Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tlhoka Lefatshe le le Botoka!

Re Tlhoka Lefatshe le le Botoka!

Motsamaisimogolo wa lekgotla la Ditshaba Tse di Kopaneng e bong António Guterres, a re: “Re tshela mo lefatsheng le le nang le mathata.” A o dumalana le ene?

Go tletse dikgang fela tse di utlwisang botlhoko, tse di jaaka:

  • Malwetse

  • Masetlapelo a tlholego

  • Khumanego le tlala

  • Go kgotlelwa le go gotela ga loapi

  • Borukhutlhi le bokebekwa

  • Dintwa

Tota re tlhoka lefatshe le le se nang dilo tseno. Re tlhoka lefatshe le batho ba lone ba tla bong:

  • Ba na le botsogo jo bo siameng

  • Ba sireletsegile

  • Ba na le dijo tse di ntsi

  • Ba nna mo lefelong le le sa kgotlelwang

  • Ba utlwana

  • Ba tshela ka kagiso

Fa re bua ka lefatshe le le botoka, re a bo re bua ka lefatshe le le ntseng jang?

Go tlile go direga eng ka lefatshe le re tshelang mo go lone gone jaanong?

Re tlhoka go dira eng gore re kgone go tshela kwa lefatsheng le le botoka?

Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tla go naya dikarabo tse di tse kgotsofatsang tse di tswang mo Baebeleng.