Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Utlwa Dithapelo Tsa Gago?

A Modimo o Utlwa Dithapelo Tsa Gago?

Fa o rapela, a o akanya gore Modimo o a go utlwa?

SE BAEBELE E SE RUTANG?

  • Modimo o a go utlwa. Baebele e re ruta gore “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le  botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. . . . O tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso.”—Pesalema 145:18, 19.

  • Modimo o batla gore o mo rapele. Baebele ya re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.” —Bafilipi 4:6.

  • Modimo o a go kgathalela. O itse mathata a rona le dilo tse di re tshwenyang, mme o batla go re thusa. Baebele ya re: “Latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7.