Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o a Gakologelwa?

A o a Gakologelwa?

A o badile ditlhogo tse di mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo tsa ngwaga ono ka kelotlhoko? Jaanong, leka go bona gore o ka kgona go araba dipotso tseno:

Re tshwanetse go tshwara batlodiwa jang?

Re anaanela tumelo ya bone; mme gone, ga re ba tlotlomatse. Re tila go galaletsa batho. (Jude 16) Re tila go ba botsa dipotso ka tsholofelo ya bone ya go tshela kwa legodimong.—w20.01, ts. 29.

Ke eng se se ka go tlhomamisetsang gore Jehofa o a go bona?

Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a bolo go go itse pele o tsholwa. O reetsa dithapelo tsa gago. O itse dilo tse o di akanyang le tse o di ratang mme dilo tse o di dirang di ka mo itumedisa kgotsa di ka mo utlwisa botlhoko. (1 Ditir. 28:9; Dia. 27:11) O go gogetse mo phuthegong ya gagwe.—w20.02, ts. 12.

Ke dikai dife tse di re thusang go itse gore re tshwanetse go bua leng le go didimala leng?

Re bua le ba bangwe ka Jehofa. Re thusa mongwe fa re bona a dira sengwe se se ka mo tsenyang mo mathateng. Bagolwane ba thusa ba ba tlhokang go gakololwa. Ga re bolelele ba bangwe kgotsa ra ba botsa gore tiro ya rona e dirwa jang kwa dinageng tse e thibetsweng kwa go tsone. Ga re bue dilo tse e leng khupamarama.—w20.03, ts. 20-21.

Tsie e go buiwang ka yone mo go Joele kgaolo 2 e farologane jang le e go buiwang ka yone mo go Tshenolo kgaolo 9?

Joele 2:20-29 ya re Modimo o leleka tsie mme o solofetsa gore o tla duela tshenyo e e bakilweng ke tsie eo. Morago ga moo, Modimo o tsholola moya wa gagwe. Boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa fa Bababelona ba ne ba senya Jerusalema le morago ga moo. Tshenolo 9:1-11 e bua ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba rerang molaetsa wa katlholo kgatlhanong le lefatshe leno. Mme seo se dira gore batho ba se ka ba rata molaetsa wa bone. Temana eno e tshwantsha batlodiwa bao le tsie.—w20.04, ts. 3-6.

Kgosi ya bokone ke mang gompieno?

Russia le dinaga tse di e tshegetsang. Ba ile ba tlhasela batho ba Modimo ka go thibela tiro ya go rera le go dira dilo tse di bontshang gore ba tlhoile Basupi. Kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di a gaisana.—w20.05, ts. 13.

A dinonofo tse di tlhagang mo go Bagalatia 5:22 le 23 ke tsone fela tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone?

Nnyaa. Moya o o boitshepo o re thusa go nna le dinonofo tse dingwe tse di jaaka boitshoko. (1 Tim. 6:11)—w20.06, ts. 17.

Goreng go le kotsi go tsenya ditshwantsho ka dilo tse di diragalang mo botshelong jwa gago mo Internet?

Dilo tse o di tsenyang mo Internet di ka dira gore ba bangwe ba akanye gore o a ikgantsha le gore o boikgogomoso.—w20.07, ts. 6-7.

Bakeresete ba ka ithuta eng mo batshwaraditlhaping ba ba ditswerere?

Ba bereka ka nako e e siameng le kwa lefelong le ba itseng gore go na le ditlhapi kwa go lone. Ba itse go dirisa didirisiwa tsa bone sentle. Ba pelokgale e bile ba bereka le fa maemo a bosa a sa jese di welang. Le rona re ka etsa sekao sa bone fa re le mo bodireding.—w20.09, ts. 5.

Re ka thusa jang baithuti ba Baebele gore ba rate Jehofa le go feta?

Re ka ba kgothaletsa gore ba bale Baebele ka metlha le gore ba tlhatlhanye ka se ba se balang. Gape re ka ba ruta go rapela.—w20.11, ts. 4.

Ke bomang ba ba akarediwang mo go se temana eno e se buang fa e re: “Mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa”?—1 Bakor. 15:22.

Moaposetoloi Paulo o ne a sa reye gore batho botlhe ba tlile go tsosiwa. O ne a bua ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ‘itshepisitsweng ba le seoposengwe le Keresete Jesu.’ (1 Bakor. 1:2; 15:18)—w20.12, ts. 5-6.

Batlodiwa ba tlile go dira eng fa ba sena go ‘fetolwa ka ponyo ya leitlho mo nakong ya terompeta ya bofelo’?—1 Bakor. 15:51-53.

Ba tla dira mmogo le Keresete fa ba tla bo ba disa batho ka thobane ya tshipi. (Tshen. 2:26, 27)—w20.12, ts. 12-13.