Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 51

Jehofa o Kgothatsa ba ba Kgobegileng Marapo

Jehofa o Kgothatsa ba ba Kgobegileng Marapo

“Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—PES. 34:18.

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

KA DINAKO dingwe, re ka kgobiwa marapo ke go akanya ka gore botshelo bo bokhutshwane le gore bo “tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Ka jalo, go a utlwala go bo ka dinako dingwe re kgobega marapo. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba kile ba ikutlwa ka tsela eo. E bile bangwe ba bone ba ne ba eletsa e kete ba ka swa. (1 Dikg. 19:2-4; Jobe 3:1-3, 11; 7:15, 16) Mme ka metlha Jehofa o ne a ba kgothatsa. Dilo tse di ba diragaletseng di ne tsa kwalwa mo Baebeleng gore di re kgothatse le gore re ithute mo go tsone.—Bar. 15:4.

2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ba ileng ba kopana le diteko tse di neng di dira gore ba kgobege marapo. Re tlile go tlotla ka morwa Jakobe e bong Josefa, motlholagadi yo o bidiwang Naomi le ngwetsi ya gagwe e bong Ruthe, Molefi yo o ileng a kwala Pesalema 73 le moaposetoloi Petere. Jehofa o ile a ba kgothatsa jang? Mme re ka ithuta eng mo go se se ba diragaletseng? Se se ba diragaletseng se tla re bontsha gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pes. 34:18.

JOSEFA O ILE A ITSHOKELA GO SA TSHWARWE SENTLE

3-4. Josefa o ile a diragalelwa ke eng fa a le mosha?

3 Fa Josefa a na le dingwaga di ka nna 17, o ile a lora ditoro tse pedi mme ditoro tseo, di ne di tswa kwa go Jehofa. Go ya ka ditoro tseo, Josefa o ne a tla nna motho wa botlhokwa mme ba lelapa la gagwe ba ne ba tla mo tlotla. (Gen. 37:5-10) Mme moragonyana fa Josefa a sena go lora ditoro tseo, o ile a diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Ka nako eo, bomogolowe ba ne ba sa mo tlotle gotlhelele, ka jalo, ba ile ba mo rekisa. Mme o ile a nna lekgoba la modiredimogolo wa kwa Egepeto e bong Potifaro. (Gen. 37:21-28) Ka bonako fela botshelo jwa ga Josefa bo ne jwa fetoga. O ne a sa tlhole a nna le rraagwe yo a neng a mo rata. Mme jaanong, o ne a dira tiro ya maemo a a kwa tlase e bile a berekela mongwe yo o sa itseng Jehofa.—Gen. 39:1.

4 Maemo a ga Josefa a ile a nna maswe le go feta. Mosadi wa ga Potifaro o ile a latofatsa Josefa ka gore o ne a leka go mmetelela. Potifaro ga a ka a batlisisa kgang eo. Go na le moo, o ile a tsenya Josefa mo kgolegelong mme fa a le koo, o ile a bofiwa ka diketane. (Gen. 39:14-20; Pes. 105:17, 18) Ka nako eo, Josefa o ne a sa ntse a le mosha. Ka jalo, akanya fela gore o ne a ikutlwa jang fa a ne a latofadiwa ka gore o ile a leka go betelela mongwe. Mme fa batho ba utlwa ka kgang eo, ba ka tswa ba ile bua dilo tse di maswe ka Modimo wa ga Josefa e bong Jehofa. Ka jalo, Josefa o ne a na le mabaka a a utlwalang a go kgobega marapo!

5. Josefa o ile a dira eng se se ileng sa mo thusa go fenya go kgobega marapo?

5 Ka nako ya fa Josefa e le lekgoba le fa a le kwa kgolegelong, o ne a sa gololesega e bile go ne go se na sepe se a neng a ka se dira go fetola seemo se a neng a le mo go sone. Ke eng se se mo thusitseng go itshoka? Go na le gore a nnele go akanya ka dilo tse a neng a sa kgone go di dira, o ile a tlhoma mogopolo mo dilong tse a neng a kgona go di dira, a bo a dira dilo tse a neng a laetswe gore a di dire. Mme sa botlhokwa le go feta, o ne a batla go itumedisa Jehofa. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ile a segofatsa sengwe le sengwe se a neng a se dira.—Gen. 39:21-23.

6. Josefa a ka tswa a ile a kgothadiwa jang ke ditoro tsa gagwe?

6 Sengwe gape se se ka tswang se ile sa kgothatsa Josefa, ke go akanya ka ditoro tse Jehofa a ileng a dira gore a di lore. Ditoro tseo, di ne di mmontsha gore mathata a gagwe a tlile go fela le gore o ne a tlile go kopana le ba lelapa la gagwe gape. Mme seo se ile sa diragala. Fa Josefa a na le dingwaga di ka nna 37, ditoro tsa gagwe di ile tsa diragala ka tsela e a neng a sa e solofela.—Gen. 37:7, 9, 10; 42:6, 9.

7. Go ya ka 1 Petere 5:10 ke eng se se ka re thusang go itshokela diteko?

7 Re ithuta eng? Se se diragaletseng Josefa se re gopotsa gore re tshela mo lefatsheng le le bosula le gore batho ga ba kitla ba re tshwara sentle. Tota le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna ba se ka ba re tshwara sentle kgotsa ba re utlwisa botlhoko. Mme fa re tsaya Jehofa e le Lefika kgotsa Botshabelo jwa rona ga re kitla re kgobega marapo kgotsa go tlogela go mo direla. (Pes. 62:6, 7; bala 1 Petere 5:10.) Gopola gore Josefa o ne a na le dingwaga di ka nna 17 fa a ne a lora ditoro tse di tswang kwa go Jehofa. Seno se re bontsha gore Jehofa o tshepa batlhanka botlhe ba gagwe le fa ba ka tswa ba le basha. Gompieno go na le basha ba le bantsi ba ba tshwanang le Josefa. Le bone ba na le tumelo mo go Jehofa fela jaaka Josefa. Bangwe ba bone ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne ba sa batle go tlola melao ya ga Jehofa.—Pes. 110:3.

BASADI BA BABEDI BA BA NENG BA NGOMOGILE PELO

8. Ke eng se se ileng sa diragalela Naomi le Ruthe?

8 Naomi le lelapa la gagwe ba ile ba fuduga kwa legaeng la bone le le neng le le kwa Juda, ba bo ba ya go nna kwa Moabe. Seno ene e le ka gonne go ne go na le leuba kwa Juda. Fa ba ntse ba le kwa Moabe, monna wa ga Naomi e bong Elimeleke o ile a tlhokafala mme Naomi a sala le bana ba gagwe ba babedi ba basimane. Fa nako e ntse e tsamaya, basimane bao ba ile ba nyala basadi ba Bamoabe e bong Ruthe le Orepa. Morago ga dingwaga di ka nna lesome, bana ba ga Naomi le bone ba ile ba tlhokafala. Mme e re ka ba ne ba se na bana, basadi ba bone le bone ba ile ba sala ba le nosi. (Ruthe 1:1-5) Akanya fela gore basadi bano ba bararo ba ne ba utlwile botlhoko jang. Mme gone, Ruthe le Orepa ba ne ba ka kgona go nyalwa gape. Mme jaanong, e re ka Naomi a ne a tsofala, ke mang yo a neng a tla mo tlhokomela? Naomi o ne a utlwile botlhoko thata jaana mo a neng a re: “Lo se ka lwa mpitsa Naomi. Lo mpitse Mara, ka gonne Mothatayotlhe o ntiretse mo go botlhoko thata.” Morago ga ditiragalo tseno tse di utlwisang botlhoko, Naomi o ile a swetsa ka gore a boele kwa Bethelehema mme Ruthe o ile a tsamaya le ene.—Ruthe 1:7, 18-20.

Modimo o ile a bontsha Naomi le Ruthe gore a ka thusa batlhanka ba gagwe ba ba kgobegileng marapo le ba ba utlwileng botlhoko gore ba boe ba itumele. Le wena Jehofa a ka go thusa (Bona serapa 8-13) *

9. Ruthe 1:16, 17 le 22 ya re Ruthe o ile a kgothatsa jang Naomi?

9 Ke eng se se ileng sa thusa Naomi gore a kgone go itshoka? Ke go bontshiwa lorato. Ka sekai, Ruthe o ile a bontsha gore o rata Naomi ka gonne o ile a gana go mo tlogela a tsamaya a le nosi mme o ile a tsamaya le ene. (Bala Ruthe 1:16, 17, 22.) Kwa Bethelehema Ruthe o ne a dira ka natla gore ene le Naomi ba nne ba na le dijo. Mme ka ntlha ya seo batho ba ne ba lemoga gore Ruthe ke mosadi wa senatla.—Ruthe 3:11; 4:15.

10. Jehofa o ile a bontsha jang gore o rata batho ba ba humanegileng ba ba jaaka Naomi le Ruthe?

10 Jehofa o ne a utlwela batho ba ba humanegileng ba ba jaaka Naomi le Ruthe botlhoko. Ka jalo, o ile a laela Baiseraele gore fa ba roba masimo, ba tlogelele batho ba ba humanegileng dijalo tse di fa thoko ga tshimo. (Lefi. 19:9, 10) Seno se ne se dira gore Naomi le Ruthe ba se ka ba tshwenya batho ba bangwe ka go ba kopa dijo.

11-12. Boase o ne a dira eng gore Naomi le Ruthe ba itumele?

11 Tshimo e Ruthe a neng a sela mabele kwa go yone e ne e le ya monna mongwe wa mohumi e bong Boase. Boase o ne a kgatlhiwa ke tsela e Ruthe a neng a ikanyega ka yone le tsela e a neng a rata Naomi ka yone. Fa nako e ntse e ya, Boase o ile a nyala Ruthe mme a bo a reka tshimo e e kileng ya bo e le ya lelapa la ga Naomi. Mme tshimo eo, e ne e tla nna ya bana ba ga Ruthe. (Ruthe 4:9-13) Boase le Ruthe ba ile ba nna le ngwana ba bo ba mmitsa Obede. Mme moragonyana Obede o ile a nna rremogoloagwe Kgosi Dafide.—Ruthe 4:17.

12 Leka go bona ka leitlho la mogopolo Naomi a tsholeditse Obede, a itumetse e bile a leboga Jehofa! Mme fa Naomi le Ruthe ba tsosiwa, ba tla itumelela go utlwa gore Obede e ne e le mogologolo wa ga Mesia, yo go neng go solofetswe gore o tla tla, e bong Jesu Keresete!

13. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Naomi le Ruthe?

13 Re ithuta eng? Fa re lebana le diteko, re ka kgobega marapo re bo re utlwa botlhoko. Gongwe re ka akanya gore mathata a rona ga a kitla a fela. Fa re ikutlwa jalo, re tshwanetse go ikanya Jehofa Modimo le go tila go katogela kgakala le bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme gone, ga re a tshwanela go lebelela gore Jehofa a fedise mathata a rona ka yone nako eo. Ka sekai, Jehofa ga a ka a tsosa monna wa ga Naomi le bana ba gagwe. Mme ka dinako dingwe a ka re thusa a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi.—Dia. 17:17.

MOLEFI YO O BATLILENG A TLOGELA GO DIRELA JEHOFA

Mokwadi wa Pesalema 73 o batlile a tlogela go direla Jehofa ka gonne o ne a tswela pelo batho ba go neng go lebega ba atlegile mme ba sa direle Jehofa. Le rona seo se ka re diragalela (Bona serapa 14-16)

14. Ke eng se se ileng sa dira gore Molefi mongwe a kgobege marapo?

14 Mokwadi wa Pesalema 73 e ne e le Molefi. Ka jalo, o ne a na le tshiamelo ya go direla Jehofa kwa lefelong la gagwe la kobamelo. Mme ka nako nngwe Molefi yono o ile a kgobega marapo. Ka ntlha yang? O ile a simolola go fufegela batho ba ba dirang dilo tse di bosula e se ka gonne o ne a batla go di dira, mme e le ka gonne a ne a bona e kete batho bao ba tshela monate go mo gaisa. (Pes. 73:2-9, 11-14) Go ne go lebega e kete ba humile, ba tshela monate e bile ga ba na matshwenyego. Fa a bona dilo tseno, o ile a kgobega marapo a bo a re: “Eleruri ke ntlafaditse pelo ya me lefela ka ba ka tlhapela diatla tsa me lefela mo go tlhokeng molato.” Tota dilo tseno di ne di ka dira gore Molefi yono a tlogele go direla Jehofa.

15. Pesalema 73:16-19 le 22-25 ya re Molefi o ile a dira eng gore a se ka a tlhola a kgobega marapo?

15 Bala Pesalema 73:16-19, 22-25. Molefi o ile a tsena “mo lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo.” Fa a ne a le kwa ntlong ya Modimo o ile a kopana le batho ba le bone ba neng ba obamela Jehofa mme o ne a wela makgwafo, a kgona go akanya sentle le go bolelela Jehofa mathata a gagwe. Ka ntlha ya seo, o ile a lemoga gore tsela e a neng a akanya ka yone e ne e sa siama le gore e ne e ka senya botsala jwa gagwe le Jehofa. O ile a tlhaloganya gore batho ba ba bosula ba ne ba le “mo lefelong le le boreledi” kgotsa tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne e tlile go ba tsenya mo mathateng mme kwa bofelong Jehofa o ne a tlile go ba fedisa. Molefi o ne a tshwanetse go leba dilo ka tsela e Jehofa a neng a di leba ka yone, gore a se ka a kgobega marapo le gore a se ka a fufegela batho ba ba boikepo. Fa a sena go dira jalo o ile a itumela. O ile a re: “Kwantle ga [ga Jehofa] ga ke na sepe se sengwe se se nnatefelelang mo lefatsheng.”

16. Re ithuta eng mo go se Molefi mongwe a ileng a se dira?

16 Re ithuta eng? Ga re a tshwanela go fufegela batho ba ba bosula ba go lebegang e kete ba tshela monate. Boitumelo jwa bone ke jwa nakwana e bile ga ba kitla ba tshelela ruri. (Mor. 8:12, 13) Fa re ba fufegela, re tla feleletsa re kgobegile marapo e bile re sa tlhole re le ditsala tsa ga Jehofa. Ka jalo, fa le wena o ka ikutlwa o fufegela batho ba ba bosula fela jaaka Molefi, dira se a ileng a se dira. Ikobele Jehofa mme o tsalane le batho ba ba dirang thato ya gagwe. Fa o rata Jehofa go feta dilo tse dingwe tsotlhe, o tla itumela. Mme o tla tswelela o le mo tseleng e e isang kwa ‘botshelong jwa mmatota.’—1 Tim. 6:19.

PETERE O NE A KGOBIWA MARAPO KE DIPHOSO TSA GAGWE

Fa re akanya ka se se ileng sa thusa Petere gore a se ka a kgobega marapo, seo le rona se ka re thusa mme gape re ka kgona le go thusa ba bangwe (Bona serapa 17-19)

17. Ke eng se se ileng sa dira gore Petere a kgobege marapo?

17 Moaposetoloi Petere e ne e le motho yo o matlhagatlhaga. Mme ka dinako dingwe o ne a bua kgotsa a dira dilo a sa akanye. Kwa bofelong a bo a ikwatlhaela dilo tseo. Ka sekai, fa Jesu a ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore o tlile go bogisiwa a bo a bolawa, Petere o ile a mo kgala ka go mo raya a re: “Ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” (Math. 16:21-23) Mme Jesu o ile a mo kgalemela. Fa segopa sa batho se ne se tlile go tshwara Jesu, Petere o ile a tseega maikutlo a bo a kgaola tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo. (Joh. 18:10, 11) Mme Jesu o ile a mo kgalemela gape. Mo godimo ga moo, Petere o ile a ikgantsha a re le fa baaposetoloi ba bangwe ba ne ba ka tlogela Jesu, ene o ne a se kitla a mo tlogela. (Math. 26:33) E re ka Petere a ne a itshepa thata, o ile a tsena mo mathateng. Mo go jone bosigo joo, o ile a boifa batho a bo a itatola Jesu makgetlho a le mararo. Mme e re ka a ne a kgobegile marapo o ile “a tswela kwa ntle [a bo] a lela mo go botlhoko.” (Math. 26:69-75) Gongwe o ne a ipotsa gore a Jesu o ne a tla mo itshwarela.

18. Jesu o ile a thusa Petere jang gore a fenye go kgobega marapo?

18 Petere ga a ka a letla tsela e a neng a kgobegile marapo ka yone e dira gore a tlogele go direla Jehofa. Le fa a sena go itatola Jesu o ile a tswelela a direla Jehofa le baaposetoloi ba bangwe. (Joh. 21:1-3; Dit. 1:15, 16) Ke eng se se mo thusitseng gore a se ka a tlhola a kgobega marapo? O ile a gopola gore Jesu o kile a mo rapelela gore a se ka a felelwa ke tumelo le gore o ile a mo kgothaletsa gore a ye kwa bakaulengweng ba gagwe gore a ye go ba nonotsha. Jehofa o ile a araba thapelo eo. Moragonyana, Jesu o ile a bonala kwa go Petere gongwe e le ka gonne a ne a batla go mo kgothatsa. (Luke 22:32; 24:33, 34; 1 Bakor. 15:5) Gape Jesu o ile a bonala kwa baaposetoloing ba gagwe morago ga gore ba fetse bosigo jotlhe ba leka go tshwara ditlhapi mme ba sa tshware sepe. Ka nako eo, Jesu o ile a naya Petere tshono ya gore Petere a mmolelele gore o a mo rata. Jesu o ne a setse a itshwaretse Petere mme o ne a mo naya tiro e e oketsegileng.—Joh. 21:15-17.

19. Go ya ka Pesalema 103:13 le 14 Jehofa o ikutlwa jang ka rona fa re dira diphoso?

19 Re ithuta eng? Tsela e Jesu a neng a dirisana le Petere ka yone e ne e bontsha gore o kutlwelobotlhoko fela jaaka Rraagwe. Ka jalo, fa re dirile diphoso ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa ga a kitla a re itshwarela. Gopola gore Satane o batla gore re ikutlwe jalo. Go na le moo, re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o a re rata, o tlhaloganya makoa a rona le gore o batla go re itshwarela. Mme re tshwanetse go mo etsa fa batho ba bangwe ba re utlwisa botlhoko.—Bala Pesalema 103:13, 14.

20. Ke eng se re tla tlotlang ka sone mo setlhogong se se latelang?

20 Se se diragaletseng Josefa, Naomi, Ruthe, Molefi le Petere se re tlhomamisetsa gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.” (Pes. 34:18) Ka dinako dingwe, Jehofa a ka letla gore re kgobege marapo le gore re lebane le diteko. Le fa go ntse jalo, tumelo ya rona e a nonofa fa Jehofa a re thusa go lebana le diteko tseo. (1 Pet. 1:6, 7) Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore Jehofa o ile a thusa jang batlhanka ba gagwe ba ba ileng ba kgobega marapo, gongwe e le ka gonne ba dira diphoso kgotsa ba lebane le maemo a a thata.

PINA 7 Jehofa ke Maatla a Rona

^ ser. 5 Josefa, Naomi, Molefi le moaposetoloi Petere ba ile ba lebana le dikgwetlho tse di neng di dira gore ba kgobege marapo. Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jehofa o ile a ba kgothatsa jang. Gape re tla bona gore re ka ithuta eng mo dikaong tsa bone le mo tseleng e Jehofa a ileng a dirisana le bone ka yone.

^ ser. 56 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Naomi, Ruthe le Orepa ba utlwile botlhoko e bile ba kgobegile marapo ka gonne ba tlhokafaletswe ke balekane ba bone. Moragonyana Naomi o itumetse le Ruthe le Boase ka gonne ba na le ngwana yo o bidiwang Obede.