Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe Leno le ya Bokhutlong?

A Lefatshe Leno le ya Bokhutlong?

O ka tswa o itse gore Baebele e bua ka bokhutlo jwa lefatshe. (1 Johane 2:17) A e raya gore batho botlhe ba tlile go fedisiwa? A dilo tsotlhe tse di leng mo Lefatsheng di tlile go fedisiwa?

BAEBELE E ARABA DIPOTSO TSENO KA NNYAA!

Ke Eng Se se Sa Tleng go Fedisiwa?

BATHO

Se Baebele e se buang: Modimo ‘Ga a bopela [lefatshe] lefela, mme o le bopetse gore le nniwe.’​—ISAIA 45:18.

POLANETE YA RONA

Se Baebele e se buang: “Kokomana e a feta, go bo go tla kokomana e nngwe, mme lefatshe lone le tswelela le le gone ka bosakhutleng.”​—MORERI 1:4.

SE E SE KAYANG: Go ya ka Baebele lefatshe ga le kitla le senngwa. Go tla nna go na le batho ba ba nnang mo go lone. Re a bo re raya jang fa re re lefatshe le ya bokhutlong?

AKANYA KA SENO: Baebele e tshwantsha se se tlileng go direga ka lefatshe leno le se se diregileng ka motlha wa ga Noa. Ka nako eo, lefatshe le ne le “tletse bosetlhogo.” (Genesise 6:13) Mme Noa ene, e ne e le monna yo o siameng. Ka jalo, fa Modimo a senya batho bao ba ba bosula ka Morwalela, O ne a sireletsa Noa le ba lelapa la gagwe. Fa Baebele e bua ka se se diragetseng ka nako eo, e a re: “Lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka morwalela.” (2 Petere 3:6) Lefatshe la nako eo le ne la fedisiwa. Mme ke eng se se neng se fedisitswe? E ne e se polanete, mme e ne e le batho ba ba bosula ba ba neng ba tshela mo lefatsheng. Ka jalo, fa Baebele e re lefatshe le tlile go senngwa, ga e bue ka go senngwa ga polanete. Go na le moo, e bua ka go senngwa ga batho ba ba bosula ba ba nnang mo lefatsheng le dilo tse ba di dirang.

Go Tlile go Fedisiwa Eng?

MATHATA LE DILO TSE DI BOSULA

Se Baebele e se buang: “Go ise go ye kae, batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng; O tla sekaseka kwa ba neng ba le gone, mme ba tla bo ba seyo. Le fa go ntse jalo, ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, Mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.”​—DIPESALEMA 37:10, 11.

SE E SE KAYANG: Morwalela wa motlha wa ga Noa ga o a ka wa fedisa bosula jotlhe. Morago ga Morwalela ono batho ba ba bosula ba ne ba thatafaletsa batho botlhe botshelo. Mme e se kgale, Modimo o tlile go fedisa bosula jotlhe. Mopesalema o ne a re: “Batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng.” Modimo o tlile go fedisa bosula jotlhe a dirisa Bogosi jwa gagwe—jo bo tla bong bo busa batho ba ba mo ikobelang bo le kwa legodimong.

AKANYA KA SENO: A babusi ba lefatshe leno ba tla amogela Bogosi Jwa Modimo fa bo tla? Baebele e a re ga ba kitla ba dira jalo, go na le moo ba tlile go gana Bogosi Jwa Modimo. (Dipesalema 2:2) Seno se tla felela ka eng? Bogosi Jwa Modimo bo tlile go fedisa magosi otlhe a lefatshe leno, “mme bo tla ema bo le nosi ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Goreng dipuso tsotlhe tsa batho di tshwanetse go fedisiwa?

SE RE SE TLHOKANG​—Dipuso Tsa Batho di Tshwanetse go Fedisiwa

Se Baebele e se buang: “Motho ga a na taolo ya go kaela tsela ya gagwe.”​—JEREMIA 10:23.

SE E SE KAYANG: Batho ba ne ba sa bopelwa gore ba buse batho ba bangwe ka gonne ga ba kgone go ba direla dilo tse ba di tlhokang le go rarabolola mathata a bone.

AKANYA KA SENO: Dipatlisiso tsa Britannica Academic di a re, dipuso tsa batho ga di kgone go rarabolola mathata otlhe. Mathata a a tshwanang le “go humanega, tlala, malwetse, masetlapelo a tlholego, dintwa le borukhutlhi.” Gape di a re: “Bangwe ba dumela gore fa dipuso tsotlhe di ne di ka ikopanya di ka kgona go rarabolola mathata otlhe a batho.” Le fa dipuso tsotlhe di ne di ka ikopanya, di ne di ka se kgone go rarabolola mathata a re buileng ka one fa godimo, ka gonne go ne go tla bo go sa ntse go busa batho ba ba sa itekanelang. Bogosi Jwa Modimo ke jone fela jo bo ka kgonang go rarabolola mathata otlhe a batho.

Go ya ka se se kwadilweng mo Baebeleng, batho ba ba siameng ba ga ba a tshwanela go tshoga fa lefatshe leno le ya bokhutlong. Go na le moo, ba tshwanetse go itumedisiwa ke gore Modimo o tlile go fedisa lefatshe leno le le bosula, a bo a tlisa lefatshe le lesha!

Seno se tla direga leng? Baebele e tla araba potso eno mo setlhogong se se latelang.