Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 52

O ka Fenya Jang go Kgobega Marapo?

O ka Fenya Jang go Kgobega Marapo?

“Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.”—PES. 55:22.

PINA 33 Latlhela Mokgweleo wa Gago mo go Jehofa

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ka direga eng ka rona fa re kgobegile marapo?

LETSATSI le letsatsi re lebana le mathata. Mme re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re kgone go a itshokela. Mme gone, ga go motlhofo go itshokela mathata fa re kgobegile marapo. Ka jalo, re tshwanetse go nna re gopotse gore go kgobega marapo go ka dira gore re se ka ra itumela gape go ka dira gore re ikutlwe re se na mosola. Diane 24:10 ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Ka jalo, fa re kgobegile marapo, re ka ikutlwa re le bokoa e bile go ka nna thata gore re itshokele mathata.

2. Ke dilo dife tse di ka dirang gore re kgobege marapo mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirang gore re kgobege marapo. Dingwe tsa dilo tseo ke diphoso tsa rona, makoa a rona le bolwetse. Mme selo se sengwe se se ka dirang gore re kgobege marapo ke fa re sa newe kabelo nngwe e re neng re lebeletse gore re tla e newa kgotsa re rera mo lefelong le batho ba lone ba sa rateng go reetsa molaetsa wa rona. Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka dilo dingwe tse di ka re thusang gore re fenye go kgobega marapo.

FA RE DIRA DIPHOSO KGOTSA FA RE NA LE MAKOA

3. Ke eng se se ka re thusang gore re ikutlwe botoka fa re utlwile botlhoko ka ntlha ya diphoso tse re di dirileng?

3 Fa re dirile diphoso kgotsa re boeletsa phoso nngwe e re e dirileng, re ka ikutlwa molato gape re ka simolola go inyatsa. Ka ntlha ya seo, re ka simolola go akanya gore Jehofa ga a kitla a re letla go tshela kwa lefatsheng le lesha. Go akanya jalo go ka nna kotsi. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka diphoso tse re di dirang? Baebele ya re batho botlhe, kwantle ga Jesu, “ba leofile.” (Bar. 3:23) Mme gone, Jehofa ga a tlhome mogopolo mo diphosong tsa rona e bile ga a lebelela gore re se ka ra dira diphoso. Go na le moo, ke Rre wa rona e bile o a re rata. O pelotelele le rona. O a itse gore ga go motlhofo gore re dire dilo tse di siameng le gore fa re dirile diphoso re ikutlwa molato. Ka jalo, o batla gore thusa.—Bar. 7:18, 19.

Le fa re ka tswa re ikutlwa molato ka dilo tse re di dirileng mo nakong e e fetileng, Jehofa o bona dilo tse di molemo tse re di dirang gone jaanong e bile o a di anaanela (Bona serapa 5) *

4-5. Go dumalana le se se tlhalositsweng mo go 1 Johane 3:19 le 20, ke eng se se thusitseng bokgaitsadi bangwe gore ba fenye go kgobega marapo?

4 Akanya ka se se diragaletseng Deborah le Maria. * Fa Deborah a ne a sa ntse a le mosha, ba lelapa la gagwe ba ne ba sa mo tshware sentle gape ba ne ba dira gore a ikutlwe a se na mosola. Ba ne ba sa ke ba mo akgola mme seo se ne se dira gore a inyatse. Le fa a ne a dirile phoso e nnye o ne a akanya gore ga go na sepe se a kgonang go se dira sentle. Maria le ene o ne a na le bothata jo bo tshwanang. Ba lelapa la gagwe ba ne ba dira gore a ikutlwe a se na mosola. Ka ntlha ya seo, o ne a inyatsa. Tota le fa a sena go kolobediwa, o ne a akanya gore ga a tshwanelege go nna Mosupi wa ga Jehofa.

5 Mme gone, bokgaitsadi bano ga ba a ka ba tlogela go direla Jehofa. Ba ile ba thusiwa ke eng? Ba ile ba rapela Jehofa ba bo ba mmolelela gore ba ikutlwa jang. (Pes. 55:22) Ba ile ba ithuta gore Jehofa o a itse gore dilo tse di bosula tse di re diragalelang, di ka dira gore re ikutlwe re se na mosola. Le gore Jehofa o bona dilo tse di molemo tse re di dirang le fa rona re sa kgone go di lemoga.—Bala 1 Johane 3:19, 20.

6. Ke eng se motho a ka se dirang fa a boeletsa phoso e a kileng a e dira?

6 Motho mongwe a ka nna a leka ka natla go tlogela go dira sengwe se se phoso. Le fa go ntse jalo, motho yoo a ka dira phoso eo gape mme seo se bo se dira gore a kgobege marapo. Gone re ikutlwa molato fa re dirile boleo. (2 Bakor. 7:10) Mme gone, ga re a tshwanela go ikutlwa molato thata jaana mo re feleletsang re akanya gore ga re na mosola le gore Jehofa ga a kitla a re itshwarela. Go akanya jalo go ka dira gore re tlogele go direla Jehofa. Gopola gore Diane 24:10 ya re fa re kgobegile marapo, re tla felelwa ke maatla. Go na le gore o nnele go ikutlwa molato, baakanya dilo fa gare ga gago le Jehofa ka go mo kopa gore a go itshwarele. (Isa. 1:18) Fa Jehofa a lemoga gore o ikwatlhaela phoso e o e dirileng e bile o dira sotlhe se o ka se kgonang go fetoga, o tla go itshwarela. Gape bua le bagolwane. Ba tla go thusa gore o boe o nne tsala ya ga Jehofa gape.—Jak. 5:14, 15.

7. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa go se motlhofo gore re dire dilo tse di siameng?

7 Mogolwane wa kwa France yo o bidiwang Jean-Luc a re: “Motho yo o siameng mo go Jehofa, ga se yo o sa direng diphoso mme ke yo o ikwatlhaelang diphoso tsa gagwe a bo a leka go fetoga.” (Bar. 7:21-25) Ka jalo, fa o dira diphoso, o se ka wa akanya gore ga o na mosola mo go Jehofa. E re ka re dira diphoso, rotlhe re tlhoka gore Jehofa a re utlwele botlhoko. Mme o dira jalo a dirisa setlhabelo sa ga Jesu.—Baef. 1:7; 1 Joh. 4:10.

8. Re ka kopa thuso mo go bomang fa re kgobegile marapo?

8 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla re kgothatsa! Ba ka re reetsa fa re batla go bua. (Dia. 12:25; 1 Bathes. 5:14) Kgaitsadi mongwe wa kwa Nigeria yo o bidiwang Joy a re: “Fa e ka bo e se ka bakaulengwe le bokgaitsadi, ga ke itse gore nka bo ke le wa ga mang. Tsela e ba neng ba nkgothatsa ka yone e ne e mpontsha gore Jehofa o araba dithapelo tsa me. Se ba ileng ba se dira se ile sa nthusa go bona gore ke eng se nka se dirang go kgothatsa ba ba kgobegileng marapo.” Mme gone, re tshwanetse go gopola gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna ba se ka ba lemoga gore re tlhoka go kgothadiwa. Ka jalo, fa re kgobegile marapo, re ka bua le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o nang le maitemogelo.

FA RE LWALA

9. Pesalema 41:3 le 94:19 di re kgothatsa jang?

9 Kopa Jehofa gore a go thuse. Go ka nna thata gore re lebe dilo sentle fa re lwala kgotsa re tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng. Jehofa ga a kitla a re fodisa ka kgakgamatso mme gone, o tla re naya maatla a re a tlhokang gore re kgone go itshoka. (Bala Pesalema 41:3; 94:19.) A ka nna a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re thuse ka dilo dingwe mo lapeng kgotsa ba re ele dishopong. Gape a ka dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rapele le rona. Kgotsa a ka nna a dira gore re gopole dilo dingwe tse di tswang mo Lefokong la gagwe, tse di jaaka tsholofelo e re nang le yone ya go tshela kwa lefatsheng le lesha re se na boleo e bile re sa lwale.—Bar. 15:4.

10. Ke eng se se ileng sa thusa Isang gore a se ka a nna a kgobegile marapo?

10 Isang yo o nnang kwa Nigeria o ile a tlhagelwa ke kotsi mme a golafala. Ngaka ya gagwe e ile ya mmolelela gore a ka se tlhole a kgona go tsamaya. Isang a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko e bile ke ngomogile pelo.” Mme Isang ga a ka a nna a kgobegile marapo. Ke eng se se ileng sa mo thusa? A re: “Nna le mosadi wa me re ne re rapela Jehofa ka metlha gape re bala Baebele. E bile re ne re ikemiseditse gore re tla tswelela re anaanela dilo tse re nang le tsone, tota le tsholofelo ya go tshela kwa lefatsheng le lesha.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba sa kgoneng go rera ka ntlo le ntlo ka ntlha ya mathata a botsogo, ba ka batla ditsela tse di farologaneng tsa go rera ba bo ba itumelela bodiredi (Bona serapa 11-13)

11. Ke eng se se thusitseng Cindy gore a nne a itumetse le fa a ne a lwala?

11 Dingaka di ile tsa bolelela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Cindy gore o na le bolwetse jo bo neng bo ka mmolaya. Ke eng se se mo thusitseng gore a kgone go itshoka? O ne a rerela baoki le dingaka fa ba ne ba tlile go mo tlhola. A re: “Seo se ile sa nthusa gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo bolwetseng jwa me le mo botlhokong jo ke neng ke bo utlwa. Fa ke ne ke tlotla le dingaka kgotsa baoki, ke ne ke ba botsa ka ba malapa a bone. Go tswa foo, ke bo ke ba botsa gore goreng ba tlhophile go dira tiro e e thata jaana. Mme seo se ne se nthusa gore ke kgone go tlhopha sengwe se nka tlotlang le bone ka sone. Bontsi jwa bone ba ne ba mpolelela gore ga se gantsi balwetse ba ba botsa gore ba tsoga jang. Mme ba ile ba leboga go bo ke ile ka bontsha gore ke a ba kgathalela. Bangwe ba bone ba ile ba nnaya dinomoro tsa bone tsa mogala kgotsa diaterese tsa kwa ba dulang gone. Ke ne ke itse gore Jehofa o ne a tlile go nthusa go itshokela nako eno e e thata. Mme gone, ke ne ka gakgamadiwa ke gore o ne a dirile gore ke itumele go feta kafa ke neng ke lebeletse ka gone!”—Dia. 15:15.

12-13. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ba lwalang kgotsa ba ba tsofetseng ba ile ba dirisa mekgwa efe go rerela batho, mme go ile ga felela jang?

12 Batho ba ba lwalang ba ka nna ba kgobiwa marapo ke gore ga ba kgone go rera ka tsela e ba neng ba batla ka yone. Mme bontsi jwa bone ba batla ditsela tse dingwe tsa go rera. Kgaitsadi mongwe wa kwa United States yo o bidiwang Laurel o ne a fetsa dingwaga di le 37 a tsentswe mo motšhineng o o neng o mo thusa go hema. Gape o ne a na le kankere, a dirilwe dikaro di le dintsi e bile a na le bothata jwa letlalo. Mme mathata ao ga a ka a dira gore a tlogele go rera. O ile a rerela baoki le batho ba ba neng ba tla go mo tlhokomela kwa ntlong ya gagwe. Go ile ga felela jang? O ile a thusa batho ba ka nna 17 gore ba ithute ka Jehofa. *

13 Mogolwane mongwe wa ka France yo o bidiwang Richard, o ile a ntsha kakantsho ya gore batho ba ba sa kgoneng go tswa mo magaeng a bone ka go bo ba lwala kgotsa ba ba nnang kwa mafelong a ba tlhokomelwang kwa go one, ba ka dira eng gore ba kgone go rerela batho. A re: “Ke ne ka akantsha batho bao gore ba beye dibuka le dimakasine mo batho ba ka kgonang go di bona sentle gone. Fa batho ba feta, ba tla bona dikgatiso tseo ba bo ba botsa ka tsone. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba tlotla le batho ka Baebele, seno se ka ba kgothatsa.” Gape batho ba ba sa kgoneng go tswa mo magaeng a bone ba ka rera ba dirisa makwalo kgotsa founu.

FA RE SA NEWE KABELO E RE NENG RE E BATLA

14. Kgosi Dafide o re tlhometse sekao sefe se se molemo?

14 Re ka nna ra se ka ra newa kabelo e re neng re e batla ka gonne re tsofetse, re lwala kgotsa ka ntlha ya mabaka mangwe a a rileng. Fa seo se direga, re ka ithuta sengwe mo go Kgosi Dafide. Dafide o ne a batla go agela Jehofa tempele mme gone, Jehofa o ile a tlhopha motho yo mongwe gore a e age. Le fa go ntse jalo, Dafide o ile a thusa mo porojekeng eo ka go ntsha gauta le selefera. Ruri Dafide o re tlhometse sekao se se molemo!—2 Sam. 7:12, 13; 1 Ditir. 29:1, 3-5.

15. Ke eng se se thusitseng Hugues gore a fenye go kgobega marapo?

15 Mokaulengwe mongwe wa kwa France yo o bidiwang Hugues o ne a simolola go lwala mme ka ntlha ya seo, o ne a sa tlhole a kgona go direla e le mogolwane e bile a sa kgone go itirela sepe mo lapeng. A re: “Kwa tshimologong ke ne ke ikutlwa ke se na mosola e bile ke kgobegile marapo. Mme fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go tlogela go ikutlwisa botlhoko ka dilo tse ke sa kgoneng go di dira. Mme fa ke sena go dira jalo, ke ne ka itumela ka gonne ke ne ka simolola go tlhoma mogopolo mo dilong tse ke kgonang go di direla Jehofa. Ga nkitla ke ineela. Gideone le banna ba le 300 ga ba a ka ba ineela le fa ba ne ba lapile. Ka jalo, le nna ke ikemiseditse gore ke tla tswelela ke itshokile!”—Baatlh. 8:4.

16. Re ka ithuta eng mo go se baengele ba ileng ba se dira?

16 Baengele ba ba ikanyegang ba re tlhomela sekao se se molemo. Ka sekai, Jehofa o ne a botsa baengele gore ke leano lefe le ba akanyang gore le ka dirisiwa go tsietsa Kgosi e e bosula e bong Ahabe. Baengele ba bangwe ba ile ba ntsha dikakantsho tsa bone. Mme gone, Jehofa o ile a tlhopha moengele a le mongwe gore a ye go tsietsa Ahabe a bo a mmolelela gore leano la gagwe le ne le tlile go bereka. (1 Dikg. 22:19-22) A baengele ba bangwe ba ile ba kgobega marapo, ba bo ba akanya gore ba sentse nako ya bone ka go ntsha dikakantsho? Nnyaa, ga ba a ka ba dira jalo. Baengele ba boikokobetso e bile ba batla gore Jehofa e nne ene fela a newang kgalalelo.—Baatlh. 13:16-18; Tshen. 19:10.

17. Ke eng se re ka se dirang fa re utlwisitswe botlhoko ke gore ga re a newa dikabelo dingwe mo phuthegong?

17 Gopola gore tshiamelo e e di gaisang tsotlhe e re nang le yone, ke go nna Basupi ba ga Jehofa le go rera ka Bogosi Jwa Modimo. Ka dinako dingwe re ka newa dikabelo kgotsa tsa re latlhegela, mme gone, dikabelo tseo ga se tsone di dirang gore Jehofa a re rate. Fa re le boikokobetso Jehofa o tla re rata, bakaulengwe le bokgaitsadi le bone ba tla re rata. Ka jalo, kopa Jehofa gore a go thuse gore o tswelele o le boikokobetso. Leka go akanya ka batlhanka ba Modimo ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba le boikokobetso. Ithaopele go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi.—Pes. 138:6; 1 Pet. 5:5.

FA BATHO BA SA BATLE GO REETSA DIKGANG TSE DI MOLEMO

18-19. Ke eng se se ka go thusang gore o itumelele bodiredi le fa batho ba tshimo ya lona ba sa batle go reetsa molaetsa?

18 A ka dinako dingwe o a tle o kgobiwe marapo ke gore batho ba tshimo ya lona ga ba batle go reetsa dikgang tse di molemo? Kgotsa gore ga se gantsi lo fitlhela batho mo magaeng a bone? Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re itumetse le fa re lebana le maemo ano? Go na le dikakantsho tsa se o ka se dirang mo lebokosong la setlhogo se se reng, “ Se o Ka se Dirang Gore o Itumelele Bodiredi.O tshwanetse go leba bodiredi ka tsela e e siameng. Go leba bodiredi ka tsela e e siameng go kaya eng?

19 Gopola gore lebaka la go bo re rera ke ka go bo re batla go itsise batho leina la Modimo le ka Bogosi jwa gagwe. Jesu o ile a tlhalosa gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba tlileng go nna balatedi ba gagwe. (Math. 7:13, 14) Fa re le mo bodireding, re na le tshiamelo ya go dira mmogo le Jehofa, Jesu le baengele. (Math. 28:19, 20; 1 Bakor. 3:9; Tshen. 14:6, 7) Jehofa o batla go thusa batho ba ba batlang go mo direla. (Joh. 6:44) Ka jalo, fa motho a sa batle go reetsa molaetsa wa rona fa re mo etetse, gongwe a ka o reetsa mo nakong e e tlang.

20. Jeremia 20:8 le 9 e ka re thusa jang gore re kgone go fenya go kgobega marapo?

20 Go na le dilo di le dintsi tse re ka di ithutang mo go Moporofeti Jeremia. Batho ba a neng ba rerela ba ne ba sa batle go reetsa molaetsa wa gagwe. Batho bao ba ne ba mo tlhapatsa e bile ba mo kgoba “letsatsi lotlhe.” (Bala Jeremia 20:8, 9.) Nako nngwe, Jeremia o ile a kgobega marapo thata mo a neng a batla go tlogela go rera. Mme ga a ka a dira jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne “lefoko la ga Jehofa” le ne le tshwana le molelo o o neng o tswaletswe mo go ene mme o ne a sa kgone go o tshola! Le rona re ka diragalelwa ke se se ileng sa diragalela Jeremia fa re nna re bala Lefoko la Modimo e bile re tlhatlhanya ka lone. Ka ntlha ya seo, re tla itumelela bodiredi e bile batho ba le bantsi ba tla re reetsa.—Jer. 15:16.

21. Ke eng se se ka re thusang go fenya go kgobega marapo?

21 Deborah yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Satane o dirisa go kgobega marapo e le sebetsa kgatlhanong le rona.” Mme Jehofa Modimo o maatla go feta Satane le dibetsa tsa gagwe. Ka jalo, fa o kgobegile marapo, kopa Jehofa gore a go thuse. O tla go thusa go fenya diphoso le makoa a gago. O tla go thusa fa o lwala. Fa o sa newe dikabelo tse o neng o di batla, o tla go thusa gore o lebe dilo sentle. O tla go thusa gore o tswelele o itumetse le fa batho ba o ba rerelang ba sa batle go reetsa molaetsa. Mo rapele mme o mmolelele gore o ikutlwa jang. O tla go thusa gore o fenye go kgobega marapo.

PINA 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me

^ ser. 5 Rotlhe re a tle re kgobege marapo. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo dingwe tse re ka di dirang fa re kgobegile marapo. Mme re tlile go bona gore Jehofa a ka re thusa jang go fenya bothata joo.

^ ser. 4 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 12 Bala kgang ya botshelo jwa ga Laurel Nisbet mo makasineng wa Tsogang! wa October 8, 1993 ts. 30 ser. 4, 5.

^ ser. 69 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o kgobegileng marapo, o akanya ka dilo tse a di dirileng mo tirelong ya ga Jehofa. O a itse gore Jehofa o gopola dilo tse a ileng a di mo direla le tse a di dirang gone jaanong.