Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Se se Ka re Thusang go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang?

Ke Eng Se se Ka re Thusang go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang?

Jaaka re ithutile mo ditlhogong tse di fetileng, batho ba le bantsi ba leka go itirela bokamoso jo bo itumedisang ka go dumela mo maatleng a a sa tlwaelegang, go rutega, go huma le go nna batho ba ba siameng. Go dira dilo tseo go tshwana le go ya kwa lefelong lengwe le o sa le itseng o dirisa mmapa o o sa siamang. A seo se raya gore ga go na sepe se se ka re thusang go nna le bokamoso jo bo botoka? Nnyaa!

KAELO E RE KA E IKANYANG

Gantsi fa re batla go dira ditshwetso, re kopa kgakololo mo bagolong kgotsa mo bathong ba re itseng gore ba botlhale. Ka tsela e e tshwanang, re ka bona kgakololo e re ka e ikanyang go tswa mo bukeng ya kgale e e nang le kgakololo e e ka re dirang botlhale, e e gatisitsweng dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng. Buka eo ke Baebele.

Goreng re ka ikanya Baebele? Ka gonne Mokwadi wa yone o mogolo e bile o botlhale go gaisa batho botlhe. O bidiwa “Mogologolo wa Malatsi” yo o saleng a le teng “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” (Daniele 7:9; Pesalema 90:2) Ke “Mmopi wa magodimo, Modimo wa boammaaruri, Ene yo o bopileng lefatshe.” (Isaia 45:18) O re bolelela gore leina la gagwe ke Jehofa.—Pesalema 83:18.

Baebele e kwadilwe ke Mmopi yo o sa tlhaoleng batho go ya ka mmala kgotsa ka lotso. Kgakololo ya yone ga e felelwe ke nako e bile e kgona go thusa batho botlhe. Ga go na buka epe e e kileng ya gatisiwa go gaisa Baebele e bile e gone ka dipuo di le dintsi. * Seno se raya gore e ka re kaela le gore mongwe le mongwe a ka kgona go nna le yone. Dintlha tseno di dumalana kgo, le se Baebele e se buang:

“Modimo ga a na tlhaolele, mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.”—DITIRO 10:34, 35.

Fela jaaka motsadi a ka gakolola ngwana wa gagwe, Jehofa Modimo le ene ke Rre yo o lorato yo o re gakololang a dirisa Baebele. (2 Timotheo 3:16) Re ka ikanya se a re bolelelang sone mo Lefokong la gagwe ka gonne ke ene a re bopileng e bile o itse se se re siametseng.

O ka dira eng gore o nne le bokamoso jo bo ntseng jaana? Karabo e mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 6 Fa o batla go itse gore Baebele e ranolwa jang le gore e gatisiwa ka dipuo di le kae, tsena mo www.pr418.com o bo o ya kwa karolong ya DITHUTO TSA BAEBELE > HISITORI LE BAEBELE.

^ ser. 16 Fa o batla go itse mo go oketsegileng bona kgaolo 9 ya buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E teng mo websaeteng ya www.pr418.com.