Skip to content

Skip to table of contents

NSHOLO WE ZWIDIYO 1

Gala wa ka Dzikama, u Galabgwe mu na Jehova

Gala wa ka Dzikama, u Galabgwe mu na Jehova

NDIMANA YEDU YE GOLE YE 2021: “Ku dzikama ne ku galabgwe zowo be matatabuko enyu.”—IZA. 30:15.

LUMBO 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

CHA KU NOWO LEBGWA NE KWACHO *

1. Sa She Dafite, bangwe bedu ba nga zwibuzwani?

ROTLHE re batla go itumelela botshelo. Ga go na ope yo o ratang go nna a tshwenyegile. Mme gone, ka dinako dingwe mathata a botshelo a ka nna a dira gore re tlhobaele. Ka jalo, batlhanka bangwe ba ga Jehofa le bone ba ka botsa potso e Dafide a ileng a e botsa Jehofa, e e reng: “Ke tla kgaratlha mo moyeng wa me ka lobaka lo lo kae?”—Pes. 13:2.

2. Towo zwidiyani mu chidiyo ichechi?

2 Gone ka dinako dingwe rotlhe re a tle re tlhobaele mme gone, go na le dilo dingwe tse re ka di dirang gore re se ka ra tlhobaela thata. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo dingwe tse di ka dirang gore re tlhobaele. Go tswa foo, re bo re tlotla ka dilo di le thataro tse di ka re thusang go nna re ritibetse fa re na le mathata.

INI CHI NGA THAMA KUTI TI DZIYIDZIKE MU NKUMBULO?

3. Ta ka lingisana ne ku tshambilidzigwa kupi, ngono ti nga mililana na ko chini?

3 Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirang gore re tlhobaele. Mme ga re kgone go thibela dingwe tsa dilo tseo go direga. Ka sekai, ga re kgone go thibela tlhwatlhwa ya dijo, diaparo le ya rente gore e se ka ya tlhatloga ngwaga le ngwaga. E bile ga re ka ke ra laola gore batho ba re berekang le bone kgotsa ba re tsenang sekolo le bone, ba tla re raela makgetlo a le makae gore re dire boitsholo jo bo sa siamang. Gape ga re ka ke ra thibela batho gore ba se ka ba dira bokebekwa mo re dulang gone. Dilo tseno di a re diragalela ka gonne batho ba re tshelang le bone ga ba dire ditshwetso go ya ka melaometheo ya Baebele. Gape modimo wa lefatshe leno e bong Satane o a itse gore batho bangwe ga ba kitla ba direla Jehofa ka gonne ‘tsamaiso eno ya dilo e dira gore ba tlhobaele.’ (Math. 13:22; 1 Joh. 5:19) Ka jalo, ga re makale fa re bona lefatshe le tletse mathata a a dirang gore batho ba tlhobaele!

4. Ti nga zwibata chini ha ta ka lingisana ne ku tshambilidzigwa kwa ka pindilila?

4 Re ka tlhobaela ka mathata a rona thata jaana mo re feleletsang re palelwa ke go akanya ka dilo tsa botlhokwa. Ka sekai, re ka tlhobaela ka gore ga re kitla re nna le madi a a lekaneng gore re reke dilo tse re di tlhokang. Gape re ka tlhobaediwa ke go akanya gore re ka lwala, re bo re sa kgone go ya tirong kgotsa re bo re latlhegelwa ke tiro. Mme gape re ka tlhobaediwa ke go akanya gore re tlile go palelwa ke go ikanyega fa re raelwa gore re tlole melao ya Modimo. Go ise go ye kae, Satane o tla tlhotlheletsa batho ba gagwe gore ba tlhasele batho ba Modimo. Ka jalo, re ka nna ra tshwenyega, re ipotsa gore re tlile go dira eng fa seo se direga. Gongwe re ka ipotsa gore ‘A go siame gore re tlhobaele ka dilo tseno?’

5. Jesu wa ka be e dwani ha e ti “mu si dziyidzike”?

5 Jesu o ile a raya balatedi gagwe a re: “Tlogelang go tlhobaela.” (Math. 6:25) A Jesu o ne a raya gore ga re a tshwanela go tlhobaela ka sepe? Nnyaa, o ne a sa reye jalo. Gopola gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng le bone ba ne ba tlhobaela. Mme Jehofa o ne a sa ntse a ba amogela. * (1 Dikg. 19:4; Pes. 6:3) Tota fa Jesu a ne a re re tlogele go tlhobaela, o ne a re gomotsa. O ne a sa batle re tlhobaela ka dilo tse re di tlhokang, mo re ka feleletsang re sa tlhole re tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa. Jaanong, ke eng se re ka se dirang fa re tlhobaela?—Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Se o Ka se Dirang.”

ZWITHU ZWI LI 6 ZWI NGA TI BATSHA KU GALA TA KA DZIKAMA

Bona serapa 6 *

6. Ku yenda ne Bafilipi 4:6, 7, ini chi nga ti dzikamisa mu ku dziyidzika kwedu mu mikumbulo?

6 (1) Rapela ka metlha. Fa o tshwenyegile ka sengwe, kopa Jehofa gore a go thuse. (1 Pet. 5:7) Jehofa a ka araba dithapelo tsa gago ka go go naya “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe” ya batho. (Bala Bafilipi 4:6, 7.) Jehofa o tla re naya kagiso a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo.—Bagal. 5:22.

7. Ta ka fanila kumbulani ha ti tembezela Ndzimu?

7 Fa o rapela Jehofa, mmolelele sengwe le sengwe se se go tshwenyang. O se ka wa potapota. Mmolelele gore bothata jwa gago ke eng, o bo o mo tlhalosetsa gore o ikutlwa jang. Fa bothata jwa gago bo ka kgona go baakanyega, mo kope gore a go neye botlhale jwa gore o ka dira eng le maatla a go dira selo seo. Mme fa bothata jwa gago bo ka se kgone go baakanyega, mo kope gore a go thuse gore o se ka wa tlhobaela thata. Fa o sa potapote fa o rapela mme o bolelela Jehofa ka tlhamalalo gore bothata jwa gago ke eng, o tla kgona go lemoga fa Jehofa a araba dithapelo tsa gago. Fa Jehofa a sa arabe dithapelo tsa gago ka yone nako eo, o se ka wa tlogela go rapela. Jehofa o batla gore o se ka wa potapota fa o mmolelela mathata a gago gape o batla gore o se ka wa kgaotsa go mo rapela.—Luke 11:8-10.

8. Ta ka fanila lebani mu mitembezelo yedu?

8 Fa o bolelela Jehofa mathata a gago, o se ka wa lebala go mo leboga. Le fa re na le mathata, go botlhokwa gore re akanye ka dilo tse di molemo tse re nang le tsone. Mme o tshwanetse go dira eng fa o sa itse gore o bolelele Jehofa mathata a gago jang? Gopola gore Jehofa a ka kgona go araba dithapelo tsa gago, le fa selo se le sengwe fela se o kgonang go se bua ka nako eo e le: ‘Ke kopa gore o nthuse.’—2 Ditir. 18:31; Bar. 8:26.

Bona serapa 9 *

9. Mbakililo ye malebeswa i nga bongwa chini?

9 (2) Ikaege ka Jehofa e seng ka botlhale jwa gago. Ka motlha wa ga moporofeti Isaia, Bajuda ba ne ba tshogile gore ba tlile go tlhaselwa ke Baasiria. Ba ne ba sa batle go fenngwa, ka jalo, ba ne ba kopa gore Baegepeto ba ba thuse. (Isa. 30:1, 2) Jehofa o ne a ba bolelela gore ba ne ba tlile go ipakela mathata fa ba ka ikanya Baegepeto. (Isa. 30:7, 12, 13) Jehofa o ile a dirisa Isaia go ba bolelela gore ba ka dira eng gore ba bone tshireletsego ya mmatota. Isaia o ile a ba raya a re: “Maatla a lona a tla tlisiwa fela ke go nna lo sa tshwenyege le go ikanya” Jehofa.—Isa. 30:15b.

10. Ti nga lakidza ku galamoyo mu na Jehova mu zwimo zwa ka tini?

10 Ke mo maemong afe a mo go one re ka bontshang gore re tshepa Jehofa? Akanya ka dikai tseno. A re re o newa tiro e e duelang madi a mantsi mme tiro eo e go tlhoka gore o bereke diura di le dintsi. Ka jalo, seo se tla dira gore o se ka wa direla Jehofa ka tsela e o neng o mo direla ka yone pele. Kgotsa motho yo o berekang le wena o simolola go go kgatlhegela mme motho yoo ga se Mosupi wa ga Jehofa. Kgotsa mongwe wa losika o go bolelela gore ga a tlhole a batla go dirisana le wena fa e le gore o tla tswelela o direla Jehofa. Mo maemong ano otlhe, o tla tlhoka go dira tshwetso mme gone, Jehofa o tla go thusa go dira tshwetso e e siameng. (Math. 6:33; 10:37; 1 Bakor. 7:39) Mme gone, a o tla tshepa Jehofa le go ikobela kaelo ya gagwe?

Bona serapa 11 *

11. Ti nga zwidiya mbiko dzipi dze Baibili kuti ti gale ta ka dzikama ha ta ka lingisana ne ku nyanyaidziwa?

11 (3) Ithute mo dikaong tse di molemo le tse di sa siamang. Go na le dipego di le dintsi mo Baebeleng tse di re bontshang botlhokwa jwa go nna re ritibetse le go ikanya Jehofa. Fa o ntse o bala dipego tseno, akanya ka se se ileng sa thusa batlhanka ba Modimo go nna ba ritibetse le fa batho ba ne ba ba ganetsa. Ka sekai, baaposetoloi ga ba a ka ba boifa fa kgotlatshekelo ya Bajuda e ne e ba laela gore ba tlogele go rera. Go na le moo, ba ile ba bua ba le pelokgale ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Dit. 5:29) Ga ba a ka ba tshoga le fa ba sena go itewa. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba itse gore Jehofa o ba eme nokeng. Le gore o ne a ba amogela. Ka jalo, ba ile ba tswelela go rera dikgang tse di molemo. (Dit. 5:40-42) Setefane le ene o ne a ritibetse fa a ne a tloga a bolawa. Ka ntlha ya seo, Baebele ya re sefatlhego sa gagwe se ne “se tshwana le sefatlhego sa moengele.” (Dit. 6:12-15) Goreng Setefane a ne a ritibetse? Ka gonne o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o a mo amogela.

12. Ku yenda na 1 Pita 3:14 ne 4:14, ini ti nga shatha nenguba ti dziyidziwa?

12 Baaposetoloi ba ne ba na le bosupi jwa gore Jehofa o ba eme nokeng. O ne a ba neile maatla a go dira dikgakgamatso. (Dit. 5:12-16; 6:8) Mme gompieno Jehofa ga a re neye maatla a go dira dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, o dirisa Lefoko la gagwe go re bolelela gore fa re bogisiwa ka ntlha ya go bo re dira dilo tse di siameng, re ka kgona go itumela ka gonne re itse gore re a mo itumedisa le gore moya wa gagwe o o boitshepo o tla re thusa. (Bala 1 Petere 3:14; 4:14.) Ka jalo, ga re a tshwanela go tshwenyega ka gore re tla dira eng fa re bogisiwa mo nakong e e tlang. Go na le moo, re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa gore o tla re ema nokeng le go re thusa. Fela jaaka barutwa ba ga Jesu, le rona re tshwanetse go tshepa se Jesu a ileng a se bua. O ile a re: “Ke tla lo naya molomo le botlhale, tse baganetsi ba lona botlhe ba le mmogo ba se kitlang ba kgona go emelelana le tsone kgotsa go di ganetsa.” Gape o ile a re solofetsa gore: “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.” (Luke 21:12-19) O se ka wa lebala gore Jehofa o gopola le dilo tse dinnye tse di sa reng sepe ka batlhanka ba gagwe ba ba tlhokafetseng, gore a tle a kgone go ba tsosa.

13. Ti nga zwidiyani mu na ba ka kongwa ku gala ba ka dzikama ne ku galabgwe mu na Jehova?

13 Gape re ka ithuta mo dikaong tsa batho ba ba ileng ba palelwa ke go nna ba ritibetse le go tshepa Jehofa. Fa re bala le go ithuta ka bone, seo se ka re thusa gore re se ka ra dira diphoso tse ba ileng ba di dira. Ka sekai, fa Asa a sena go nna Kgosi ya Juda o ne a tlhaselwa ke masole a le mantsi. Ka nako eo, o ile a ikanya Jehofa mme Jehofa o ile a mo segofatsa a bo a dira gore a fenye. (2 Ditir. 14:9-12) Moragonyana Kgosi ya Iseraele e bong Baasha, o ile a ya go tlhasela Asa ka masole a le mannye. Mme mo lekgetlong leno, Asa ga a ka a ikaega ka Jehofa. Go na le moo, o ile a kopa gore Basiria ba mo thuse. (2 Ditir. 16:1-3) Gape fa Asa a ne a lwala e bile a tloga a swa, ga a ka a kopa thuso kwa go Jehofa.—2 Ditir. 16:12.

14. Ti nga zwidiyani mu dziphoso dza Asa?

14 Fa Asa a ne a simolola go busa, o ne a ikanya Jehofa fa a ne a na le mathata. Mme moragonyana ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ne a leka go itharabololela mathata a gagwe. Kwa tshimologong, go ne go lebega e kete leano la ga Asa la go kopa Basiria gore ba mo thuse go lwa le Iseraele, le ne le tlile go bereka. Mme gone, ga go a ka ga nna le kagiso ka lobaka lo loleele mo Juda. Jehofa o ile a bua le Asa a dirisa moporofeti wa gagwe a re: “Ka gonne o ne wa ikaega ka kgosi ya Siria mme wa se ka wa ikaega ka Jehofa Modimo wa gago, ka lebaka leo mophato wa sesole wa kgosi ya Siria o falotse mo seatleng sa gago.” (2 Ditir. 16:7) Ka metlha fa re lebana le mathata, re tshwanetse go kopa gore Jehofa a re kaele a dirisa Lefoko la gagwe, go na le go leka go itharabololela mathata a rona. Le fa re tlhoka go dira tshwetso ka bonako, re tshwanetse go ikaega ka Jehofa mme o tla re thusa go dira tshwetso e e siameng.

Bona serapa 15 *

15. Ti nga thamani ha ti bala Baibili?

15 (4) Tshwara ditemana tsa Baebele ka tlhogo. Fa o kopana le ditemana tsa Baebele tse di bontshang botlhokwa jwa go nna o ritibetse le go tshepa Jehofa, leka go di tshwara ka tlhogo. Gongwe o ka thusiwa ke go di balela kwa godimo kgotsa wa di kwala o bo o di bala nako le nako. Jehofa o ile a bolelela Joshua gore a nne a balele buka ya Molao kwa tlase gore a tle a kgone go dira ditshwetso tse di siameng. Se a neng a se bala se ne se tla mo thusa gore a se ka a boifa mme a nne pelokgale gore a kgone go etelela batho ba Modimo pele. (Josh. 1:8, 9) Ditemana di le dintsi tsa Baebele di ka go thusa gore o nne o ritibetse fa o lebana le maemo a gantsi a ka dirang gore o tlhobaele kgotsa o tshoge.—Pes. 27:1-3; Dia. 3:25, 26.

Bona serapa 16 *

16. Jehova u no shingisa gubungano chini ku ti batsha ku gala ta ka dzikama ne ku galabgwe mu nli?

16 (5) Fetsa nako le batho ba ba direlang Jehofa. Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go re thusa go nna re ritibetse le go mo ikanya. Fa re le kwa dipokanong re solegelwa molemo ke dipuo tse di neelwang, dikarabo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi le go tlotla ka dilo tse di kgothatsang le bone. (Baheb. 10:24, 25) Gape re ka thusiwa ke go bolelela ditsala tsa rona gore ke eng se se re tshwenyang. ‘Mafoko a a molemo’ kgotsa a a kgothatsang a a tswang kwa tsaleng ya gago, a ka go thusa gore o se ka wa tshwenyega thata.—Dia. 12:25.

Bona serapa 17 *

17. Ku yenda na Bahebera 6:19, ku galabgwe kwedu mu Bushe ku nga ti batsha chini ku gadzikana nenguba ta ka lingisana ne zwimo zwa ka sima?

17 (6) Nonotsha tumelo ya gago. Tsholofelo ya rona e tshwana le “tshetledi ya moya.” E re thusa gore re itshoke le fa re kopana le maemo a a thata kgotsa a a dirang gore re tlhobaele. (Bala Bahebera 6:19.) Akanya ka botshelo jo Jehofa a re solofeditseng jone. Ka nako eo, o tla bo o tshela go sena sepe se o tshwenyegang ka sone. (Isa. 65:17) Ipone o tshela kwa lefatsheng le lesha le le nang le kagiso, le kwa go lone go se kitlang go direga dilo tse di bosula e bile matshwenyego a gago e le dilo tsa maloba. (Mika 4:4) Gape o ka nonotsha tumelo ya gago ka go bolelela ba bangwe ka tsholofetso ya go tshela kwa lefatsheng le lesha. Dira ka natla mo tirong ya go rera le ya go dira batho barutwa. Fa o dira jalo o tla nna o ‘tlhomamisegile ka tsholofelo e o nang le yone go fitlha . . . kwa bokhutlong.’—Baheb. 6:11.

18. I zwimo zwipi zwa ka sima zwa ti nga lingisana nazo mu chibaka chi no zha, ngono ti nga lingisana nazo chini?

18 E re ka re le gaufi le bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, re tlile go nna le mathata a le mantsi a a ka dirang gore re tlhobaele. Temana ya ngwaga ya 2021 e ka re thusa go nna re ritibetse fa re lebana le mathata le go ikanya Jehofa, e seng maatla a rona. Mo ngwageng ono, a re bontsheng gore re tshepa mafoko a ga Jehofa a a reng: “Maatla a lona a tla tlisiwa fela ke go nna lo sa tshwenyege le go ikanya.”Isa. 30:15.

LUMBO 8 Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona

^ ndi. 5 Temana ya ngwaga ya 2021 e re thusa go bona gore go botlhokwa go ikanya Jehofa gone jaanong le mo nakong e e tlang, fa re lebana le mathata a a dirang gore re tlhobaele. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse re tlhokang go di dira gore re kgone go dirisa kgakololo e re e newang mo temaneng ya ngwaga.

^ ndi. 5 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba na le bothata jo bo masisi jwa go tlhobaela kgotsa go tshwenyega thata. Bothata joo ke bolwetse jo bo masisi, ga se go tlhobaela go Jesu a neng a bua ka gone.

^ ndi. 63 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (1) Kgaitsadi o nna a rapela Jehofa, a mmolelela ka dilo tse di mo tshwenyang.

^ ndi. 65 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (2) O bala Baebele ka nako ya dijo kwa tirong gore a kgone go bona kgakololo e e tswang mo Lefokong la Modimo.

^ ndi. 67 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (3) O akanya ka dikao tse di molemo le tse di sa siamang tsa batho bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng.

^ ndi. 69 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (4) O baya temana nngwe e a e badileng mo forijing gore a kgone go e gopola motlhofo.

^ ndi. 71 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (5) O itumelela go dira le bakaulengwe le bokgaitsadi kwa bodireding.

^ ndi. 73 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: (6) O nonotsha tumelo ya gagwe ka go akanya ka ditsholofetso tsa Modimo tsa mo nakong e e tlang.