Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Diane 24:16 ya re: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” A temana eno e bua ka motho yo o nnang a dira boleo mme Modimo a bo a mo itshwarela?

Nnyaa, seno ga se se temana eno e se kayang. Go na le moo, temana eno e bua ka motho yo o lebanang le mathata mme a bo a kgona go a itshokela.

A re sekasekeng ditemana tse di dikologileng Diane 24:16. Ditemana tseo di a re: “O se ka wa lalela lefelo la bonno la mosiami; o se ka wa thopa lefelo la gagwe la boikhutso. Gonne mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga; mme baikepi ba tla dirwa gore ba kgotšwe ke masetlapelo. Fa mmaba wa gago a wa, o se ka wa ipela; mme fa a dirwa gore a kgotšwe, a pelo ya gago e se ka ya ipela.”—Dia. 24:15-17.

Batho bangwe ba akanya gore temana 16 e bua ka motho yo o dirang boleo a bo a ikwatlhaya mme a bo a tswelela e le tsala ya Modimo. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba kwa England ba ile ba re “bareri ba gone jaanong le ba mo nakong e e fetileng, ba ne ba tlhalosa temana eno” jalo. Mme ba ile ba re, fa e le gore go ntse jalo, seo se raya gore “motho a ka dira boleo jo bo masisi mme Modimo a bo a tswelela a mo amogela ka gonne a ile a ikwatlhaela boleo joo.” Motho yo o sa batleng go tlogela go dira boleo a ka rata tsela e e phoso e temana eo e tlhalosiwang ka yone. Gongwe a ka akanya gore le fa a ka leofa gantsintsi, Modimo o tlile go mo itshwarela.

Mme seo, ga se se Diane 24:16 e se kayang.

Lefoko la Sehebera le le dirisitsweng mo go temana 16 le 17 e leng ‘go wa’ le ka dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, phologolo e ka wela mo tseleng, motho a ka wa mo borulelong kgotsa letlapa le ka wela fa fatshe. (Dute. 22:4, 8; Amose 9:9) Mme gape lefoko ‘go wa’ le ka dirisiwa gape ka tsela e e farologaneng. Ka sekai, Baebele ya re: “Dikgato tsa monna yo o nonofileng di baakantswe ke Jehofa, mme o itumedisiwa ke tsela ya gagwe. Le fa a ka wa, ga a na go piriganngwa, gonne Jehofa o tshegeditse seatla sa gagwe.”—Pes. 37:23, 24; Dia. 11:5; 13:17; 17:20.

Ela tlhoko ntlha e Porofesa Edward Plumptre a ileng a e bua. O ile a re: “Lefoko la Sehebera [‘go wa’] ga le ke le dirisiwa fa go buiwa ka boleo.” Ka jalo, moithuti mongwe wa Baebele o tlhalosa temana 16 jaana: “Go bogisa batlhanka ba Modimo ke go itshenyetsa nako ka gonne ba tla tswelela ba atlega ka metlha mme batho ba ba bosula bone, ga ba kitla ba atlega!”

Ka jalo, go bonala sentle gore Diane 24:16, ga e bue ka go dira boleo kgotsa motho yo o dirang boleo. Mme e bua ka motho yo o lebanang le mathata kgotsa diteko, le fa tota motho yoo a ka lebana le mathata ao makgetlo a le mantsi. Mo lefatsheng leno le le bosula, motho yo o siameng a ka nna le mathata a botsogo kgotsa mathata mangwe fela a botshelo. A ka nna a bogisiwa ke puso ka ntlha ya se a se dumelang. Mme a ka tshepa gore Jehofa o tla mo thusa go itshoka le gore a fenye mathata ao. Ipotse gore, ‘Ke makgetlo a le makae a mo go one o ileng wa bona batlhanka ba Modimo ba atlega kgotsa dilo di ba tsamaela sentle?’ Goreng dilo di ba tsamaela sentle?’ Ka gonne “Jehofa o tshegetsa botlhe ba ba wang, e bile o tsholetsa botlhe ba ba inameng.”—Pes. 41:1-3; 145:14-19.

“Mosiami” kgotsa motho yo o siameng, ga a itumedisiwe ke go bona batho ba bangwe ba na le mathata. Le fa go ntse jalo, o kgothadiwa ke go itse gore “dilo di tla tsamaela ba ba boifang Modimo wa boammaaruri sentle.”—Mor. 8:11-13; Jobe 31:3-6; Pes. 27:5, 6.