math. 20:28; Bar. 5:8) Ka jalo, loso lwa ga Jesu, go fitlhiwa ga gagwe le tsogo ya gagwe, di re tlhomamisetsa gore re tlile go gololwa mo boleong le mo losong le gore re tlile go kopana gape le batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng.

BOSUPI JO BO RE TLHATSWANG PELO

7-8. Ke eng se se thusang Bakeresete go dumela gore Jesu o ile a tsosiwa?

7 Gore re kgone go dumela gore baswi ba tlile go tsosiwa, re tshwanetse go dumela pele gore Jesu o ile a tsosiwa. Goreng re ka dumela gore Jehofa o ile a tsosa Jesu?

8 Go na le batho ba le bantsi ba ba ileng ba bona Jesu fa a sena go tsosiwa mme ba ile ba bolelela ba bangwe ka kgang eno. (1 Bakor. 15:5-7) Motho wa ntlha yo Paulo a buang ka ene a re o ile a bona Jesu fa a sena go tsosiwa ke Petere (Kefase). Barutwa ba ga Jesu le bone ba ile ba re Petere o ile a bona Jesu fa a sena go tsosiwa. (Luke 24:33, 34) Gape Paulo o ile a re baaposetoloi ba ba “lesome le bobedi” ba ile ba bona Jesu fa a sena go tsosiwa. Go tswa foo, Keresete o ile a “bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano,” ba gongwe ba neng ba le kwa moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Galalea o go buiwang ka one go Mathaio 28:16-20. Gape Jesu o ile a “bonala kwa go Jakobe,” yo o ka tswang e ne e le monnawe. Mme Jakobe o ne a sa dumele mo go ene pele ga moo. (Joh. 7:5) Fa a sena go bona gore Jesu o ne a tsositswe, o ile a simolola go dumela mo go ene. Se se kgatlhang ke gore, ka ngwaga wa bo55 fa Paulo a ne a kwala lekwalo leno, batho ba ba ileng ba bona Jesu fa a sena go tsosiwa ba ne ba sa ntse ba tshela. Ka jalo, fa motho a ne a belaela gore Jesu o ile a tsosiwa, o ne a ka nna a botsa batho bao.

9. Se se kwadilweng mo go Ditiro 9:3-5, se bontsha jang gore Paulo le ene o ne a na le bosupi jwa gore Jesu o ile a tsosiwa?

9 Moragonyana, Jesu o ile a bonala kwa go Paulo. (1 Bakor. 15:8) Fa Paulo (Saulo) a ne a le mo tseleng a ya kwa Damaseko o ile a utlwa lentswe la ga Jesu a bo a mmona mo ponatshegelong a le kwa legodimong. (Bala Ditiro 9:3-5.) Se se ileng sa diragalela Paulo e ne e le bosupi jwa gore tota Jesu o ne a tsositswe.—Dit. 26:12-15.

10. Ke eng se Paulo a ileng a se dira se se bontshang gore o ne a dumela gore Jesu o ile a tsosiwa?

10 Batho ba le bantsi ba ka kgatlhegela se Paulo a ileng a se bua ka gonne pele Jesu a bonala kwa go ene, o ne a bogisa Bakeresete. Fa Paulo a sena go tlhatswega pelo gore Jesu o ile a tsosiwa, o ile a leka ka natla go thusa ba bangwe go dumela boammaaruri joo. Fa a ntse a rera gore Jesu o ile a swa a bo a tsosiwa o ne a itshokela dipogiso. O ne a itewa, a tsenngwa mo kgolegelong le go thubegelwa ke sekepe. (1 Bakor. 15:9-11; 2 Bakor. 11:23-27) Tota Paulo o ne a dumela gore Jesu o ile a tsosiwa mo a neng a ikemiseditse go swela se a neng a se dumela. Se se diragaletseng Bakeresete ba mo nakong e e fetileng, se re tlhomamisetsa gore Jesu o ile a tsosiwa le gore mo nakong e e tlang baswi ba tlile go tsosiwa.

PAULO O KGALA DIKGOPOLO TSE DI PHOSO

11. Goreng batho bangwe ba kwa Korintha ba ne ba na le dikgopolo tse di phoso ka tsogo ya baswi?

11 Bagerika bangwe ba kwa motseng wa Korintha ba ne ba na le dikgopolo tse di phoso ka tsogo ya baswi e bile bangwe ba ne ba re “ga go na tsogo ya baswi.” Ka ntlha yang? (1 Bakor. 15:12) Borafilosofi bangwe ba ba neng ba nna kwa motseng wa Athena ba ne ba sa dumele gore Jesu o ne a tsositswe e bile ba ne ba tsaya gore kgang eo ke motlae. Gape go ka tswa go ne go na le batho bangwe ba kwa Korintha ba ba neng ba akanya jaaka borafilosofi bano. (Dit. 17:18, 31, 32) Batho bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore kgang ya go tsosiwa ga baswi, e ne e le go ijesa dijo tsa ditoro fela. Gongwe ba ne ba akanya gore fa go twe motho o sule seo se raya gore ke moleofi mme fa gotwe motho o tsositswe go raya gore ke Mokeresete e bile o itshwaretswe maleo. Le fa batho bano ba ka tswa ba ne ba na le mabaka afe a go sa dumele mo tsogong ya baswi, tumelo ya bone e ne e le ya lefela. Fa e le gore Modimo ga a tsosa Jesu, seo se raya gore thekololo ga ya duelwa le gore batho botlhe ba ne ba sa itshwarelwa maleo a bone. Ka jalo, botlhe ba ba neng ba sa dumele mo tsogong ya baswi, ba ne ba sena tsholofelo.—1 Bakor. 15:13-19; Baheb. 9:12, 14.

12. 1 Petere 3:18 le 22, e re thusa jang go tlhaloganya gore tsogo ya ga Jesu e ne e farologane le tsogo epe e e kileng ya nna gone pele ga ya gagwe?

12 E re ka Jesu a ile a bua le Paulo mo ponatshegelong, Paulo o ne a itse gore “Keresete o [ne a] tsositswe mo baswing.” Tsogo ya ga Jesu e gaisa tsogo epe fela e e kileng ya nna teng. Ka ntlha yang? Ka gonne batho botlhe ba ba ileng ba tsosiwa pele ga Jesu a tsosiwa, ba ile ba swa gape. Paulo o ile a re Jesu ke “mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” Seo se ne se kaya eng? Jesu e ne e le motho wa ntlha go tsosiwa e le sebopiwa sa semoya gape e ne e le ene wa ntlha go tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong.—1 Bakor. 15:20; Dit. 26:23; bala 1 Petere 3:18, 22.

BA BA TLA TSOSIWANG

13. Paulo o ile a re Adame le Jesu ba farologane jang?

13 Go tla jang gore loso lwa motho a le mongwe lo dire gore batho ba le bantsi ba tshele? Paulo o ile a araba potso eo. O ile a tlhalosa pharologanyo magareng ga se se ileng sa diragalela batho ka ntlha ya se Adame a ileng a se dira, le se se ka diragalelang batho ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. Fa Paulo a ne a bua ka Adame o ile a re: “Loso lo [tlile] . . . ka motho.” Fa Adame a sena go leofa, seo se ile sa dira gore ene le ditlogolwana tsa gagwe ba simolole go swa. Le gompieno, re sa ntse re utlwa manokonoko a diphoso tsa gagwe. Mme e re ka Modimo a ile a tsosa Morwawe, re na le tsholofelo e e itumedisang! Baebele ya re: “Tsogo ya baswi le yone e ka motho,” e bong Jesu. Paulo o ile a tlhalosa gore: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.”—1 Bakor. 15:21, 22.

14. A Adame o tla tsosiwa? Tlhalosa.

14 Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re “mo go Adame botlhe ba [a] swa”? Paulo o ne a bua ka batho botlhe ba ba ruileng boleo jwa ga Adame mme ka ntlha ya boleo joo ba ne ba tlile go swa. (Bar. 5:12) Adame ga se mongwe wa batho ba ba tlileng go tsosiwa. Ga a sologelwe molemo ke setlhabelo sa ga Jesu ka gonne o ne a itekanetse a bo a tlhopha go sa ikobele Modimo. Se se diragaletseng Adame se tla diragalela batho ba “Morwa motho” a tla ba atlholang e le “dipodi” se se rayang gore ba tlile go ‘kgaolwa ka bosakhutleng.’—Math. 25:31-33, 46; Baheb. 5:9.

Jesu ke ene motho wa ntlha yo o ileng a tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong (Bona serapa 15-16) *

15. Paulo o ne a akareletsa le bomang fa a ne a re “botlhe ba tla tshedisiwa”?

15 Paulo o ile a re “mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.” (1 Bakor. 15:22) Lekwalo leno le ne le kwaletswe Bakeresete ba ba tloditsweng ba kwa Korintha ba gape ba neng ba na le tsholofelo ya go tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. Bakeresete bao ba ne ba ‘itshepisitswe ba le seoposengwe le Keresete Jesu, ba bo ba bilediwa go nna baitshepi.’ Gape Paulo o ile a bua ka ba “ba neng ba robala mo losong ba le seoposengwe le Keresete.” (1 Bakor. 1:2; 15:18; 2 Bakor. 5:17) Gape mo lekwalong le lengwe, Paulo o ile a re ba “tshwaragane le [Jesu] mo losong lo lo tshwanang le lwa gagwe” ba “tla tshwaragana le ene mo tsogong e e tshwanang le ya gagwe.” (Bar. 6:3-5) Jesu o ile a tsosiwa e le sebopiwa sa semoya a bo a ya go tshela kwa legodimong. Ka jalo, seo ke sone se se tlileng go diragalela botlhe ba ba leng “seoposengwe le Keresete” e leng Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng.

16. Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re Jesu ke “mabutswapele”?

16 Paulo o ile a re Keresete o ile a tsosiwa e le “mabutswapele a ba ba robetseng mo losong.” Gopola gore go ne go na le batho ba ba jaaka Lasaro ba ba neng ba setse ba tsositswe. Mme Jesu ene e ne e le motho wa ntlha go tsosiwa e le sebopiwa sa semoya a bo a newa botshelo jo bo sa khutleng. Jesu a ka tshwantshanngwa le mabutswapele a Baiseraele ba neng ba a naya Jehofa. Jaanong, fa Paulo a ne a re Jesu ke “mabutswapele,” o ne a raya gore go ne go tla nna le ba bangwe morago gagwe, ba ba neng ba tlile go tsosiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong. Baaposetoloi le batlodiwa ba bangwe ba ba leng “seoposengwe le Keresete” le bone ba ne ba tla ya go tshela kwa legodimong.

17. Batlodiwa ba tla tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong leng?

17 Ka nako ya fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng lekwalo leno, batlodiwa ba ne ba ise ba tsosediwe go ya go tshela kwa legodimong. Paulo o ile a tlhalosa gore seo se ne se tla diragala mo nakong e e tlang. O ile a re: “Mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe: Keresete mabutswapele, morago ga moo ba e leng ba ga Keresete mo nakong ya go nna gone ga gagwe.” (1 Bakor. 15:23; 1 Bathes. 4:15, 16) Gompieno, re tshela mo motlheng o Paulo a ileng a bolelelapele ka one. Motlha oo o bidiwa “go nna gone” ga ga Keresete. Baaposetoloi le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tlhokafetseng, ba ne ba tshwanetse go leta go fitlha ka nako ya go nna gone ga ga Keresete, gore ba amogele tuelo ya bone ya go tshela kwa legodimong le gore ba ‘tshwaragane le Jesu mo tsogong e e tshwanang le ya gagwe.’

GO TLILE GO NNA LE TSOGO!

18. (a) Re itse jang gore go tlile go nna le tsogo e nngwe gape morago ga tsogo ya kwa legodimong? (b) Go ya ka 1 Bakorintha 15:24-26, ke eng se se tla diragalang kwa legodimong?

18 Go tla diragala eng ka Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba ba senang tsholofelo ya go tshela kwa legodimo le Keresete? Le bone ba na le tsholofelo ya go tsosiwa. Baebele ya re Paulo le ba bangwe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ba tla tsosiwa mo ‘tsogong ya pele ya baswi.’ (Bafil. 3:11) Seno se bontsha gore go tlile go nna le tsogo e nngwe gape morago ga eo. Seo se dumalana le se Jobe a ileng a re se tla mo diragalela. (Jobe 14:15) “Ba e leng ba ga Keresete mo nakong ya go nna gone ga gagwe” ba tla bo ba na le ene kwa legodimong fa a tla bo a fedisa dipuso tsotlhe tsa batho. Tota le loso e leng “mmaba wa bofelo” lo tla nyelediwa. Ba ba tsoseditsweng go ya go tshela kwa legodimo ga ba kitla ba tlhola ba swa. Mme go tla diragala eng ka ba ba sa yeng go tshela kwa legodimong?—Bala 1 Bakorintha 15:24-26.

19. Ke eng se ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ka se solofelang?

19 Ke eng se ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ka se solofelang? Ba ka solofela gore se Paulo a ileng a se bua se tla diragala. O ile a re: “Ke na le tsholofelo . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15) Re a itse gore ga go na motho ope yo o sa siamang yo o ka tsenang kwa legodimong, ka jalo, mafoko ano a kaya gore go tlile go nna le tsogo mo lefatsheng.

Re ka solofela gore re tlile go tshela monate mo nako e e tlang fa re dumela gore baswi ba tlile go tsosiwa (Bona serapa 20) *

20. Se re tlotlileng ka sone se nonotshitseng jang tsholofelo ya gago ya gore go tlile go nna le tsogo?

20 Ga re belaele gore “go tlile go nna le tsogo”! Botlhe ba ba tla tsosediwang go tshela mo lefatsheng ba ka lebelela gore ba tla tshelela ruri. O ka tlhomamisega gore tsholofetso eno e tlile go diragadiwa. Tsholofelo eno e ka go gomotsa fa o akanya ka batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng. Batho bao ba ka tsosiwa fa Keresete le babusimmogo le ene ba tla bo ba “busa e le dikgosi . . . ka dingwaga di le sekete.” (Tshen. 20:6) Le wena o ka tlhomamisega gore o tlile go tsosiwa fa e le gore o ka swa pele ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Baebele ya re: “Tsholofelo [eno] ga e swabise.” (Bar. 5:5) Kgang ya gore baswi ba tla tsosiwa e ka go nonotsha e bo e dira gore o itumele fa o ntse o direla Modimo. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore ke eng gape se re ka se ithutang mo go Bakorintha wa ntlha kgaolo 15.

PINA 147 Tsholofetso ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

^ ser. 5 Bakorintha wa ntlha kgaolo 15 e bua thata ka tsogo ya baswi. Goreng tsogo ya baswi e le botlhokwa mo go rona? Mme ke eng se se ka re tlhomamisetsang gore Jesu o ile a tsosiwa mo baswing? Mo setlhogong seno, re tlile go araba dipotso tseno, le tse dingwe tse di amanang le tsogo ya baswi.

^ ser. 56 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Jesu ke ene motho wa ntlha go tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. (Dit. 1:9) Bangwe ba barutwa ba gagwe ba ba ileng ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimo ke Thomase, Jakobe, Lidia, Johane, Marea le Paulo.

^ ser. 58 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe o tlhokafaletswe ke mosadi wa gagwe yo a feditseng dingwaga di le dintsi a direla Jehofa le ene. O na le tsholofelo ya gore mosadi wa gagwe o tlile go tsosiwa mme ene o tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi.