Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rapela Go ka Go Thusa Jang?

Go Rapela Go ka Go Thusa Jang?

Fa Pamela a lwala o ile a ya ngakeng. Mo godimo ga moo, o ile a kopa Modimo gore a mo thuse go itshokela bolwetse jwa gagwe. A go rapela go ile ga mo thusa?

Pamela a re: “Fa ke ntse ke tsweletse ka kalafi ya me ya kankere, ka dinako dingwe ke ne ke tle ke ikutlwe ke tshogile. Fa ke rapela, letshogo leo le ne le tsamaya e bile ke ne ke kgona go boa gape ke akanya sentle. Le fa gone ke na le ditlhabi tse di sa foleng, go rapela go nthusa gore ke kgone go itumelela botshelo. Fa batho ba mpotsa gore ke ikutlwa jang, ke ba raya ke re, ‘ga ke ikutlwe sentle, mme gone ke itumetse.’”

Gone ga re ka ke ra emela gore re lwale kgotsa re nne le mathata pele re rapela. Rotlhe re na le mathata mme re a tle re ikutlwe re tlhoka thuso ya go lebana le one. A go rapela go ka re thusa?

Baebele ya re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pesalema 55:22) Tota mafoko a temana eno a a kgothatsa! Jaanong go rapela go ka go thusa jang? Fa o rapela Modimo ka tsela e a e batlang, o tla go thusa go lebana le mathata a gago.—Bona lebokoso le le reng “ Thapelo E ka Go Thusa Jang?