Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokhutlo bo Tla Tla Leng? Se Jesu a se Buileng

Bokhutlo bo Tla Tla Leng? Se Jesu a se Buileng

Mo setlhogong se se fetileng re ithutile gore fa Baebele e bua ka bokhutlo jwa lefatshe, ga e bue ka go fedisiwa ga polanete ya rona kgotsa go fedisiwa ga batho botlhe. E raya gore go tlile go fedisiwa dilo tsotlhe tse di bosula le batho ba ba di dirang. A Baebele e re bolelela gore seno se tlile go direga leng?

AKANYA KA DILO TSE PEDI TSE JESU A DI BUILENG KA BOKHUTLO JWA LEFATSHE:

“Ka jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le fa e le nako.”​—MATHAIO 25:13.

“Nnang lo lebeletse, nnang lo tsogile, ka gonne ga lo itse gore nako e e tlhomilweng e leng.”​—MAREKO 13:33.

Ga go na ope yo o itseng gore bokhutlo bo tla tla leng. Le fa go ntse jalo, go na le “nako e e tlhomilweng” ke Modimo le ‘letsatsi kgotsa ura’ e bokhutlo bo tlileng go tla ka yone. (Mathaio 24:36) A seo se raya gore ga re ka ke ra kgona go itse gore bokhutlo bo tla leng? Nnyaa. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore go na le dilo tse di tla diregang tse di tla ba bontshang gore bokhutlo bo gaufi.

SESUPO

Dilo tse di tla diregang e tla bo e le sesupo sa gore “ke malatsi a bofelo.” Jesu o rile: “Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe, e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” (Mathaio 24:3, 7) Gape o rile go tla nna le “malwetse a leroborobo mo mafelong ka go latelana.” (Luke 21:11) A o bona dilo tse Jesu a buileng ka tsone?

Batho ba le bantsi gompieno ba a boga ka ntlha ya dintwa, tlala, dithoromo tsa lefatshe le malwetse a a sa foleng. Ka sekai, thoromo ya lefatshe e e ileng ya direga kwa Lewatleng la India ka 2004, e ile ya dira gore go nne le tsunami e e neng ya bolaya batho ba le 225 000. Mo ngwageng o le mongwe fela, bolwetse jwa COVID-19 bo bolaile batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe. Jesu o rile fa dilo tseno di direga, di tla re bontsha gore re tshela mo malatsing a bofelo.

“MALATSI A BOFELO”

Baebele e bitsa malatsi a a tlang pele ga bokhutlo, e re ke “malatsi a bofelo.” (2 Petere 3:3, 4) 2 Timotheo 3:1-5 e a re mo malatsing a bofelo batho ga ba kitla ba itshwara sentle. (Bona lebokoso le le reng “ Pele ga Bokhutlo Jwa Lefatshe.”) A go na le batho ba ba ikakanyetsang ba le nosi, ba ba ratang madi, ba ba bogale, le ba ba sa rateng batho ba bangwe? Seno ke sesupo sa gore re tshela mo malatsing a bofelo.

Malatsi a bofelo a tla tsaya lobaka lo lo kae? Baebele e a re, a tla tsaya “nako e khutshwane fela.” Go tswa foo, Modimo o tla fedisa batho “ba ba senyang lefatshe.”​—Tshenolo 11:15-18, ntlha e e kwa tlase; 12:12.

LEFATSHE LA PARADAISE LE GAUFI!

Modimo o tlhomile ura le letsatsi, le a tlileng go fedisa dilo tsotlhe tse di bosula ka lone. (Mathaio 24:36) Mme se se kgatlhang ke gore “ga a eletse gore motho ope a senngwe.” (2 Petere 3:9) O re naya tshono ya gore re tshele ka tsela e a batlang re tshela ka yone. Goreng? O batla gore re falole bokhutlo jwa lefatshe le gore re tshele mo lefatsheng le lesha la paradaise.

Modimo o rulagantse gore batho ba rutiwe se ba tshwanetseng go se dira, gore ba tshwanelege go tshela mo lefatsheng le le tla bong le busiwa ke Bogosi jwa Gagwe. Jesu o rile dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo, “di tla rerelwa batho ba ba mo lefatsheng lotlhe.” (Mathaio 24:14) Ka 2019, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba fetsa di ura di feta 2 bilione ba rerela batho molaetsa o o kgothatsang wa Baebele. Jesu o ne a re tiro eno ya go rera e ne e tla dirwa mo malatsing bofelo pele bokhutlo bo tla.

Nako ya gore Modimo a fedise dipuso tsa batho e gaufi. Mme se se itumedisang ke gore o ka kgona go falola bokhutlo jwa lefatshe leno mme o nne karolo ya lefatshe la Paradaise le Modimo a le solofeditseng. Mo setlhogong se se latelang re tla tlotla ka se o tshwanetseng go se dira gore o kgone go tshela kwa lefatsheng le lesha.

Se Jesu a se buileng ka “malatsi a bofelo” se re naya tsholofelo