Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dira ka Natla mo Kabelong ya Gago!

Dira ka Natla mo Kabelong ya Gago!

O IKUTLWA jang fa o amogela lekwalo le le kgothatsang le le tswang kwa tsaleng ya gago? Timotheo o ile a amogela lekwalo le le ntseng jalo go tswa kwa go moaposetoloi Paulo. Gone jaanong, lekwalo leo ke buka ya Baebele e e bidiwang Timotheo wa bobedi. Timotheo o tshwanetse a bo a ile a batla lefelo le le didimetseng le a ka kgonang go bala lekwalo leo le le tswang kwa tsaleng ya gagwe. Gongwe o ne a ipotsa gore: ‘Paulo o tsoga jang? A go na le kgakololo nngwe e a batlang go nnaya yone e e ka nthusang mo kabelong ya me? Lekwalo leno le tla nthusa jang gore ke dire tiro ya go rera le go ruta botoka le gore ke kgone go thusa ba bangwe?’ Timotheo ga ka a bona dikarabo tsa dipotso tseno fela mo lekwalong leo, mme gape o ile a bona le dilo tse di neng di mo kgothatsa. Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dingwe tsa dikgakololo tse re ka di dirisang tse di tswang mo lekwalong leno.

“KE TSWELELA KE ITSHOKELA DILO TSOTLHE”

Ga go pelaelo gore fa Timotheo a simolola go bala lekwalo leo o ile a lemoga gore Paulo o a mo rata. Paulo o ile a simolola ka go bitsa Timotheo a re ke “ngwana yo o rategang.” (2 Tim. 1:2) Timotheo o ile a amogela lekwalo la gagwe ka ngwaga wa bo65. Gongwe o ne a setse a na le dingwaga di le 30 e bile e le mogolwane yo o nang le maitemogelo. O ne a setse a na le dingwaga di le lesome a dira le Paulo mme o ne a ithutile go le gontsi mo go ene.

Timotheo o tshwanetse a bo a ile a kgothadiwa ke go utlwa gore Paulo o ne a sa ntse a ikanyega e bile a itshoketse diteko. O ne a tshwerwe kwa Roma, mme go ise go ye e kae o ne a tlile go bolawa. (2 Tim. 1:15, 16; 4:6-8) Timotheo o ile a kgona go lemoga gore Paulo o ne a le pelokgale ka gonne Paulo o ile a re: “Ke tswelela ke itshokela dilo tsotlhe.” (2 Tim. 2:8-13) Fela jaaka Timotheo a ile a kgothadiwa ke sekao sa ga Paulo sa go itshoka, le rona se ka re kgothatsa.

KGOTLETSA MPHO JAAKA MOLELO

Paulo o ile a kgothaletsa Timotheo gore a tseye kabelo e Modimo a mo neileng yone e le botlhokwa. O ne a batla gore Timotheo a “kgotletse jaaka molelo mpho ya Modimo” e e neng e le mo go ene. (2 Tim. 1:6) Paulo o ile a dirisa lefoko la Segerika e leng: khaʹri·sma fa a ne a bua ka “mpho.” Lefoko leo la Segerika le kaya sengwe sa mahala kgotsa sengwe se motho a se newang ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa mo tshwanelang. Timotheo o ile a amogela mpho eo fa a ne a tlhophiwa go direla mo phuthegong ka tsela e kgethegileng.—1 Tim. 4:14.

Paulo o ile a kgothaletsa Timotheo gore a dire eng ka mpho e a neng a e neilwe? Gongwe fa Timotheo a bala mafoko a a reng ‘kgotletsa jaaka molelo,’ o ile a akanya ka molelo o o tleng o gotsiwe kwa lapeng o ka dinako dingwe o a tleng o time go bo go sala magala a tuka. Gore magala ao a tswelele a tuka e bile a ntshe bothitho jo bo tlhokegang a tlhoka go kgotlediwa. Dikishinare nngwe ya Segerika ya re lefoko (a·na·zo·py·reʹo) le Paulo a ileng a le dirisa le kaya go itumela kgotsa go nna matlhagatlhaga ka tiro nngwe. Tota Paulo o ne a raya Timotheo a re ‘a dire ka natla mo kabelong ya gagwe!’ Le gompieno re sa ntse re tlhoka go dira ka natla mo dikabelong tse re di neilweng.

DISA BOIKARABELO JONO JO BO MOLEMO

Paulo o ile a bolelela Timotheo sengwe gape se se neng se tla mo thusa gore a kgone go atlega mo bodireding. Paulo o ile a re: “Boikarabelo jo bo molemo jono bo dise ka moya o o boitshepo o o mo go rona.” (2 Tim. 1:14) Boikarabelo joo e ne e le eng? Ke dilo dife tse di tlhwatlhwakgolo tse Timotheo a neng a na le tsone? Mo go temana 13 Paulo o ile a bua ka mafoko a a itekanetseng e leng boammaaruri jo bo tswang mo Dikwalong. (2 Tim. 1:13) E re ka Timotheo e ne e le Mokeresete e bile a direla mo phuthegong, o ne a tshwanetse go ruta bakaulengwe le bokgaitsadi le batho ba mo tshimong ya gagwe boammaaruri. (2 Tim. 4:1-5) Gape Timotheo o ne a tlhomilwe gore e nne mogolwane gore a dise dinku tsa Modimo. (1 Pet. 5:2) Timotheo o ne a ka kgona go disa dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse a neng a di neilwe e leng boammaaruri jo a neng a tshwanetse go bo ruta batho ka go ikaega ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa, le Lefoko la gagwe.—2 Tim. 3:14-17.

Le rona re neilwe boammaaruri jo re tlhokang go bo ruta ba bangwe. (Math. 28:19, 20) Ga re a tshwanela go lebala gore boammaaruri jo re tlhokang go bo ruta ba bangwe bo botlhokwa go le kae. Ka jalo, selo se se ka re thusang ke go rapela le go bala Lefoko la Modimo ka metlha. (Bar. 12:11, 12; 1 Tim. 4:13, 15, 16) Bangwe ba na le maikarabelo a a oketsegileng a a jaaka go nna bagolwane kgotsa go direla mo tirelong ya nako e e tletseng. Kabelo eo e tshwanetse go dira gore re nne boikokobetso e bile re ikaege ka Modimo. Ka jalo, re ka disa, kgotsa ra sireletsa boikarabelo jo re bo neilweng ka go bo tsaya bo le botlhokwa le go ikaega ka Jehofa gore a re thuse.

“DILO TSENO DI NEYE BANNA BA BA IKANYEGANG”

Boikarabelo jo bongwe jwa ga Timotheo e ne e le go katisa ba bangwe gore ba dire tiro e a e dirang. Ka jalo, Paulo o ile a mo raya a re: “Dilo tse o neng wa di utlwa mo go nna . . . , di neye banna ba ba ikanyegang, ba le bone ba tla tshwanelegang sentle go ruta ba bangwe.” (2 Tim. 2:2) Paulo o ile a bolelela Timotheo gore a rute ba bangwe dilo tsotlhe tse a neng a di ithutile. Go botlhokwa gore balebedi botlhe mo phuthegong ya ga Jehofa ba leke go dira jalo. Molebedi yo o molemo ga a fitlhele ba bangwe se a se itseng ka tiro nngwe. Ga a tshoge gore batho bao ba tla itse tiro eo go mo gaisa kgotsa ba e dira botoka go mo gaisa. Ka jalo, molebedi yoo o ba ruta sengwe le sengwe se a se itseng ka tiro eo. O batla gore batho ba a ba rutang ba nne le kitso e e tla ba thusang gore e nne Bakeresete ba ba nang le maitemogelo. Fa a dira jalo, banna bano “ba ba ikanyegang” ba tla kgona go thusa mo phuthegong.

Ga go pelaelo gore Timotheo o ne a itumelela lekwalo le Paulo a neng a mo romeletse lone. Akanya Timotheo a ntse a bala lekwalo leo makgetlho a le mantsi, a akanya ka lone go bona gore a ka dirisa jang kgakololo ya lone gore a kgone go atlega mo kabelong ya gagwe.

Le rona re batla go dirisa kgakololo eo. Re ka e dirisa jang? Re ka dira ka natla go kgotletsa mpho e re e neilweng jaaka molelo, go disa kgotsa go sireletsa boikarabelo jo re bo neilweng le go ruta ba bangwe dilo tsotlhe tse re di itseng ka kabelo nngwe. Fa re dira jalo, re tla kgona go dira se Paulo a ileng a se bolelela Timotheo, e leng “go wetsa bodiredi jwa [rona] ka botlalo.”—2 Tim. 4:5.