Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 50

“Baswi ba Tla Tsosiwa Jang?”

“Baswi ba Tla Tsosiwa Jang?”

“Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?” —1 BAKOR. 15:55.

PINA 141 Kgakgamatso ya Botshelo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Goreng Bakeresete botlhe ba tshwanetse go kgatlhegela go itse ka tsogo ya kwa legodimong?

BATLHANKA ba le bantsi ba ga Jehofa ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Mme ke Bakeresete ba le mmalwa fela ba Jehofa a ba tloditseng, ba ba nang le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong. Bakeresete bano ba ba tloditsweng, ba batla go itse gore botshelo jwa bone bo tlile go nna jang kwa legodimong. Mme gone, goreng Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba batla go itse ka kgang eno? Mo setlhogong seno, re tla ithuta gore tsogo ya kwa legodimong e tla tlisetsa jang batho ba ba tlileng go tshelela ruri mo lefatsheng masego. Ka jalo, le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, re tshwanetse go kgatlhegela go itse ka tsogo ya kwa legodimong.

2 Modimo o ile a tlhotlheletsa barutwa bangwe ba ga Jesu gore ba kwale ka tsogo ya kwa legodimong. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Jaanong re bana ba Modimo, mme go fitlha jaanong ga go ise go dirwe gore go bonatshege se re tla nnang sone. Re a itse gore motlhang a bonadiwang re tla tshwana le ene.” (1 Joh. 3:2) Ka jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba itse gore fa ba sena go tsosiwa, botshelo bo tla bo bo ntse jang kwa legodimong. Mme gone, ba tlile go bona Jehofa ka tsela ya mmatota fa ba amogela tuelo ya bone. Baebele ga e re bolelele dintlha tsotlhe ka tsogo ya kwa legodimong mme gone, moaposetoloi Paulo o re naya lemmenyana ka kgang eno. Batlodiwa ba tla bo ba na le Keresete fa a tla bo a ‘fedisa dipuso tsotlhe le bolaodi jotlhe le maatla.’ Seno se akareletsa le “mmaba wa bofelo” e leng loso. Go tswa foo, Jesu le ba ba tla bong ba busa le ene ba tla busetsa bogosi kwa go Jehofa. (1 Bakor. 15:24-28) Eo e tla bo e le nako e e itumedisang! *

3. Jaaka go tlhalositswe mo go 1 Bakorintha 15:30-32, tumelo e Paulo a neng a na le yone mo tsogong ya baswi e mo thusitse jang?

3 Paulo o ne a kgona go itshokela mathata a le mantsi ka gonne a ne a dumela mo tsogong ya baswi. (Bala 1 Bakorintha 15:30-32.) O ile a raya Bakorintha a re: “Letsatsi le letsatsi ke lebana le loso.” Gape o ile a re: “Ke tlhabane le dibatana tsa naga kwa Efeso.” Gongwe Paulo a ka tswa a ne a bua ka go lwa ka tsela ya mmatota le diphologolo kwa setediamong sa Efeso. (2 Bakor. 1:8; 4:10; 11:23) Kgotsa gongwe o ne a bua ka Bajuda kgotsa batho ba ba neng ba le kgatlhanong le ene, ba ba neng ba tshwana le “dibatana tsa naga.” (Dit. 19:26-34; 1 Bakor. 16:9) Paulo o ile a lebana le diteko di le dintsi mme gone, o ne a na le tumelo ya gore o tlile go nna le bokamoso jo bo itumedisang.—2 Bakor. 4:16-18.

Lelapa le le nnang kwa tiro ya rona e thibetsweng gone, le tswelela le obamela Jehofa ka boikanyegi le go dumela gore Jehofa o tlile go ba segofatsa mo nakong e e tlang (Bona serapa 4)

4. Kgang ya gore baswi ba tlile go tsosiwa e ile ya nonotsha jang Bakeresete gompieno? (Bona setshwantsho sa khabara.)

4 Re tshela mo nakong ya mathata. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ile ba amiwa ke bokebekwa. Bangwe ba nna kwa mafelong a go tletseng dintwa mme ba ikutlwa ba sa sireletsega. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba nna kwa mafelong a tiro ya rona ya go rera e thibetsweng kwa go one. Mme ba tswelela ba direla Jehofa le fa seo se ka dira gore ba tsenngwe mo kgolegelong kgotsa ba bolawe. Le fa bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba kopana le mathata, ba tswelela ba obamela Jehofa, mme ba re tlhomela sekao se se molemo. Ga ba boife ka gonne ba a itse gore le fa ba ka swa, Jehofa o tlile go ba tsosa le go ba naya botshelo jo bo itumedisang mo nakong e e tlang.

5. Ke kgopolo efe e e phoso e e ka dirang gore re se ka ra tlhola re dumela mo tsogong ya baswi?

5 Paulo o ile a re Bakeresete ba tile kgopolo e batho ba le bantsi ba neng ba na le yone ya gore: “Fa e le gore baswi ga ba na go tsosiwa, ‘a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.’” Batho bangwe ba ba neng ba tshela pele ga motlha wa ga Paulo, ba ne ba na le kgopolo eo. Gongwe Paulo o ne a nopola mafoko a a mo go Isaia 22:13, a a neng a tlhalosa tsela e Baiseraele ba neng ba itshwara ka yone. Go na le gore ba nonotshe kamano ya bone le Jehofa, ba ne ba nnela go ijesa monate. Tota Baiseraele ba ne ba tsaya gore ba tshwanetse go itumelela botshelo ka fa ba batlang ka gone ka gonne nako nngwe le nngwe ba ne ba ka nna ba swa. Mme eo ke tsela e batho ba lebang dilo ka yone gompieno. Mme gone, Baebele e tlhalosa gore Baiseraele ba ile ba nna le ditlamorago tse di botlhoko ka ntlha ya tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone.—2 Ditir. 36:15-20.

6. Kgang ya gore baswi ba tlile go tsosiwa e tshwanetse go ama jang tsela e re tlhophang ditsala ka yone?

6 Re a itse gore Jehofa o tlile go tsosa baswi. Ka jalo, kgang eo e tshwanetse go tlhotlheletsa tsela e re tlhophang ditsala ka yone. Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba tshwanetse go tila go itsalanya le batho ba ba neng ba sa dumele mo tsogong ya baswi. Fa re nna ditsala le batho ba ba senang sepe le gore go tlile go diragala eng mo nakong e e tlang mme ba batla fela go tshelela menate, le rona re ka feleletsa re tshwana le bone. Fa Mokeresete a fetsa nako e ntsi le batho ba ba ntseng jalo, a ka feleletsa a se na mekgwa e e siameng. Tota e bile, batho bao ba ka mo tlhotlheletsa gore a dire dilo tse Modimo a di tlhoileng. Ke lone lebaka la go bo Paulo a ile a re: “Tlhapogelwang ka tsela e e siameng mme lo se ka lwa dira boleo.”—1 Bakor. 15:33, 34.

KA MMELE WA MOFUTA OFE?

7. Jaaka go tlhalositswe mo go 1 Bakorintha 15:35-38 ke eng se batho bangwe ba ka tswang ba ile ba se botsa ka tsogo ya baswi?

7 Bala 1 Bakorintha 15:35-38. Motho mongwe yo a ka tswang a ne a batla gore ba bangwe ba nne le dipelaelo ka kgang ya gore baswi ba tlile go tsosiwa, a ka tswa a ile a botsa gore: “Baswi ba tla tsosiwa jang?” Go molemo gore re sekaseke gore Paulo o ile a araba potso eo jang ka gonne batho ba le bantsi ba na le dikgopolo tse di farologaneng ka gore go diragala eng ka motho fa a sena go swa. Mma re bone gore Baebele yone e rutang eng.

Paulo o ile a dirisa setshwantsho sa peo le semela go tlhalosa gore Modimo a ka kgona go naya batho ba ba tsosiwang mebele e mesha (Bona serapa 8)

8. Ke setshwantsho sefe se se ka re thusang go tlhaloganya se Modimo a tla se dirang fa a tsosa batho go ya go tshela kwa legodimong?

8 Fa motho a swa, mmele wa gagwe o a bola. Mme e re ka Jehofa a bopile dilo tsotlhe, a ka kgona go tsosa motho yoo a bo a mo naya mmele o o siameng. (Gen. 1:1; 2:7) Paulo o ile a dira setshwantsho se se bontshang gore Modimo ga a tlhoke go tsosa motho yo o suleng ka mmele wa gagwe wa kgale. Akanya ka “tlhaka” kgotsa peo ya semela. Fa peo e sena go jalwa, e a gola e bo e nna semela. Le fa semela se tswa mo peong, se farologane thata le peo. Moaposetoloi o ile a dirisa setshwantsho seo go re bontsha gore Mmopi wa rona a ka naya batho mmele o mosha.

9. 1 Bakorintha 15:39-41 ya re go na le mebele ya mefuta efe?

9 Bala 1 Bakorintha 15:39-41. Paulo o ile a tlhalosa gore Jehofa ga a ka a bopa mebele ka go tshwana. Ka sekai, mebele ya dikgomo, ya dinonyane le ya ditlhapi, ga e tshwane. Gape o ile a tlhalosa gore re kgona go bona pharologano magareng ga letsatsi le ngwedi. Mme gape o ile a tlhalosa gore “naledi e farologana le naledi e nngwe ka kgalalelo.” Le fa re sa kgone go bona gore dinaledi di farologane jang, se moaposetoloi Paulo a ileng a se bua se boammaaruri. Baitsesaense ba tlhalosa gore go na le dinaledi tse dinnye, tse dikima, tse dikhibidu, tse ditshweu le tse di serolwana, nngwe ya tsone ke letsatsi. Gape Paulo o ile a tlhalosa gore “go na le mebele ya selegodimo, le mebele ya selefatshe.” O ne a kaya eng? Dibopiwa tsa mo lefatsheng di na le mebele ya senama mme tsa kwa legodimong di na le mebele ya semoya e e tshwanang le ya baengele.

10. Batho ba ba tla tsosediwang go ya go tshela kwa legodimong ba tla bo ba na le mebele e e ntseng jang?

10 Ela tlhoko se Paulo a ileng a se bua morago ga moo. O ile a re: “Go ntse jalo le ka tsogo ya baswi. O jalwa e le o o bolang, o tsosiwa e le o o sa boleng.” Re a itse gore fa motho a swa, mmele wa gagwe o a bola mme o boela mo leroleng. (Gen. 3:19) Ka jalo, go tla jang gore mmele o ‘tsosiwe e le o o sa bolang’? Paulo o ne a sa bue ka batho ba ba tsosediwang go tshela mo lefatsheng, jaaka ba ba ileng ba tsosiwa ke Elija, Elisha le Jesu. Go na le moo, o ne a bua ka motho yo o tla tsosiwang a na le mmele wa go tshela kwa legodimong e leng mmele “wa semoya.”—1 Bakor. 15:42-44.

11-12. Jesu o ile a tsosiwa ka mmele ofe mme batlodiwa le bone ba tla tsosiwa ka mmele ofe?

11 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a na le mmele wa senama kgotsa mmele o o tshwanang le wa batho. Mme fa a sena go tsosiwa, o ne a nna “moya o o nayang botshelo” a bo a boela kwa legodimong. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla tsosiwa ka mmele wa semoya gore ba kgone go tshela kwa legodimong. Paulo o ile a re: “Fela jaaka re apere setshwano sa yo o dirilweng ka lorole, re tla apara le setshwano sa wa selegodimo.”—1 Bakor. 15:45-49.

12 Go botlhokwa go itse gore Jesu ga a ka a tsosiwa a na le mmele wa batho kgotsa wa senama. Fa Paulo a tloga a konela lekwalo la gagwe, o ile a tlhalosa lebaka la seo. O ile a re: “Nama le madi ga di ka ke tsa rua bogosi jwa Modimo” kwa legodimong. (1 Bakor. 15:50) Batlodiwa ga ba kitla ba tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong ba na le mebele ya senama. Ba tla tsosiwa leng go ya go tshela kwa legodimong? Paulo o ile a tlhalosa gore batlodiwa ba ne ba tla tsosiwa mo nakong e e tlang; eseng morago ga gore ba tlhokafale. Fa Paulo a ne a kwala lekwalo la 1 Bakorintha go ne go na le barutwa ba ba neng ba setse ba ‘robetse mo losong,’ mongwe wa bone e ne e le moaposetoloi Jakobe. (Dit. 12:1, 2) Mme ka nako eo, baaposetoloi le batlodiwa bangwe ba ne ba tla ‘robala mo losong.’—1 Bakor. 15:6.

LOSO LO A FENNGWA

13. Go ne go tla diragala eng ka nako ya go nna gone ga ga Jesu?

13 Jesu le Paulo ba ile ba bolelelapele nako ya botlhokwa e e neng e tlile go nna gone. Nako eo ke go nna gone ga ga Keresete. Ka nako eo go ne go tla nna le dithoromo tsa lefatshe, malwetse, gape go ne go tla diragala le dilo tse di bosula mo lefatsheng. Boporofeti jono jwa Baebele bo ile jwa simolola go diragadiwa ka 1914. Mme go ne go na le sengwe gape se se neng se tla bontsha gore re tshela mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete. Jesu o ile a re dikgang tse di molemo tsa gore Bogosi Jwa Modimo bo a busa, di ne di tla rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo [bo ne bo] tla tla.” (Math. 24:3, 7-14) Paulo o ile a re ka nako ‘ya go nna gone ga Morena,’ batlodiwa ba ba neng ba “robetseng mo losong” ba ne ba tla tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. —1 Bathes. 4:14-16; 1 Bakor. 15:23.

14. Ke eng se se diragalelang batlodiwa ba ba tlhokafalang mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete?

14 Gone jaanong fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlhokafala, ba tsosiwa ka yone nako eo go ya go tshela kwa legodimong. Seno se dumalana sentle le mafoko a Paulo a ileng a a kwala mo go 1 Bakorintha 15:51 le 52 a a reng: “Ga re na go robala rotlhe mo losong, mme rotlhe re tla fetolwa, ka nakwana, ka ponyo ya leitlho, mo nakong ya terompeta ya bofelo.” Mafoko ano a a diragadiwa mo nakong e re tshelang mo go yone! Fa batlodiwa ba sena go tsosiwa, ba tla bo ba itumetse ka gonne ba tla “nna le Morena ka metlha.”—1 Bathes. 4:17.

Batlodiwa botlhe ba ba tla fetolwang “ka ponyo ya leitlho,” ba tla thusa Jesu mo ntweng ya Hara- magedona fa a tla bo a fedisa batho botlhe ba ba bosula mo lefatsheng (Bona serapa 15)

15. Batlodiwa ba ba tla fetolwang ka “ponyo ya leitlho” ba tla dira eng kwa legodimong?

15 Baebele e re bolelela gore ba ba tla fetolwang “ka ponyo ya leitlho” ba tla dira eng kwa legodimong. Jesu o ba raya a re: “Yo o fenyang a ba a boloka ditiro tsa me go fitlha kwa bokhutlong ke tla mo naya taolo godimo ga ditšhaba, mme o tla disa batho ka thobane ya tshipi mo ba tla thubegang dikarolwana jaaka dijana tsa letsopa, fela jaaka ke amogetse mo go Rre.” (Tshen. 2:26, 27) Ba tla reetsa fa Jesu a ba kaela mme ba tla disa ditšhaba ka thobane ya tshipi.—Tshen. 19:11-15.

16. Batho ba le bantsi ba tla kgona go fenya loso jang?

16 Ga go pelaelo gore batlodiwa ba tlile go fenya loso. (1 Bakor. 15:54-57) Fa ba sena go tsosiwa, ba tla kgona go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula mo lefatsheng ka ntwa ya Haramagedona. Batho ba le bantsi ba tlile go ‘falola pitlagano e kgolo’ ba bo ba tshela mo lefatsheng le lesha. (Tshen. 7:14) Batho bao, ba tlile go bona fa loso le fenngwa ka tsela ya bobedi, e leng nako ya fa batho ba le bantsi ba ba tlhokafetseng ba tsosiwa. Akanya fela gore re tla bo re itumetse jang fa re bona seo se diragala! (Dit. 24:15) Mme botlhe ba ba tla tswelelang ba ikanyega mo go Jehofa, ba tlile go fenya loso le ba le ruileng mo go Adame. Mme ba tla kgona go tshelela ruri.

17. 1 Bakorintha 15:58 e re kgothaletsa go dira eng?

17 Bakeresete botlhe ba tshwanetse go anaanela mafoko a a buang ka tsogo ya baswi a moaposetoloi Paulo a ileng a a kwalela Bakorintha. Se Paulo a ileng a se kwala se tshwanetse sa re kgothaletsa go dira sotlhe se re ka se kgonang go ikobela kgakololo ya gagwe ya gore re dire ka natla “mo tirong ya Morena.” (Bala 1 Bakorintha 15:58.) Fa re dira ka natla mo tirong eo, re tla itumelela botshelo jo bo monate kwa lefatsheng le lesha. Botshelo joo bo tlile go nna monate go feta ka fa re ka akanyang ka gone. Seno se tla re bontsha gore tiro e re e direlang Jehofa, ga se ya lefela.

PINA 140 Botshelo Jo bo Sa Khutleng bo Fitlhile!

^ ser. 5 Karolo ya bobedi ya lekwalo la 1 Bakorintha kgaolo 15 e bua thata ka tsogo ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Mme gone, se se buiwang mo kgaolong eo se botlhokwa le mo Bakereseteng ba ba sa tlodiwang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore tsholofelo ya gore baswi ba tlile go tsosiwa e tshwanetse go ama jang tsela e re tshelang ka yone le gore e tla re thusa jang gore re itumelele botshelo mo nako e e tlang.

^ ser. 2 Setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng ono, se tlotla ka se Paulo a ileng a se bua mo go 1 Bakorintha 15:29.