Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Nna Motho yo o Siameng go ka Dira Gore o Nne le Bokamoso jo bo Molemo?

A go Nna Motho yo o Siameng go ka Dira Gore o Nne le Bokamoso jo bo Molemo?

Ke kgale batho ba le bantsi ba akanya gore go itshwara sentle go ka dira gore ba nne le bokamoso jo bo itumedisang. Ka sekai, batho ba ba nnang kwa Asia ba tlotla mafoko a ga rafilosofi mongwe yo o bidiwang Confucius (551-479 B.C.E.), o kile a re: “Se o sa batleng batho ba bangwe ba go direla sone, o se ka wa ba dira sone.” *

SE BATHO BANGWE BA SE DUMELANG

Tota le gompieno batho ba le bantsi ba sa ntse ba dumela gore fa o itshwara sentle o tla nna le bokamoso jo bo siameng. Ba leka go dirisana le batho ba bangwe sentle, ka tlotlo, ba le maitseo gape ba leka le go itshwara sentle. Mosadi mongwe wa kwa Vietnam yo o bidiwang Linh a re: “Ke ne ke dumela gore fa ke ikanyega ke tla segofadiwa.”

Bangwe bone ditumelo tsa bone di ba rotloetsa gore ba dire se se siameng. Monna mongwe yo o bidiwang Hsu-Yun wa kwa Taiwan, a re: “Ke ne ke dumela gore fa re tlhokafala re tlile go atlholelwa dilo tse re di dirileng fa re sa ntse re tshela. Fa e le gore re ne re dira dilo tse di siameng re tlile go segofadiwa, mme fa e le gore re ne re dira dilo tse di sa siamang re tlile go bogisiwa.”

A DILO TSEO DI THUSA BATHO BA BA DI DUMELANG?

Nnete ke gore fa re direla batho ba bangwe dilo tse di molemo re a itumela. Ka maswabi, bangwe ba lemogile gore fa o direla batho ba bangwe molemo seo ga se reye gore le wena ba tla go direla dilo tseo. Mosadi mongwe yo o bidiwang Shiu Ping wa kwa Hong Kong a re: “Ke lemogile gore ga se ka metlha batho ba ba direlang ba bangwe dilo tse di molemo ba segofadiwang. Ke lekile ka natla go tlhokomela ba lelapa la me le go ba direla dilo tse dintle. Le fa go ntse jalo, monna wa me o ne a mphuaganya a ntlogela le morwaake.”

Batho ba le bantsi ba lemogile gore ga se ka metlha bodumedi bo ba rutang go dira se se siameng. Mosadi mongwe wa kwa Japane yo o bidiwang Etsuko o ile a re: “Ke ne ka tsenela mokgatlho mongwe wa bodumedi mme ka nna mookamedi wa basha. Ke ne ke maketse tota fa ke bona maloko mangwe a kereke a sa itshware sentle, a dirisa madi a kereke botlhaswa mme a lwela go nna le maemo mo kerekeng.”

“Ke ne ke leka go direla ba lelapa la me dilo tse dintle. Le fa go ntse jalo, monna wa me o ne a mphuaganya a ntlogela le morwaake.” —SHIU PING, HONG KONG

Bangwe ba ba neng ba dira dilo tse di siameng mme ba akanya gore ba tla segofadiwa ka ntlha ya dilo tseo, ba kgobega marapo fa ba bona seo se sa direge. Mosadi mongwe wa kwa Vietnam yo o bidiwang Van le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. A re: “Letsatsi le letsatsi ke ne ke ntshetsa badimo ditlhabelo, ke akanya gore ke tla nna le masego mo nakong e e tlang. Le fa ke na le dingwaga di le dintsi ke itshwere sentle e bile ke ntshetsa badimo ditlhabelo monna wa me o ne a lwala fela thata. Mo godimo ga moo morwadiake le ene o ne a tlhokafala a sa ntse a le monnye fa a ne a ile go ithuta kwa nageng e nngwe.”

Fa e le gore go nna motho yo o siameng ga go reye gore re tla nna le bokamoso jo bo itumedisang ke eng se se ka re thusang? Gore re arabe potso eo re tlhoka tshedimosetso e re ka e ikanyang. Re ka e bona kae?

^ ser. 2 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka se Conficious a neng a se ruta, bona kgaolo 7, dirapa 31-35, mo bukeng ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E teng mo websaeteng ya www.pr418.com.